Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo e a Lekwa Kwa Poland

Tumelo e a Lekwa Kwa Poland

Tumelo e a Lekwa Kwa Poland

JAAKA GO BOLETSE JAN FERENC

KE NE ke sa ntse ke le ngwana ka nako e Ntwa ya Lefatshe II e neng e gaketse ka yone. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle rangwane yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhola a re etela kwa gae mme a re balela Baebele. Batsadi ba me ba ne ba sa kgatlhege, mme nna le nkgonne Józef, le kgaitsadiake Janina, re ne re kgatlhega tota. Go ise go ye kae re ne ra bontsha boineelo jwa rona mo go Jehofa ka kolobetso. Ke ne ke na le dingwaga di le 14 fela ka nako ya fa ke ne ke kolobediwa.

Batsadi ba rona ba ne ba simolola go reetsa fa ba ne ba bona kafa thuto ya Baebele e neng e ama matshelo a rona ka tsela e e molemo ka teng. Fa Rre a ne a lemoga gore Baebele e kgala kobamelo ya medingwana, o ne a re: “Fa e le gore Lefoko la Modimo la rialo, baruti ba ntse ba re beile mo lefifing. Morwaaka, tlosa ditshwantsho tsotlhe mo maboteng mme o di latlhe!” Morago ga dingwaga tse pedi, batsadi ba me ba ne ba kolobediwa. Ba ne ba direla Jehofa ka boikanyego go fitlha ba tlhokafala.

Mathata a re Neng re Kopana le One

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lebana le mathata fa ntwa e sena go fela. Ka sekai, Ofisi ya Tshireletso e ne ya tlhasela ofisi e e neng e le kwa Lodz, mme ba ba neng ba bereka teng ba ne ba tshwarwa. Kwa botlhaba jwa Poland masole a National Armed Forces, a a neng a tlhotlhelediwa ke baruti ba Katoliki, a ne a tlhasela Basupi ba ga Jehofa setlhogo. *

Gape ka nako eno, balaodi ba Bakomonisi ba ne ba sa tlhole ba re letlelela gore re tshware dikopano tsa rona jaaka ba ne ba re letlelela pele, mme ba ne ba leka go kgoreletsa dikopano tse di neng di setse di tsweletse. Le fa go ntse jalo, go oketsega moo ga kganetso go ne ga dira gore re ikemisetse le go feta gore re tswelele re rera ka Bogosi jwa Modimo. Ka 1949 re ne ra bega Basupi ba feta 14 000 kwa Poland.

Go ise go ye kae, ke ne ka nna mmulatsela, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Kabelo ya me ya ntlha e ne e le dikilometara di le 500 go tswa kwa gae. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang kwa lefelong le le kwa botlhaba jwa Lublin, gaufi le kwa batsadi ba me ba neng ba nna teng.

Ke ne ka Tshwarwa Mme ka Bogisiwa

Ka June 1950, ke ne ka tshwarwa ke balaodi ba Bakomonisi mme ba ntatofatsa ka go re ke setlhola sa United States. Ke ne ka latlhelwa mo selareng e e metsi. Bosigo ke ne ke ntshiwa moo gore ke ye go bodiwa dipotso ke modiredimogolo yo o tlhotlhomisang. O ne a nthaya a re, “Mokgatlho wa bodumedi o o kopanelang le one ke lekoko e bile ke mmaba wa Puso. Ntlokgolo ya lona e berekela mokgatlho wa Amerika o o senkang tshedimosetso ka baba. Re ka ntsha bosupi jwa seno! Bakaulengwe ba gago ba setse ba dumetse gore ba ne ba tsamaya go ralala naga mme ba kgobokanya tshedimosetso ka mafelo a masole le madirelo.”

Ee ruri, ditatofatso tseno di ne di le maaka gotlhelele. Le fa go ntse jalo, modiredimogolo o ne a mpolelela gore ke saene seteitemente ke itatola se a neng a se bitsa “phuthego ya lona ya matlhabisaditlhong.” O ne a leka gantsintsi go ntshaenisa. O ne a leka le go nkwadisa maina le diaterese tsa Basupi botlhe ba ke neng ke ba itse le mafelo a dikgatiso tsa rona di neng di abiwa go tswa kwa go one. O ne a itaya se fololetse.

Morago ga moo, badiredibagolo ba ne ba mpetsa ka molamu go fitlha ke idibala. Go tswa foo ba ne ba nkolobetsa ka metsi gore ba ntsose, ba bo ba simolola go nthamathamisa ka dipotso gape. Mo bosigong jo bo latelang, ba ne ba ntitaya setlhogo mo diretheng. Ke ne ka buela kwa godimo ke kopa Modimo gore a nneye maatla a gore ke itshoke. Ke dumela gore o ne a a nnaya. Ke ne ke thamathamisiwa jalo ka dipotso ka metlha bosigo, ka lobaka lo lo ka tshwarang ngwaga.

Ke ne ka gololwa mo kgolegelong ka April 1951, mme Basupi ba bantsi ba ne ba sa ntse ba le kwa kgolegelong. Ke ne ka ya kwa Mosuping mongwe yo o nang le maikarabelo mme ka mo kopa gore a nneye kabelo e ntšha. O ne a mpotsa jaana: “A ga o tshabe gore o tla tshwarwa gape?” Ke ne ka mo araba ka re: “Ke ikemiseditse le go feta pele go ya go dira kwa go nang le tlhokego e kgolwane teng.” Ke ne ka simolola tiro ya me ya go nna molebedi yo o etang gape, mme moragonyana ke ne ka kopiwa gore ke tle go dira tiro ya go rulaganya go gatisiwa le go abiwa ga dikgatiso tsa rona kwa Poland.

Ka nako eo, re ne re dirisa metšhine ya bogologolo ya go dira dikhopi le disetensele gore re kwalolole Tora ya Tebelo. Boleng jwa se re neng re se gatisa e ne e le jwa maemo a a kwa tlase thata, mme re ne re duela madi a mantsi thata go reka pampiri, e ka nako eo e neng e tlhaela. Go dira dikhopi moo go ne go tshwanetse go direlwa mo mafelong a a fitlhegileng jaaka mo difalaneng, mo diphaposing tse di kafa tlase ga lefatshe le mo dikamoreng tse di kwa godimo. Ba ba neng ba tshwarwa ba ne ba atlholwa ka go tsenngwa mo kgolegelong.

Go na le sediba se se kgadileng se re neng re se dirisa se ke se gakologelwang. Mo loboteng lwa sone, dimetara di le 11 kafa tlase ga lefatshe, go ne go na le phatlha e e neng e tsena mo kamoreng e nnye kwa re neng re direla dikhopi tsa dimakasine teng. Re ne re isiwa kwa tlase ka mogala, gore re kgone go fitlha teng. Letsatsi lengwe, ke ne ke tsenngwa mo sedibeng ka kgamelo e kgolo ya logong, mme mogala wa kgaoga ka tshoganyetso. Ke ne ka wela kwa tlase mme ka robega leoto. Fa ke sena go nna kwa sepatela nakonyana, ke ne ka boa ka ya go dirisa motšhine oo wa go dira dikhopi gape.

Mo e ka nnang ka nako eo, ke ne ka kopana le Danuta, modiredi yo o tlhagafetseng wa mmulatsela. Re ne ra nyalana ka 1956, mme mo dingwageng tse nnè tse di latelang, re ne ra dira mmogo mo bodireding kwa bogare jwa Poland. Ka 1960 re ne re na le bana ba le babedi, mme re ne ra dira tshwetso ya gore Danuta a tlogele tirelo ya nako e e tletseng mme a ba tlhokomele. Go ise go ye kae, ke ne ka tshwarwa gape, mme mo lekgetlong leno ke ne ka tsenngwa mo seleng e e tletseng dipeba. Morago ga dikgwedi di le supa, ke ne ka atlholelwa dingwaga tse pedi mo kgolegelong.

Go Tswa le go Tsena mo Kgolegelong

Go ne go na le magolegwa a feta 300 mo kgolegelong ya Bydgoszcz, mme ke ne ka rapela Jehofa gore e kete nka bolelela batho ba ba dipelo di ikanyegang molaetsa wa Bogosi. Ke ne ka bua le moeteledipele wa kgolegelo, ke akantsha gore a mperekise jaaka mmeodi wa moriri. Ke ne ka gakgamala fa a ne a dumela. Ka bonako morago ga moo ke fa ke beola magolegwa, ke a poma moriri, e bile ke naya ba ba neng ba kgatlhega bosupi.

Legolegwa le le neng le dira le nna mo tirong ya go poma moriri le ne la kgatlhegela metlotlo ya rona. O ne a simolola go bolelela ba bangwe se a neng a se ithuta mo Baebeleng. Ka bonakonyana morago ga moo moeteledipele wa kgolegelo o ne a re laela gore re tlogele go anamisa se a neng a se bitsa “maaka a a senyang.” Motho yo ke neng ke bereka le ene go poma moriri o ne a ema a nonofile. O ne a tlhalosa jaana: “Nkile ka bo ke utswa, jaanong ga ke tlhole ke dira jalo. Nkile ka bo ke tshwakgotswe ke nikotine, mme jaanong ga ke tlhole ke goga. Ke bone boikaelelo mo botshelong jwa me, mme ke batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”

Fa ke ne ke gololwa mo kgolegelong, ke ne ka romelwa kwa Poznan gore ke ye go okamela “pesetso,” jaaka re ne re bitsa mafelo a rona a sephiri a bogatisetso. Kwa bofelong jwa bo1950, tsela ya rona ya go gatisa e ne e setse e tokafetse thata. Re ne ra ithuta go fokotsa bogolo jwa ditsebe ka go fokotsa bogolo jwa ditlhaka—mo e neng e le kgatelopele e kgolo mo boranyaneng jwa rona jwa saense—le go dirisa metšhine ya Rotaprint. Gape ka 1960 re ne ra simolola go gatisa le go dira dibuka.

Moragonyana ga moo, moagelani mongwe o ne a bega tiro ya rona, mme ke ne ka tshwarwa gape. Fa ke sena go gololwa ka 1962, ke ne ka amogela kabelo ya gore ke ye go direla kwa Szczecin mmogo le ba bangwe ba le mmalwa. Mme pele ga re ka tsamaya, re ne ra amogela se re neng re akanya gore e ne e le kaelo e e tswang kwa bakaulengweng ba ba ikanyegang ba Bakeresete, gore go na le moo re ye kwa Kielce. Le fa go ntse jalo, fa re fitlha koo re ne ra tshwarwa, mme ka atlholelwa ngwaga le sephatlo gape mo kgolegelong. Re ne re okilwe ke batsietsi ba ba neng ba le mo gare ga rona. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra ba lemoga mme ra ba tlosa mo gare ga rona.

Fa la bofelo ke ne ke gololwa mo kgolegelong, ke ne ka tlhomiwa gore ke okamele tiro ya rona ya go gatisa mo Poland yotlhe. Ka 1974, morago ga dingwaga di le lesome ke ntse ke tila go lemogiwa, ke ne ka tsewa ka motlhala mme ka tshwarwa kwa Opole. Ka bonakonyana morago ga moo ke ne ka romelwa kwa kgolegelong kwa Zabrze. Moeteledipele wa kgolegelo o ne a mpolelela jaana: “Malatsi a gago a go nna bishopo a fedile. Fa o tswelela o bolelela batho maaka ano a gago, o tla ya go tswalelwa o le nosi kwa kgolegelong.”

Go Rera mo Kgolegelong

Gone mme, tiro ya me ya go nna modiredi e ne e sa fela le e seng. Tota e bile, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le magolegwa a mangwe a le mabedi. Kgabagare, ba ne ba gatela pele mo ke neng ka ba kolobetsa mo bateng e kgolo mo kgolegelong.

Magolegwa a mangwe le one a ne a kgatlhegela thero ya rona, mme ka April 1977, re ne ra kopana mmogo gore re keteke Segopotso sa loso lwa ga Keresete. (Luke 22:19) Dikgwedi tse pedi morago ga moo, ka June 1977, ke ne ka gololwa, mme ga ke a ka ka tlhola ke tshwarwa gape.

Ka nako eno, balaodi ba ne ba sa tlhole ba gagamaditse letsogo mabapi le tiro ya rona. Ga go na pelaelo gore maeto a maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a ne a thusa thata. Ka 1977, ba bararo mo go bone ba ne ba bua le balebedi, babulatsela le batho ba ba neng ba sa bolo go nna Basupi mo ditoropong tse di farologaneng. Mo ngwageng o o latelang, ba babedi ba bone ba ne ba etela Ofisi ya Dikgang Tsa Bodumedi. Le fa go ntse jalo, go thibelwa ga tiro ya rona go ne ga emisiwa fela ka 1989. Gone jaanong, go na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba le 124 000 kwa Poland.

Ka ntlha ya gore Danuta ga a na botsogo jo bontle, o ntse a sa kgone go tsamaya le nna mo dingwageng tsa bosheng, mme o a nkgothatsa e bile o batla gore ke tswelele ke etela diphuthego. Ga ke na go kgaotsa go lebogela tsela e a ileng a nnonotsha ka yone fa ke ne ke ntse ke tshwarwa gantsi.

Tshwetso e ke e dirileng dingwaga tse 50 tse di fetileng ya go direla Jehofa Modimo tota e ne e le e e siameng. Ke itumeletse thata go mo direla ka pelo yotlhe. Nna le mosadi wa me re ile ra iponela boammaaruri jwa mafoko a a kwadilweng mo go Isaia 40:29: “O [Jehofa] naya baidibadi thata; le ene yo o se nang thata o mo totisetse nonofo.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona 1994 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 213-22.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Re ne re dirisa motšhine wa go dira dikhopi mme moragonyana ra dirisa metšhine ya Rotaprint go gatisa dikgatiso

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Nna le mosadi wa me, Danuta