Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Saense e ka Tlisa Botshelo Jo bo Sa Khutleng?

A Saense e ka Tlisa Botshelo Jo bo Sa Khutleng?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Saense e ka Tlisa Botshelo Jo bo Sa Khutleng?

POTSO eno e ne e ka utlwala e se na tlhaloganyo fa e ka bo e ne e boditswe dingwaga tse dintsi tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba akanyetsa kgang eno ka masisi jaanong. Baitsesaense ba setse ba kgona go oketsa botshelo jwa dintsi le diboko go menagane gabedi, ba dirisa botegeniki jo batho bangwe ba akanyang gore bo ka dirisiwa mo bathong.

Dipatlisiso di bontshitse gore disele tse di tlwaelegileng tsa motho di a swa, di arogana fela ka makgetlho a a lekanyeditsweng. Morago ga moo di emisa go arogana. Ke tiragalo e e ileng ya tshwantshiwa le tshupanako e e mo teng ga batho e e laolang gore ba tsofala leng e bile ba swa leng. Baitsesaense jaanong ba berekela go seta tshupanako eno sesha.

Kgopolo nngwe e e tumileng e bolela gore lodi lwa DNA, karolo e e bidiwang telomere, ke yone e e tlhalosang lebaka la go tsofala. Di-telomere di tshwantshiwa le dipolasetiki tse di tsenngwang kwa dintlheng tsa dikgole tsa ditlhako, tse di diretsweng go thusa dikgole gore di se ka tsa tlhatlhamologa. Baitsesaense ba tlhokometse gore nako le nako fa disele di arogana, di-telomere di khutshwafala jaaka terata e e tukang bonolo. Kgabagare, go lebega di-telomere di khutshwafala mo e leng gore sele e emisa go arogana. Le fa go ntse jalo, fa go na le ensaeme nngwe e e rileng, di-telomere ga di khutshwafale. Ka jalo, go ya ka kgopolo eno, seno se ka dira gore disele di kgone go tswelela di arogana ka bosakhutleng. Modiredimogolo wa khampani nngwe e e dirang tiro eno o ne a bolela jaana: “Leno ke lekgetlho la ntlha le re kgonang go tlhaloganya bosasweng jwa motho ka lone.” Mme ga se baitsesaense botlhe ba ba dumalanang le seno.

Kafa Loso lo Nnileng Teng ka Gone

Ee, batho ba ba dumelang Baebele ba ntse ba dumela ka diketekete tsa dingwaga gore batho ba ka tshela ka bosakhutleng. Ga ba ikanye baitsesaense ba batho, mme ba ikanya Moitsesaense yo Mogolo, yo o bopileng dilo tsotlhe tse di tshelang, Jehofa Modimo.—Pesalema 104:24, 25.

Baebele e bontsha gore Mmopi o ne a sa ikaelela gore batho ba swe. Banyalani ba ntlha ba ne ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo mme ba bewa mo tshingwaneng ya paradaise. Ba ne ba itekanetse, ba se na bogole mo tlhaloganyong kgotsa mo mmeleng. Ka lebaka leo, ba ne ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Modimo o ne a ba ratela seo. O ne a ba laela gore ba tshole bana mme ba atolosetse Paradaise mo lefatsheng lotlhe.—Genesise 1:27, 28; 2:8, 9, 15.

Jaaka go bontshitswe mo go Genesise kgaolo 3, Adame, o ne a tsuologela Modimo ka boomo, a ntse a itse gore katlholo ke loso. Mo godimo ga moo, ka go tlhoka kutlo, o ne a tlisetsa bana ba gagwe ba ba neng ba ise ba tsholwe boleo le loso. Moaposetoloi Paulo o ne a e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Ka mafoko a mangwe, ka gonne Adame o ne a leofile, mmele wa gagwe o ne o sa tlhole o itekanetse. O ne a tsofala ka bonya ka bonya mme a swa. Bana ba gagwe ba ruile bogole joo.

Batho ba swa ka ntlha ya go tsuologa ga ga Adame le katlholo e Modimo a mo atlhotseng ka yone morago ga moo. Batho ga ba na go atlega go busetsa katlholo eo kwa morago. Le fa saense e gatetse pele thata mo go tsa kalafi, mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Moshe, a a kwadilweng dingwaga di le 3 500 tse di fetileng, a sa ntse a le boammaaruri: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata; le fa go ntse jalo, boipelafatso jwa one ke tapiso le bohutsana fela, gonne bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.”—Pesalema 90:10.

Thulaganyo ya Modimo ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Go a itumedisa gore go na le tsholofelo! Le fa gone jaanong batho botlhe kgabagare ba swa, ga se maikaelelo a ga Jehofa gore boemo jono bo tswelele ka bosakhutleng. Le fa Adame le Efa ba ne ba tshwanelwa ke go swa, Modimo o ne a itse gore go ne go tla nna le batho ba le bantsi mo gare ga bana ba bone ba ba neng ba ise ba tsholwe ba ba neng ba tla anaanela bookamedi jwa gagwe jo bo lorato. O rulaganyeditse batho bao botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Mme seno se tla fitlhelelwa jang?

Seno ga se na go direga ka gore batho ba senole masaitsiweng a DNA. Go na le moo, botshelo jo bo sa khutleng ke mpho e Jehofa a tla e nayang ba ba bontshang tumelo mo go ene. Ka gore o ne a lemoga gore bana ba ga Adame le Efa ba tlhoka go namolwa, o ne a rulaganyetsa tsela ya gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng—setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Jesu o ne a bua ka thulaganyo eo fa a ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Jaaka Adame, Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng. Go farologana le Adame, Jesu o ne ikobela Modimo ka botlalo. Ke gone ka moo Jesu a ileng a kgona go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo gore a duelele boleo jwa ga Adame. Ka ntlha ya tiro eno e e lorato, e e lekalekanyang dikale tsa tshiamiso, bana ba ga Adame ba ka gololwa mo go atlholelweng loso. Ka jalo, botlhe ba ba bontshang tumelo mo go Jesu ba tla amogela mpho ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 5:18, 19; 1 Timotheo 2:5, 6.

Fa batho ba ne ba ka kgona go fenya bosaitekanelang mme ba itlisetsa botshelo jo bo sa khutleng, thekololo e ka bo e sa tlhokege. Baebele e re naya kgakololo eno e e botlhale: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele. Go sego ene yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Jehofa Modimo wa gagwe; o o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone; o o tshegetsang boammaaruri ka bosakhutleng.”—Pesalema 146:3-6.

Botshelo jo bo sa khutleng bo tla tswa kwa go Jehofa, e seng mo patlisisong ya saense. Le fa e le eng se Modimo a ikaeletseng go se dira, o ka se fitlhelela e bile o tla se fitlhelela. “Mo Modimong ga go polelo e e tla nnang sesakgonege.”—Luke 1:37.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

© Charles Orrico/SuperStock, Inc.