Bana ba Tshwanelwa ke go Ikutlwa ba Tlhokwa e Bile ba Ratiwa
Bana ba Tshwanelwa ke go Ikutlwa ba Tlhokwa e Bile ba Ratiwa
“BONTSHA ngwana loratonyana, mme o tla boelwa ke go le gontsi.” Go ne ga kwala jalo mokwadi e bile e le motshwayadiphoso mongwe wa Moesemane wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong John Ruskin. Ga go pelaelo gore batsadi ba le bantsi ba tla dumela gore motho o solegelwa molemo thata fa a rata bana ba gagwe, e seng fela ka ntlha ya go bo ngwana le ene a mo rata, mme thatathata ka ntlha ya tsela e e siameng e lorato lono lo tlileng go ba ama ka yone.
Ka sekai, buka ya Love and Its Place in Nature e ne ya bolela gore “bana ba a tle ba swe” fa ba sa ratiwe. Mme Ashley Montagu, yo e leng moitsethutomotho yo o itsegeng thata yo o tsholetsweng kwa Boritane, o ne a bo a bolela jaana: “Ngwana yo o iseng a ke a ratiwe o farologane thata le ngwana yo o ratiwang ka popego ya dikhemikale, popego ya mmele le kafa a akanyang ka teng. Yo o iseng a ke a ratiwe o gola ka tsela e e farologaneng le ya yo o ratiwang.”
Toronto Star e ne ya bega ka patlisiso nngwe e e neng ya fitlhelela ditshwetso tse di tshwanang. E ne ya re: “Bana ba ba golang ba sa tlamparelwe, ba sa papathwe ka metlha . . . ba na le dihoromone tse di kwa godimo thata tse di dirang gore ba ikutlwe ba gateletswe mo maikutlong.” Eleruri, fa ngwana a tlhokomologiwa ka nako ya fa a sa ntse a le monnye, “seno se ka ama thata tsela e a e ithutang le go gakologelwa dilo ka yone ka lobaka lo loleele.”
Dilo tseno tse di lemogilweng di gatelela botlhokwa jwa gore batsadi ka bobone ba tshwanetse go nna le bana ba bone. Fa go sa nne jalo, motsadi le ngwana ba tla nna jang le kamano e e atamalaneng thata? Mme se se botlhoko ke gore le e leng kwa dinageng tse di humileng tsa lefatshe, jaanong e setse e le mokgwa gore bana ba newe dilo tse ba di tlhokang ke batho ba e seng batsadi ba bone. Bana ba romelwa kwa dikolong, mmogo le kwa dikolong tsa Sontaga, ba romelwa kwa mmerekong, kwa mafelong a go khempa mo nakong ya selemo, e bile ba newa le madi ba bo ba romelwa kwa mafelong a go itlosa bodutu. E re ka bana ba le dimilione di le dintsi ba kgoromeleditswe kwa ntle ga lelapa, ba kgapetswe kgakala le lone, jaaka go ka tualo, ke ga tlholego fela gore fa ba lemoga seo, ba ikutlwe ba tlhokomologilwe, ba sa batliwe, e bile ba sa ratiwe, mme ba dikologilwe ke lefatshe le le sa ba rateng la batho ba bagolo. Go ka nna ga direga gore boikutlo jono jo bo tlwaelegileng thata jo bana ba nang le jone ke lengwe la mabaka a go bo go na le palo e e fopholediwang go 3 000 ya bana ba ba nnang mo mebileng kwa Berlin. Ngwana mongwe yo o nang le boikutlo jo bo ntseng jalo ke Micha, yo a neng a bolela jaana: “Go ne go sa tlhole go na le motho ope yo o mpatlang.” Mosimane mongwe wa Mojeremane wa dingwaga tse robongwe le ene o ne a ngongorega jaana: “Bogolo nka nna ntša ya gaetsho.”
Bana ba Tshwarwa ka Ditsela di le Dintsi Tse di Makgwakgwa
Go itlhokomolosa ngwana ke tsela nngwe ya go mo tshwara makgwakgwa e e bontshang gore motho ga a na se Baebele e se bitsang “lorato lwa tlholego.” (Baroma 1:31; 2 Timotheo 3:3) Mme go ka felela ka mefuta e e maswe thata ya go ba tshwara makgwakgwa. Ka sekai, fa e sa le ka Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Bana ka 1979, go ne ga buiwa thata ka mathata a go tshwara bana makgwakgwa le go ba sotla ka tsa tlhakanelodikobo. Ke boammaaruri gore go thata go kokoanya dipalo tse di tlhomameng, le gone lefelo lengwe le lengwe le na le palo ya lone e e sa tshwaneng le ya mafelo a mangwe. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore go thata go fodisa dintho tsa maikutlo tse bana ba ba sotlilweng ka tsa tlhakanelodikobo ba fitlhang mo dingwageng tsa bogodi ba ntse ba na le tsone.
Le fa bana ba ka tswa ba tshwarwa ka tsela efe fela e e makgwakgwa, seno se ba bolelela gore ga ba ratiwe e bile ga ba batliwe. Mme go lebega bothata jono bo gola. Go ya ka lokwalodikgang longwe lwa kwa Jeremane lwa Die Welt, “bana ba le bantsi ba gola go nna batho ba ba bokoa mo setšhabeng.” Lo oketsa jaana: “Bana ba tlhaela go bontshiwa lorato kwa gae. Go ya ka [Gerd Romeike, yo e leng motsamaisi wa setheo sengwe sa kwa Hamburg sa go kaela bana], lorato fa gare ga bana le batsadi lo a koafala, kana ga lo ise lo ko lo nne gone. Bana ba ba ntseng jalo ba ikutlwa ba tlhokomologilwe, mme keletso ya bone ya go ikutlwa ba babalesegile ga e diragadiwe.”
Bana ba ba sa neweng tshwanelo ya bone ya go
ikutlwa ba tlhokwa e bile ba ratwa ba ka nna ba tlala bogale, mme ba ntshetse go betwa ke pelo ga bone mo bathong ba ba ileng ba ba tlhokomologa kana gongwe mo setšhabeng sotlhe. Mo e ka nnang dingwaga di le lesome tse di fetileng, pego nngwe ya setlhopha sengwe sa kwa Canada e ne ya bontsha fa go tlhokega gore go dirwe sengwe ka bonako ka gonne go ne go boifiwa gore kokomana eno yotlhe “e e akanyang gore setšhaba ga se e kgathalele” e ka tloga ya senyega.Basha ba ba sa ratiweng le ba ba sa batliweng ba ka nna ba raelesega go tshaba kwa magaeng a bone ba tshabela mathata a bone, mme ba kopane le a mangwe a magolo kwa ditoropong tse di tletseng bokebekwa, go dirisiwa ga diokobatsi le boitsholo jo bo sa siamang. Tota e bile, dingwaga tse di fetang 20 tse di fetileng, mapodise a ne a fopholetsa gore mo toropong e le nngwe fela e kgolo kwa United States go nna bana ba ka nna 20 000 ba dingwaga tse di kwa tlase ga 16 ba ba tshabileng kwa magaeng a bone. Ba ne ba tlhalosiwa e le “bana ba ba tswang mo malapeng a a thubegileng le a a tletseng bosetlhogo, jo bo bakwang ke batsadi ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa kana ke diokobatsi. Ba fetoga go nna diaka, ba itshedisa ka go rekisa mebele ya bone mme morago ga moo, ba itewe ke batho bao ba akafalang le bone mme ba latlhegelwe le ke seriti, ba tshela ka go boifa gore ba tla tlhagisediwa kotsi fa ba ka leka go tlogela tiro e e sa tshwanelang eno e ba e dirang.” Maswabi ke gore, le mororo go dirilwe maiteko a magolo a go fetola boemo jono jo bo tlhomolang pelo, bo sa ntse bo le teng.
Bana ba ba golelang mo maemong a a tlhalositsweng fa godimo e nna bagolo ba ba nang le bothatanyana mo tlhaloganyong, gantsi ba sa kgone go godisa bana ba bone sentle. E re ka le bone ba ne ba sa batliwe e bile ba sa ratiwe, fa ba gola ba nna le bana ba ba tshwanang le bone—bana ba ba ikutlwang ba sa batliwe e bile ba sa ratiwe. Radipolotiki mongwe wa Mojeremane o ne a tlhalosa kgang eno jaana ka bokhutshwane: “Bana ba ba sa bontshiweng lorato e nna bagolo ba ba tletseng letlhoo.”
Ke boammaaruri gore batsadi ba le dimilione ba dira bojotlhe jwa bone go tlhomamisa gore bana ba bone ba a itse gore ba a ba tlhoka e bile ba a ba rata. Seno ga ba se dire ka go bua ka molomo fela mme ba se bontsha ka go ba tlhokomela ka tsela e e lorato le ka go ba naya tlhokomelo e e ba lebaneng e ngwana mongwe le mongwe a tshwanelwang ke go e newa. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le mathata a mangwe—mathata a go bonalang sentle gore motsadi mongwe le mongwe a ka se ka a kgona go a rarabolola. Ka sekai, kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe, ditsamaiso tsa batho tse di sa itekanelang tsa ikonomi le tsa dipolotiki di palelwa ke go naya bana tlhokomelo e e lekaneng ya kalafi, thuto e e ba tshwanelang, le dijo tse di lekaneng, mmogo le go ba sireletsa mo sebetsong sa go berekisa bana ditiro tse di boima le mo maemong a a tlhomolang pelo a ba tshelang mo go one. Mme gantsi maemo ano a gakadiwa ke bagolo ba ba pelotshetlha, ba ba bonokwane, ba ba bogagapa le ba ba sa akanyetseng batho ba bangwe.
Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan, o ne a umaka mangwe a mathata a magolo a bana ba lebanang le one gompieno, fa a ne a kwala jaana: “Bana ba le dimilione di le dintsi ba itshokela maemo a a utlwisang botlhoko a lehuma; ba le diketekete ba amiwa ke ditlamorago tsa tlhakatlhakano e e bakwang ke dikgotlhang le ke maemo a tsa ikonomi; ba le masome a a diketekete ba golafadiwa ke dintwa; ba bangwe ba le bantsi e nna masiela ka ntlha ya HIV/AIDS kana ba bolawa ke yone.”
Le fa go ntse jalo, go na le dikgang tse dingwe tse di itumedisang! Baemedi ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, jaaka United Nations Children’s Fund (UNICEF) le World Health Organization, ba ile ba dira ka natla go tokafatsa botshelo jwa bana. Annan o ne a akgela jaana: “Bana ba le bantsi ba tsholwa ba itekanetse mme ba le bantsi ba a entiwa; ba le bantsi ba kgona go bala le go kwala; ba le bantsi ba gololesegile go ithuta, go tshameka le go tshela jaaka bana go feta jaaka go ne go ka akanngwa gore a go ne go ka kgonega mo lesomeng le lekhutshwane la dingwaga le le fetileng.” Le fa go ntse jalo, o ne a tlhagisa jaana: “Eno ga se nako ya go itumelela dilo tseno tse di fitlheletsweng mo nakong e e fetileng.”
Ba ba Tshwanelwang ke Tlhokomelo e e Kgethegileng
Bana bangwe ba tshwanelwa ke go newa tlhokomelo e e kgethegileng. Fa dingwaga tsa bo1960 di ne di simologa, lefatshe le ne la tshoga go utlwa dipego go tswa kwa dinageng di le dintsinyana tsa go tsholwa ga bana ba le diketekete ba ba bidiwang gore ke digole tsa seokobatsi sa thalidomide. Fa basadi ba ba imileng ba nwa pilisi e e ritibatsang le e e robatsang eno ya thalidomide, e ne ya nna le ditlamorago dingwe tse di neng di sa lebelelwa tse di neng tsa dira gore ba tshole bana ba ba golafetseng maoto le matsogo kana ba ba se nang tsone. Gantsi matsogo le maoto a bone a ne a le matonatona e bile a le sephara.
Masome a le manè a dingwaga moragonyana, selo se go lebegang se golafatsa bana thata ke dibomo tse di epelwang. * Batho bangwe ba fopholetsa gore dibomo di ka nna dimilione di le 60 go ya go di le dimilione di le 110 tse di epelwang tse di sa ntseng di ka thunya di epetswe mo lefatsheng lotlhe. Di bolaya kana di gobatsa batho ba ka nna 26 000 ngwaga mongwe le mongwe—go akaretsa le bana ba le bantsi. Bothata jono bo ne jwa newa tlhokomelo e kgolo fa e sa le ka 1997, fa Jody Williams a ne a gapa Sekgele sa Nobel sa Kagiso sa letsholo la gagwe la go thibela dibomo tse di epelwang. Le fa go ntse jalo, madirelo a dibomo tse di epelwang a sa ntse a le teng. Radipolotiki mongwe wa Mojeremane o ne a bua jaana ka maiteko a a dirwang a go fedisa dibomo tse di epelwang mo lefatsheng: “Go tshwana fela le go leka go ntsha metsi ka leswana mo bateng ya go tlhapela, pompo ya metsi e ntse e buletswe.”
Setlhopha se sengwe sa bana ba ba tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng ke bana ba ba se nang batsadi. Jehofa Modimo, Mmopi wa motho, o ne a batla gore bana ba golele mo lelapeng le mo go lone ba tlhokomelwang ke rre le mmè boobabedi. Ngwana o tlhoka e bile o tshwanelwa ke go godisiwa jalo ke batsadi boobabedi.
Megae a masiela le mekgatlho ya go ikopelwa ga bana e leka go rarabolola bothata jo bo amanang le dilo tse di tlhokwang ke bana ba ba se nang batsadi boobabedi. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, bangwe ba bana ba ba seng sego go tshwana le ba bangwe ba ba tlhokang thata gore go nne le mongwe yo o ba kopang gore a ba tlhokomele gantsi ke bone ba ba tlhokomologiwang thata—bana ba ba lwalang, ba ba nang le mathata a go ithuta, ba ba golafetseng mmele kana ba ba belegweng ke batsadi bangwe ba merafe e sele.
Go tlhomilwe mekgatlho e e kgothaletsang batho go ntsha meneelo ya madi ka metlha gore go tle “go tlhokomelwe” bana ba ba nnang kwa go nngwe ya dinaga tse di humanegileng. Madi ano a moneelo a dirisediwa go ruta kana go tlamela bana ka dilo tse ba di tlhokang mo botshelong. E bile fa ba batla ba ka romelelana ditshwantsho le makwalo go nonotsha botsalano. Le mororo thulaganyo eno e thusa, ga e kgone go nna tharabololo e e tshwanetseng.
Sekao se sengwe se se kgatlhang se se bontshang gore go ntse go dirwa eng go thusa bana ba ba se nang batsadi ke mokgatlho mongwe o ka 1999 o neng wa keteka moletlo wa tiro ya one ya dingwaga di le masome a matlhano.
Motse wa Bana wa SOS
Ka 1949, Hermann Gmeiner o ne a simolola se a neng a se bitsa gore ke Motse wa Bana wa SOS kwa Imst, Austria. Go tswa mo thulaganyong eno e nnye e a neng a e simolola, mokgatlho wa gagwe o ne wa gola go akaretsa metse e e batlileng e nna 1 500 le ditheo tse di tshwanang le one kwa dinageng di le 131 tsa Afrika, Amerika, Asia le Yuropa.
Gmeiner o ne a thaya tiro ya gagwe mo melaometheong mengwe e menè e e kaelang—mmè, bomorwarre, legae le motse. “Mmè” ke motheo wa “lelapa” la bana ba le batlhano kana ba le barataro—kana go feta. O nna le bone mme o leka go ba bontsha lorato le tlhokomelo e go lebeletsweng gore mmè wa mmatota a e neye bana ba gagwe. Bana ba nna mmogo mo “lelapeng” le le lengwe le “mmè” a le mongwe go fitlha nako e goroga ya gore ba tlogele “legae.” Go akarediwa bana ba dingwaga tse di farologaneng mo “lelapeng.” Fa bana ba na le “bomogoloabone” le “bomonnaabone” ba ithuta go tlhokomelana, ka jalo seno se ba thusa gore ba tile go iteba bone fela ba le bosi. Go dirwa maiteko a go dira gore bana ba nne karolo ya “lelapa” ba sa ntse ba le bannye thata. Gantsi bana ba mpa ba nna mmogo mo “lelapeng” le le lengwe.
Metse e na le “malapa” a ka nna 15, mme lelapa lengwe le lengwe le nna mo ntlong ya lone. Bana botlhe ba rutiwa go thusa “mmaabone” go dira ditiro tse di tlhokegang mo ntlong. Le mororo rre a ka tswa a seyo, go dirwa thulaganyo ya gore go nne le motho mongwe wa monna yo o tla tlang go naya kgakololo jaaka rre le go kgalemela jaaka go tlhokega. Bana ba tsena dikolo tse di mo lefelong la bone. “Lelapa” lengwe le lengwe le amogela madi a a lekaneng kgwedi nngwe le nngwe go duelela ditshenyegelo. Dijo le diaparo di rekwa mo lefelong la bone. Maikaelelo ke go tlwaetsa bana botshelo jo bo tlwaelegileng jwa lelapa mmogo le mathata a le nnang le one le boitumelo jo le nang le jone, go dira gore, fa go kgonega, ba kgone go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. Seno se ba baakanyetsa go simolola malapa a bone fa ba setse ba godile.
Go sa Ntse go Batliwa Tharabololo e e Tshwanetseng
Mekgatlho ya go ikopela bana, magae a masiela, Metse ya Bana ya SOS, UNICEF, le mekgatlho kana ditlhopha tse di tshwanang le tseno, di dira tiro e e molemo fa di leka go thusa bana ba ba seng sego go tshwana le ba bangwe. Le fa go ntse jalo ga go ope wa bone yo a ka ganang gore batho bangwe ga ba sego go tshwana le ba bangwe. Le fa ba ne ba ka rata thata jang, ga ba ka ke ba kgona go naya ngwana yo o golafetseng maoto a a itekanetseng sentle, ga ba ka ke ba tsosolosa tlhaloganyo ya ngwana yo o golafetseng tlhaloganyo, ga ba ka ke ba kgona go kopanya ngwana le batsadi ba gagwe ba ba kgaoganeng kana ba ba tlhalaneng, kana go mo tlamparela ka lorato lo lo tshwanang le lwa motsadi wa gagwe yo o tlhokafetseng.
Le fa batho ba ka tswa ba leka thata jang, ga ba ka ke ba kgona go tlisa tharabololo e e tshwanetseng ya mathata a a aparetseng bana. Le fa go ntse jalo, a tlile go rarabololwa! Ee, e bile go ka direga ka bonako jo o sa bo lebelelang. Le fa go ntse jalo, a tlile go rarabololwa jang?
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 17 Bona motseletsele wa ditlhogo o o reng “Dibomo Tse di Epelwang—Go ka Dirwang ka Tsone?” o o tlhagang mo makasineng wa rona wa May 8, 2000.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Ngwana o tlhoka e bile o tshwanelwa ke go ratiwa ke batsadi boobabedi