Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Diteko ka Nonofo ya Modimo

Go Lebana le Diteko ka Nonofo ya Modimo

Go Lebana le Diteko ka Nonofo ya Modimo

JAAKA GO BOLETSE STEPAN KOZHEMBA

Bosigo bongwe kwa masimologong a April 1951, dilori tse di neng di pegile masole a Soviet di ne tsa tsena mo motseng wa rona wa Stenyatyn kwa Ukraine. Masole a a neng a tshotse dibetsa a ne a dikaganyetsa magae a a neng a tlhophilwe e sa le pele mme a tsaya malapa otlhe a Basupi ba ga Jehofa a a isa kwa Siberia. Ka ke ne ke le ngwana wa dingwaga tse 12 yo o kgatlhegang motlhofo fela, ke ne ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo le gore ba ne ba kgona jang go itshokela pogiso e e kalo.

KE TSHOTSWE ka October 1938 kwa motseng wa Stenyatyn. Mmè o ne a tlhokafala dibeke di le pedi fa ke sena go tsholwa, mme Rre o ne a bolawa ka 1944 fa a ne a le mo mophatong wa masole wa Soviet ba tlhabana le Jeremane. Bokgaitsadiarre, e bong Olena le Anna ba ne ba ntsaya mme ba nkgodisa.

Fa ke ne ke sa ntse ke le mosimanyana, ke ne ke itse Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa mo toropong ya gaetsho. Ba ne ba bua le nna le batho ba bangwe ka Bogosi jwa ga Mesia ka sebaka sengwe le sengwe se se neng se ba bulegela. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna tsala ya Basupi bangwe ba babotlana. Ke ne ka gakgamala tota fa ba ne ba tsewa ke masole a Soviet mme a ba fudusetsa kwa Siberia.

Legale ga se Basupi botlhe ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Stepan, Mosupi yo o neng a nna gaufi le legae la rona, o ne a tlogelwa, ka gore ba lelapa la gagwe e ne e se Basupi. O ne a le mogolo mo go nna ka dingwaga di le thataro, mme fa ke tlogela sekolo, ke ne ka dira le ene ke le mmetli. O ne a ithuta Baebele le nna a dirisa dikhopi dipe fela tse di neng di le teng tsa Tora ya Tebelo. Stepan, yo jaanong a direlang Modimo wa boammaaruri, Jehofa, kwa Estonia, o ne a itumetse thata fa ke ne ke kolobediwa ka July 1956.

Kwa Ukraine, kganetso e ne e le karolo ya botshelo jwa motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa. Balaodi ba ne ba phuruphutsha matlo ba batla dibuka tsa Baebele, ka jalo ke ne ke na le mafelo a mantsi a ke neng ke di fitlha mo go one. Borakgadi, e bong, Olena le Anna, ba e neng e le Bakatoliki ba Segerika, ba ne ba sa batle gore ke nne ke kopana le Basupi. Ba ne ba leka le go ntlhotlheletsa gore ke emise go kopanela le bone. Go tshwana le moaposetoloi Paulo, ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke le ‘tlase ga kgatelelo e kgolo e e fetang nonofo ya me.’ Mme kamano ya me le Jehofa Modimo e ne e nnonotsha gore ke kgone go itshokela teko nngwe le nngwe.—2 Bakorintha 1:8; Bafilipi 4:13.

Ke Kgaratlhela go sa Tseye Letlhakore

Makawana a a neng a na le dingwaga di le 18 a ne a patelediwa gore a tsenele bosole jwa Soviet. Ka ntlha ya kitso ya me ya Baebele, ke ne ke ikemiseditse gore ke se ka ka tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa lefatshe, mo go neng go raya gore ke ne ka gana go tsenela sesole sa Soviet. (Isaia 2:4; Johane 17:14-16) Olena le Anna ba ne ba nkgothaletsa gore ke nne lesole, le mororo kgaitsadiabone, e bong rre, a ne a bolailwe mo ntweng.

Fa ke sena go amogela dipampiri tsa gore ke tlhophilwe go tsenela bosole, ke ne ka ya kwa ntlokgolo ya bosole mo lefelong la rona mme ka tlhalosa boemo jwa me. Ke ne ka tshwarwa gone fela foo mme ka tlhatlhelwa fa ba ne ba sa ntse ba baakanyetsa go mpega molato. Batho ba ne ba sa dumelelwa gore ba tle kwa tshekong; le borakgadi tota ba ne ba sa bolelelwa letsatsi le e tla tshwarwang ka lone. Ke ne ka neela moatlhodi, mosekisi le baagi ba babedi ba ba dirang tshwetso mo kgetsing ya katlholo, bosupi ka botlalo. Morago ga metsotso e le 20, go ne go weditswe. Katlholo ya me—dingwaga di le tlhano mo kgolegelong le dingwaga tse dingwe tse tlhano tse mo go tsone ke neng ke tlile go latlhegelwa ke dingwe tsa ditshwanelo tsa me jaaka moagi wa mo nageng.

Go Nna Kwa Kgolegelong Lobaka Lo ke Lo Atlholetsweng

Morago ga tsheko ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong kwa Lviv. Ke ne ke sa kopanele mmogo le Bakeresete, ke se na Baebele le dibuka tsa Baebele ka dikgwedi di le tharo, go simolola ka nako e ke tshwerweng ka yone go fitlha ke fudusediwa kwa kampeng e batho ba ba nnang mo go yone ba newang ditiro tse di boima. Le fa go ntse jalo, ke ne ka nna ke le matlhagatlhaga mo semoyeng, ka go neela magolegwa a mangwe bosupi, a a neng a sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang ke sa batle go nna lesole. Mo dikgweding tseo, ke ne ke ikaegile ka thuto ya botho e ke neng ke e dirile pele ga ke tshwarwa. Tiragalo eno e ne ya nthuta thuto eno e e botlhokwa thata: Thuto ya botho ya Baebele e re thusa gore re nne le polokelo ya semoya e e re tlamelang fa re kopana le diteko.—Johane 14:26.

Ka April 1958, ke ne ka isiwa kwa kampeng ya 21, e batho ba ba nnang kwa go yone ba newang ditiro tse di boima, gaufi le Dnepropetrovsk, dikilometara di feta 700 go tswa kwa gae, gore ke ye go feleletsa katlholo ya me teng. Fa re le koo re ne re tsoga ka 6:00 a.m., mme morago ga dijo tsa mo mosong, re ne re pegiwa mo diloring re isiwa kwa re yang go dira teng, dikilometara di le 50 go tswa kwa kampeng. Re ne re dira diura di le robedi kwa lefelong la kago, mme re ne re busediwa kwa kampeng bosigo.

Mafelo a rona a borobalo e ne e le dikago tse mo go nngwe le nngwe ya tsone go neng go robala magolegwa a ka nna lekgolo. Dijo tsa teng e ne e le tse di se nang dikotla, le manno a teng e le a maemo a a kwa tlase thata; mme legale ke ne ke nna le Basupi ba bangwe ba babedi mo ke neng ke nna gone. Mongwe le mongwe wa rona o ne a dira maiteko a gore a kgothatse ba bangwe ba babedi. Eno ke tsela e nngwe e Jehofa a nayang batlhanka ba gagwe nonofo ka yone fa ba tlaletswe—ka go tsalana le badumedikabone.—2 Bakorintha 7:6.

Go ne go na le Basupi ba le 12 mo kampeng yotlhe. Bangwe mo go bano ba ne ba na le ba losika kwa ntle ba ba neng ba re tlisetsa ditsebe tsa Tora ya Tebelo ka sephiri di fitlhilwe mo diphuthelwaneng tsa dijo. Badisa ba ne ba bula bontsi jwa diphuthelwana tseno, ba bo ba tlhola gore di na le eng pele ga ba di fetisetsa mo go rona. Gore di se ka tsa bonwa, ditsebe tsa Tora ya Tebelo di ne di phuthelwa ka dipolasetiki di bo di tsenngwa mo dithining tsa jeme, tse badisa ba neng ba sa itshwenye ka go di bula. Fa re sena go amogela ditlhogo tseo, re ne re di kwalolola ka seatla re bo re di amogana.

Gape re ne re dira sotlhe se re ka se kgonang go rera ka Bogosi jwa Modimo, mme Jehofa o ne a segofatsa maiteko a rona. Ka sekai, ke ne ka itse legolegwa le le neng le bidiwa Sergei, yo o neng a kile a dira e le akhaontente kwa kgwebong e e neng e le ya puso kwa botlhaba jwa Ukraine. E ne ya re fa go lemogiwa boferefere bongwe kwa a neng a dira teng, o ne a pegwa molato mme a atlholelwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Basupi ba le mmalwa kwa kgolegelong ba ne ba ithuta le ene, ba dirisa dimakasine dipe fela tse ba neng ba na le tsone. Sergei o ne a arabela ka tsela e ntle mme la bofelo a nthaya a re: “Fa ke gololwa mo kampeng, ke batla go nna Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa!” Fela jaaka a ne a boletse, Sergei o ne a kolobediwa ka bonakonyana fa a sena go gololwa, mme o ne a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala.

Go sa Tlhaloganye Baroma Kgaolo 13 Sentle

Ke ne ka gololwa mo kgolegelong ka January 1963 mme ka boela kwa motseng wa gaetsho, Stenyatyn. Ke ne ka lemoga ka bonako fela gore go ne go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle mo phuthegong ya Sokal. Bakaulengwe ba ne ba sa phuthologa sentle. Bothata e ne e le eng? Ke eng se se neng se dirile gore go nne le boemo jono jwa go tlhoka go tlhomamisega?

Balaodi ba Soviet ba ne ba lekile ka dingwaga di le dintsi gore ba kgaoganye batho ba ga Jehofa ka go tsaya bakaulengwe ba ya go ba thamathamisa ka dipotso ba ba bolelela gore Basupi ba ne ba dirisiwa go direla United States of America. Badiredibagolo ba ne ba re Basupi ba ba mo Soviet Union ba tshwanetse go itirela mokgatlho wa bone o o kwa thoko ba oketsa le ka gore go tswa foo ba ne ba tla itumelela go dirisana ka kagiso le Puso ba bo ba letlelelwa gore ba tswelele ka bodumedi jwa bone ba sa bogisiwe. Badiredibagolo bao ba ne ba dira gore seno se utlwale se gogela tota.

Mo go Tora ya Tebelo ya November 15, 1962, e e neng e le mo kgatisong ya Se-Ukraine ya July 1, 1964, go ne ga tlhalosiwa kafa re tshwanetseng go tlhaloganya Baroma kgaolo 13 sesha ka teng. Go tla go fitlha ka nako eo, re ne re tlhaloganya “balaodi ba bagolo” ba ba umakiwang mo temana 1 e le Jehofa Modimo le Jesu Keresete, mme Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa gore “balaodi ba bagolo” tota ba ne ba emela dipuso tsa mo lefatsheng le gore tsone dipuso tseno di ‘tlhomilwe ke Modimo mo maemong a tsone a a lekanyeditsweng.’—Baroma 13:1.

Bangwe ba Basupi ba ne ba fitlhela go se motlhofo go dumela pono eno e ntšha, ka gonne baeteledipele ba puso ya lefatshe ya Soviet Union ba ne ba le setlhogo tota fa ba ne ba leka go fedisa kobamelo ya boammaaruri ya Modimo. Ka jalo, Basupi bano ba ga Jehofa ba ne ba akanya gore Tora ya Tebelo e e neng e na le tlhaloso e ntšha e ne e sa tswe kwa phuthegong e e kwadisitsweng kafa molaong ya Basupi ba ga Jehofa. Go na le moo, ba ne ba akanya gore tshedimosetso eo e ne e itiretswe ka boferefere ke batho ba ba neng ba dirisana le balaodi go dira gore Basupi ba ikobele Puso ya Soviet.

Ka jalo motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa kwa Ukraine o ne a lebanwe ke potso ya gore, Ke setlhopha sefe se e leng sone, mme ke sefe se e seng sone? Ke ne ka bona Basupi ba tshegetsa matlhakore a mabedi a a neng a ganetsana mme ka ipotsa gore, ‘Ba dira jalo ka maitlhomo afe?’ Ka bofefo ke ne ka kgona go bona pharologanyo magareng ga matlhakore ao a mabedi.

Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa, ba bangwe ba bone ba ka tswang ba ne ba sa tlhaloganya tlhaloso e ntšha ya Baroma kgaolo 13 ka botlalo, ba ne ba batla go ngaparela Jehofa le phuthego ya gagwe ka boikanyego. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba simolola go belaela gore a dikgatiso tsa bosheng tsa Watch Tower Bible and Tract Society tota di ne di tswa kwa phuthegong e e kwadisitsweng kafa molaong ya Basupi ba ga Jehofa. Batho ba ba ntseng jalo gape ba ne ba na le tshekamelo ya go feteletsa dilo mo dikgannyeng tse dintsi. Ka sekai, ba ne ba akanya gore go phoso gore monyadi a apare mosese o mosweu fa a nyalwa le gore banyalani ba rwale palamonwana ya lenyalo. Batho ba le bantsi ba ne ba tlogela phuthego. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya ba bangwe ba ne ba lemoga phoso e ba e dirileng mme ba boa ba direla Jehofa.

Go Dira mo Sephiring

Le fa gone ditiro tsa rona tsa Bokeresete di ne di thibetswe, nako le nako fa go kgonega re ne re tshwara dipokano tsa rona tsa beke le beke re le ditlhopha tsa batho ba le magareng ga 10 le 15. Re ne re nonofa semoyeng fa re le kwa dipokanong, re nonotshiwa ke thuto ya rona ya Baebele le ke go kopana mmogo ga rona morago ga thuto. Re ne re bolelelana dilo tse di re diragalelang, mme seno se re thusitse go lemoga gore mongwe le mongwe wa rona o ne a na le mathata a a tshwanang le a yo mongwe. Re ne ra tsaya se moaposetoloi Petere a se kwadileng masisi: “Tsone dilo tseo tse di leng malebang le dipogo di a diragadiwa mo lesomong lotlhelotlhe la bakaulengwe ba lona mo lefatsheng.”—1 Petere 5:9.

Re ne re thaya metlotlo ya rona mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo. Dimakasine di ne di goroga jang kwa go rona? Basupi ba e neng e le barongwa ba ne ba tlisa dikhopi di le mo teng ga difilimi tse dinnye go ralala molelwane ba di tlisa mo Ukraine. Difilimi tseno di ne di tsamaya ka tselana e e rulagantsweng go sa le pele go tswa mo Mosuping yo mongwe di ya kwa go yo mongwe. Go tswa foo mongwe le mongwe o ne a direla phuthego ya gagwe dikhopi tse di lekaneng. Ka dinako tse dingwe dikhopi tseo di ne di dirwa ke nna. Ke ne ke dira letsatsi lotlhe mme ke tshwarega mo go direleng Jehofa bosigo ke dira dimakasine le dilo tse dingwe. E ne e le kgwetlho go tsamaisana le thulaganyo e e beilweng, mme rona ba re neng re rwele boikarabelo mo phuthegong re ne ra ithuta gore ‘le ene yo o se nang thata [Jehofa] o mo totisetsa nonofo.’—Isaia 40:29.

Re ne re bula ditshono tsa go bua le batho ba re neng re kopana le bone ka Baebele. Bontsi jwa rona re ne re dira seno fa re palame dipalangwa tsa botlhe. Mokgwa o o neng o tlwaelegile wa go simolola metlotlo e ne e le go bala lokwalodikgang lwa letsatsi le letsatsi mme o bo o bolelela yo o palameng le ene dikgang tsa bosheng. Fa re setse re simolotse motlotlo, re ne re o gogela kwa kgannyeng nngwe ya Baebele. Re ne re anamisa dikgang tse di molemo ka tsela eno mo lefelong la rona.

Mosadi yo o Nang le Bokgoni

Ka 1965, ke ne ka nyala Tamara, yo o neng a godisitswe e le motlhanka wa Modimo wa boammaaruri e bile a itse gore go raya eng go emela tumelo ya gagwe fa e lekwa. Kgaitsadie e bong Sergei o ne a kile a tshwarelwa ditiro tsa gagwe gararo jaaka Mosupi. Mo lekgetlong la bofelo, o ne a fitlhelwa a na le dikhopi tsa Tora ya Tebelo mme o ne a atlholelwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Tamara o ne a tsewa ke balaodi ba mo isa kwa ntlokgolo ya bone gore ba mmotsolotse le go mo tshosetsa ka gore ba tla mo tsenya mo kgolegelong.

Go ne go le thata go bona lefelo la bonno morago ga lenyalo la rona, mme lelapa le le nnang kwa Sokal le le neng le le botsalano mo Basuping le ne la re naya kamore e nnye mo legaeng la bone gore re e hirise ka madi a a kwa tlase. Lelapa leno le ne la re tlhomamisetsa gore Tamara a ka tswelela a nna mo kamoreng eo fa ke ne nka tshwarwa mme ka tsenngwa mo kgolegelong gape. Nna le mosadi wa me re ne re leboga Jehofa thata ka tshegofatso ya gagwe le lelapa leo ka ntlha ya bopelonomi jwa lone. Moragonyana, fa go ne go tlhokafala mongwe mo lelapeng leo, Tamara o ne a dirisa sebaka seo gore a tlhalosetse morwadiabone, Galina, ka tsholofelo ya tsogo. Peo ya boammaaruri jwa Baebele e ne ya ungwa, mme Galina o ne a rata Mmopi wa rona. O ne a kolobediwa mme jaanong ene le monna wa gagwe ba direla Jehofa.

Ke ne ke ya kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Ukraine ka mafelobeke a mantsi ka bo1970 le kwa Moldavia (Moldova) le kwa Dithabeng Tsa Carpathian ke kopana le batho ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong ya ga Jehofa e bile ke ba kgothatsa. Gantsi ke ne ke tsamaya ka Labotlhano maitseboa mme ke boela gae ka Sontaga bosigo. Tamara gantsi o ne a sa itse gore ke ile kae e bile ka dinako tse dingwe a sa tlhomamisege le gore a ke tla boa. Go ne ga tswelela go ntse jalo ka dingwaga tse dintsi. Ke tlhomamisa se Baebele e se buang ka mosadi yo o nang le bokgoni: “Tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya majana a a tlhokegang kgakala.”—Diane 31:10.

Mo metlheng eo, go dira sepe fela o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go ne go le kotsi. Re ne ra kgona go tswelela fela ka ntlha ya nonofo e Jehofa a e re nayang. Ka makgetlo a mantsi ke ile ka kopana le maemo a a thata mme ke sa itse gore ke dire eng. Ka jalo ke ne ke rapelela mo pelong mme ke bo ke ikaega ka Jehofa gore a nneye nonofo. Go dira seo e ne ya nna tsela ya rona ya botshelo.—Ditiro 4:29.

Mo Metlheng ya Bosheng

Fa nako e ntse e tsamaya, botshelo bo ne jwa tlhofofalela batlhanka ba ga Jehofa kwa Ukraine. Pogiso e ne ya okobala, mme dikatlholo tsa kgolegelo di ne tsa emisediwa ka go lefisiwa. Ka bo1980, balaodi ba ne ba tlhaloganya gore Basupi ba ga Jehofa tota ke phuthego ya ditšhabatšhaba. Ka jalo, ka go tsenya Basupi mo dikgolegelong mo Ukraine, le kwa mafelong a mangwe mo Soviet Union, Puso e ne e itshenya leina kwa moseja. Ke gakologelwa ke botsolodiwa ke modiredimogolo mongwe yo o neng a nthaya a re: “Jaanong re lemoga gore bodumedi ga bo kotsi. Re tshwenyegile thata ka gore setlhopha sa bodumedi se se ka sa nna kotsi mo Pusong.”

Kwa Yuropa Botlhaba Lesire la Tshipi le ne la simolola go bulega kwa bofelong jwa bo1980, mme fa e sa le ka nako eo re ntse re itumelela kgololesego e e oketsegileng mo Ukraine. Ka 1991 tiro ya rona ya go rera e ne ya letlelelwa semolao. Mme ka September 1998, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tlhoma ofisi ya lekala kwa Lviv. Kwa masimologong a 1999 go ne ga simololwa go agiwa ga lekala le lesha le go ka nnang badiri ba feta 170 mo go lone. Jaanong mo Ukraine, re na le batho ba feta 112 000 ba ba dirang tiro ya go rera, mme ba feta 250 000 ba nnile teng kwa Segopotsong ka ngwaga wa 2000. Se se kgatlhang le go feta ke palo ya basha ba ba mo gare ga rona. Kwa kopanong kwa Kiev ka 1991, mmegadikgang wa lokwalodikgang lengwe o ne a mpotsa jaana:

“Batho bano ba tswa kae? Ke ne ke akanya gore ga go na Basupi mo Soviet Union, mme ka tshoganyetso fela ke bona ba le diketekete!”

Ke ne ka mmolelela gore, “Ga re a nna teng ka tshoganyetso. Re ntse re direla Jehofa kwano dingwaga tse dintsi.”

O ne a batla go itse gore, “Lo kgona jang go gogela basha ba le bantsi jaana mo bodumeding jwa lona?”

“Go botoka gore o botse basha ka bobone. A e nne bone ba go bolelelang gore ke ka ntlha yang fa ba batla go direla Jehofa.”

Mmegadikgang o ne a re, “Ke setse ke ba boditse. Ba re ba itumelela se ba se dirang.”

Ke ne ka oketsa ka gore, “Lebaka ke lone leo. Fa e le gore basha ba rialo, tlhaloso ke yone eo.”

Basha ga se bone fela ba ba itumelelang go direla Jehofa. Nna le Tamara re ntse re mo direla ka dingwaga tse di fetang 80 fa di kopane, mme ga re batle go emisetsa tumelo ya rona ka sepe se sele. Le fa re le Basupi ba ga Jehofa, re ntse re na le mathata. Re lemoga gore fa fela tsamaiso eno ya bogologolo ya dilo e sa ntse e le teng, mongwe le mongwe o tla tswelela a kopana le mathata. Mme re tlhomeletswe go lebana le diteko ka tsela e e botoka go feta setlhopha le fa e le sefe sa batho mo lefatsheng. Re nna re ikemiseditse go lebana le mathata ano jaaka re ile ra dira mo nakong e e fetileng, ka nonofo ya Modimo wa rona mothatayotlhe, Jehofa. Re ikutlwa jaaka Moshe a ne a ikutlwa fa a ne a opela pina ya phenyo: “Jehofa ke thata ya me le sefela, o bile o diregile poloka ya me.”—Ekesodo 15:2.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke na le Basupi ka nna mo kampeng ya 21

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Difilimi tse dinnye tsa “Tora ya Tebelo” ya Se-Ukraine (selekanyo se e leng sone)

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le mosadi wa me, Tamara

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Setshwantsho sa motaki sa kago ya lekala le lesha e e sa ntseng e agiwa kwa Lviv

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Ke ka ntlha yang fa basha ba bantsi jaana mo Ukraine ba direla Jehofa?