Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Isagwe e e Itumedisang go sa Kgathalesege Bogole

Isagwe e e Itumedisang go sa Kgathalesege Bogole

Isagwe e e Itumedisang go sa Kgathalesege Bogole

JAAKA GO BOLETSE KONSTANTIN MOROZOV

Fa ke ne ke tsholwa ka July 20, 1936, marapo a mmele wa me a ne a sa gola sentle kwantle ga logata le lerapo la me la mokwatla. Marapo otlhe a me e ne e le lohihiri fela lo lo tshwanang le lwa tsebe ya motho yo o godileng. Boima jwa mmele wa me e ne e le halofo ya kilogerama. Se se neng se bontsha fela gore ke a tshela e ne e le pelo e e neng e iteela kwa tlase thata, go hema ka tsela e e bokoa, le go ragaraga go sekaenyana fela.

KE NE ke le ngwana wa bosupa mo go ba ba robongwe mo lelapeng le le neng le nna kwa motseng o o bidiwang Sara, kwa Ul’yanovsk Oblast, mo gare ga mpa ya Russia. Fa ke ne ke na le dibeke di le tharo fela, batsadi ba me ba ne ba nkisa kwa kerekeng gore ke ye go kolobediwa. Moruti o ne a nkgatsha ka bonako ka metsi mme a bolelela batsadi ba me gore ba nkise gae ka bonako ka moo go neng go ka kgonega ka gone, e re ka a ne a bolela gore ke ne ke tlile go swa mo diureng di sekae fela.

Ka January 1937, batsadi ba me ba ne ba nkisa kwa motseng wa Kazan’, motsemogolo wa repaboliki ya Russia ya Tatarstan, gore ke bonwe ke dingaka dingwe. Mo nakong eno, ke ne ke kgona go bitsa “Mama,” “Papa,” le “Babushka” (Mmèmogolo), e bile ke ne ke itse maina a bomorwarre. Fa dingaka di sena go ntlhatlhoba, di ne tsa bolelela batsadi ba me gore ke ne ke tlile go swa ngwaga o ise o fele. Ba ne ba akantsha gore ke bolawe mme ke tsenngwe mo teng ga galase gore ke nne selo se baithuti ba ba ithutelang bongaka ba se dirisetsang go ithuta. A bo ke leboga batsadi ba me ba ba rategang jang ne go bo ba ile ba gana ba sa okaoke!

Go Boga mo Dinakong Tsa Bongwana

Se ke se gakologelwang ke gore mmele wa me o ne o nna fela o na le ditlhabi. Le fa go ntse jalo, le fa ke ne ke le ngwana, ke ne ka leka thata gore ke nne ke ntse ke na le boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo le go leka go tshega gantsi gore ke ipelele botshelo. Jono ke boikutlo jo ke neng ka nna ke ntse ke na le jone ka metlha. Marapo a me a ne a nna a nonofa ka iketlo, mme ke ne ka kgona go nna le go gagaba go le gonnye. Ke ne ka se ka ka gola jaaka bana ba bangwe mme ke ne ke golafetse fela thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ke na le bokgoni jwa go ithuta, fa ke na le dingwaga di le tlhano, ke ne ke kgona go bala le go kwala.

Ka May 1941, mmè o ne a nkisa kerekeng lekgetlho la bobedi. Go ne go na le batho ba le bantsi koo, mme botlhe ba ne ba khubame ka mangole ba rapela. Motlhokomedi mongwe wa mosadi o ne a tla fa go Mmè go tla go mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a ne a sa khubama ka mangole. E rile Mmè a mo mpontsha, a ya go bua le moruti. Fa a boa, motlhokomedi yono o ne a tswela le rona kwa ntle mme a akantsha gore Mmè a ntlogele kwa ntle mme a tsene mo teng a le nosi. O ne a bolela gore ke ne ke neilwe batsadi ba me ke “yo o itshekologileng” ka ntlha ya maleo a bone. Mmè o ne a boela gae a lela. Ke ne ka akanya ka seno lobaka lo loleele. Ke ne ka ipotsa ka re, ‘Ke mang yono “yo o itshekologileng”?’

Ka 1948, fa ke ne ke na le dingwaga di le 12, Mmè o ne a nkisa kwa motseng wa Merenki kwa Repaboliking ya Chuvash, dikilometara di ka nna 80 go tswa kwa gae. Go ne go na le melatswana ya metsi a go tweng a a fodisa koo, mme Mmè o ne a solofetse gore metsi ano a ne a tla mphodisa. Dingwe tsa dilo tse baruti ba neng ba re di tshwanetse go dirwa gore ke tle ke fole e ne e le gore ke se ka ka ja malatsi a le mararo. Gape ke ne ke tshwanetse go ja Selalelo kwa kerekeng. Le mororo ke ne ke sa ikanye kereke go le kalo, ke ne ka dumalana go dira dilo tseo tse ba neng ba re di dirwe. Loeto lo ne lo le loleele mo go nna e bile lo ntapisa, mme ke ne ka itshoka, ke leka go tlhoma mogopolo wa me mo bontleng jwa naga.

Go ne go tletse batho mo kerekeng. Fa Mmè a ne a feta mo gare ga batho a nkukile, mosadimogolo mongwe o ne a nnaya semonamone. Ke ne ka se tsaya ka se tsenya mo kgetsing. E rile go latela nna gore ke je Selalelo, mosadimogolo yoo a goa a re: “Moruti, o se ka wa mo naya Selalelo! O sa tswa go ja semonamone!” Ke ne ka mo tlhalosetsa gore semonamone seo se ne se le mo kgetsing ya me, mme moruti a goa a re: “Segole ke wena se se se nang maitseo! A e bile go tlhokega gore o ake? Mo ntsheng mo kerekeng!” Le fa go ntse jalo, letsatsi le le latelang, moruti yo mongwe o ne a dira moetlo oo wa Selalelo mme a ntlhapisa ka metsi a “kgakgamatso.” Le fa go ntse jalo, ga go kgakgamatso epe e e neng ya diragala. Ke ne ka sala ke ntse ke le segole fela.

Mekgele ya Thuto

Le mororo ke ne ke golafetse thata mo mmeleng, ke ne ka latelela mekgele e le mentsi ya thuto. Ka 1956, ke ne ka nna leloko la Komsomol (Mokgatlho wa Bokomonise wa Basha) mme fa nako e ntse e tsamaya, ka ruta basha hisitori ya Komsomol. Ke ne ke le leloko la Khomishene ya Magae le Setso kwa legaeng la batho ba ba golafetseng, gape ke ne ka direla koo ke le mookamedi wa radio e bile ke le mogasi.

Mo godimo ga moo, ke ne ke le motlhokomedi wa laeborari e e sa nneng golo go le gongwe ya dibuka tse di rekotilweng mo dikhaseteng tsa difofu, le go tlhophiwa go nna leloko la Komishene ya Moatlhodi ya go Lwantsha go Dirisa Tagi Thata. Gape ke ne ka tsaya karolo mo setlhopheng sa bomagogorwane sa baopedi, ke opela, e bile ke tshameka diletswa di le mmalwa tsa mmino.

Kwa Legaeng la Digole

Ka 1957, fa ke ne ke nna le dingwaga di le 21, bogole jwa me bo ne jwa mpatelela gore ke nne mo legaeng la digole. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ikemisetsa go itlhoboga. Ka October 1963, ke ne ka ya kwa Prosthetic Science Research Institute ya Moscow. Fa ke le koo ke ne ka dirwa dikaro di le 18 tsa go tlhamalatsa maoto a me.

Sa ntlha, maoto a me a ne a otlololwa. Ke ne ka ariwa morago ga malatsi a le robedi. Morago ga moo ke ne ka tsenngwa samente mo maotong gore a se ka a obega go fitlha go dirwa karo e nngwe gape. Mooki o ne a tle a lele fa a bona kafa ke neng ke boga ka gone.

Mo dikgweding di le nnè tse di latelang, ke ne ka ithuta go tsamaya ke dirisa dithobane. Ke kgona go ikgoletsa ka dithobane tseno go fitlha ke nna boleele jwa disentemetara di le 110. Boima jwa me bo feta dikilogerama di le 25 go se kae. Fa ke sena go itse go tsamaya ka dithobane, ke ne ka boela kwa legaeng la batho ba ba golafetseng ka 1964. Ka maswabi, marapo a me a dinao a a bokoa a ne a sa kgone go sikara boima jwa mmele wa me, mme go ise go ye kae, ke fa ke boetse gape ke patelesega go tsamaya ke gagaba kgotsa ka setulo se se nang le maotwana. Go tla go fitlha gompieno jaana, ke tsamaya ka setulo se se nang le maotwana.

Ga ke ise ke ko ke tlhole ke ya kerekeng gape. Kgang ya gore ke ne ke belegwe ke “yo o itshekologileng” e ne ya tswelela go nkutlwisa botlhoko thata. Ke ne ke rata rre le mmè fela thata, e bile ke ne ke sa kgone go dumela gore bothata jwa me e ne e le molato wa bone mmogo le Modimo. Ke ne ka leka go nna ke ntse ke na le boikutlo jo bo siameng. Ke ne ke batla go direla batho ba bangwe dilo tse di molemo, mme go feta tsotlhe, ke ne ke batla go itlhatswa pelo gore ke ne ke ka kgona go dira jalo.

Go Tshela ke sa Ikaega ka Ope

Ka 1970, ke ne ka nyala Lidia, yo o neng a sule ditokololo go se kae go tloga fa a ne a sa ntse a le ngwana. Re ne ra ipatlela ntlo e nnye, e re neng ra nna mo go yone dingwaga di le 15. Mo nakong eo yotlhe, re ne re bereka ka bobedi jwa rona gore re tle re kgone go tshela. Ke ne ka ithuta go baakanya ditshupanako le didirisiwa tse dingwe tse dipotlana tse di tlhokang go lolamisiwa gore di bereke sentle.

Ke ne ka fetsa nako e telele ke dirisa ntša e e thapisitsweng gore e nthuse go dira dilo dingwe di le mmalwa tse di botlhokwa. Tota e bile, nna le mothapisi wa ntša re ne ra tlhama dikgole tse di dirilweng ka tsela e e kgethegileng. Ke ne ke na le dintša di le pedi—e nngwe e bidiwa Vulkan mme e nngwe yone e le Palma. Palma e ne e le tsala e e ikanyegang dingwaga di le dintsi. Fa ke le kwa lebenkeleng, e ne e ntseela dijo tse ke neng ke di reka. Selo se le sengwe fela se e neng e sa rate go se dira e ne e le go ema mo moleng fa re duela. E ne e tshwara sekgwama sa me sa madi ka meno, mme e ne e na le sekgoge se sennye mo molaleng se e neng e tshwara kgetsi e re tsenyang dilo tse re di rekileng mo go yone.

Ka 1973, mmè o ne a lwala thata. E re ka ke ne ke nna ke le kwa gae ka metlha, nna le mosadi wa me re ne ra mo tlisa gore a tle go nna le rona. Ka nako eo rre le bomorwarre ba le batlhano ba ne ba setse ba tlhokafetse, mme bonnake ba bangwe ba bararo ba ne ba nna kwa dikarolong tse dingwe tsa Russia. Fa Mmè a ne a nna le rona, ke ne ka leka go mo direla sotlhe se ke neng ke ka se kgona. Kgabagare, o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 85.

Ka 1978, ke ne ka swetsa ka gore ke itirele koloi. Fa ke sena go dira dikoloi di le mmalwa le go di leka, ke ne ka feleletsa ke na le e tota ke neng ke e batla. Motlhatlhobi wa Puso wa Dikoloi wa mo lefelong la rona o ne a ntetla gore ke ye go tlhatlhobelwa go kgweetsa le go kwadisa koloi ya me. Ke ne ke e bitsa Osa (Moruthwane). Nna le mosadi wa me re ne ra e direla letoroko le lennye le le neng le kgona go tsaya morwalo wa dikilogerama di le 300. Re le babedi, re ne re kgona go tsamaya ka yone re tshotse dilo dingwe. Koloi eno e ne ya re thusa go fitlha ka 1985.

Mo e ka nnang ka nako eno, ke ne ka foufala leitlho la molema, mme ka se ka ka tlhola ke kgona go bona sentle ka leitlho la moja. Mme Lidia ene o ne a simolola go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo. Ka May 1985, ka ntlha ya makoa a rona, re ne ra patelesega go fudugela mo ntlong ya batho ba ba golafetseng mo toropong ya Dimitrovgrad.

Lebaka La go Bo ke Itumetse Jaana mo Botshelong

Mo selemong sa ngwaga wa 1990, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela legae la rona la batho ba ba golafetseng. Ke ne ka fitlhela se ba neng ba se ruta se kgatlha eletota. Ba ne ba mpontsha temana nngwe mo Efangeleng ya ga Johane ya monna yo o neng a tsholwa a foufetse. Jesu o ne a bua jaana ka ene: “Ga se monna yono yo o leofileng lefa e le batsadi ba gagwe.” (Johane 9:1-3) Ke ne ka tlhalosediwa gore re ruile boleo le bolwetse mo motsading wa rona wa ntlha e bong Adame.—Baroma 5:12.

Le fa go ntse jalo, se se neng sa nkgatlha go gaisa tsotlhe e ne e le ntlha ya gore kgabagare Modimo o tla fodisa botlhe ba ba tla tshelang kafa tlase ga Bogosi jwa Morwawe, Jesu Keresete, fa lefatshe le tla bo le tsosolosiwa go nna Paradaise. (Pesalema 37:11, 29; Luke 23:43; Tshenolo 21:3, 4) Ke ne ka tsholola dikeledi tsa boitumelo, mme ka seba ka re: “Ke bone boammaaruri, boammaaruri, boammaaruri!” Ke ne ka ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa sebaka sa ngwaga, mme ka 1991, ka kolobediwa mo metsing go tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo.

Le fa ke ile ka nna le keletso e e nonofileng ya go direla Jehofa le go rera ka maikaelelo a gagwe a a molemolemo, ke ne ke na le dikgoreletsi di le dintsi. Mo nakong e e fetileng, ke ne ke sa tlhoke go tswa go le go kalo, mme jaanong ke ne ke batla go tswa gore ke bolelele ba bangwe ka tumelo e ke nang le yone. Tshimo ya ntlha e ke neng ka rera mo go yone e ne e le legae la rona la batho ba ba golafetseng, mo go neng go nna batho ba ba fetang 300 teng. Gore ke tle ke kgone go kopana le batho ba le bantsi ka mo ke neng ke ka kgona ka gone, ke ne ka kopa gore ke abelwe tiro ya go dira kwa phaposing ya merero ya legae.

Moso mongwe le mongwe, ke ne ke nna mo lefelong le ke berekelang mo go lone mme ke bo ke tswelela ka tiro ya me. Fa ke ntse ke bereka, ke ne ka itirela ditsala di le dintsi tse disha tse ke neng ka tshwara metlotlo e e kgatlhang ya Baebele le tsone. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba amogela dibuka le dimakasine tse di neng tsa ba thusa go tlhaloganya Baebele. Baeng ba ne ba tlwaetse gore ke ba balele Baebele le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng. Mo nakong ya dijo tsa motshegare, gantsi go a bo go na le batho ba le bantsi thata mo phaposing e nna le mosadi wa me re nnang mo go yone mo e leng gore ka dinako tse dingwe, batho ba bangwe ga ba kgone go tsena.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete ba phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ba nthusitse thata mo tirong ya go rera. Ba ntlisetsa dibuka tsa Baebele ba bo ba nna nakonyana le nna le mosadi wa me. Gape ba nthusa go ya kwa dipokanong tsa phuthego kwa Holong ya Bogosi. Mosupi mongwe o ne a reka sethuthuthu se se nang le kolotsana fa thoko ga sone gore a kgone go mpega mo go yone. Ba bangwe, ba ba nang le dikoloi, ba tla ka boitumelo go tla go ntsaya mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga.

Ka ntlha ya go tlhokomelwa ka tsela e e ntseng jalo e e lorato, ke ile ka kgona go nna teng kwa dikopanong di le dintsintsi, kgotsa mo diseminareng tsa thuto, tsa Basupi ba ga Jehofa. Ya ntlha e ke neng ka nna teng kwa go yone e ne e le kopano e kgolo ya ditšhabatšhaba kwa Moscow ka July 1993, koo go neng go na le tlhora ya batho ba le 23 743 ba ba tswang kwa dinageng tse di fetang 30. Gore ke kgone go nna teng kwa kopanong eo, ke ne ka tlhoka go tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 1 000. Fa e sa le ka nako eo, ga ke ise ke ko ke fose kopano epe ya batho ba ga Jehofa.

Batsamaisi ba legae la rona la batho ba ba golafetseng ba ntlotla thata, e leng selo se ke se lebogelang fela thata. Mosadi wa me, e bong Lidia, yo ke tshetseng ka kutlwano le ene dingwaga di le 30, le ene o a ntshegetsa le go nthusa, le mororo a se mmogo le nna mo tumelong. Mme go feta tsotlhe, Jehofa o ntshegetsa ka seatla sa gagwe se se nonofileng e bile o nnaya masego a gagwe a a molemo. Bosheng jaana, ka September 1, 1997, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa.

Go na le makgetlho a le mmalwa mo botshelong jwa me a mo go one pelo ya me e ka bong e ile ya ema mme ka swa. A bo ke itumela jang ne go bo seo se se kile sa direga le gore jaanong ke itse Motswedi wa botshelo, e bong Jehofa Modimo e bile ke a mo rata! Ke batla go tswelela ke mo direla mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya mo lefatsheng lotlhe fa fela pelo ya me e sa ntse e itaya.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ke na le mosadi wa me, Lidia

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ke ruta moithuti mo legaeng la rona la batho ba ba golafetseng