Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tharabololo Kgabagare!

Tharabololo Kgabagare!

Tharabololo Kgabagare!

AKANYA ka lefatshe le mo go lone ngwana mongwe le mongwe ruri e le motho wa botlhokwa, a ratiwa eleruri, e bile a segofaditswe ka batsadi ba ba mo tlhokomelang, ba ba mo ratang ba ruri ba eletsang go mo naya kaelo e e molemolemo e ba ka kgonang go e mo naya. Akanya ka lefatshe le mo go lone ngwana mongwe le mongwe a nang le mmele mmogo le tlhaloganyo tse di itekanetseng sentle, moo go se nang lefelo le o tla fitlhelang bana ba ba nnang mo mebileng, lefatshe le mo go lone go sa tlholeng go na le bana ba ba sa ipeleleng dingwaga tsa bone tsa bongwana ka ntlha ya gore ba tshwanelwa ke go bereka gore ba itshedise!

A maemo ano a a eletsega? Ebu. A mme go ka dumelwa gore a ka nna teng? Basupi ba ga Jehofa ba akanya jalo, ka ntlha ya mabaka a mabedi.

Batsadi ba ka Rarabolola Bontlhanngwe Jwa Bothata

Ga go pelaelo gore o tla dumela gore batho ba bagolo ba na le maatla a go rarabolola—ka dinako tse dingwe le e leng go thibela—mangwe a mathata a a aparetseng bana. Gone mme, seno ba ka se dira fa fela ba ikemiseditse go dira jalo. Ebu, batsadi ka bobone ba na le nngwe ya ditsela tse ba ka rarabololang bothata jono ka yone.

Ka sekai, bagolo ba ba kgonang go latela kgakololo ya Baebele ya gore “mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe . . . le monna yo o nyetseng ga a tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe” ga ba na bana ba ba sotlegang ka ntlha ya go tshela mo lelapeng le le thubilweng ke kgaogano kana ke tlhalano.—1 Bakorintha 7:10, 11.

Bagolo ba ba ikemiseditseng go latela kgakololo ya Baebele ya gore “a re tsamayeng ka mokgwa o montle, e seng mo medirong ya ditlhapelo le mo medirong ya botagwa,” ga ba na bana ba ba utlwang mahutsana a a utlwiwang ke bana ba ba nang le batsadi ba matagwa kana ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi.—Baroma 13:13; Baefeso 5:18.

Bagolo ba ba ikemiseditseng go latela kgakololo ya Baebele ya gore “lo ithibe mo kgokafalong” ba thusa go fokotsa dikotsi tsa gore bana ba bone ba gole ba sa batliwe, gongwe e le mo lelapeng la motsadi a le mongwe.—1 Bathesalonika 4:3; Mathaio 19:9.

Bagolo ba ba ikemiseditseng go latela kgakololo ya Baebele e e reng, “Lo se ka lwa bo lo gakatsa bana ba lona, e le gore ba se ka ba kotlomana pelo,” le ba ba ‘ratang bana ba bone’ ga ba kitla ba nna le bana ba ba utlwang botlhoko jwa go sotliwa ka ditsela dipe fela tse di farologaneng mo mmeleng kana mo mogopolong.—Bakolosa 3:21; Tito 2:4.

Fa re sobokanya dilo, fa e le gore bagolo botlhe ba ne ba ikemiseditse go latela kgakololo ya Baebele e Jesu a neng a e naya ya gore, “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lone lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang,” a go ka bo go na le dimilione tsa bana ba ba sa batliweng le ba ba sa ratiweng?—Mathaio 7:12.

Go a itumedisa go bo go na le bagolo ba le bantsi ba ba ikemiseditseng go dira dilo tsotlhe tse di boletsweng fa godimo. Le fa go ntse jalo, sebe sa phiri ke gore ga se botlhe ba ba ikemiseditseng go dira jalo, mme seno se baka bothata. Mme le ba ba ikemiseditseng go dira jalo ba fitlhela gore gantsi maiteko a bone a kgorelediwa ke go sa itekanelang ga bone le ke dilo tse ba sa kgoneng go di laola. Batho ba ka rarabolola bontlhanngwe fela jwa mathata a a aparetseng bana, mme go bonala sentle gore ga ba kgone go a rarabolola ka mo go feletseng.

Puso ya Modimo e Tla Tlisa Tharabololo e e Feletseng

Mokwadi John Ruskin, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a dumela thata gore “boikarabelo jwa ntlha jwa Puso ke go bona gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholelwang mo pusong eo o tla nna le lefelo la bonno le le siameng, diaparo, dijo le thuto, go fitlha fa a setse a le mo dingwageng tse a kgonang go itirela ditshwetso ka tsone.” Le fa go ntse jalo, Ruskin o ne a bolela gore, “gore Puso e kgone go [fitlhelela] seno e tshwanetse go nna le taolo mo bathong e gone jaanong jaana re sa kgoneng go akanya ka yone.”

Ke puso e e tshegediwang ke Modimo fela e e ka kgonang go nna le taolo e e siameng e Ruskin a neng a bua ka yone. Mme yone puso eno e setse e solofeditswe—yone e Jesu a neng a bua ka yone mo go Mathaio 6:9, 10. Fa puso eno ya Modimo e setse e laola merero yotlhe ya lefatshe ka botlalo, e tla dirisa taolo ya yone mo bathong botlhe—e naya babusiwa botlhe ba yone, go akaretsa le bana, matlo, diaparo, dijo le thuto. (Isaia 65:17-25) Le fa go ntse jalo, puso eno e e itekanetseng e tla dira dilo di le dintsi go feta tseno.

Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore batho ba itekanele gape, ba kgone go godisetsa bana ba bone mo lelapeng le le itekanetseng. (Jobe 33:24-26) Bana ba tla godisediwa mo tikologong e e kagiso ya bokaulengwe jwa ditšhaba tsotlhe, e leng kgopolo e e kwadilweng mo lekwalong la Maiphako a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a Ditshwanelo Tsa Bana. (Pesalema 46:8, 9) Ga go kitla go tlhola go tlhokega Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Bana kana Tumalano E e Ka ga Ditshwanelo Tsa Bana.

Go naya gape batsadi le bana ba ba golafetseng botsogo jo bo itekanetseng e tlile go nna tiro e e motlhofo mo go Jesu Keresete, Kgosi ya puso eno ya selegodimo. Dikgakgamatso tsa go fodisa batho tse a neng a di dira fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng di re tlhomamisetsa seno. (Luke 6:17-19; Johane 5:3-9; 9:1-7) Tota le tiro ya go tsosa bana le batsadi ba ba tlhokafetseng ga e kitla e nna selo se a sa kgoneng go se dira!—Mathaio 9:18-25.

A bo go ipedisa thata jang ne go itse gore nako ya gore Modimo a tseye kgato malebana le bana ba mo lefatsheng e gaufi!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Go Thusa Basha

Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela thata go thusa basha go tila mathata le go ba bontsha ditsela tse di molemolemo tse ka tsone ba ka dirisanang le mathata a ba ka se kang ba a tila. Ka jalo, mo dingwageng tse di fetileng ba ile ba gatisa dibuka di le mmalwa tse di diretsweng go tlotla ka dilo tse di tlhokwang ke basha—go tloga ka bana ba ba iseng ba tsene sekolo go ya go ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome. Dikgatiso tseno di akaretsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo mmogo le bidio e e nang le setlhogo se se reng Young People Ask—How Can I Make Real Friends? Dikgatiso tseno di ka bonwa mo Basuping ba ga Jehofa ba ba nnang mo lefelong la lona kana ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.

Fa e le ka bana ba bone, Basupi ba ga Jehofa ba ba bontsha gore ba a ba tlhoka le gore ba a ba rata ka go tlotla le bone ka metlha ka mathata a ba nang le one. Gantsi batsadi ba dirisa dilo tse di tlhagang mo dikgatisong tse di umakilweng fa godimo e le motheo wa thulaganyo e e gatelang pele le ya ka metlha ya go thapisa ngwana. Gongwe o ka rata go dirisa thulaganyo e e tshwanang le eno mo baneng ba gago.