A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Kalafi Efe?
Kgopolo E e Mo Baebeleng
A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Kalafi Efe?
GO LWALA, go bobola le go gobala ke dilo tse di tlwaelegileng thata mo bathong. Batho ba le bantsi ba batla thuso ka go senka kalafi fa ba lebane le dilo tseno tse di kgoreletsang botsogo jwa bone jo bontle. Jesu Keresete o ne a bona molemo o o ka nnang teng fa motho a dira maiteko a a ntseng jalo, fa a ne a bolela gore “ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.”—Luke 5:31.
Mokwadi wa Baebele yo a neng a kwala mafoko ano, e bong Luke, le ene e ne e le ngaka. (Bakolosa 4:14) Gongwe moaposetoloi Paulo o ne a solegelwa molemo thata ke botswerere jwa bongaka jo Luke a neng a na le jone fa ba ne ba tsamaya mmogo. Le fa go ntse jalo, a Dikwalo di naya kaelo e e malebana le gore Bakeresete ba ka dirisa mefuta efe ya kalafi? A go botlhokwa gore o tlhopha kalafi efe?
Kaelo ya Dikwalo
Baebele e ka kaela motho go dira ditshwetso tse di botlhale mo dilong tse di amanang le kalafi. Ka sekai, Duteronome 18:10-12 e bontsha ka phepafalo gore ditiro tse di jaaka boitseanape le boselamose di “makgapha” mo go Jehofa. “Tlwaelo ya go dirisana le meya,” e Paulo a neng a tlhagisa ka yone, e ne e tla akaretsa ditiro tseno tse di ileditsweng. (Bagalatia 5:19-21) Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ba tila mekgwa epe fela ya go tlhatlhoba bolwetse kana ya go bo alafa e ka phepafalo e akaretsang go dirisana le meya.
Gape, Baebele e bontsha kafa Mmopi a lebang kgang ya go itshepa ga botshelo le madi e le botlhokwa ka teng. (Genesise 9:3, 4) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse go reetsa taelo e e reng ba ‘ikehe mo mading,’ ba gana mekgwa ya kalafi e e leng kgatlhanong le taelo ya Baebele ya go ikeha mo mading. (Ditiro 15:28, 29) Seno ga se bolele gore ba gana mefuta yotlhe ya kalafi. Go na le moo, ba ipatlela bone mmogo le bana ba bone kalafi e e molemolemo e ba ka e bonang. Le fa go ntse jalo, ba ikuela go bomankge ba tsa boitekanelo gore ba ba neye kalafi e e sa thulaneng le se ba se dumelang.
Akanyetsa Dikgato Tsa Gago
Kgosi Solomone o ne a tlhagisa gore “ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15, NW) Le fa tshwetso e motho a e dirang ka kalafi e se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele ka tlhamalalo, motho o tshwanetse go ‘akanyetsa dikgato tsa gagwe.’ Ga se mefuta yotlhe ya kalafi e e ka thusang motho. Fa Jesu a ne a re ‘ba ba bobolang ba tlhoka ngaka,’ o ne a sa bolele gore go dirisiwe mefuta yotlhe ya kalafi e e neng e le teng ka motlha wa gagwe. O ne a itse gore mefuta mengwe ya kalafi e ne e siame mme e mengwe e ne e tsietsa. *
Le gompieno, mefuta mengwe ya kalafi e ka nna ya se thuse sepe e bile e ka nna ya tsietsa. Go sa dire ditshwetso ka botlhale go ka dira gore motho a itsenye mo kotsing go sa tlhokege. Gape go tshwanetse ga elwa tlhoko gore kalafi e e solegelang motho mongwe molemo e ka nna ya se ka ya thusa—gongwe e bile e ka nna kotsi—mo mothong yo mongwe. Fa motho yo o botlhale a tshwanelwa ke go dira tshwetso ka tsa kalafi, o tla sekaseka ka kelotlhoko gore a ka tlhopha kalafi efe go na le gore a ‘dumele lefoko lengwe le lengwe,’ le fa a amogela kgakololo go tswa mo ditsaleng tsa gagwe tse di batlang go mo thusa. O tla bontsha gore o ‘itekanetse sentle mo mogopolong’ ka go batla tshedimosetso e e ikanyegang gore a tle a kgone go tlhopha selo se a nang le kitso ka sone.—Tito 2:12.
Leba Dilo ka Tsela e e Lekalekaneng
Go go na molato ope fa motho a tshwenyega ka botsogo jwa gagwe. Fa motho a tshwenyega ka tsela e e lekalekaneng ka botsogo jwa gagwe o bontsha gore o anaanela mpho ya botshelo le Motswedi wa jone e bong Modimo. (Pesalema 36:9) Le mororo Bakeresete ba batla go bona kalafi e e siameng, ba batla go nna tekatekano mo dikgannyeng tse di amanang le botsogo. Ka sekai, fa motho yo o itekanetseng sentle a simolola go tshwenyega thata ka botsogo le boitekanelo jwa gagwe, seno se ka dira gore a tlhokomologe “dilo tse di botlhokwa segolo.”—Bafilipi 1:10; 2:3, 4.
Mosadi mongwe yo a neng a lwala thata mo motlheng wa ga Jesu o ne a “dirisa diipeelwa tsotlhe tsa gagwe” a batla thuso ya dingaka gore di alafe bolwetse bongwe jwa gagwe jo bo sa foleng. Go ne ga felela ka eng? Go na le gore a fole, bolwetse jwa gagwe bo ne jwa gakala le go feta, e leng selo se se tshwanetseng sa bo se ile sa dira gore a betwe ke pelo thata. (Mareko 5:25, 26) O ne a dira sengwe le sengwe se se mo maatleng a gagwe gore a bone kalafi, mme ga go sepe se se neng sa atlega. Kgang eno ya gagwe e bontsha kafa kalafi ya motlha wa gagwe e neng e tlhaela ka teng. Le gompieno, batho ba le bantsi ba iphitlhela ba le mo boemong jo bo tshwanang, le mororo go gatetswe pele mo dipatlisisong tsa kalafi le tsa botegeniki. Ka jalo go botlhokwa gore motho a lebe dilo ka tsela e e lekalekaneng malebana le dilo tse kalafi e kgonang go di fitlhelela. Gompieno ga go ka ke ga direga gore batho ba nne le botsogo jo bo itekanetseng sentle. Bakeresete ba a itse gore nako ya Modimo ya gore a ‘alafe merafe’ e sa ntse e tla. (Tshenolo 22:1, 2) Ka jalo, re tshwanetse go nna le pono e e lekalekaneng ka kalafi.—Bafilipi 4:5.
Go phepafetse gore re tshwanetse go amega ka dilo tse re di tlhophang. Ka ntlha ya seno, fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso malebana le kalafi, tlhopho ya rona e tshwanetse go bontsha gore re eletsa go nna le botsogo jo bontle le gore re eletsa go boloka botsalano jo bo molemo le Modimo. Fa re ntse re dira jalo, re ka tswelela re lebile pele ka tsholofelo go diragadiwa ga tsholofetso ya ga Jehofa ya gore mo lefatsheng le lesha le le molemolemo le le tlang, “monni wa gone ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 9 Ka sekai, mo kgatisong nngwe ya saetlopedia ya kalafi ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya ga Dioscorides, go bolelwa gore bolwetse jwa jaundice bo ka alafiwa ka go nwa motswako wa beine le dithokolo tsa podi! Gone mme, jaanong re a itse gore go lebega motswako ono o ne o tla oketsa matlhotlhapelo a molwetse.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
“The Doctor,” 1891, ka Sir Luke Fildes
[Motswedi wa Setshwantsho]
Tate Gallery, London/Art Resource, NY