Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Iphitlhela O le Mo Lenyalong Le le Se Nang Lorato

Go Iphitlhela O le Mo Lenyalong Le le Se Nang Lorato

Go Iphitlhela O le Mo Lenyalong Le le Se Nang Lorato

“Mo setšhabeng se go tlhalanwang thata mo go sone, ga go na pelaelo gore manyalo a le mantsi a a sa itumelang ga a kitla a felela fela ka tlhalo, mme mo godimo ga moo, manyalo a le mantsi a tla nna a a sa itumelang.”—LEKGOTLA LA MALAPA KWA AMERIKA.

GO BOLELWA gore boitumelo jo bogolo mo botshelong le mahutsana a le mantsi a jone di tswa motsweding o le mongwe fela—lenyalo la gago. Ke boammaaruri gore ga se dilo di le dintsi mo botshelong tse di ka tlisetsang motho boitumelo jo bogolo—kgotsa mathata a magolo jaaka lenyalo. Jaaka go bontshitswe mo lebokosong le le latelang, banyalani ba le bantsi ba na le mathata a a seng kana ka sepe.

Le fa go ntse jalo, dipalopalo tsa ditlhalo di re senolela bontlhanngwe fela jwa bothata. Fa go na le lenyalo le le thubegang, a mangwe a le mantsi a sala a eme mme fela a na le mathata. Mosadi mongwe yo o feditseng dingwaga di feta 30 a nyetswe o bolela jaana: “Re kile ra bo re le lelapa le le itumetseng, mme dingwaga di le 12 tse di fetileng di ne di le bosula. Monna wa me ga a kgathale gore ke ikutlwa jang. Ruri ke mmaba yo o bosula go gaisa wa maikutlo a me.” Ka tsela e e tshwanang, monna mongwe yo o feditseng dingwaga tse di batlang di nna 25 a ntse a nyetse o ne a bua jaana a hutsafetse: “Mosadi wa me o mpoleletse gore ga a sa tlhole a nthata. A re re tla kgona go itshokela bothata fa re ka tshela fela jaaka batho ba ba innelang mmogo mme mongwe le mongwe a dirisa nako ya gagwe ya boitlosobodutu kafa a batlang ka gone.”

Ke boammaaruri gore bangwe ba ba nang le mathata a a tshwanang le ano ba fedisa lenyalo la bone. Le fa go ntse jalo, go na le ba le bantsi ba ba sa fetseng ka gore ba tlhale. Ka ntlha yang? Go ya ka Dr. Karen Kayser, mabaka a a tshwanang le bana, go nna le leina le le maswe mo setšhabeng, madi, ditsala, ba losika le bodumedi di ka nna tsa dira gore banyalani ba tswelele ba nna mmogo, le fa ba sa tlhole ba ratana. O bolela jaana: “E re ka go bonala ba se kitla ba tlhalana semolao, banyalani bano ba tlhopha go nna le molekane yo ba tlhalaneng le ene mo maikutlong.”

A banyalani ba ba sa tlholeng ba ratana ba tshwanetse gore jaanong ba tshele botshelo jo bo sa itumelang? A motho a ka tlhopha gore bogolo a nne mo lenyalong le le se nang lorato go na le gore a tlhale? Maitemogelo a bontsha gore manyalo a le mantsi a a nang le mathata a ka kgona go bolokwa—e seng fela mo kutlobotlhokong ya go thubega ga one mme gape le mo bohutsaneng jwa go tlhoka lorato ga one.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

TLHALO GO DIKOLOGA LEFATSHE LOTLHE

Australia: Palo ya ditlhalo e batla e menagane ganè fa e sa le mo masimologong a dingwaga tsa bo1960.

Boritane: Go ya ka dipolelelopele, manyalo a le 4 mo go mangwe le mangwe a le 10 a tla felela ka tlhalo.

Canada le Japane: Tlhalo e ama mo e ka nnang nngwetharong ya manyalo.

United States: Fa e sa le ka 1970, banyalani ba ba nyalanang ba ka nna ba nna mmogo kgotsa ba ka nna ba tlhalana.

Zimbabwe: Tlhalo e fedisa manyalo a ka nna 2 mo go mangwe le mangwe a le 5.