Ke Tla Tshela Jang fa Jaanong Rre a re Tlogetse?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Tla Tshela Jang fa Jaanong Rre a re Tlogetse?
“Go ne go le thata tota fa ke gola rre a seyo. Ke ne ke batla go fiwa tlhokomelo go le gonnye fela.”—Henry. *
JOAN o ne a na le dingwaga di le 13 fa rraagwe a ne a tsamaya mo gae. Ka gonne a ne a tshwakgotswe ke tagi, ga a ka a dira maiteko a le mantsi gore a ikgolaganye le bana ba gagwe fa a sena go tsamaya. Ka maswabi, ga se Joan fela; basha ba le bantsi ba latlhilwe ke borraabone.
Fa e le gore o diragaletswe ke seno, o ka nna wa fitlhela go le thata gore o tlwaelane le boemo joo. O ka ikutlwa o fekeediwa ke kutlobotlhoko le bogale kgapetsakgapetsa. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa hutsafala wa ba wa tshwenyega thata mo maikutlong. E bile o ka nna wa raelesega gore o tsuologe. Jaaka mokwadi wa Baebele Solomone, a kile a bua, “kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.”—Moreri 7:7, NW.
‘Go Itshwara Jaaka Setsenwa’
James o ne a ‘itshwara jaaka setsenwa’ fa rraagwe a sena go tsamaya mo gae. James o ne a bolela jaana: “Ke ne ke sa reetse taolo epe, le fa e le e e tswang mo go mmè. Ke ne ke lwa gantsi. Ke ne ke tlhola ke aka e bile ke thoba bosigo ka gonne go ne go se na ope yo o neng a ka nkotlhaya. Mmè o ne a leka go nthiba, mme o ne a sa kgone.” A tota go tsuologa go ne ga tokafatsa botshelo jwa ga James? Le e seng. James o bolela gore go ise go ye kae o ne a setse a “lekeletsa diokobatsi, a lofa kwa sekolong, e bile a palelwa le ke dithuto kwa sekolong.” Mo nakong e khutshwane fela, go sa itshware sentle ga gagwe go ne ga nna maswe le go feta. O ipolela jaana: “Ke ne ke utswa kwa mabenkeleng, e bile ke ne ke tshwara batho poo. Ke ne ka tshwarwa gabedi mme ka tsenngwa mo kgolegelong ka nako e khutshwane, mme seo ga se a ka sa dira gore ke emise.”
Fa James a bodiwa gore ke eng se se neng se mo dira gore a tsuologe thata jalo, o ne a re: “Ka gonne rre o ne a tsamaile, ke ne ke sa otlhaiwe. Tota ke ne ke sa akanye kafa ke utlwisang mmè botlhoko ka teng, nnake wa mosimane, le kgaitsadiake le kafa nna ka bonna ke neng ke ikutlwisa botlhoko ka teng. Ke ne ke batla tlhokomelo le kotlhao ya ga rre.”
Mme go tsuologa go dira gore boemo jo bo maswe bo nne maswe le go feta. (Jobe 36:18, 21) Ka sekai, James o ne a itlisetsa mathata mmogo le mmaagwe le bomonnawe, ba ba neng ba ngomoga pelo go sa tlhokege. Se se masisi le go feta ke gore boitshwaro jwa botsuolodi bo ka dira gore motho a se ka a amogelwa ke Modimo. Tota e bile, Jehofa o laela basha gore ba utlwe bommaabone.—Diane 1:8; 30:17.
Go Tlogela Bogale
Le fa go ntse jalo, o ka lebana jang le bogale le letlhoo le go ka diregang gore o nne le lone mo go rrago? Sa ntlha, o tshwanetse go gakologelwa gore e ne e se molato wa gago go bo rrago a tsamaile. E bile ga go reye gore ga a tlhole a go rata kgotsa a go kgathalela. Gone, go ka nna botlhoko tota fa rre a sa dire maiteko a go founa kgotsa a go eta. Mme jaaka setlhogo se se fetileng mo motseletseleng ono wa ditlhogo se bontshitse, * borre ba bantsi ba ba tsamaileng ga ba tlhole ba ikgolaganya le bana ba bone, e seng ka gonne ba sa tlhole ba ba rata, mme ka gonne ba ikutlwa ba fekeediwa thata ke go ikutlwa ba le molato e bile ba tlhabiwa ke ditlhong. Ba bangwe, jaaka rraagwe Joan, ba tshwakgotswe ke diokobatsi kgotsa ke tagi mme seno se kgoreletsa tsela e ba dirang dilo ka yone.
Le fa boemo e ka tswa e le bofe, leka go gakologelwa gore batsadi ba gago ga ba a itekanela. Baebele e bolela jaana: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23; 5:12) Ke boammaaruri gore seno ga se seipato sa gore ba go utlwise botlhoko kgotsa ba se ka ba rwala maikarabelo a bone. Mme go lemoga boammaaruri jwa gore rotlhe re ruile bosaitekanelang go ka nna ga go thusa gore o tlogele go nna bogale jo bo ka go utlwisang botlhoko le go nna le letlhoo.
Se se bolelwang mo go Moreri 7:10 se ka go thusa gore o lebane le bogale le letlhoo le o ka utlwang o na le lone mo batsading ba gago. Tlhokomela gore e tlhagisa jang kgatlhanong le go tlhoma mogopolo thata mo dilong tse di fetileng: “O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang metlha ya pele e ne e gaisa eno?’ Gonne ga o botse ka botlhale ka ga selo se.” Ka jalo, go na le gore o nne o akanye ka tsela e dilo di neng di ntse ka yone pele, go botoka gore o tlhome mogopolo mo go reng o ka tshela jang mo boemong jo o iphitlhelang o le mo go jone.
Nna wa Ntlha go Tsaya Kgato
Ka sekai, o ka nna wa akanya ka go nna wa ntlha go tsaya kgato gore o ikgolaganye le rrago. Go boammaaruri gore ke ene yo o go tlogetseng mme o ka nna wa nna le maikutlo a gore ke ene a tshwanetseng go nna wa ntlha go tsaya kgato. Mme fa a sa dira jalo e bile go tlhoka go golagana le ene go go utlwisa botlhoko e bile go dira gore o se ka wa itumela, a gongwe go ka go solegela molemo gore o leke go tokafatsa boemo ka bowena? Akanya kafa Jesu Keresete a neng a dira dilo ka teng fa dingwe tsa ditsala tsa gagwe di ne di mo utlwisa botlhoko. Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo e le motho, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba mo tlogela. Petere o ne a ikgantshitse ka gore ene o ne a tla ngaparela Jesu go sa kgathalesege gore go diragala eng. Mme le fa go ntse jalo, Petere o ne a itatola Jesu—e seng gangwe fela mme gararo!—Mathaio 26:31-35; Luke 22:54-62.
Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tswelela a rata Petere go sa kgathalesege diphoso tsa ga Petere. Morago ga tsogo ya ga Jesu, Jesu e ne ya nna ene wa ntlha go tsaya kgato gore a tsosolose botsalano jwa bone ka go tlhaga ka tsela e e kgethegileng kwa go Petere. (1 Bakorintha 15:5) Se se kgatlhang ke gore fa Jesu a ne a botsa Petere potso a re, ‘A o a nthata?’ Karabo ya ga Petere e ne ya re “Ee, Morena, o itse gore ke na le katamalano e e bothitho le wena.” Go sa kgathalesege ditiro tsa gagwe tse di tlhabisang ditlhong, Petere o ne a ntse a rata Jesu.—Johane 21:15.
Jaaka go ne go ntse ka Petere le Jesu, boemo jwa gago le rrago bo ka tswa bo se maswe jaaka bo lebega bo ntse. Gongwe o ne a tla arabela sentle fa o ne o ka nna wa ntlha go tsaya kgato ya go mo leletsa mogala, go mo kwalela lekwalo kgotsa go mo etela. Henry, yo o umakilweng kwa tshimologong, o gakologelwa jaana: “Ke ne ka kwalela rre gangwe fela, mme o ne a nthomelela lekwalo a bolela gore o motlotlo ka nna. Ke ne ka tsenya lekwalo leo mo foreiming mme ka le pega mo loboteng ka dingwaga tse dintsi. Le gompieno ke sa ntse ke na le lone.”
Joan le bomonnawe le bone e ne ya nna bone ba tsayang kgato ya go etela rraabone yo o neng a tshwakgotswe ke tagi. Joan o dumela gore “O ne a se mo boemong jo bontle, mme go ne go ntse go itumedisa go mmona.” Gongwe go nna wena wa ntlha go tsaya kgato go ka go thusa. Fa a sa arabele mo lekgetlhong la ntlha, o ka nna wa fetisa nakonyana mme wa leka gape.
Go Itshokela Botlhoko Jwa go sa Batliwe
Solomone o re gakolola gore go na le “motlha wa go batla, le motlha wa go latlhegelwa.” (Moreri 3:6) Ka dinako tse dingwe mosha o tshwanetse go lebana le boammaaruri jo bo botlhoko jwa gore rraagwe ga a batle go nna le botsalano bope le bana ba gagwe. Fa go ntse jalo ka rrago, gongwe letsatsi lengwe o tla lemoga gore o latlhegetswe thata jang ka go sa batle go nna le botsalano bope le wena.
Fa go sa ntse go ntse jalo, gone jaanong tlhomamisega gore go bo a sa go batle ga go reye gore ga o na mosola. Mopesalema wa Baebele Dafide o ne a bolela jaana: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.” (Pesalema 27:10) Ee, o sa ntse o le tlhwatlhwakgolo mo matlhong a Modimo.—Luke 12:6, 7.
Ka jalo, fa o ikutlwa o utlwile botlhoko kgotsa o tshwenyegile thata mo maikutlong, atamela Modimo ka thapelo. (Pesalema 62:8) Mmolelele kafa tota o ikutlwang ka teng. Tlhomamisega gore o tla go reetsa e bile o tla go gomotsa. Mopesalema yo mongwe wa Baebele o ne a kwala jaana: “Mo bontsing jwa megopolo ya me e e mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di tle di jese mowa wa me monate.”—Pesalema 94:19.
Bokopano jo bo lorato mmogo le Bakeresete ka wena le jone bo tla go thusa gore o itshokele go bo rrago a sa go batle. Diane 17:17 e bolela jaana: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.” O ka bona ditsala tse di ntseng jalo tsa boammaaruri mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa. Go ka thusa thata gore o itse bangwe ba balebedi ba phuthego. Kgaitsadia Joan, e bong Peter, o gakolola jaana: “Bua le batho ba ba godileng mo phuthegong, mme ba tla go thusa thata. Fa rrago a go latlhile, ba bolelele kafa o ikutlwang ka teng.” Balebedi ba phuthego gape ba ka nna ba go naya dikakantsho tse di mosola tsa kafa o ka rwalang ka teng maikarabelo a pele a neng a rwelwe ke rrago, jaaka go baakanya legae.
Mmago le ene o ka go ema nokeng. Ke boammaaruri gore le ene o ka tswa a gateletswe thata mo maikutlong. Mme fa o bolela tsela e o ikutlwang ka yone ka tlotlo, ga go na pelaelo ya gore o tla dira sotlhe se a se kgonang gore a go thuse.
Ema Lelapa la Gaeno Nokeng!
Go sa nne teng ga ga rrago go ka nna ga ama lelapa la gaeno ka ditsela di le mmalwa. Mmago o ka nna a tshwanelwa ke gore a dire—gongwe a dire ditiro tse pedi—fela gore lo kgone go tshela. Wena le bomonnao le bomogoloo lo ka nna lwa rwala maikarabelo a a oketsegileng a mo lapeng. Mme lo ka kgona go tlwaela diphetogo tseo fa lo tlhagolela lorato lwa Bokeresete. (Bakolosa 3:14) Seno se ka go thusa gore o nne le maikutlo a a siameng mme o gatelele letlhoo. (1 Bakorintha 13:4-7) Peter o bolela jaana: “Go thusa ba lelapa la gaetsho ke selo se se siameng, mme ke a kgotsofala ka gore ke itse gore ke thusa mmè le bokgaitsadiake.”
Kwantle ga pelaelo, ke tiragalo e e botlhoko le e e bakang masetlapelo fa rre a tswa mo gae. Mme o ka tlhomamisega gore wena le lelapa la gaeno lo ka kgona go itshokela boemo jono ka thuso ya Modimo le ka thuso ya ditsala tse di lorato tsa Bakeresete. *
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Maina a fetotswe.
^ ser. 11 Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang fa Rre a re Tlogetse?” mo makasineng wa rona wa December 8, 2000.
^ ser. 27 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ya go tshela mo lelapeng la motsadi a le mongwe, bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tse di mo dimakasineng tsa January 8, 1990, le April 8, 1991.
[Ditshwantsho mo go tsebe 19]
Basha bangwe e ile ya nna bone ba ntlha go tsaya kgato ya go ikgolaganya le rraabone