Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

La Ntlha Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

La Ntlha Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

La Ntlha Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

Lekwalo la semolao la Watch Tower Bible and Tract Society le ne la kwalwa semolao kwa Pennsylvania, U.S.A., ka December 15, 1884. * Ntlokgolo ya mokgatlho ono e ne ya tlhongwa koo. Moragonyana, ka April 23, 1900, go ne ga bonwa setsha sa go aga ofisi ya ntlha ya lekala kwa Lontone, kwa Engelane. Setsha seno se ne se le kwa 131 Gipsy Lane, Forest Gate, kwa Lontone Botlhaba, jaaka go bontshitswe fano.

FA LEKALA leno la ntlha le ne le tlhongwa dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, Engelane e ne e na le palogotlhe ya Baithuti ba Baebele ba le 138, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Dingwaga di le pedi moragonyana, ka 1902, lekala la bobedi le ne la bulwa kwa Jeremane; mme ka 1904, go ne ga tlhongwa makala a mangwe kwa Australia le Switzerland.

Ka 1918, fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e khutla, go ne go na le Baithuti ba Baebele ba le 3 868 ba ba neng ba bega tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Mo ngwageng o o latelang go ne ga tlhongwa lekala la botlhano la Watch Tower Society—leno kwa Canada. Mme e re ka tiro ya go bolela molaetsa wa Baebele e ne e tswelela ka bofefo, go ne ga bulwa makala a masha mo dinageng di le dintsi tse di farologaneng, mme ka 1921 fela ga bulwa a le marataro.

Ka 1931, fa Baithuti ba Baebele ba ne ba amogela leina le le tswang mo Baebeleng la Basupi ba ga Jehofa, go ne go na le diofisi tsa makala di le 40 mo lefatsheng lotlhe. (Isaia 43:10-12) Mo dingwageng di le tharo tse di latelang, palo eno e ne ya tlhatlogela go 49! Ka 1938, go ne go na le tlhora ya Basupi ba le 59 047 ba ba rerang mo dinageng di le 52, mme ka nako eo, go ganediwa thata ga bone go ne go setse go simolotse go tsenya tiro ya bone ya Bokeresete mo kotsing mo mafelong a le mantsi.

E re ka dipuso tsa bopolotiki tsa bobusaesi le tse di gatelelang di ne di anama mo dinageng di le dintsi, le Ntwa ya Lefatshe II e ne e runtse ka September 1939, diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa tswalwa mo dinageng di le dintsi. Ka 1942, go ne go sa ntse go bereka makala a le 25 fela. Le fa go ntse jalo, selo se se gakgamatsang ke gore ka nako ya ntwa eo e e neng ya senya go gaisa dintwa tsotlhe mo hisitoring ya motho, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna ba tlhagafetse mo lefatsheng lotlhe le go ipelela nngwe ya dikoketsego tse dikgolo thata tsa bone mo hisitoring eno ya segompieno.

Le e leng fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e khutla ka 1945—mme dikarolo di le dintsi tsa lefatshe e le marope fela—diofisi tsa makala tsa Basupi di ne tsa bulwa gape mme ga agiwa le tse dingwe tse disha. Ka 1946 go ne go na le di le 57 mo lefatsheng lotlhe. Mme go ne go na le Basupi ba le kae ba ba tlhagafetseng? Tlhora ya ba le 176 456! Ke palo e e batlileng e feta ya 1938 gararo!

Kafa Makala a Ntlha a Neng a Atolosiwa ka Teng

Ka 1911 lekala la ntlha la Mokgatlho wa Watch Tower, kwa Lontone, Engelane, le ne la fudusediwa kwa 34 Craven Terrace, koo go neng go na le sebaka se segolo sa go aga diofisi le mafelo a bonno teng. Morago ga moo, ka April 26, 1959, go ne ga kgakolwa dikago tse disha tsa lekala kwa Mill Hill, Lontone. Moragonyana mafelo a bonno a ne a atolosiwa, mme kgabagare, (ka 1993) go ne ga kgakolwa kago ya disekweremetara di le 18 500 ya bogatisetso le botsamaisi gaufi le foo. Ngwaga le ngwaga go gatisiwa dikhopi di feta dimilione di le 90 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka dipuo di le 23 gone mono.

Go atolosiwa ga lekala la bobedi la Mokgatlho go ne go kgatlha fela thata. Ka 1923, lekala la Jeremane le ne la fudusediwa kwa Magdeburg. Tora ya Tebelo ya July 15, 1923, e ne e le yone ya ntlha go gatisiwa ka motšhini wa Mokgatlho wa go gatisa wa koo. Mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang go ne ga rekwa lefelo le le neng le bapile le lekala leno, ga okediwa dikago tsa lone, mme ga rekwa le motšhine o o dirang dibuka le metšhine e mengwe ya go gatisa. Ka 1933 lekala leno le ne la gapiwa ke Banasi, Basupi ba ne ba thibelwa, mme fa nako e ntse e tsamaya, ba le dikete tse pedi ba bone ba ne ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso.

E ne ya re fa Ntwa ya Lefatshe II e khutla ka 1945, dikago tse di kwa Magdeburg, e ka nako eo e neng e le karolo ya Jeremane Botlhaba, di ne tsa busediwa Basupi mme lekala le ne la tlhongwa gape. Le fa go ntse jalo, ka August 30, 1950, mapodise a Bakomonise a ne a tlhasela dikago tseno a bo a tshwara le babereki, mme Basupi ba kwa Jeremane Botlhaba ba ne ba thibelwa. Fa go ntse go ntse jalo, ka 1947 go ne ga rekwa setsha kwa Wiesbaden, kwa Jeremane Botlhaba. Mo masomeng a dingwaga a a latelang, dikago tsa lekala leno tse di neng tsa agiwa koo di ne tsa atolosiwa gangwe le gape gore dibuka tse di batlwang di tle di kgone go abiwa.

Ka ntlha ya gore go ne go sa tlhole go na le sebaka sa go atolosa dikago kwa Wiesbaden, go ne ga rekwa setsha sa diheketara di ka nna 30 gaufi le Selters ka 1979. Morago ga dingwaga di ka nna tlhano tsa go aga, lekala leno le legolo le ne la kgakolwa ka April 21, 1984. Le ntse le atolosiwa fa e sa le go tloga ka nako eo, gore badiri ba ba fetang sekete ba tle ba kgone go nna mo go lone. Kgwedi nngwe le nngwe, go gatisiwa dimakasine di feta dimilione di le 16 ka metšhine e megolo ya offset ka dipuo di feta 30 kwa Selters; mme mo ngwageng wa bosheng jaana, dibuka di feta dimilione di le 18, go akaretsa le Dibaebele, di ne tsa gatisiwa ka motšhine o o dirang dibuka.

Makala a Mangwe a Magolo a a Gatisang

Sa ntlha go ne ga tlhongwa lekala kwa Kobe, kwa Japane, ka 1927, mme go bogisiwa ga Basupi ka tsela e e setlhogo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II go ne ga kgoreletsa tiro ya bone. Le fa go ntse jalo, ka bonako fela morago ga ntwa, lekala leno le ne la tlhongwa sesha kwa Tokyo. Fa go ne go sa tlhole go na le sebaka se se oketsegileng sa go atolosa kago koo, go ne ga agiwa lekala le lesha kwa Numazu. Le ne la kgakolwa ka 1973. E ne ya re ka bonako fela fa tiro e sa tlhole e lekanwa ke dikago tseno, go ne ga agiwa dikago tse dingwe tse dikgolo kwa Ebina, mme tsone di ne tsa kgakolwa ka 1982. Dikago tse di atolositsweng mo setsheng seno, tse go ka nnang badiri ba le 900 mo go tsone, di ne tsa wediwa bosheng jaana. Go ne ga gatisiwa dikhopi di feta dimilione di le 94 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka puo ya Sejapane fela ka 1999 le dimilione di le dintsi tsa dibuka.

Go atolosiwa ga dikago tsa makala go ne ga dirwa le mo dinageng tse dingwe tse dintsi. Go ne ga tlhongwa lekala kwa Mexico City, kwa Mexico, ka 1929. Morago ga moo, e ne ya re fa palo ya Basupi e fitlha go 60 000, go ne ga agiwa kago e kgolo e ntšha ka kwantle ga toropo. E ne ya kgakolwa ka 1974, mme dikago tse di oketsegileng tsa yone di ne tsa wediwa ka 1985 le 1989. Gone jaanong dikago tse di setseng di le gaufi le go wediwa ke kago e kgolo e ntšha ya bogatisetso le dikago tse di oketsegileng tsa bonno. Ka ntlha ya seno, go ise go ye kae lekala leno la Mexico le tla bo le kgona go nna le bonno jwa badiri ba le 1 200. Lekala leno le setse le gatisa dimakasine le dibuka go thusa Basupi ba ba fetang 500 000 le dimilione tsa batho ba bangwe kwa Mexico mmogo le batho ba ba nnang kwa dinageng tse di mabapi.

Ka 1923 go ne ga rulaganngwa ofisi ya lekala kwa Rio de Janeiro, kwa Brazil, mme moragonyana go ne ga agiwa lefelo le lentle le lesha la bonno koo. Le fa go ntse jalo, e re ka São Paulo e le lefelo la Brazil la kgwebo le dipalangwa, ka 1968 go ne ga agiwa lekala le lesha kwa toropong eno. Mo bogareng jwa bo1970, go ne go na le Basupi ba ka nna 100 000 kwa Brazil. Le fa go ntse jalo, go ne go sa kgonege gore go atolosiwe dikago kwa São Paulo, ka jalo go ne ga rekwa setsha sa diheketara di le 115 kwa Cesário Lange, mo e ka nnang dikilometara di le 150 ka kwa ntle ga São Paulo. Ka March 21, 1981, dikago tsa lekala tse di kwa lefelong leno le lesha di ne tsa kgakolwa. Ka ntlha ya go atolosiwa ga dikago mo setsheng seno, batho ba ka nna 1 200 ba ka kgona go nna mo lekaleng leno. Go gatisiwa dimakasine le dibuka kwa Brazil go thusa dikarolo tse dintsi tsa Amerika Borwa mmogo le dikarolo tse dingwe tsa lefatshe.

Lekala le lengwe le legolo la go gatisa le ne la wediwa mo masimologong a bo1990, gaufi le Bogotá, kwa Colombia. Go gatisiwa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! koo gore di abiwe kwa karolong yotlhe ya bokonebotlhaba jwa Amerika Borwa.

Makala a mangwe a a gatisang dimilione tsa dimakasine ngwaga le ngwaga a kwa Afrika Borwa, Argentina, Australia, Canada, Finland, Italy, Korea, Nigeria, Philippines le Spain. Ngwaga le ngwaga, lekala la kwa Italy le lone le gatisa dimilione tsa dibuka, go akaretsa Dibaebele, ka dipuo di le dintsi. Gone mme, tiro e kgolo e e dirwang ngwaga le ngwaga ya go gatisa dibuka di feta dimilione di le 40 le dimakasine di feta dimilione di le sekete, e sa ntse e dirwa kwa ntlokgolo ya Watch Tower Bible and Tract Society kwa Brooklyn, New York, mmogo le kwa lefelong la yone la bogatisetso le le ka kwa bokone jwa New York.

Ruri go a kgatlha go bona gore diofisi di le dintsi tsa makala di ne tsa oketsega go tloga go e le nngwe dingwaga di le lekgolo tse di fetileng go ya go di le 109 gompieno tse di thusang Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le 234. Mme a bo go kgatlha jang ne go bona gore batho ba ba berekang mo makaleng ano ke baithaopi ba ka nna 13 000 ba ba ineetseng ba Bakeresete! Ga go pelaelo gore tiro ya bone mmogo le ya baithaopi ba bangwe ba ka nna 5 500 ba ba leng kwa ntlokgolo ya Mokgatlho e ile ya nna e e botlhokwa thata ya go diragatsa boporofeti jwa ga Jesu Keresete jwa gore ‘dikgang tse di molemo tseno tsa Bogosi jwa Modimo di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni pele bokhutlo bo tla.’—Mathaio 24:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 E ne e bidiwa Zion’s Watch Tower Tract Society ka nako eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tom Hart, yo go dumelwang gore ke ene yo e neng e le Moithuti wa ntlha wa Baebele kwa Engelane

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Lekala la kwa Lontone kwa 34 Craven Terrace (mo setshwantshong se se kafa mojeng)

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Dikago tse jaanong di dirisiwang kwa Lontone