Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto e e Nayang Botshelo

Thuto e e Nayang Botshelo

Thuto e e Nayang Botshelo

“Baebele [ke] mokaedi yo mogolo mo tseleng ya botshelo.”—Thomas Tiplady, 1924.

GA RE feteletse dilo fa re bolela gore thuto e e theilweng mo Baebeleng e ka fetola matshelo a batho. E dirile gore batho ba ba neng ba sa itse sepe e bile ba itlhobogile ba tshele matshelo a a nang le bokao le go dira gore ba nne le tsholofelo. Motsadi mongwe yo o se nang molekane go tswa kwa nageng ya Namibia o ne a kwalela lekala la Afrika Borwa la Basupi ba ga Jehofa jaana:

“Ke na le dingwaga di le 29, mme ke ne ka bala buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo ka malatsi a le mabedi fela. E ne ya nkama pelo thata ka gonne ruri ke jewa ke bodutu. Lekau la me le ne la tlhokafala mo kotsing ya koloi mme la ntlogela le bana ba babedi. Re sotlega fela thata. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke akanye gore go tla nna botoka fa nka ba bolaya mme morago ga moo ke bo ke ipolaya le nna. Mme e ne ya re fa ke sena go amogela buka eno, ke ne ka fetola mogopolo wa me. Tsweetswee ke kopa gore lo ntshwarele thuto ya mahala ya Baebele.”

Baebele ke buka e e kaelang e e ka thusang batho go atlega mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo—mo dikamanong tsa bone le ba malapa a bone, badirikabone, le batho mo setšhabeng. (Pesalema 19:7; 2 Timotheo 3:16) E naya kaelo e e utlwalang ya kafa motho a ka latelelang se se siameng le go tila se se sa siamang ka teng. Ke buka e e tlotlang ka botshelo fela jaaka bo ntse. Fa o ntse o e bala, o tla fitlhela gore e tletse ka ditiragalo tse di ka ga batho ba mmatota. O tla bona gore ke eng se se neng sa dira gore matshelo a batho bangwe a nne a a itumedisang le a a kgotsofatsang le se se neng sa dira gore a ba bangwe a nne a a botlhoko e bile a tlhomola pelo. O tla bona sentle gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa le tse di seng botlhokwa.

Thuto e e Nayang Botshelo Jaanong

Baebele e gatelela botlhokwa jwa go nna le botlhale jo bo mosola. E bolela jaana: “Botlhale ke selo se segolo bogolo go dilo tsotlhe; ke gone bapala botlhale.” (Diane 4:7) Gape e bolela gore gantsi batho ba tlhoka botlhale, mme ka jalo e gakolola jaana: “Fa mongwe wa lona a se na botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelo.”—Jakobe 1:5.

Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, o naya batho botlhale jang ka bopelotshweu? O dira jalo ka Lefoko la gagwe, Baebele, e a re kgothaletsang go e bala. Modimo o ikuela jaana: “Morwaaka, fa o ka tshola mafoko a me, wa ba wa ipeela ditaolo tsa me fa go wena, wa sekegela botlhale tsebe . . . , o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o aba botlhale.” (Diane 2:1, 2, 5, 6) Fa re dirisa kgakololo e re e fitlhelang mo Lefokong la Modimo re bo re bona kafa e leng mosola ka teng, re lemoga gore ruri e re bontsha botlhale jwa Modimo.

Ka sekai, akanya ka kgang ya go lepalepana le khumanego. Baebele e kgothaletsa batho go bereka ka natla mme e tlhagisa gore ba se ka ba batla dilo tse di senyang madi a mannye a motho a nang le one. Ka jalo, ga go pelaelo gore mekgwa e e jaaka go goga motsoko le go nwa bojalwa go feta selekanyo ga e tsamaisane le melaometheo ya Baebele.—Diane 6:6-11; 10:26; 23:19-21; 2 Bakorintha 7:1.

Go tweng ka tsela e ditsala tsa rona di ka tlhotlheletsang matshelo a rona ka yone? Baebele e bolela jaana: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” (Diane 13:20) A o tlhokometse gore gantsi tlhotlheletso e e sa siamang ya balekane e dira gore batho—ba bannye le ba bagolo—ba fetoge matagwa, ba dirise diokobatsi ka tsela e e sa siamang le go wela mo boitsholong jo bo sa siamang? Ebu, fa re tsalana le batho ba ba dirang dilo tseno, re tla tshwana le bone, fela jaaka Baebele e bolela e re: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola.”—1 Bakorintha 15:33.

Ga go pelaelo gore rotlhe re batla go itumela. Le fa go ntse jalo, seno se ka kgonega jang? A o lemogile gore Baebele e bolela gore boitumelo ga bo leriwe ke dilo tse re nang natso, mme go na le moo, bo leriwa ke boikutlo le dikamano tsa rona le ba bangwe, segolo jang botsalano jo bo siameng le Modimo? (1 Timotheo 6:6-10) Jesu Keresete, mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya mo Thabeng, o ne a bolela gore batho ba ruri ba itumetseng ke “ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya,” “ba ba maikutlo a a bori,” ‘ba ba nyoretsweng tshiamo,’ “ba ba kutlwelobotlhoko,” “ba ba itshekileng mo pelong,” le “ba ba kagiso.”—Mathaio 5:1-9.

Fa o akanya ka mo go tseneletseng ka dilo tse Baebele e di rutang, o tla itumelela go bona kafa di ka thusang go kaela matshelo a rona ka teng. Baebele e tlhomologile ka e le motswedi wa kgakololo. Kgakololo ya yone e mosola ka dinako tsotlhe—ga se dikgopolo fela tse di sa thuseng sepe, e bile le ka motlha ga e ka ke ya re gobatsa. Batho ba ba dirisang dikgakololo tsa Baebele ba solegelwa molemo ka dinako tsotlhe.

Thuto e e Nayang Botshelo

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e dire gore re solegelwe molemo gone jaanong fela, mme gape e re naya le tsholofelo ya botshelo mo isagweng. E re bolelela ka go phepafadiwa go gogolo ga lefatshe le go fetolwa ga lone go nna legae le lentlentle la batho ba ba direlang Modimo. Ela tlhoko pego eno e e itumedisang ya isagwe: “Bona! Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba one. Mme Modimo ka boone o tla nna le bone. Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4; Diane 2:21, 22.

Akanya fela: Go sa tlhole go na le bana ba ba lwalang, go sa tlhole go na le tlala, go sa tlhole go na le malwetse a a boifisang a a koafatsang mmele, go sa tlhole go na le ditlhabi tse di utlwisang botlhoko! Dikeledi tsa go betwa ke pelo, tsa maswabi le tsa khutsafalo di tla nyelela, ka gonne maemo a a bakang dilo tseno a tlile go fetolwa kana go tlosiwa. E re ka batho ba ba dirang boikepo ka boomo ba tla bo ba nyeleditswe ke masomosomo a baengele ba Modimo, magodu, babolai, batho ba ba buang maaka, le batho ba bangwe ba ba dirang gore botshelo e se ka ya nna jo bo sireletsegileng ba tla bo ba sa tlhole ba le teng. Batho ba tla kgona go nna le matlo a bone le go ipelela go nna mo go one ka pabalesego.—Isaia 25:8, 9; 33:24; 65:17-25.

A dikgang tseno di utlwala di le molemo mo go wena? A o ne o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka ga go dirisa melaometheo ya Baebele gore o tle o solegelwe molemo jaanong le mo nakong e e tlang? Fa e le gore go ntse jalo, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa, mme ba tla itumelela go go akaretsa wena le ba lelapa la gago mo thulaganyong ya bone ya lefatshe lotlhe ya “thuto e e nayang botshelo.”