Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lenyalo le Tshwanetse go Nna Kgolagano ya Botshelo Jotlhe?

A Lenyalo le Tshwanetse go Nna Kgolagano ya Botshelo Jotlhe?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Lenyalo le Tshwanetse go Nna Kgolagano ya Botshelo Jotlhe?

A TOTA go tlhokega gore potso eo e bodiwe le go bodiwa? Fa go nopolwa maikano a lenyalo a kwa Bophirima, a lenyalo ga se “go le monate kana go le thata” le “go fitlha re kgaoganngwa ke loso”? Ee, maikano a lenyalo gantsi a bolela gore monyadiwa le monyadi ba tsena mo maitlamong a botshelo jotlhe. Mme ba bantsi ga ba tlhole ba tsaya gore ditsholofetso tseo tsa bone tse di masisi di a ba tlama. Banyalani ba le bantsintsi ba a kgaogana—ba bangwe morago ga dikgwedi di le mmalwa, mme ba bangwe morago ga masome a dingwaga. Ke ka ntlha yang fa lenyalo le sa tlhole le tlotlega jaana? Baebele e re naya karabo.

Tsweetswee sekaseka 2 Timotheo 3:1-3, mme o e bapise le se o se bonang mo lefatsheng gompieno. Karolo ya ditemana tseo ya re: “Mme itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, . . . ba ba se nang boikgapo.” Boporofeti joo bo boammaaruri tota. Maikutlo a a ntseng jalo a sentse e bile a koafaditse manyalo go ralala lefatshe lotlhe, mo go supelwang ke dipalo tse di kwa godimo tsa ditlhalo.

Go phepafetse gore, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba tlotla lenyalo. Ka ntlha ya seno, re ka nna ra botsa jaana: A lenyalo le tshwanetse go tsewa le le masisi thata? A go na le selo se se bidiwang boitshepo jwa lenyalo? Bakeresete ba tshwanetse go leba kgolagano ya lenyalo jang? Baebele e naya banyalani thuso efe gompieno?

A Pono ya Modimo e Fetogile?

Kwa tshimologong, Modimo ga a bolela gore manyalo a tshwanetse go nna a nakwana. Go tlhalosiwa kafa a neng a golaganya monna wa ntlha le mosadi ka gone mo go Genesise 2:21-24, mme ga go umakiwe gore ba ne ba ka itlhophela go tlhalana kgotsa go kgaogana. Go na le moo, temana 24 e bolela jaana: “Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” Lokwalo lono lo kaya eng?

Akanya ka mmele wa motho, kafa dithisu tsa one tse di farologaneng di logagantsweng mmogo ka teng le kafa marapo a kopanelang ka teng mo ditokololong tse di tiileng tse di sa gotlhaneng. A bo e le kutlwano e kgolo jang ne! A bo o tshwarelela jang ne! Go nna botlhoko jang ne fa mmele ono o gobala! Ka gone, mo go Genesise 2:24, polelwana “nama e le nngwe” e gatelela kafa kgolagano ya lenyalo e tshwanetseng go nna ya botsalano jo bogolo le e e nnelang ruri ka teng. Gape e tlhagisa gore kwantle ga pelaelo go tla nna botlhoko tota fa kgolagano eo e fela.

Le fa gone mekgwa e e fetofetogang ya go dira dilo fa go ntse go feta dikete tsa dingwaga e fetotse tsela e batho ba bonang dilo ka yone gangwe le gape, Modimo o sa ntse a leba lenyalo e le maitlamo a botshelo jotlhe. Mo e ka nnang dingwaga di le 2 400 tse di fetileng, banna bangwe ba Bajuda ba ne ba itlwaeditse mokgwa wa go latlha basadi ba bone ba ntlha ba bo ba nyala basadi ba babotlana. Modimo o ne a kgala mokgwa ono, a bolela jaana ka moporofeti wa gagwe Malaki: “‘Mme lo itise ka ga moya wa lona, a ope a se ka a direla mosadi wa bosha jwa gagwe ka boferefere. Gonne o tlhoile tlhalo,’ go buile Jehofa Modimo wa Iseraele.”—Malaki 2:15, 16.

Dingwaga di feta makgolo a manè morago ga moo, Jesu o ne a tlhomamisa pono ya Modimo ya kwa tshimologong ka lenyalo fa a ne a nopola Genesise 2:24 a bo a laela jaana: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:5, 6) Dingwaga morago ga moo moaposetoloi Paulo o ne a laela gore “mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe” le gore “monna yo o nyetseng ga a a tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:10, 11) Dikwalo tseno di bontsha se tota e leng pono ya Modimo ka lenyalo.

A Baebele e a tle e letlelele go fedisiwa ga lenyalo? Ee, lenyalo le fela fa molekane yo mongwe a tlhokafala. (1 Bakorintha 7:39) Boaka le jone bo ka fedisa lenyalo fa molekane yo o se nang molato a dira tshwetso ya go dira jalo. (Mathaio 19:9) Kwantle ga moo, Baebele e kgothaletsa banyalani gore ba nne mmogo.

Tsela ya go Dira Gore Lenyalo le Nnele Ruri

Modimo o batla gore lenyalo le nnele ruri, e le loeto lo lo itumedisang, e seng fela gore go tshelwe ka go goga ka thata. O batla gore monna le mosadi ba rarabolole mathata a bone mme ba itumelele thata go nna mmogo. Lefoko la gagwe le re naya kaelo ya go nna le lenyalo le le itumetseng le le le nnelang ruri. Tsweetswee ela tlhoko ditemana tse di latelang.

Baefeso 4:26: “A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.” * Monna mongwe yo o nang le lenyalo le le itumetseng o dumela gore lokwalo lono lo thusa ene le mosadi wa gagwe gore ba rarabolole dikomang ka bonako. O bolela jaana: “Fa o sa kgone go robala morago ga komano, go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle. Ga o a tshwanela go letla bothata joo gore bo tswelele bo le teng.” Ka dinako tse dingwe ene le mosadi wa gagwe ba ile ba buisana ka mathata go fitlha go nna bosigo thata. Mme go a thusa. O oketsa ka gore: “Go dirisa melaometheo ya Baebele go na le matswela a a molemo tota.” Ka go dira jaana, monna yono le mosadi wa gagwe ba ntse ba le mo lenyalong le le itumetseng ka dingwaga di le 42.

Bakolosa 3:13: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.” Monna mongwe yo o nyetseng o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba dirisang seno ka teng: “Balekane ba lenyalo ba kgona go selekana fela, e se gore tota ba dira sepe se se phoso, ka gonne mongwe le mongwe o na le makoa a gagwe le mekgwa e e tshwenyang batho ba bangwe. Re itshokelana ka go sa letle dilo tseno gore di re kgaoganye.” Ga go na pelaelo gore boikutlo joo bo thusitse banyalani bano mo dingwageng tse 54 ba ntse ba nyalane!

Go dirisa melaometheo e e ntseng jalo ya Dikwalo go nonotsha sebofo se se golaganyang banna le basadi ba ba nyalaneng. Ka jalo lenyalo la bone le ka itumedisa, la kgotsofatsa mme la nnela ruri.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala, o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa aterese e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Go ya ka mokgwa wa go boloka nako wa dinaga tsa Botlhabagare, letsatsi le wela fa letsatsi le phirima. Paulo o ne a kgothaletsa babadi ba gagwe gore ba dire kagiso le ba bangwe pele ga letsatsi lengwe le lengwe le wela.