Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlamorago Tsa go Leka go Dira Dilo di le Dintsi

Ditlamorago Tsa go Leka go Dira Dilo di le Dintsi

Ditlamorago Tsa go Leka go Dira Dilo di le Dintsi

DINAGA TSA GOMPIENO TSA KWA BOPHIRIMA DI TLHOTLHELEDITSWE THATA KE GO DIRA DILO KA LOBELO LE GO NNA LE DILO TSE DI DIRANG GORE TIRO E NNE MOTLHOFO.

METŠHINE e e tlhatswang dijana e boloka nako mo ntlong ya boapeelo. Metšhine e e tlhatswang diaparo le yone e boloka nako mo phaposing ya botlhatswetso. Dimilione tsa batho ga di tlhole di tlhoka go tswa mo ntlong go ya go reka kwa mabenkeleng le go ya kwa dibankeng—se ba se dirang fela ke go tshuba dikhomputara tsa bone ba bo ba dirisa Internet.

Ebu, lefatshe, le fa e ka tswa e le karolo e e rileng fela ya lone, le tletse ka mefuta yotlhe ya didirisiwa tse di bolokang nako le tse di fokotsang tiro. Ka gone, o ka nna wa akanya gore batho ba tla nna le nako e ntsi thata ya go nna mmogo le ba malapa a bone le go itapolosa. Mme, gantsi batho ba le bantsi ba bolela gore ba lapile e bile ba ngomogile pelo thata go feta le fa e le leng pele. Mabaka a seno a mantsi e bile a raraane.

Mathata a tsa ikonomi ke lengwe la mabaka a magolo. Setheo sa kwa Australia sa Dipatlisiso Tsa Dikamano Tsa Madirelo le Thapiso se ne sa tlhatlhoba diura tse batho ba di fetsang ba le kwa tirong kwa nageng eo mme sa fitlhela gore “palo e kgolo thata ya batho ka metlha e bereka diura di feta 49 ka beke” le gore “go oketsega ga diura tseno tsa go bereka go lebega go ama botshelo jwa lelapa le jwa setšhaba ka tsela e e sa itumediseng.” Badiri ba le bantsi ba tlhopha go nna kwa mafelong a masha, a a didimetseng a a leng kwa thoko ga toropo. Seno se ka bolela gore ba tshwanetse go dirisa diura di le dintsi beke le beke—kana le e leng letsatsi le letsatsi—ba tsamaya ka diterena le dibese tse di tletseng kana mo ditseleng tse pharakano ya tsone e pitlaganeng. Tota e bile, seno se oketsa boleele jwa letsatsi la tiro le mathata a lone.

A o Na le Molato Wa go Sa Robale?

Mathata a go sa robale a setse a tlwaelegile thata mo dingwageng tsa bosheng jaana mo e leng gore mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe go setse go butswe ditlileniki tse di mekamekanang le bothata jwa go sa robale. Babatlisisi ba tlhokometse gore fa batho ba nna ba sa robale boroko jo bo lekaneng, molato wa bone wa go sa robale o a oketsega. Ka tlholego fela, mmele wa bone o batla go duela molato ono mme o dira seno ka go ba dira gore ba ikutlwe ba lapile. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya mokgwa wa gompieno wa botshelo o o dirang gore batho ba se ka ba robala, batho ba le bantsi ba ntse ba na le letsapa le le sa feleng.

Kwa nageng nngwe ya Bophirima, nako ya go robala e wetse kwa tlase ka diperesente di le 20 mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, go tswa go palogare ya diura di le robongwe tsa bosigo bongwe le bongwe go ya go diura di le supa. Babatlisisi ba kokoantse bosupi jo bo bontshang gore molato wa go sa robale o baka mathata a go ithuta le a go gakologelwa dilo, go palelwa ke go laola mesifa ya mmele, le go nna le thulaganyo e e bokoa ya mmele ya go lwa le malwetse. Bontsi jwa rona re ile ra iponela ka borona gore gape tlhaloganyo e e lapileng e sekametse thata mo go direng diphoso. Sebe sa phiri ke gore diphoso tseno di ka nna masisi thata e bile di ka ja le madi a le mantsi.

Ditlamorago Tse Dikgolo Tsa Letsapa

Go bolelwa gore letsapa le le bakwang ke go bereka diura di le dintsi, le go fokotsa babereki, le ile la baka mangwe a masetlapelo a magolo thata a lekgolo le le fetileng la bo20 la dingwaga. Gareng ga one go na le masetlapelo a a neng a direga a nuklea kwa Chernobyl, Ukraine; go thunya ga sesutlhalefaufau sa Challenger; le oli e e neng ya tshologa fa sekepe se se rwalang dithoto sa Exxon Valdez se ne se thula maje kwa kgogometsong ya Prince William Sound, kwa Alaska.

Thunyo ya kwa Chernobyl e ne ya direga ka nako ya fa go ne go dirwa teko e e kgethegileng kwa lefelong le le fetlhang maatla a nuklea. Mo bukeng ya gagwe ya The 24-Hour Society, Martin Moore-Ede o bolela gore teko eno “e ne e dirwa ke setlhopha sa baenjeniri ba motlakase ba ba neng ba lapile thata, ba ba neng ba le mo lefelong leno diura di ka nna sometharo, gongwe e bile le go feta moo ka ntlha ya gore ba ne ba diega ka diura di le lesome gore ba bone tetla ya go simolola teko eno.” Le fa go ka tswa go diregile eng, go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng jaana, go gasama ga marang ano go ne ga nna le phelelo nngwe ya lobaka lo loleele ya gore selekanyo se kankere ya thyroid e tshwarang bana ba Ukraine ka sone se menagane ga lesome fa e sa le ka 1986.

E ne ya re fa go sena go dirwa ditlhatlhobo tse di tseneletseng tsa go thunya ga sesutlhalefaufau sa Challenger, pego nngwe ya khomishene ya boporesidente e ne ya bolela gore setlhopha sengwe sa babereki ba konteraka se ne sa feta nako e e okeditsweng e ba neng ba e beetswe ya diura tse 20 ka makgetlo a le 480 mme setlhopha se sengwe sone se ne sa feta nako eno ka makgetlo a le 2 512. Pego eno e ne ya oketsa ka gore letsapa le le neng le tsene balaodi ba tiro eno le le neng le bakilwe ke “go bereka diura tse di sa tlwaelegang le go sa bone boroko jo bo lekaneng malatsi a le mmalwa,” le lone e ne e le lebaka le legolo le le dirileng gore go ntshiwe taolo e e neng e sa tshwanela ya gore sesutlhalefaufau seno se tsubalale. Pego eno e ne ya bolela gore “fa nako e e okeditsweng e nna e e feteletseng, badiri ga ba nne le matswela mo tirong le diphoso tse ba di dirang di nna dintsi.”

Go ya ka badiredibagolo ba mokgatlho wa batsamaisadikepe, go fokodiwa ga babereki ba sekepe sa Exxon Valdez, go go dirilweng ka gonne go ne go twe go fokodiwa ditshenyegelo tsa tiro, go ne ga bolela gore batsamaisi ba sekepe seno ba tshwanelwa ke go bereka diura tse di oketsegileng le go dira ditiro tse dingwe tse di oketsegileng. Pego ya masetlapelo ano e tlhalosa gore mothusi wa boraro wa kapotene, yo a neng a tsamaisa sekepe fa se tla betsagana mo majeng morago fela ga bosigogare, o ne a sa le a tsogile go sa le phakela. Mo e ka nnang dilitara di le 42 000 000 tsa oli—e leng oli e ntsi go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa tshologa mo hisitoring ya United States—di ne tsa baka tshenyo e e boitshegang thata mo losing le mo diphologolong tsa lewatle mme go phepafatsa seno go ne ga ja madi a feta didolara di le dimilione di le dikete tse pedi (diranta di le dimilione di le dikete tse 14).

Dilo Tse Dingwe Tse di Bofitlha Tse di Bakang Letsapa

Go ya ka phopholetso nngwe, go lapa le letsapa le le tseneletseng di dira gore lefatshe le dirise diranta di ka nna dibilione di le 2,7 ngwaga mongwe le mongwe! Le fa go ntse jalo, ga go madi ape a a ka lekanang le tlhwatlhwa ya botshelo le boitekanelo jwa motho, tse gantsi le tsone di amegang thata. Ka sekai, akanya ka dikotsi tsa tsela. Go ya ka tlileniki nngwe e e thusang batho ba ba nang le bothata jwa go sa robale sentle kwa Sydney, Australia, diperesente tse di fa gare ga 20 le 30 tsa dikotsi tsa tsela tse di diregang kwa nageng eo di bakwa ke bakgweetsi ba ba robalang ba ntse ba kgweetsa. Go fopholediwa gore kwa United States, go otsela go baka dikotsi di ka nna 100 000 tsa pharakano ngwaga le ngwaga.

Le fa go ntse jalo, ditlamorago tsa letsapa di ka nna tsa se ka tsa felela moo fela. Motho yo o gobalang mo kotsing ya tsela yo o isiwang ka bonako kwa bookelong go ya go ariwa o solofela gore ngaka ya gagwe e tla bo e le e e matlhagatlhaga le e e tsogileng maroko. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go tshwarega thata le go bereka diura tse ditelele, go ka direga gore ngaka ya gagwe e bo e se matlhagatlhaga e bile e sa tsoga maroko! Pego nngwe ya Setheo sa Boitekanelo le Botsogo jo Bontle sa kwa Australia e bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le 10 tsa dingaka di ne di bereka diura di le 65 tse di oketsegileng ka beke, diperesente di le 17 tsa dingaka tsa bomankge tsone di ne di bereka diura tse di fetang tseno, mme diperesente di le 5 tsa “dingaka tse di magorogomasha” tsone di ne di bereka diura di feta di le 80 ka beke!

Martin Moore-Ede o bolela jaana: “Metšhine e sireleditswe ke dibuka tse di bontshang gore e tshwanetse go dirisiwa jang, matshwao a tlhagiso le dikolo tsa thapiso. Batho ba goroga mo lefatsheng leno ba se na dilo tseno tse di sireletsang. . . . Boammaaruri jo bo tshosang ke gore re itse go le gonnye thata ka tsela e motho a bopilweng ka yone go feta jaaka re itse ka didirisiwa le dithulaganyo tsa khomputara tse a di dirisang.”

Mebele ya rona ga e na mabone a mahibidu a a nnang a benyabenya go re lemosa fa go na le kotsi e bile ga e na dialamo tse di re bolelelang gore re eme kana re fokotse lebelo fa re bereka. Le fa go ntse jalo, e re naya matshwao a a re tlhagisang. Matshwao ano a akaretsa letsapa le le sa feleng, go fetofetoga maikutlo, go tshwenyega thata mo maikutlong le go tshwaediwa motlhofo fela ke dibaerase tse di leng teng. Fa o na le matshwao ano—gone mme, re raya fa o se na bothata bope mo mmeleng kana bothata bope fela jwa botsogo—gongwe ke nako ya gore o sekaseke sesha tsela e o tshelang ka yone.

Ditlamorago mo Loagong Tse di Bakwang ke go Tshwarega Thata

Gape, mokgwa o o gatelelang wa botshelo o o dirang gore motho a se ka a robala o na le ditlamorago tse di sa itumediseng mo dikamanong tse batho ba nang le tsone le batho ba bangwe. Akanya ka se se neng sa diragalela banyalani bangwe ba ba neng ba sa tswa go nyalana, e bong John le Maria. * Ba ne ba batla go nna le dilo tse batho ba le bantsi ba ba sa tswang go nyalana ba di batlang—ntlo ya manobonobo le go ema sentle mo go tsa madi. Ka jalo, ba ne ba ya go bereka boobabedi. Mme ka ntlha ya gore ba ne ba bereka ka dinako tse di sa tshwaneng, nako e ba neng ba e dirisa ba le mmogo e ne e le nnye. Go ise go ye kae, kamano ya bone e ne ya simolola go koafala. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itlhokomolosa matshwao a gone, mme ba tswelela ka ditiro tsa bone tse di ba batlang nako e ntsi go fitlha lenyalo la bone, le tota le neng le ise le simolole, le phutlhama.

Buka ya The 24-Hour Society e bolela jaana: “Dipatlisiso di bontsha gore selekanyo sa tlhalo mo malapeng a a berekang diura tse di sa tshwaneng se kwa godimo ka diperesente di le 60 go feta sa mo malapeng a a berekang diura tse di tlwaelegileng motshegare.” Le fa banyalani ba bereka diura tse di sa tshwaneng kana nnyaa, bontsi jwa bone ba leka go dira dilo di le dintsi mo botshelong jwa bone, tota e bile, ba senya lenyalo la bone ka dilo tse ba di dirang. Mo go ba bangwe, go ngomoga pelo le letsapa le le tseneletseng di ka nna tsa dira gore ba dirise diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang le go ja dijo tse di se nang dikotla—e leng dilo tse di sa oketseng letsapa fela mme gape di ka nna tsa felela ka mathata a mangwe a mantsi, le e leng a go sotla bana.

Go thusa batsadi go itshokela ditiro tse di dirang gore ba tshwarege thata, mafelo a a tlhokomelang bana a ntse a oketsega ka palo, mme e bile a mangwe a nna a butswe bosigo le motshegare. Le fa go ntse jalo, thelebishene e setse e le yone e e salang le bana ba le bantsi mo gae. Ke boammaaruri gore fa e le gore go lebeletswe gore bana ba gole go nna bagolo ba ba nang le maikarabelo, ba ba ritibetseng maikutlo, ba tlhoka nako e ntsi e e mosola e ba e newang ke batsadi ba bone. Ka gone, batsadi ba ba lapileng thata mo e leng gore ga ba nne le nako mmogo le bana ba bone ka ntlha ya go bo ba leka go tshela botshelo jwa manobonobo ka tsela e e feteletseng ba tla bo ba le botlhale fa ba sekaseka gore seno se tla nna le ditlamorago dife—mo baneng ba bone le mo go bone ka bobone.

Mo setšhabeng sa gompieno se se itlhaganetseng thata mo go tsa botegeniki, gantsi batho ba ba godileng le bone ba a amega. Lobelo lo dilo di fetogang ka lone le bontsintsi jwa dilo tse disha tse di rekisiwang di dira gore batho ba le bantsi ba ikutlwe ba tlhakane tlhogo, ba se na dilo tse ba di tlhokang, ba le mo poifong, gongwe e bile ba se na mosola. Ka jalo, isagwe e ba tshwaretse eng?

A rotlhe—ba bannye le ba bagolo—re tshwanetse go laolwa gotlhelele ke lefatshe leno le le lebegang le ikemiseditse go tswelela e le le le se nang boiketlo? Kana a go na le dilo dingwe tse re ka di dirang tse di ka re thusang go itshoka le go tokafatsa botshelo jwa rona? Se se itumedisang ke gore, di teng, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Maina a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go ka nna ga direga gore letsapa ke lone le le bakileng masetlapelo a nuklea kwa Chernobyl, go thunya ga sesutlhalefaufau sa “Challenger,” le go tshologa ga oli mo sekepeng sa “Exxon Valdez”

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Courtesy U.S. Department of Energy’s International Nuclear Safety Program

NASA photo

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Botshelo jo bo sa iketlang bo ka dira gore manyalo a tlale ka mathata

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Bangwe ba leka go itshokela maemo ano ka go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang