Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fuduega Maikutlo

Go Fuduega Maikutlo

Go Fuduega Maikutlo

MONNA mongwe yo o godileng o gakologelwa jaana: “E ne ya re fa ke sena go bolelelwa gore ke na le bolwetse jo bo ka nnang jwa tsenya botshelo jwa me mo kotsing, ke ne ka leka go inonotsha gore ke se boife, le fa go ntse jalo, ke ne ka koafadiwa ke maikutlo a go ipotsakaka dipotso.” Mafoko a gagwe a bontsha gore fa bolwetse bo sena go tlhasela mmele, gape bo tlhasela le maikutlo. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba ba lepalepanang ka katlego le masetlapelo a a ntseng jalo. Bontsi jwa bone bo rata go go tlhomamisetsa gore go na le ditsela tsa go lepalepana ka katlego le bolwetse jo bo sa foleng. Le fa go ntse jalo, pele re bua ka dilo tse o ka di dirang, nte pele re sekaseke ka kelotlhoko mangwe a maikutlo a o ka nnang wa nna le one kwa tshimologong.

Go se Dumele, Go Ganela, Go sa Itumele

Tsela e o ikutlwang ka yone e ka nna ya farologana thata le e batho ba bangwe ba ikutlwang ka yone. Le fa go ntse jalo, bomankge ba tsa boitekanelo le batho bangwe ba ba lwalang ba bolela gore gantsi batho ba ba tlhaselwang ke bothata bongwe jwa botsogo ba ikutlwa ka ditsela di le mmalwa tse di tshwanang. Maikutlo a ntlha a go garoga pelo le a go se dumele a ka nna a latelwa ke maikutlo a go ganela: ‘Ga go ka ke ga nna jalo.’ ‘Go tshwanetse ga bo go na le phoso nngwe.’ ‘Gongwe ba tlhakatlhakantse diteko tsa kwa laboratoring.’ Mosadi mongwe o ne a bolela jaana fa a ne a tlhalosa kafa a neng a itshwara ka teng fa a ne a bolelelwa gore o na le kankere: “O ikutlwa e kete o ka ikhurumetsa tlhogo ka dilakane, o bo o solofela gore bolwetse jotlhe jwa gago bo tla bo bo ile fa o ntsha tlhogo.”

Le fa go ntse jalo, fa boammaaruri bo simolola go nwelela, boikutlo jwa go ganela bo ka nna jwa latelwa ke jwa go sa itumele, jo bo go khurumetsang e kete leru la tshenyego e e go gomagomelang. O ka nna wa tlhaselwa ke dipotso tse di jaaka, ‘Ke tlile go tshela lobaka lo lo kana kang?’ ‘A ke laoletswe go tshela botshelo jotlhe jwa me ke le mo ditlhabing?’ le tse dingwe tse di tshwanang le tsone. O ka nna wa eletsa e kete o ka bo o kgona go busetsa nako kwa morago, kwa nakong ya pele ga bolwetse jwa gago bo tlhatlhobiwa, mme ga o kgone. Go ise go ye kae o ka nna wa iphitlhela o aparetswe ke maikutlo a mangwe a a botlhoko a a go fekeetsang. A mangwe a one ke afe?

Go se Tlhomamisege, Go Tlhobaela, Go Boifa

Bolwetse jo bo masisi bo tlatsa botshelo jwa gago ka maikutlo a le mantsi a go se tlhomamisege le a go tlhobaela. Monna mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Parkinson o bolela jaana: “Lebaka la go bo ke sa kgone go bonela pele gore boemo jwa me bo tlile go nna jang le dira gore ka dinako tse dingwe botshelo bo kgobe marapo eleruri. Letsatsi lengwe le lengwe ke tshwanetse go leta go bona gore go tlile go direga eng.” Le wena bolwetse jwa gago bo ka nna jwa go boifisa. Fa bo go tlhasela o sa lebelela, o ka nna wa ikutlwa o boifa thata fela. Le fa go ntse jalo, fa e le gore dipholo tsa ditlhatlhobo tsa bolwetse jwa gago di bonwe morago ga gore o nne dingwaga di le dintsi o ntse o tshwenyega ka matshwao a bolwetse a a neng a sa tlhatlhobiwa sentle, o ka nna wa se ka wa boifa go le go kalo. Kwa tshimologong, o ka nna wa ikutlwa o wetse makgwafo gore kgabagare batho ba tla dumela gore ruri o a lwala, o ntse o sa itire e kete o a lwala. Le fa go ntse jalo, ka bonako fela morago ga gore o ikutlwe o wetse makgwafo o ka nna wa ikutlwa o tshoga fa o lemoga se tota dipholo tsa ditlhatlhobo tsa gago di se bolelang.

Gape o ka nna wa tshwenngwa ke go boifa gore o ka nna wa se ka wa kgona go laola botshelo jwa gago. Segolo jang fa e le gore o ntse o kgona go itirela sengwe le sengwe, o ka nna wa tshwenngwa thata ke kgang ya gore jaanong o tlile go lebelela gore batho ba bangwe ba go direle dilo. O ka nna wa tshwenngwa ke gore bolwetse jwa gago bo simolola go laola botshelo jwa gago le go go laela gore o dire dilo jang.

Go Galefa, Go Tlhabiwa ke Ditlhong, Go Jewa ke Bodutu

Go ikutlwa gore ga o tlhole o kgona go laola botshelo jwa gago le gone go ka nna ga dira gore o galefe. O ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke eng fa go diragalela nna? Ke dirileng gore ke tlhagelwe ke dilo tseno?’ Bothata jono jwa botsogo jwa gago bo lebega bo sa siama e bile bo se na tlhaloganyo. Gape o ka nna wa tlhabiwa ke ditlhong le go ngomoga pelo. Monna mongwe yo o suleng ditokololo o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong thata ka gonne dilo tseno tsotlhe di ntiragaletse ka ntlha ya kotsi e e se nang tlhaloganyo!”

Gape o ka nna wa fekeediwa ke go batla go nna fela o itlhaotse. Go nna o itlhaotse go felela ka gore batho ba bangwe le bone ba itlhaole mo go wena. Fa bolwetse jwa gago bo dira gore o nne fela mo ntlong, o ka nna wa se ka wa tlhola o kgona go kopana le ditsala tsa gago tsa bogologolo. Mme selo se o se tlhokang go feta le fa e le leng pele, ke go nna le batho ba bangwe. Morago ga gore kwa tshimologong o etelwe le go lelediwa megala ke batho ba le bantsi, go ka nna ga sala ba le mmalwa fela ba ba go etelang kana ba ba go leletsang megala.

E re ka go utlwisa botlhoko go bona ditsala di go kekologa, o ka tswa o ile wa tsibogela seemo seno se se utlwisang botlhoko ka gore o itlhaole. Gone mme, go a utlwala gore o ka nna wa batla nakonyana pele o ka lebana le batho ba bangwe gape. Mme fa e le gore mo nakong eno o itetla gore o nne kgakala thata le batho ba bangwe, go itlhaola ga gago go ka fetoga, go ka nna ga simolola ka gore batho ba bangwe ba se ka ba tlhola ba batla go tla go go bona mme ga felela ka gore wena o se ka wa tlhola o batla go bona batho ba bangwe. Le fa e ka tswa e le ka tsela efe, o ka nna wa tswa o lwantshana le maikutlo a a go fekeetsang a go jewa ke bodutu. * Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa bo wa ipotsa gore a o tla kgona go itshokela letsatsi le le latelang.

Go Ithuta mo Bathong ba Bangwe

Le fa go ntse jalo, go na le tsholofelo. Fa e le gore bosheng jaana o ne wa tlelwa ke bothata bongwe jwa botsogo, go na le dikgato tse di mosola tse o ka di tsayang tse di tla go thusang gore o kgone go laola botshelo jwa gago gape ka selekanyo se se rileng.

Ke boammaaruri gore motseletsele ono wa ditlhogo ga o kitla o rarabolola bothata jo bo sa feleng jwa botsogo jwa gago, le fa e ka tswa e le bofe. Le fa go ntse jalo, tshedimosetso e e kwadilweng fano e ka nna ya go thusa go bona ditsela tsa go lepalepana le jone. Mosadi mongwe yo o tshwerweng ke kankere o ne a sobokanya dilo tse a neng a di akanya le maikutlo a gagwe jaana: “Fa ke sena go nna le boikutlo jwa go ganela ke ne ka galefa thata mme morago ga moo ke ne ka senka dilo tse di ka nthusang.” Le wena o ka senka dilo tse di ka go thusang, ka go ya kwa bathong ba ba kileng ba feta mo mathateng ano pele ga gago le ka go ithuta mo go bone gore o ka solegelwa molemo jang ke dilo tse di ka go thusang tse o ka kgonang go di fitlhelela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba nna le maikutlo ano a a farologaneng ka selekanyo se se sa tshwaneng le ka ditsela tse di sa tshwaneng.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

O ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke eng fa go diragalela nna? Ke dirileng gore ke tlhagelwe ke dilo tseno?’