Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itshoka ka Boitumelo mo Lefatsheng Le le Sa Iketlang

Go Itshoka ka Boitumelo mo Lefatsheng Le le Sa Iketlang

Go Itshoka ka Boitumelo mo Lefatsheng Le le Sa Iketlang

BATHO BA LE BANTSI BA ITSHOKELA MATHATA A BOTSHELO, MME GA SE BOTLHE BA BA ITSHOKANG KA BOITUMELO. GO DIRA JALO GO TLHOKA MOFUTA MONGWE O O KGETHEGILENG WA BOTLHALE.

BUKA ya The 24-Hour Society e bolela jaana fa e dumalana le seno: “Re tlhoka go nna le botlhale jwa go sireletsa dilo tse batho ba di tlhokang le botho jwa bone mo lefatsheng leno la botegeniki le re le bopileng.”

Se se itumedisang ke gore, botlhale jono jo bo mosola bo bonwa motlhofo mo bukeng e e anamisitsweng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng—e leng Lefoko la Modimo, Baebele. E re ka Baebele e tlhotlheleditswe ke Ene yo o tlhaloganyang dilo tse batho ba di tlhokang le botho jwa bone sentle, e na le melaometheo e e itshupileng e le mosola. Go dirisa melaometheo eno go ka go thusa go laola botshelo jwa gago, le go go naya boitumelonyana jaaka o ntse o itshoka mo lefatsheng leno la gompieno le le sa iketlang.—Isaia 48:18; 2 Timotheo 3:16.

Melaometheo eno e bua thata ka dikarolo tseno tse tharo tsa botlhokwa. Sa ntlha, e go bontsha gore ke dilo dife tse e seng tsa botlhokwa tse o ka kgaotsang ka botlhale go di dira. Sa bobedi, e ka go thusa go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele. Sa boraro, e go thusa go leba botshelo ka tsela ya semoya e e gaisang kgakala tsela e lefatshe le lebang dilo ka yone. Nte jaanong re sekasekeng dikarolo tseno tse tharo.

Tshela Botshelo Jo bo Motlhofo Jo bo Sa Tlalang Dilo Tse di sa Tlhokegeng

Ikakanye o ya go khempa malatsi a le mmalwa. O batla go iketla, ka jalo o tsaya tente e kgolo le dilo tsotlhe tse o ka akanyang ka tsone. Gape o tsaya le kolotsana e e tletseng ka fanitšhara, dilo tsa go apaya, setsidifatsi, jenereitara e nnye, dipone, thelebishene le dilo tse dingwe tse dintsi, le dijo mo godimo ga moo. Le fa go ntse jalo, go rulaganya dilo tseno tsotlhe go go tsaya diura di le dintsi thata! Morago ga moo, fa loeto lwa gago lo lokhutshwane lwa boikhutso lo fela, o dirisa nako e ntsi gape o paka—re sa bue ka go busetsa dilo mo mannong a tsone kwa gae. Fa o leba kwa morago, o lemoga gore ga o a ka wa nna le nako e e lekaneng ya go ipelela go khempa ga gago! O ipotsa gore a seno sotlhe se ne se tlhokega.

Gompieno botshelo jwa batho ba le dimilione bo batlile bo tshwana le loeto lono lwa go khempa. Ba dirisa nako e ntsi thata ba batla dilo tse di sa feleng tse di bonalang le go di tlhokomela tse lefatshe leno le batlang gore re dumele gore re a di tlhoka gore re itumele. Go farologana le moo, Jesu Keresete o ne a re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Ebu, botshelo ga bo lekanngwe ka dikhumo. Tota e bile, gantsi dikhumo di oketsa mathata le ditlhobaelo tsa botshelo. Moreri 5:12 e bolela jaana: “Letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.”

Ka jalo, sekaseka ka kelotlhoko dilo tse o nang le tsone, mme ipotse gore, ‘A ruri ke tlhoka selo seno, kana a ke selo fela se se sa tlhokegeng? A se dira gore ke tshele botshelo jo bo siameng, kana a se njela nako ya me e e botlhokwa?’ Mafoko a a simololang buka ya Why Am I So Tired?, e e kwadilweng ke Leonie McMahon, a re: “Go tlhamiwa ga didirisiwa tse di farologaneng, tse boikaelelo jwa tsone e neng e le go dira ditiro tse batho ba sa rateng go di dira mo ntlong, go feletse ka gore mmalelapa a tshwanelwe ke go ya go bereka, gore a tle a di reke le go di duelela fa di baakanngwa.”

Fa o tlhofofatsa botshelo jwa gago, o dira gore o nne le nako e ntsi le ba lelapa la gago, le ditsala tsa gago, le go nna le nako ya gago. Nako eno e botlhokwa thata go go dira gore o itumele. O se ka wa tshwana le batho ba ba lemogang go setse go le thari mo botshelong gore ditsala le ba lelapa ke batho ba botlhokwa thata—e bile ba a kgatlha—go gaisa madi le dithoto. Batho ke bone fela ba ba ka go ratang. Diakhaonto tsa banka, ditlankana tsa madi a tsadiso, dikhomputara, dithelebishene le didirisiwa tse dingwe, le mororo di na le sebaka sa tsone, ga di botlhokwa thata mo botshelong. Batho ba ba bayang dilo tseno kwa pele ga ba tseye botshelo jwa bone e le jo bo botlhokwa mme kgabagare ba simolola go se kgotsofale kana go se itumele.—1 Timotheo 6:6-10.

Laola Nako ya Gago Mme o Beye Dilo Tsa Botlhokwa Kwa Pele

Ka ditsela dingwe go laola nako go tshwana le go lekanyetsa tsela e motho a dirisang madi ka yone. Fa o leka go dira dilo di le dintsi ka nako e nnye e o nang le yone, o tla bo o sa tshele go ya ka selekanyo sa nako e o nang le yone. Ga go pelaelo gore botshelo jo bo ntseng jalo bo felela ka gore motho a betwe ke pelo, a ngomoge pelo le go lapa. Ka jalo, ithute go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele.

Sa ntlha, bona gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa thata, mme o dirise nako e e lekaneng mo go tsone. Mo Bakereseteng, ka metlha dilo tsa semoya ke tsone tse di tlang kwa pelepele. (Mathaio 6:31-34) Fa dilo tsa botlhokwa di dirwa ka bonako fela kana ka go ikgolola fela, gantsi seno se felela ka mathata a magolo. Ka gone, o ka nna wa tlhoka go tlosa sengwe le sengwe se se go jelang nako fela mme se se na matswela ape.

Fa o baya dilo tsa botlhokwa kwa pele, gakologelwa gore o tlhoka nako ya go nna o le nosi fela—nako ya go tlhatlhanya ka tsela e e mosola le ya go itapolosa. Lokwalopaka lwa Psychology Today lo bolela jaana: “Nako e e mosola e motho a e dirisang a le nosi fela ke selo se se botlhokwa thata se se dirang gore a lapologe mo lefatsheng leno le le itlhaganetseng. . . . Nako ya go nna o le nosi fela ke maatla a a dirang gore motho a tswelele ka botshelo.” Batho ba ba tshwaregileng thata mo e leng gore ga ba nne le nako ya go tlhatlhanya ba ka nna ba leba botshelo ka tsela e e seng masisi.

Boingotlo le Bomoya

Boingotlo le bomoya ke dilo tse pedi tse di botlhokwa thata tse o ka nnang le tsone fa o batla go tshela botshelo jo bo itumedisang le jo bo lekalekaneng. Go ingotla go botlhokwa thata ka gonne go go thusa go tila go dira ditiro le maikarabelo a o se kitlang o kgona go a dira. Fa o le boingotlo, o tla itse gore ke leng o tshwanetseng go gana go bereka nako e e okeditsweng kana go dira ditiro tse dingwe tse di tla kgoreletsang dilo tse dingwe tse di botlhokwa thata. Batho ba ba boingotlo ga ba fufegele dilo tse batho ba bangwe ba nang le tsone kana tse ba di dirang; ka gone, gantsi ba kgotsofalela se ba nang le sone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go nna boingotlo ka tsela ya mmatota ke karolo nngwe ya bomoya, e leng tsela e nngwe ya botlhokwa thata e e ka dirang gore re kgone go laola matshelo a rona.—Mika 6:8; 1 Johane 2:15-17.

Bomoya jo bo theilweng mo kitsong e e tlhomameng ya Baebele bo go dira motho yo o nang le temogo e ntsi le yo o botlhale—motho yo o sa tsiediweng ke tsela e e se nang mosola e lefatshe le tlhalosang gore o ka bona katlego ka yone. Wena tsaya tsia kgakololo e e botlhale e e mo go 1 Bakorintha 7:31: “[A] ba ba dirisang lefatshe [ba nne] jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo; gonne seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” Bakeresete ba ‘dirisa lefatshe’ fa ba itlamela bone le ba malapa a bone ka dilo tse di bonalang, mme ga ba nne karolo ya lefatshe leno. Ba a itse gore ga le neye batho polokesego ya mmatota, le gore go ise go ye kae le tla bo le fedisitswe ka mo go feletseng, le gore katlego ya mmatota—polokesego le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise—di ikaegile ka boemo jo motho a nang le jone le Modimo. (Pesalema 1:1-3; 37:11, 29) Ka jalo, reetsa tlhagiso ya ga Jesu, mme o dirise nako ka botlhale ka go ipolokela “matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa.”—Mathaio 6:20.

Tila go Tlhobaela Mme o Bone Kagiso ya Boammaaruri

Jaaka fa tsamaiso eno ya gompieno e ntse e atamela bokhutlo jwa yone, ga go pelaelo gore dilo tse di go ngomolang pelo le tse di go jelang nako di tlile go oketsega. Ka jalo, a bo go le botlhokwa thata jang ne go lwela go dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Motho ope fela yo o sekametseng thata mo dilong tsa lefatshe leno yo o sa boneng le botlhokwa jwa go rapela, ga a ka ke a bona kagiso eo.—Bafilipi 4:6, 7.

Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kitla a go naya kagiso ya mogopolo fela. Gape o tla go thusa go rwala maikarabelo a gago letsatsi lengwe le lengwe fa o “latlhela tlhobaelo yotlhe ya [gago] mo go ene.” (1 Petere 5:7; Pesalema 68:19) Ka jalo, go botlhale go reetsa Modimo letsatsi lengwe le lengwe ka go bala karolo ya Lefoko la gagwe. Tota ke mang yo a ka go nayang kgakololo e e botoka fa e se Mmopi wa gago? (Pesalema 119:99, 100, 105) Ebu, maitemogelo a bontshitse gore batho ba ba bayang Modimo kwa pele mo matshelong a bone ba thusiwa thata go itshoka ka boitumelo mo lefatsheng leno la gompieno le le sa iketlang.—Diane 1:33; 3:5, 6.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Baya dilo tsa botlhokwa kwa pele, go akaretsa le go lemoga botlhokwa jwa go nna le nako ya gago o le nosi fela le ya dilo tsa semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

A o ka tshela botshelo jo bo motlhofo jo bo sa tlalang dilo tse di sa tlhokegeng?

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke eng sa botlhokwa se se tlang pele mo go wena, dilo kana batho?