Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lwantshana le Mathata ka go Itlhomela Mekgele

Go Lwantshana le Mathata ka go Itlhomela Mekgele

Go Lwantshana le Mathata ka go Itlhomela Mekgele

WILLIAM (BILL) MEINERES le mosadi wa gagwe e bong Rose, ba nna mo foleteng nngwe e e gaufi le Boemafofane jwa LaGuardia kwa New York. Folete eno ke e Rose, mosadi yo o pelontle yo a leng mo bogareng jwa dingwaga tsa bo70 a amogelang baeng ba gagwe ka boitumelo jo bogolo mo go yone. Mo teng ga folete eno ga go kafa motho a ka itlhokomolosang ka teng go bona kafa phaposi e e manobonobo eno ya bonno e bontshang boikutlo jwa gagwe jwa go itumela ka teng. Tsela e e gogelang e dithunya di rulagantsweng ka yone gaufi le kgoro le ditshwantsho tse di takilweng tse di mebalabala tse di mo maboteng di bontsha gore ke motho yo o itumetseng le yo o ratang botshelo.

Gaufi le phaposi ya bonno go na le kamore e e lesedi e Bill, wa dingwaga tse 77, a robetseng mo go yone mo bolaong, mokwatla wa gagwe o tshegeditswe ke materase o o kgonang go fetofetolwa. Fa a bona baeng matlho a gagwe a a phatsima mme dipounama tsa gagwe di sarologa ka monyenyo o mogolo. O ne a ka rata go tsoga, go dumedisa baeng ba gagwe ka letsogo le go ba tlamparela, mme ga a kgone. Bill o sule ditokololo tsotlhe go tloga mo thamong go ya kwa tlase kwantle ga letsogo la gagwe la molema fela.

Ka ntlha ya gore Bill o ntse a lebane le mathata ano a botsogo fa e sa le a le dingwaga di le 26, o ne a bodiwa gore o thusitswe ke eng go lepalepana le malwetse ka dingwaga di feta di le masometlhano. Bill le Rose ba a lebana ba bo ba tshega. “Ga re itse ope yo o lwalang fano!” go rialo Rose, jaaka fa setshego sa gagwe se se botsalano se tlala ka kamore yotlhe. Matlho a ga Bill a nyedima ka boitumelo; o tshegela kwa tlase a bo a tshikinya tlhogo ya gagwe go bontsha gore o dumalana le seo. “Ga go motho ope yo o lwalang fano,” o bua jalo ka bonya ka lentswe le le bogwata. Rose le Bill ba nna ba bua dilo tse di tshegisang mme go ise go ye kae, kamore yotlhe e tletse ka ditshego. Go phepafetse gore lorato lo Bill le Rose ba neng ba ratana ka lone fa ba ne ba kopana ka September 1945 lo sa ntse lo nonofile thata. Bill o bodiwa jaana gape: “Mme gone fa re tlogela go tshameka, ke mathata afe a o neng wa lebana le one? Mme o ne wa thusiwa ke eng gore o kgone go lepalepana le one le go nna o leba botshelo ka tsholofelo?” Morago ga go kopiwa thata jalo ka bonolo, Bill o dumela go bolela kgang ya gagwe. Kgang e e latelang ke dipolelo dingwe tse di tswang mo metlotlong e le mmalwa e Tsogang! e neng ya e tshwara le Bill le mosadi wa gagwe.

Go Simologa ga Mathata

Ka October 1949—dingwaga di le tharo morago ga gore Bill a nyale Rose e bile e le dikgwedi di le tharo morago ga go tsholwa ga morwadiabone, e bong Vicki—Bill o ne a bolelelwa gore o na le tlhagala nngwe ya kankere e e tlhogileng mo go sengwe sa dirwe tsa gagwe tse di ntshang lentswe, mme tlhagala eno e ne ya ntshiwa. Dikgwedi di le mmalwa tse di latelang, ngaka ya ga Bill e ne ya mmolelela gore go na le bothata jo bongwe gape—kankere e ne e amile kodu yotlhe. “Ke ne ka bolelelwa gore fa ke sa dirwe laryngectomy—e leng karo ya go ntsha kodu yotlhe—ke ne ke tlile go tshela dingwaga di le pedi fela.”

Bill le Rose ba ne ba bolelelwa gore karo eno e ne e tlile go felela ka eng. Kodu e fa gare ga modi wa loleme le mo kgokgotsho e simololang teng. Mo teng ga kodu go na le dirwe tse pedi tse di kgonang go ntsha lentswe. Dirwe tseno di a roroma di bo di ntsha medumo ya puo, fa mowa o o tswang mo makgwafong o feta mo go tsone. Fa kodu e ntshiwa, karolo e e kwa godimo ya kgokgotsho e kopanngwa le phatlha e e nnelang ruri e e dirwang fa pele ga thamo. Morago ga karo, molwetse o hema ka phatlha eno—mme ga a tlhole a kgona go ntsha lentswe.

Bill o bolela jaana: “Ke ne ka galefa fa ke utlwa tlhaloso eno. Re ne re na le ngwana yo monnye wa mosetsana, ke ne ke na le tiro e e siameng, re ne re lebeletse go le gontsi mo botshelong jwa rona, mme jaanong sengwe le sengwe se ke neng ke se solofetse se fetogile lefela.” Le fa go ntse jalo, e re ka karo eno ya go ntsha kodu yotlhe e ne e ka boloka botshelo jwa gagwe, Bill o ne a dumela go ariwa. Bill o bolela jaana: “Fa ke sena go ariwa, ke ne ke sa kgone go metsa. Ke ne ke sa kgone go bua. Ke ne ke le semumu.” Fa Rose a mo etetse, Bill o ne a kgona fela go bua le ene ka go kwala mafoko mo bukaneng ya go kwalela. E ne e le nako e e utlwisang botlhoko thata. Go lwantsha bothata jono, ba ne ba tshwanelwa ke go itlhomela mekgele e mesha.

O ne A sa Kgone go Bua e Bile a sa Bereke

Karo ya go ntsha kodu yotlhe ga ya ka ya lesa Bill e le semumu fela mme gape e ne ya dira gore a se ka a tlhola a bereka. O ne a bereka mo bodirelong bongwe jwa metšhine, mme e re ka jaanong a ne a kgona go hema fela ka phatlha e e mo thamong ya gagwe, lorole le mosi di ne di ka gobatsa makgwafo a gagwe. O ne a tshwanelwa ke go batla tiro e nngwe. Le fa a ne sa kgone go bua, o ne a ikwadisa mo sekolong sengwe sa go ithuta go dira ditshupanako. Bill o bolela jaana: “Tiro eno e ne e tshwana le ya me ya bogologolo. Ke ne ke itse go kopanya dikarolo tsa motšhine, mme fa o dira ditshupanako, le teng o kopanya dikarolo dingwe tsa yone mmogo. Ke fela gore dikarolo tsa ditshupanako di ne di se na boima jwa di-pound di le 50 [dikilogerama di le 23]!” E ne ya re ka bonako fela fa a fetsa sekolo sa go dira ditshupanako, o ne a bona tiro ya go nna modiri wa ditshupanako. O ne a fitlheletse mokgele wa ntlha.

Go sa ntse go le jalo, Bill o ne gape a simolotse go ya kwa ditlelaseng tsa go ithuta go bua ka mometso. Fa motho a bua ka mometso, modumo ga o ntshiwe ke dirwe tse di kgonang go ntsha lentswe mme o ntshiwa ke go roroma ga mometso ka boone, e leng tšhupu e e fetisang dijo go ya kwa mogodung. Sa ntlha, motho o ithuta go metsa mowa le go o pateletsa go tsena mo mometsong. Morago ga moo, motho o kgobola mowa ka go o laola. Jaaka fa mowa o tswa, o dira gore dipota tsa mometso di rorome. Seno se dira gore go tswe modumo o o bogwata, o motho a ka kgonang go o bopa gore e nne puo ka go dirisa molomo le dipounama tsa gagwe.

Bill o bolela jaana a nyenya: “Pele, ke ne ke kgobola fela fa ke ne ke jele thata, mme jaanong ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go kgobola ka dinako tsotlhe. Kwa tshimologong, ke ne ke kgona go ntsha lefoko le le lengwe fela ka nako e le nngwe, jaana: ‘[Goga mowa, metsa, kgobola] O [goga mowa, metsa, kgobola] kae?’ Go ne go se motlhofo. Morago ga moo, morutisi wa me o ne a mpolelela gore ke nwe gemere e ntsi ka gonne dipudula tsa yone di ne di tla nthusa go kgobola. Ka jalo, nako nngwe le nngwe fa Rose a tswa le Vicki go ya go iphokisa phefo kwa ntle, nna ke ne ke nwa ke kgobola, ke nwa ke kgobola. Ke ne ke berekela mo ntlheng eno ka natla!”

Le mororo diperesente di ka nna 60 tsa balwetse botlhe ba ba ntshitsweng kodu ba palelwa ke go bua ka mometso, Bill ene o ne a gatela pele. Vicki, yo ka nako eo a neng a batla a le dingwaga di le pedi, o ne a mo tlhotlheletsa go dira jalo a sa lemoge. Bill o tlhalosa jaana: “Vicki o ne a bua le nna mme a bo a nteba a letetse gore ke arabe. Mme ke ne ke sa kgone go ntsha le fa e le lefoko le le lengwe fela go mo araba. O ne a tswelela pele a bua, mme ke palelwe gape ke go mo araba. Vicki o ne a leba mosadi wa me mme a bo a bua jaana a tenegile: ‘Dira gore Papa a bue le nna!’ Mafoko a gagwe a ne a ntlhaba thata mme a dira gore ke ititeye sehuba gore ke kgone go bua gape.” Se se neng sa ipedisa Vicki, Rose le batho ba bangwe ke gore Bill o ne a atlega. O ne a fitlheletse mokgele o mongwe gape.

Go Tlelwa ke Masetlapelo a Mangwe Gape

Kwa bokhutlong jwa 1951, Bill le Rose ba ne ba lebana le bothata jo bongwe jo bosha. E re ka dingaka di ne di boifa gore kankere e ka nna ya tsoga gape, di ne tsa gakolola Bill gore a alafiwe ka go dirisa marang. Bill o ne a dumela. E ne ya re fa kalafi eno e fela, o ne a tlhoafaletse go simolola botshelo gape. O ne a sa lemoge gore botsogo jwa gagwe bo ne bo setse go gomagomelwa ke masetlapelo a mangwe gape!

Go ne ga feta mo e ka nnang ngwaga o le mongwe. Mme, ka letsatsi lengwe Bill o ne a utlwa menwana ya gagwe e swa bogatsu. Morago ga moo, o ne a sa kgone go pagama ditepise. Ka bonako fela morago go moo, o ne a wela fa fatshe a ntse a tsamaya mme o ne a palelwa ke go ikemisa. Ditlhatlhobo di ne tsa bontsha gore kalafi ya marang e Bill a neng a e dirile (e ka nako eo, e neng e sa tlhomama jaaka gompieno) e ne e sentse monyetsane wa gagwe. O ne a bolelelwa gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo tlile go nna maswe le go feta. E bile ngaka nngwe e ne ya mmolelela gore “ga go bonale” a tla tshela. Bill le Rose ba ne ba utlwile botlhoko thata.

Le fa go ntse jalo, ka Bill a ne a ikemiseditse go lwantsha bothata jono, o ne a ya kwa bookelong go bona kalafi ya mmele ya dikgwedi di le thataro. Le mororo kalafi eno e ne e sa fetola seemo sa mmele wa gagwe, go nna kwa bookelong gone go ne ga fetola botshelo jwa gagwe—phetogo e kgabagare e neng ya dira gore a itse Jehofa. Seno se ne sa direga jang?

Go Nonotshiwa ke go Tlhaloganya Lebaka La go Bo go Na le Mathata

Ka dikgwedi tseo tse thataro, Bill o ne a nna mo phaposing e le nngwe kwa bookelong jwa Bajuda le banna ba le 19 ba ba suleng ditokololo—botlhe e le Bajuda ba Ba-Orthodox. Banna bano ba ne ba tlotla ka Baebele maitseboa mangwe le mangwe. Bill, yo e neng e le Mo-Baptist, o ne a reetsa fela. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa a ne a tswa kwa bookelong, o ne a utlwile mo go lekaneng gore a ka swetsa ka gore Modimo Mothatayotlhe ke motho a le mongwe fela le gore thuto ya Tharonngwe e ganetsana le Baebele. Ka ntlha ya seno, Bill ga a ka a tlhola a boela gape kwa kerekeng ya gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ikutlwa a tlhoka kaelo ya semoya gore a kgone go lepalepana le mathata a botshelo. Bill o bolela jaana: “Ke ne ka nna ke kopa Modimo gore a nthuse, mme dithapelo tsa me di ne tsa arabiwa.”

Matlhatso mongwe ka 1953, Roy Douglas, monna yo o godileng yo o kileng ya bo e le moagelani wa ga Bill e bile a utlwile ka bothata jwa gagwe, o ne a ya go mo etela. Roy, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kopa Bill gore a ithute Baebele le ene, mme Bill o ne a dumela. Dilo tse Bill a neng a di bala mo Baebeleng le mo bukeng ya “Let God Be True” * di ne tsa mmula matlho. O ne a bolelela Rose dilo tse a neng a di ithutile, mme le ene o ne a simolola go ithuta. Rose o gakologelwa jaana: “Kwa kerekeng re ne re bolelelwa gore bolwetse ke petso e e tswang kwa Modimong, mme se re ithutileng sone mo Baebeleng se ne sa re bontsha gore seno ga se boammaaruri. Re ne ra ikutlwa re gololesegile tota.” Bill o oketsa jaana: “Go ithuta mo Baebeleng gore ke ka ntlha yang fa go na le mathata ano otlhe, go akaretsa le bolwetse jwa me, le go ithuta gore isagwe e e botoka e tlile go nna teng go ne ga re thusa go amogela boemo jwa me.” Ka 1954, Bill le Rose ba ne ba fitlhelela mokgele o mongwe gape. Boobabedi ba ne ba kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa.

Go Dira Diphetogo Tse di Oketsegileng

Go sa ntse go le jalo, bolwetse jwa ga Bill jwa go swa ditokololo bo ne bo setse bo aname thata mo e leng gore o ne a ka se ka a tlhola a kgona go tswelela a bereka. Bill le Rose ba ne ba fetola diabe tsa bone gore ba kgone go itshedisa: Bill o ne a nna kwa gae le Vicki, mme Rose o ne a simolola go bereka kwa khampaning e e dirang ditshupanako—tiro e a e berekileng ka dingwaga di le 35!

Bill o bolela jaana: “Go tlhokomela morwadiarona go ne ga dira gore ke ipele thata. Vicki le ene o ne a ipelela seo. O ne a tlhola a bua jaana ka boipelo a bolelela mongwe le mongwe yo a kopanang le ene: ‘Ke tlhokomela Papa!’ Moragonyana fa a ne a simolola go tsena sekolo, ke ne ke mo thusa go dira tiro ya gagwe ya sekolo e e direlwang kwa gae, mme re ne re tlhola re tshameka metshameko mengwe. Mo godimo ga moo, ke ne ke bona nako e e siameng ya go mo ruta Baebele.”

Go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi e ne e le selo se sengwe se se neng se ipedisa Bill le ba lelapa la gagwe. Go ne go mo tsaya ura go tsamaya a ntse a tlhotsa go tswa kwa ntlong ya gagwe go ya kwa Holong ya Bogosi, mme o ne a sa foswe ke dipokano dipe. Moragonyana, fa ba sena go fudugela kwa karolong e nngwe ya toropo, Bill le Rose ba ne ba reka koloi e nnye, mme Rose o ne a e kgweetsa go isa lelapa kwa holong. Le mororo Bill a ne a kgona go bua ka nako e khutshwane fela, o ne a ikwadisa go nna moithuti mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Bill o tlhalosa jaana: “Ke ne ke kwala puo ya me, mme mokaulengwe yo mongwe o ne a e neela. Morago ga puo, molebedi wa sekolo o ne a nkgakolola mo go se ke neng ke se kwadile.”

Batho ba ba farologaneng mo phuthegong le bone ba ne ba thusa Bill go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera. Mme batho ba ba neng ba bona tsela e a neng a ineetse ka yone, ga ba a ka ba gakgamala fa moragonyana Bill a ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. Moragonyana, e ne ya re fa maoto a gagwe a ne a sa tlhole a kgona mme le bolwetse jwa go swa ditokololo bo mo fekeetsa, o ne a tshwanelwa ke go nna fela mo foleteng mme kgabagare a nna fela mo bolaong. A o ne a ka kgona go lwantshana le bothata jono?

Tiro e e Kgotsofatsang ya go Itlosa Bodutu

Bill o bolela jaana: “E re ka ke ne ke nna mo ntlong letsatsi lotlhe, ke ne ke ka batla sengwe se nka itlosang bodutu ka sone. Ke ne ke tlhola ke ipelela go tsaya ditshwantsho pele ga ke swa ditokololo. Ka jalo ke ne ka akanya ka go taka ditshwantsho, le fa ke ne ke ise ke ko ke tsamaye ke take setshwantsho sepe mo botshelong jwa me. Gape, ke motho yo o dirisang letsogo la moja thata, mme letsogo lotlhe la me la moja le menwana e mebedi ya letsogo la molema e ne e golafetse. Le fa go ntse jalo, Rose o ne a reka dibuka di le dintsi tse di buang ka mekgwa ya go taka. Ke ne ka di ithuta mme ka simolola go taka ke dirisa letsogo la me la molema. Bontsi jwa ditshwantsho tse ke neng ke di takile di ne di felela mo kgamelong ya matlakala, le fa go ntse jalo, kgabagare ke na ka simolola go ithuta.”

Ditshwantsho di le dintsinyana tse di takilweng ka pente e e metsi tse jaanong di kgabisitseng folete ya ga Bill le Rose di bontsha gore Bill o ne a atlega go feta jaaka a ne a lebeletse. Bill o oketsa jaana: “Mo e ka nnang dingwaga di le tlhano tse di fetileng, letsogo la me la molema le ne la simolola go roroma thata mo e leng gore ke ne ka tshwanelwa go kgaotsa go taka ditshwantsho gotlhelele, le fa go ntse jalo, tiro eno ya go itlosa bodutu e ne ya nnaya kgotsofalo e kgolo ka dingwaga di le dintsi.”

Mokgele O o Sa Ntseng o Setse

Bill o anela jaana: “Jaanong go setse go fetile dingwaga di feta 50 fa e sa le mathata a botsogo jwa me a simolola. Go bala Baebele go sa ntse go nkgomotsa, segolobogolo fa ke bala Dipesalema le buka ya Jobe. Mme ke itumelela go bala dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Gape ke kgothala thata fa maloko a phuthego ya rona le balebedi ba ba etang ba nketela le go mpolelela maitemogelo a a agang. Mo godimo ga moo, thelefouno e e golagantsweng le Holo ya Bogosi e dira gore ke kgone go reetsa dipokano, e bile ke amogela le ditheipi tsa dibidio tsa dithulaganyo tsa dikopano tse dikgolo.

“Ke leboga thata go bo ke segofaditswe ka mosadi yo o lorato jaana. Go ralala dingwaga, e ne e ntse e le molekane yo ke atamelaneng thata le ene. Gape le morwadiarona, yo jaanong a direlang Jehofa mmogo le lelapa la gagwe, o sa ntse a dira gore ke ipele thata. Ke leboga Jehofa thata ka go nthusa gore ke nne ke atamelane thata le ene. Gompieno, jaaka fa mmele wa me le lentswe la me le ntse le koafalela pele, gantsi ke akanya thata ka mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: ‘Ga re ineele, mme le fa motho yo re leng ene kafa ntle a onala, eleruri motho yo re leng ene mo teng o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi.’ (2 Bakorintha 4:16) Ebu, fa fela ke sa ntse ke tshela, go nna ke thantse mo semoyeng—e tla nna e ntse e le mokgele wa me.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.; jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

“Fa ke sena go ariwa, ke ne ke sa kgone go metsa. Ke ne ke sa kgone go bua. Ke ne ke le semumu”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bill le Rose, gompieno