Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tweng fa Batsadi Ba me Ba Akanya Gore ke sa Ntse ke le Mmotlana Thata go Intsha?

Go Tweng fa Batsadi Ba me Ba Akanya Gore ke sa Ntse ke le Mmotlana Thata go Intsha?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Tweng fa Batsadi Ba me Ba Akanya Gore ke sa Ntse ke le Mmotlana Thata go Intsha?

“O dira dilo segologolo, Mma. Ga re mo dingwageng tsa bo1950. Mongwe le mongwe o a intsha! Ga ke tlhole ke le mosetsanyana wa gago yo mmotlana jaanong.”—Janie yo o nang le dingwaga di le 16. *

OKA kgobega marapo tota fa o bolelelwa gore ga e ise e nne nako ya gore o intshe. Mosha mongwe o bolela jaana, “Ke batla go dira jaaka Baebele e bolela mme ke tlotle mmè le rre, mme ga ke bone gore ba dira sentle. Ga ke itse gore nka buisana jang le bone ka seno.” Jaaka lekawana leno, o ka nna wa akanya gore batsadi ba gago ga ba go akanyetse e bile ga ba go utlwele botlhoko. Gongwe o setse o kopane le mongwe yo o mo ratang tota mme o batla go mo itse botoka. Kgotsa gongwe o akanya gore fa o intsha le motho wa bong bo sele o tla tshwana le balekane ba gago. Michelle o bolela jaana: “Go na le kgatelelo, fa o sa intshe, bana ba bangwe kwa sekolong ba a go gakgamalela.”

Mogakolodi mongwe wa malapa o ne a bolela jaana ka go intsha le motho wa bong bo sele: “Ga go na kgang e mo go yone go lebegang batsadi ba sa akanyetse jaaka eno.” Mme fela ka lebaka la gore batsadi ba gago ba lebega ba sa akanyetse, a seno se raya gore ba ntse jalo tota? Kana e bile, Modimo o tsaya batsadi ba gago ba ikarabelela gore ba go rute, ba go thapise, ba go sireletse ba bo ba go kaele. (Duteronome 6:6, 7) A e ka tswa e le gore batsadi ba gago ba tshwenyegile tota ka gore o itumele? Motsadi mongwe o bolela jaana: “Ke bona go tla kotsi, mme e tshosa tota.” Ke ka ntlha yang fa go intsha le motho wa bong bo sele ga bana pele ga nako go tshwenya batsadi ba bantsi jaana?

Maikutlo a a Kotsi

Beth yo o nang le dingwaga tse 14 o ngongorega jaana: “Batsadi ba me ba dira gore go lebege e kete go phoso go rata motho yo mongwe.” Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba gago e le Bakeresete, ba itse sentle gore Modimo o dirile batho ba bong jo bo sa tshwaneng gore ba gogelane. (Genesise 2:18-23) Ba a itse gore kgogelo eo ke ya tlholego e bile e tsamaisana sentle le maikaelelo a Mmopi a gore batho ba “tlatse lefatshe.”—Genesise 1:28.

Mo godimo ga moo, batsadi ba gago ba tlhaloganya gore dikeletso tsa tlhakanelodikobo di nna maatla jang fa o le mo ‘nakong ya bosha.’ (1 Bakorintha 7:36) Gape ba a itse gore ga o na maitemogelo a go itse gore o ka laola dikeletso tseo jang. Fa o dirisa nako ya gago e ntsi o na le motho wa bong bo sele, lo founelana, kgotsa e bile lo kwalelana makwalo, kgotsa lo kwalelana ka E-mail, ga go na pelaelo gore go gogelana ga lona go tla gola. O ka nna wa botsa gore, ‘Ke eng se se maswe go le kalokalo ka seo?’ Fa o na le dikeletso tseo, o tla di kgotsofatsa jang? A tota o mo boemong jwa gore o felele o dirile se maikutlo ao a tla se tlhokang mo go wena—lenyalo? Ga go a nna jalo.

Go intsha le motho wa bong bo sele pele ga nako go na le dikotsi tse di masisi. Baebele e tlhagisa jaana: “A motho o ka gogobela molelo mo sehubeng sa gagwe mme diaparo tsa gagwe tsa se ka tsa sha?” (Diane 6:27) Gantsi go intsha le motho wa bong bo sele pele ga nako go felela ka tlhakanelodikobo pele ga lenyalo, mo go dirang gore basha ba nne mo kotsing ya go nna baimana ba sa nyalwa le go tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. (1 Bathesalonika 4:4-6) Ka sekai, Tammy yo mmotlana o ne a akanya gore batsadi ba gagwe ba ne ba sa mo akanyetse fa ba ne ba gana gore a intshe le batho ba bong bo sele. Ka jalo o ne a simolola go intsha le mongwe wa bong bo sele ka sephiri kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, ka bonako fela morago ga moo Tammy o ne a nna moimana—mme botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga. Jaanong o bolela jaana: “Go intsha le motho wa bong bo sele ga go monate jaaka go bolelwa.”

Mme gotweng fa basha ba babedi ba ba intshang mmogo ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba amana ka tsela e e sa tshwanelang? Le mo mabakeng a a ntseng jalo, go ntse go na le kotsi ya gore maikutlo a lorato a ka tsosiwa pele ga nako. (Sefela sa Difela 2:7) Go tsosa dikeletso tse di ntseng jalo tse o ka kgonang go di kgotsofatsa ka tshwanelo fela morago ga dingwagangwaga go ka felela ka maswabi le bohutsana.

Dintlha tse dingwe tse o tshwanetseng gore o di akanyetse: A tota o na le maitemogelo a a lekaneng mo botshelong a go itse gore o tshwanetse go batla eng mo molekaneng wa lenyalo? (Diane 1:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, a o setse o na le dinonofo le bokgoni jo bo tlhokegang gore o nne monna kgotsa mosadi yo o tla ratiwang le go tlotliwa? A tota o na le bopelotelele e bile o ikemiseditse go tsena mo kgolaganong ya goyagoile? Se se botlhoko ke gore bontsi jwa basha fa ba ratana ba kgaogana go ise go ye gope. Gantsi go ratana ga basha ba dingwaga tsa bolesome go fela botlhoko ka gonne ba kgaogana go ise go ye gope. Ke ba le mmalwa fela ba ba felelang ba le mo manyalong a a nnetseng ruri.

Monica yo o dingwaga di le 18 o bolela jaana: “Ditsala tsa me tsotlhe kwa sekolong di ne di mpolelela ka basimane ba ba ratanang le bone. Mme ba bangwe ba ne ba nyala ba sa ntse ba le bannye kgotsa ba kgaogana botlhoko ka gonne ba ne ba sa ipaakanyetsa go nyalana.” Mosha yo o bidiwang Brandon le ene o bolela jaana: “Go botlhoko tota fa o lemoga gore ga o a ipaakanyetsa go ikgolega ka motho mme o ikutlwa gore o setse o ikgolegile ka gonne o intsha le ene. O ka mo tlogela jang o sa mo utlwise botlhoko?”

Ga go na pelaelo gore batsadi ba gago ba batla go go sireletsa gore o se ka wa utlwa botlhoko joo e bile o se ka wa hutsafala fa ba gana gore o intshe le motho wa bong bo sele go fitlhela o setse o godile sentle mo o ka dirang maitlamo a lenyalo. Tota, ba dira se se buiwang ke kgakololo e e tlhotlheleditsweng mo go Moreri 11:10: “Tlosa matshwenyego mo pelong ya gago, o bo o thibose masetlapelo mo nameng ya gago.”

‘Go Pitlologa’

Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore o ka se ka wa itumelela go nna mmogo le batho ba bong bo sele. Mme gone, ke ka ntlha yang fa o rata go dirisa nako e ntsi o na le motho a le mongwe fela? Baebele, mo kgannyeng e nngwe, e re kgothaletsa gore re ‘pitlologe’ ka go tsalana le batho ba bangwe. (2 Bakorintha 6:12, 13) Kgakololo eno e molemo mo basheng. Tsela e nngwe ya go dira seno ke go tsalana lo le setlhopha sa basimane le basetsana. Tammy o bolela jaana: “Ke bona go le monate thata jalo. Go botoka go nna le ditsala tse dintsi.” Monica o bolela jaana: “Go nna mmogo lo le setlhopa go siame tota ka gore o kgona go bona batho ba botho jo bo farologaneng mme o kgona go lemoga gore go na le batho ba le bantsi tota ba o iseng o ba itse.”

Batsadi ba gago ba ka nna ba rata go go rulaganyetsa gore o ipelele dinako tse di molemo le basha ba bangwe. Anne, mmè wa bana ba babedi, o tlhalosa jaana: “Ka metlha re tlhomamisa gore legae la rona e nna lefelo le le monate le bana ba ratang go tla kwa go lone. Re laletsa ditsala tsa bone, re ba fa dijonyana tse di motlhofo, ba bo ba tshameka metshameko mengwe. Ka tsela eno ga ba nne le maikutlo a gore ba tshwanetse go tswa mo ntlong gore ba tle ba je monate.”

Ee, le fa o le mo setlhopheng o ntse o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o se ka wa tlhoma mogopolo mo mothong a le mongwe fela. Basha ba bangwe ba akanya gore fa fela ba na le batho ba bangwe, tota ga ba intshe. Tila go itsietsa ka tsela eo. (Pesalema 36:2) Fa o nna o itlhophela kwa thoko le motho a le mongwe fela nako le nako fa o kopane le ditsala tsa gago, go tshwana fela le go intsha le ene. * Leka go dira ditshwetso tse di botlhale malebana le botsalano jwa gago le batho ba bong bo sele.—1 Timotheo 5:2.

Botlhokwa Jwa go Leta

Ga go motlhofo go bolelelwa gore o sa ntse o le monnye thata gore o ka simolola go intsha le motho wa bong bo sele. Mme batsadi ba gago ga ba batle go go utlwisa botlhoko. Go farologana le seo, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba go thuse ba bo ba go sireletse. Ka jalo, go na le gore o ikanye pelo ya gago mme o gane kgakololo ya bone, ke ka ntlha yang fa o sa dirise maitemogelo a ba nang le one? Ka sekai, ke ka ntlha yang fa o sa kope kgakololo ya bone mo lekgetlhong le le latelang fa o na le mathata a go dirisana le batho ba bong bo sele? Diane 28:26 e re gakolola jaana: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla.” Connie yo mmotlana o bolela jaana: “Fa lekau le nthata, go bua le mmè go nthusa gore ke se ka ka ineela mo kgatelelong ya gore ke intshe le lone. O mpolelela se se diragaletseng ditsala tsa gagwe le ba lelapa la gabone mo nakong e e fetileng. Seno se nthusa tota.”

Go leta sebakanyana pele ga o intsha le motho wa bong bo sele ga go thibele kgolo epe ya gago ya maikutlo kgotsa kgololesego ya gago. Ka gonne ga o ise o sikare maikarabelo a go ratana le a lenyalo, o na le kgololesego ya gore o ‘ipele mo bosheng jwa gago.’ (Moreri 11:9) Gape, go leta go tla go naya nako ya gore o baakanye botho jwa gago, o gole sentle, mme se se botlhokwa go di feta tsotlhe, o godise bomoya jwa gago. (Dikhutsafalo 3:26, 27) Jaaka mosha mongwe wa Mokeresete a tlhalosa, “o tshwanetse gore o itlame ka Jehofa pele ga o itlama ka ope o sele.”

Fa o ntse o gola ka dingwaga mme botswelelopele jwa gago bo bonala mo go mongwe le mongwe, batsadi ba gago ba tla simolola go go leba ka tsela e e farologaneng. (1 Timotheo 4:15) Mme tota fa o setse o siametse go intsha le motho wa bong bo sele, ga go na pelaelo gore ba tla go letlelela go dira jalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 17 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona ditsebe 232-3 tsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Go tlhopha motho a le mongwe wa bong bo sele gore o tlhome mogopolo mo go ene ka tsela e e kgethegileng . . . 

. . . gantsi go tla tsosa maikutlo a lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go na le go dirisa nako e ntsi o na le motho a le mongwe fela, pitlologa o dire ditsala tse dingwe