Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Leno Le le Se Nang Boiketlo

Lefatshe Leno Le le Se Nang Boiketlo

Lefatshe Leno Le le Se Nang Boiketlo

A O A TLE O FEKEEDIWE KE LOBELO LO BOTSHELO BO TSAMAYANG KA LONE? A LO DIRA GORE O SALE O BETILWE KE PELO, O LAPILE, O SA KGONE GO LO ITSHOKELA GOTLHELELE? FA E LE GORE GO NTSE JALO, GA O NOSI.

DIMILIONE tsa batho, segolo jang ba ba nnang mo ditoropong, ba fitlhela gore botshelo bo setse bo tsamaya ka lobelo lo lo tlhakanyang tlhogo, lo lo lapisang. Seno se direga thata kwa dinageng tsa Bophirima. Kwa pokanong nngwe ya bodumedi e e neng e tshwerwe bosheng jaana kwa United States, sebui sengwe se ne sa kopa bareetsi ba sone go emisa matsogo fa e le gore ba ne ba ikutlwa ba lapile ka dinako tsotlhe. Ka bonako fela, go ne ga ema matsogo a le mantsi.

Buka ya Why Am I So Tired? e bolela jaana: “Botshelo jwa segompieno bo tletse ka mathata a mantsi a go iseng go ko go utlwiwe ka one nako kgolo ke eno—difofane tse di tshwanetseng go tshwarwa ka nako, ditiro tse di tshwanetseng go dirwa pele ga nako e e rileng, bana ba ba tshwanetseng go isiwa le go tsewa ka nako kwa keretšheng—re ka bala dilo di le dintsintsi.” Ga go gakgamatse go bo letsapa le tlhalosiwa e le phutso ya metlha ya rona. *

Mo dingwageng tse di fetileng, botshelo bo ne bo sa raraana e bile bo ne bo tsamaya ka bonya. Batho ba ne ba tshela tumalanong le medikologo ya tlholego—nako ya motshegare e ne e le ya go bereka, mme ya bosigo e le ya go nna le ba lelapa la gago le go robala. Gompieno, go na le mabaka a le mantsinyana a a dirang gore batho ba ikutlwe ba lapile e bile ba tsenwe ke letsapa.

Ka Tshoganyetso Fela, Malatsi a Setse a le Maleele

Lebaka lengwe e ka nna gore batho ba robala nako e khutshwane. Mme nngwe ya dilo tse dikgolo thata tse di dirileng gore batho ba robale nako e khutshwane ke go nna gone ga lesedi la motlakase. Ka go tobetsa fela gore lebone le tshube, batho ba ne ba kgona go laola boleele jwa “letsatsi,” mme go ise go ye kae ba simolola go robala bosigo thata. Eleruri, go ne go se na sepe se batho ba le bantsi ba neng ba ka se dira ka gonne difeketeri di ne tsa simolola go dira bosigo le motshegare mme mafelo a madirelo a ne a oketsa nako ya mmereko. Mokwadi mongwe o ne a bolela jaana: “Go ne ga tsholwa mokgatlho wa batho ba ba sa robaleng.”

Dilo dingwe tsa kgatelopele ya botegeniki, tse di jaaka radio, thelebishene le dikhomputara, le tsone di nnile le seabe mo go direng gore batho ba se ka ba robala boroko jo ba tshwanetseng go bo robala. Kwa dinageng di le dintsi, dithulaganyo tsa thelebishene di tshameka diura di le 24 ka letsatsi. Ga go gakgamatse go bo barati ba difilimi kana balatedi ba metshameko ba nna ba otsela kwa tirong le go ikutlwa ba lapile morago ga go leba thelebishene bosigo jotlhe. Dikhomputara tsa kwa gae, le dithulaganyo tsa tsone tse di sa feleng tse di tlosang bodutu, le tsone di dira gore batho ba le dimilione ba robale bosigo thata. Gone mme, ga go sepe se se phoso ka didirisiwa tseno; le fa go ntse jalo, di dira gore batho bangwe ba se ka ba bona botlhokwa jwa go ikhutsa.

Botshelo bo a Itlhaganela

Malatsi a rona ga a ka a nna maleele fela mme botshelo ka bojone bo lebega bo itlhaganetse thata—mme le fano bo ntse bo tlhotlhelediwa ke boranyane jwa saense. Kolotsana e e gogwang ka dipitse e e neng e le gone mo dingwageng tse di kwa tlase ga di le lekgolo tse di fetileng e farologane thata le dikoloi tsa gompieno tse di lobelo, diterena tse di tsamayang ka lobelo lo logolo, le difofane tsa dijete. Tota e bile, rrakgwebo wa motlha wa segompieno, yo gongwe rraagwemogolo a neng a tsamaya ka dinao kana a pagama pitse kana baesekele go ya kwa tirong, a ka nna a fofa go kgabaganya Lewatle la Atlantic fa gare ga nako ya dijo tsa motshegare le tsa maitseboa!

Gape go ile ga nna le phetogo e kgolo mo diofising, go dira gore tiro e dirwe ka bonako le gore e nne le matswela a magolo. Metšhine e e tlanyang le tsela e e tlwaelegileng ya go romela makwalo di tseetswe sebaka ke dikhomputara, metšhine ya fax le E-mail. Dikhomputara tsa dibukana, difouno tsa selula, le di-pager di dirile gore pharologano e e leng teng magareng ga legae le ofisi e se ka ya tlhola e bonala sentle.

Ke boammaaruri gore ga go na ope wa rona yo a ka kgonang go fokotsa lobelo lo lo ntseng lo oketsega lwa lefatshe leno. Le fa go ntse jalo, fa mongwe le mongwe a dira dilo ka namana, a ka kgona go dira diphetogo tse di dirang gore a kgone go tshela botshelo jo bo iketlileng le jo bo lekalekaneng. Mme pele ga re sekaseka kgang eno, nte re bone dingwe tsa ditlamorago tse lobelo lwa gompieno lo ka nnang le tsone mo go rona le mo setšhabeng ka kakaretso.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Gape, letsapa le le sa feleng le ka nna la bakwa kana la gakadiwa ke dilo di le dintsinyana kwantle ga mathata a letsatsi le letsatsi fela. Le ka tswa le bakwa ke mathata a go sa itekanela sentle mo mmeleng, go ja dijo tse di se nang dikotla, go dirisa diokobatsi, kgotlelo e e bakwang ke dikhemikale, mathata a tlhaloganyo le a maikutlo, botsofe, kana dilo tseno di kopane.