Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molelo! O Tshwanetse go Dirisa Setimamolelo Sefe?

Molelo! O Tshwanetse go Dirisa Setimamolelo Sefe?

Molelo! O Tshwanetse go Dirisa Setimamolelo Sefe?

GO DIREGA gantsi go le kana kang gore re fete modisanyana yo o itidimaletseng yo o mo loboteng re sa akanye le go akanya sepe fela ka ene! Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe o ka nna a boloka ofisi kgotsa feketeri ya rona kgotsa le e leng legae la rona gore le se ka la tuka malakabe. Ditimamolelo tse dinnye di ka thusa go thibela bothatanyana jo bonnye—pane e e shang mo setofong kgotsa digaretene tse di tshwereng molelo go tswa mo sethutafatsing—gore bo se ka jwa nna maswe thata. Jaaka dibetsa tse di dirang ka bonako, di diretswe gore di tlose mmaba yo o setlhogo yono pele ga a nna maatla.

Ka gonne mmaba yono o tla ka ditsela tse di sa tshwaneng—molelo wa dikgong, molelo wa oli le wa gase, molelo wa motlakase—ditimamolelo tse dinnye le tsone di tla ka dipopego tse dintsi. Ke ga tlholego fela gore o batle go itse mmaba wa gago le dibetsa tsa gago. Seno ga se reye gore o nne le kitso ya bomankge ya go tima molelo, mme go raya fela gore o itse melaometheo e le mmalwa ya konokono. Ka sekai, o ne o tla dirang mo boemong jo bo latelang?

Moapei wa borotho o ne a tsentse dipane di le 20 tse disha tse di tshasitsweng mafura mo ontong go di thutafatsa fa a ntse a baakanyetsa go baka borotho. Le fa go ntse jalo, selaolamogote sa onto eno se ne se sa dire sentle, ka jalo onto e ne ya fisa thata, e dira gore mafura a kuise mosi. Moapei, a rwele ditlelafo mo diatleng, o ne a bula onto ka bonako mme a ntshetsa dipane kwa ntle. Mme ka go dira jalo, o ne a dira gore mafura ao a a kuisitseng mosi a tsenwe ke phefo e ntsi. Phuu! Ka tshoganyetso fela ke fa dikgabo tsa molelo di batla di tshwara siling. Moapei o ne a tswa ka bonako, a sa gobala, mme a tla a tshwere setimamolelo sa carbon dioxide mme a tima molelo ka bonako. Mme ka yone nako eo go ne ga tsoga mosi o montsi gape, mme mafura a tshwara molelo gape. Go ne ga nna ga direga jaana makgetlo a le manè! Ka gonne moapei yono o ne a tshaba gore setimamolelo seno se tloga se fela, o ne a goga kobo ya molelo e e neng e le fa gaufi mme a apesa dipane tseno ka yone. O ne a re hu! fa kobo eno e emisa molelo—e bo e o timela ruri.

Ke boammaaruri gore re batla go dirisa dibetsa tse di siameng thata go tima molelo o monnye mme o le kotsi. Mme fa moapei yono a ne a itsile gore go a direga gore dikgabo tsa molelo di runye fela ka tshoganyetso—e leng selo se se diregang thata fa go na le mosi—o ka bo a ile a tima onto fela, a tlogela mabati a tswetswe, mme a tlogele gore se se mo teng ga onto se tsidifale ka bosone. Kgotsa o ka bo a ile a simolola pele ka go apesa ka kobo ya molelo mme go tswa foo, fa go tlhokega, a dirise setimamolelo sa carbon dioxide. Le fa go ka tswa go diregileng, tiragalo eno e bontsha botlhokwa jwa go nna le kitso ya motheo ka molelo le gore tsela e e molemolemo ya go o tima ke efe.

“Boraro” jo bo Bakang Molelo

Se se bidiwang boraro jwa molelo ke motswako o o tlwaelegileng o o bakang maemo a go runya ga molelo: setukisi fa se kopana le okosejene se bo se kopana le mogote di dira molelo. Ntsha se le sosi fela sa tsone, o tla bo o sa tima molelo fela mme gape o tla bo o thibetse le o mongwe o o neng o tla runya. Mma re bone gore motswako ono o bereka jang.

SETUKISI: Fela jaaka rona, fa molelo o se na dijo o a swa. Boramolelo ba dirisa molaomotheo ono mo molelong wa mo sekgweng le mo dikhing fa ba kganela molelo o mogolo o o ntseng o anama. Mo ntlwaneng ya boapeelo, go tlosa setukisi e ka nna kgang fela ya gore o time gase. Le fa go ntse jalo, mo maemong a mangwe go tlosa setukisi go ka nna ga nna thata kgotsa e bile go sa kgonege.

OKOSEJENE: Le mo ntlheng eno, fela jaaka rona, molelo o tshwanetse go hema. Fa o ka tshela garawe fela ya mmu mo molelong kgotsa wa o apesa ka kobo ya molelo, o a tima. Re sa ntse re le mo go yone ntlha eno, okosejene ga e tlhoke go tlosiwa gotlhegotlhe gore molelo o time. Fa o ka fokotsa selekanyo sa okosejene go tswa go se se tlwaelegileng sa diperesente di le 21 mo moweng o o re dikologileng wa se isa kwa go diperesente di le 15, dilo di le dintsi—ka sekai diedi tse di kgonang go tshwara molelo le e leng dilo tse dingwe tse di komota—ga di na go tlhola di tuka.

MOGOTE: Dilo tse mogote o tswang mo go tsone tse di ka bakang molelo e ka nna sethuthafatsi sa mo ntlong, setofo, megala e e yang kwa polakeng ya motlakase, tlhase kgotsa legala, logadima, kgotsa mogote o o bakwang ke dijalo tse di bolang, dikhemikale tse di kgonang go foka mo moweng, kgotsa dilo tse dingwe tse dintsintsi. Gakologelwa, fa o bona mosi, bogolo jang fa o tswa mo mafureng kgotsa mo oling e e apayang mme e le mo selong se se ntshang mogote, kgabo ya molelo e ka nna ya runya ka tshoganyetso nako nngwe le nngwe.

Se Diretswe Mofuta Mongwe le Mongwe wa Molelo o Monnye

Le mororo magae a le mantsi a se na ditimamolelo, gantsi molao o batla gore difeketeri, diofisi le dikago tse dingwe tsa batho botlhe di nne le tsone. Mefuta e e tlwaelegileng ya tsone ke e e nang le metsi, dikhemikale tse di tlhakantsweng le metsi, lefulo, poere, le carbon dioxide. Ditimamolelo tsa Halon di a fedisiwa ka gonne go akanngwa gore di senya ozone mo loaping. Go thusa badirisi gore ba tlhophe setimamolelo se se tshwanetseng fa go tlhagile maemo a tshoganyetso, ditimamolelo di le dintsi di na le ditshwantsho tse di bontshang gore ke kae kwa di ka dirisiwang teng le gore ke kae kwa di ka se kang tsa dirisiwa teng, kgotsa di ka nna tsa bo di na le mebala e e bontshang gore di ka dirisiwa jang. Mme di le dintsi di na le ditlhaka, tse di jaaka A, B kgotsa C, tse di bontshang gore se ka dirisiwa mo molelong ofe ka mo go kgethegileng. Gase e e fetlhang, e e nang le kgatelelo e e kwa godimo ya mowa, e pateletsa sere se se timang molelo gore se tswe ka lobelo lo logolo mo phatlhanyaneng e nnye ya setimamolelo fa motho a gatelela konopo ya teng. Ka gonne ditimamolelo di na le gase e e nang le kgatelelo e e kwa godimo ya mowa, di tshwanetse go nna di lekwa nako le nako. E bile ditimamolelo ka metlha di tshwanetse go bewa gaufi le fa batho ba tswang gone e bile di tshwanetse go fitlhelelwa motlhofo. Mma jaanong re lebe ka bokhutshwane mofuta mongwe le mongwe wa setimamolelo.

Ditimamolelo tsa poere di dirisa dikhemikale go kganela molelo go gola mme di ka bidiwa dithibela molelo tse di dirisiwang mo melelong ya mefuta yotlhe. Ga se fela gore poere e kgona go tima molelo wa mofuta wa A le wa mofuta wa B sentle, mme gape e thusa thata mo go lwantsheng molelo wa mofuta wa C (wa didirisiwa tsa motlakase). Go a utlwala he go bo setimamolelo seno se se kgonang go dirisiwa mo melelong ya mefuta yotlhe se ka sireletsa legae la gago ka tsela e e molemolemo. Poere gantsi e na le go tlatsa leswe—mme gone leswe e ka nna selo se sennye fa se bapisiwa le tshenyo ya molelo!

Ditimamolelo tsa metsi tse di dirisang kgatelelo e ntsi ya mowa di dira sentle mo molelong o o akaretsang dipampiri, dikgong, dipolasetiki, matlakala, kgotsa matsela. Ono gantsi o bidiwa molelo wa mofuta wa A. Selo se se dirang gore metsi a kgone go tima molelo ke gore a kgona go monya mogote ka selekanyo se segolo thata. Fa o tshela metsi ka selekanyo se se lekaneng, a kgona go tlosa mogote ka lobelo lo logolo go feta lo molelo o bakang mogote ka lone, mme ka go dira jalo molelo o a tima. Mme o se ka wa dirisa metsi mo dieding tse di kgonang go tshwara molelo ka bonako. Ka go dira jalo o tla bo o anamisa molelo fela—ka tsela e e ka nnang ya dira gore o tswe mo taolong! Selo se sengwe gape, ka gonne metsi a fetlha motlakase, ga wa tshwanela go a dirisa kgotsa go dirisa setimamolelo sepe se se dirisang metsi fa go nang le megala ya motlakase gone e motlakase o ntseng o feta mo go yone.

Ditimamolelo tsa dikhemikale tse di tlhakantsweng le metsi di dirisa motswako o o nang le kgatelelo e ntsi thata ya mowa ya letswai la alkali mo metsing mme di dira sentle thata mo mafureng le mo oling e e apayang mme e seng mo dilong tse di dirilweng ka oli ya petroleum. Gape di a thusa mo go timeng molelo wa mofuta wa A.

Ditimamolelo tsa lefulo di dira sentle, e seng mo molelong wa mofuta wa A fela mme bogolo jang mo molelong o o akaretsang diedi tse di kgonang go tshwara molelo ka bonako (tse di jaaka mafura a a dirisiwang kwa madirelong a a thibelang go gotlhana ga ditshipi, ditukisi, le dipente), o o itsiweng e le molelo wa mofuta wa B. Go na le mefuta e le mebedi ya ditimamolelo tsa lefulo, ka jalo tlhokomela gore ke ofe o o tshwanelang ditlhoko tsa gago botoka. Fa lefulo leno le tshetswe mo seeding se se tukang, le tla bo le apesa seedi seno ka leru le legolo le le sa tsenyeng phefo e bile le thibela mosi wa molelo gore o se ka wa tswela kwa ntle mme gape le thibela okosejene gore e se ka ya tsena mo go one. Ka gone, lefulo leno le tshwanetse go kgatshiwa ka tsela e e bonolo gore le se ka la tsena mo teng ga seedi seno mme go na le moo le alege mo godimo ga sone. Tlhokomela gore o se ka wa dirisa lefulo gaufi le motlakase.

Ditimamolelo tsa carbon dioxide di ka dirisiwa mo e ka nnang mo mefuteng yotlhe ya molelo kwantle ga molelo wa gase. Di bereka ka molaomotheo wa gore carbon dioxide e tsaya boemo jwa okosejene. Mme jaaka re bone pelenyana, fa selo se se tukang seno se sa ntse se le mogote, go ka direga gore molelo o boe o runye gape. Carbon dioxide ke gase, ka jalo tikologo e e nang le pheswana, e e bulegileng e dira gore setimamolelo seno se se ka sa bereka sentle. Le fa go ntse jalo, ka gonne setimamolelo seno se sa tlatse leswe, seno se dira gore e nne sone se ratiwang thata mo metšhineng e e seng thata le mo dilong tsa motlakase. Le fa go ntse jalo, mo mafelong a a kgotlhaganeng, carbon dioxide e ka hupetsa motho, ka jalo fa o e dirisa mo lefelong le le ntseng jalo, dira gore fa molelo o sena go tima o tswe o bo o tswale setswalo.

Kobo ya molelo * ke setimamolelo se se thusang e bile se ka nna molemo go dirisiwa mo molelong o monnye, o o kgonang go laolega o o tshwanang le o o ka nnang wa runya mo godimo ga setofo sa boapeelo kgotsa mo sebateng se sennye sa khapete. Goga kobo eno fela mo setshegetsing sa yone se sennye se se mo loboteng, e phuthololele mo pele ga gago gore o itshireletse mo malakabeng a molelo, mme o e ale mo godimo ga molelo. Mme gone, fa e le gore ga o ise o dire jalo, tima selo se mogote o tswang mo go sone ka yone nako eo fa go kgonega.

Dikobo tsa molelo di thusa gape fa diaparo tsa gago di ka tshwara molelo. Fa go ka direga jalo, gakologelwa molao ono o o botlhokwa: “Ema, itatlhele fa fatshe, o bo o bidikama.” O se ka wa ba wa taboga; ka go dira jalo o tla bo o gakatsa molelo fela. Fa wena kgotsa mongwe o sele a kgona go go phuthela ka kobo ya molelo fa o ntse o bidikama, o tla kgona go tima molelo ka bonakonako.

Se se Botoka go Feta Ditimamolelo

Gone mme selo se se molemolemo se se ka go sireletsang mo molelong ke go thibela molelo; ka jalo dirisa tlhaloganyo sentle. Baya mekgwaro kgakala le bana. Tlosa dilo tsotlhe tse di kgonang go tshwara molelo mo godimo ga setofo kgotsa gaufi le sone. O se ka wa apaya o apere diaparo tse di nang le matsogo a a lepeletseng a a ka kgonang go tshwara molelo. Tsenya didirisiwa tse di kgonang go dupa mosi mo legaeng la gago.

Dikakantsho dingwe tse di oketsegileng ke tseno. O se ka wa gokela dilo di le dintsi tsa motlakase mo polakeng e le nngwe kgotsa mo mogaleng o le mongwe wa motlakase. O se ka wa tlogela mafura kgotsa dioli mo godimo ga setofo se se molelo go se na yo o beileng leitlho. Ela tlhoko gore o baya kae dithutafatsi tsa mo ntlong. Fa o na le dibotlolo tsa gase gaufi le ntlo, dira gore dibelefo tsa teng—e leng tsone tse di ka gakatsang molelo—di se ka tsa leba kwa ntlong. Dirisa terata ya bogolo jo bo tshwanetseng ya motlakase. Fa go na le megala e e senyegileng ya motlakase, e tlose o tsenye e mesha.

A o kile wa akanyetsa go ithapisetsa se lo tla se dirang mo legaeng la gago fa molelo o ka runya? Go dira jalo go ka lo boloka. Rulaganya gore lelapa le kopane mo lefelong le le rileng—kwa lefelong lepe le lengwe le le tlhalositsweng sentle le le babalesegileng le go leng motlhofo go le bona motshegare kgotsa bosigo. Mme o neye mongwe le mongwe maikarabelo a gagwe: Ke mang yo o tla thusang masea kgotsa batho ba ba golafetseng gore ba kgone go tshabela kwa lefelong le le babalesegileng? Ke mang yo o tla bitsang batimamolelo? Ee, go ikatisa ka tsela eno go boloka botshelo ka gore lo itlwaetsa tsela e e tshwanetseng ya go tsibogela molelo, mme go feleletsa go itiragalela fela le ka bonako.

Fa go Ka Tlhaga Kotsi e e Maswe Thata

Gakologelwa gore o ka kgona go reka dilo tse dingwe mme ga o ka ke wa reka botshelo. O se ka wa tsenya botshelo jwa gago mo kotsing o re o lwa le molelo. Le fa go ntse jalo, fa go se kotsi gore o ka lwa le molelo, dira jalo o le mo boemong jo bo tla go kgontshang go tswa. Mme fa o belaela gore setimamolelo se o nang le sone ga se se se tshwanetseng kgotsa fa o tshaba gore molelo o mogolo thata gore o ka o tima ka sone, tswa ka bonako mme o bitse ba lephata la ditimamolelo.

Gape, ela tlhoko gore mosi, bogolo jang mosi o o botlhole wa dilo tse di dirilweng ka dikhemikale, o bolaya batho ba le bantsi go feta dikgabo tsa molelo—o kgona go bolaya mo nakong e e kwa tlase ga metsotso e le mebedi! Ka jalo fa o tswa o tshaba mo kagong e e shang, tswa o iname. Ga go na mosi o montsi kwa bodilong, mme mowa wa teng o tsiditsana. Fa go kgonega, baya letsela le le metsi mo molomong wa gago. Pele ga o dirisa setswalo, se ame pele ka lemorago la seatla sa gago. Fa se fisa, go raya gore go na le molelo ka fa letlhakoreng le lengwe la sone; batla kgoro e nngwe ya go tswa. Mme fa o ntse o tswa o tswale dikgoro tsotlhe. Seno se dira gore okosejene e se ka ya elelela kwa molelong. Mme gape, dilifite ga di a tshwanela go dirisiwa gotlhelele fa go runtse molelo—di ka nna tsa go tswalela mme tsone ka botsone tsa nna onto!

Ka jalo fa o batla go reka sedirisiwa sa go sireletsa legae la gago mo molelong, le koloi, kgotsa kgwebo, go ka nna molemo gore o tlotle ka kgang eno le ba lephata la ditimamolelo la mo lefelong la lona. Dintlha di ka nna tsa bo di sa tshwane mo dinageng tse di farologaneng mme ka gone re ka se kgone go tlotla ka tsone tsotlhe mo setlhogong seno.

Le fa go ntse jalo, nako e e tlang fa o bona mongwe wa badisanyana bano ba bannye ba ba emeng ba itidimaletse, ema mme o dire gore o ba itse botokanyana. Letsatsi lengwe ba ka boloka botshelo jwa gago.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Fa e le gore go tlwaelegile go dirisa kobo ya molelo mo nageng ya lona, dira gore o itse tsela e e tshwanetseng ya go e dirisa. Mokgatlho wa National Fire Protection Association wa United States o bolela jaana: “Go tshwanetse ga gatelelwa gore . . . dikobo tsa molelo ga di botlhokwa go le kalo. Di tshwanetse go dirisiwa fela fa di le teng fa gaufi. . . . Fa dikobo tsa molelo di sa dirisiwe sentle di ka gakatsa mosi le dikgobalo tse dingwe tsa molelo fa kobo eno e kuisetsa mosi kwa sefatlhegong kgotsa fa kobo eno e sa tlosiwe fa dikgabo tsa molelo di sena go tingwa.”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MOLELO

setukisi

mogote

okosejene

[Ditshwantsho]

MOFUTA WA A

MOFUTA WA B

[Motswedi wa Setshwantsho]

Chubb Fire Safety

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Fa diaparo tsa gago di tshwara molelo, o se ka wa taboga

1. EMA

2. ITATLHELE FA FATSHE

3. BIDIKAMA

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Coastal Training Technologies Corp. Reproduced by Permission

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go na le ditimamolelo di le dintsi tse di diretsweng go tima mefuta e e farologaneng ya molelo mo legaeng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Above illustration: Reprinted with permission from NFPA 10 - 1998, Portable Fire Extinguishers, Copyright © 1998, National Fire Protection Association, Quincy, Massachusetts 02269. This reprinted material is not the complete and official position of the NFPA on the referenced subject which is represented only by the standard in its entirety.