Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipalopalo Tse di Tshosang Tsa AIDS

Dipalopalo Tse di Tshosang Tsa AIDS

Dipalopalo Tse di Tshosang Tsa AIDS

KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA

THEMBEKA ke mosetsana wa dingwaga tse 12 yo o nnang mo motseng wa selegae o o mo borwa jwa Afrika. Batsadi ba gagwe ba bolailwe ke AIDS, mme o ne a sala a tlhokometse bomonnawe ba basetsana ba bararo ba ba nang le dingwaga di le lesome, yo mongwe di le thataro mme yo mongwe di le nnè. Mmegi wa dikgang o ne a bega jaana: “Basetsana bano ga ba na madi mme ba ikaegile fela ka se baagelani ba bone ba ba direlang sone ka bopelonomi . . . lofo ya borotho, ditapole di le mmalwa.” Setshwantsho sa basetsana bano ba banè se ne se le mo tsebeng ya ntlha ya lokwalodikgang longwe lwa Afrika Borwa le le neng le bega ka Khonferense ya bo13 ya Ditšhabatšhaba ya Aids, e e neng e tshwerwe ka July 2000, mo Durban, mo Afrika Borwa.

Bana ba le dimilione ba ba leng dikhutsana ka ntlha ya AIDS ba lebane le boemo jo bo tshwanang le jwa ga Thembeka le bomonnawe ba basetsana. Kwa khonferenseng eo go ne ga buiwa ka ditsela tsa go dirisana le masetlapelo a a oketsegang a AIDS, jaaka go ruta batho go thibela AIDS ka go dirisa dikhondomo; go dirisiwa ga kalafi ya AIDS e e sa jeng madi a mantsi, e jaanong e leng teng; le go ema nokeng mekento ya AIDS ka tsa madi. Go ne ga buiwa le kafa go leng motlhofo ka teng gore basadi, segolobogolo basetsana ba babotlana, ba tsenwe ke bolwetse jono ka teng.

Se se utlwisang botlhoko ke gore bana ba bantsi ba ba leng dikhutsana ka ntlha ya AIDS ba batliwa ke banna ba ba dumelang gore go tlhakanela dikobo le kgarebane go tla fodisa malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, banna ba bantsi ga ba nyale mosetsana pele ga a nna le ngwana. Ka jalo go dirisiwa ga dikhondomo go tsewa e le sekgoreletsi mo lenyalong le mo go reng mosadi a nne le bana.

Maswabi ke gore basetsana ba le bantsi ga ba itse sepe ka kotsi ya go tsenwa ke AIDS. Lokwalodikgang lwa Afrika Borwa lwa Sowetan lo ne lwa akgela jaana malebana le pego e e neng ya ntshiwa kwa khonferenseng ya United Nations Children’s Fund (UNICEF): “Mo dipatlisisong tsa Unicef go ile ga fitlhelwa gore diperesente di le 51 tsa basetsana ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 15 le 19 mo Afrika Borwa ba ne ba sa itse gore motho yo o lebegang a itekanetse o ka nna a tswa a tshwaeditswe ke HIV mme a ka e ba tshela.”

Lebaka le lengwe le le dirang gore AIDS e aname ke go sotlwa ga basadi mo go tsa tlhakanelodikobo. Ranjeni Munusamy, yo o neng a le teng kwa khonferenseng eo, o ne a bega jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Sunday Times ya Johannesburg, Afrika Borwa: “Thubakanyo e e dirwang mo basading, tsela e e tshwenyang thata e banna ba dirisang maatla a bone ka yone, ke yone e e ntseng e le sekgoreletsi se segolo thata sa go thibela HIV le go tlhokomela ba ba nang le yone. Ditsela tse dintsi tse e dirwang ka tsone—go betelela, go tlhakaneladikobo le ba losika, go itaya basadi le go ba sotla mo go tsa tlhakanelodikobo—di raya gore ba patelediwa go tlhakanela dikobo, mo ka bogone go dirang gore go nne motlhofo gore motho a tshwaediwe ke mogare wa HIV.”

Dipalopalo tse di ntshitsweng kwa khonferenseng eo di ne di tshosa, jaaka tšhate e e tsamaisanang le setlhogo seno e bontsha. Letsatsi le letsatsi, go fopholediwa gore basha ba ka nna 7 000 le masea a le 1 000 a tshwaediwa ke HIV. Mo ngwageng o le mongwe fela, ka 1999, bana ba ka nna 860 000 kwa borwa jwa Sahara mo Afrika ba ne ba latlhegelwa ke barutabana ba bone ka ntlha ya AIDS.

Go ya ka patlisiso e e gatisitsweng ke ba Medical Research Council ya Afrika Borwa, batho ba le dimilione di le 4,2 mo Afrika Borwa ba tshwaeditswe ke HIV, mo go rayang gore ke moagi a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 10. Mo mafatsheng a a bapileng le yone maemo a maswe le go feta. The Natal Witness e ne ya bega ka phopholetso e e dirilweng ke Census Bureau ya United States: “Palo ya batho ba ba mo mafatsheng a a tlhasetsweng ke Aids mo dinageng tsa Afrika e tloga e fokotsega thata mo bogautshwaneng fa batho ba le dimilione ba bolawa ke bolwetse jono, mme kwa bofelong jwa dingwaga tse di lesome, lobaka lo batho ba bantsi ba lo tshelang lo tla fokotsega go fitlha go dingwaga di ka nna 30.”

Masetlapelo a AIDS ke bosupi jo bongwe jwa gore batho ba tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ tse Baebele e boleletseng pele gore di ne di tla nna teng mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Barati ba Lefoko la Modimo, e leng Baebele, ba lebile pele kwa nakong e AIDS le mathata a mangwe otlhe a a tlhasetseng batho a tla fedisiwang ka botlalo le ka bosakhutleng. Mo bogautshwaneng, Bogosi jwa Modimo bo tla laola maemo a lefatshe. Mo lefatsheng le lesha la tshiamo, khumanego le kgatelelo e tla bo e le dilo tse di fetileng. (Pesalema 72:12-14; 2 Petere 3:13) Go na le moo, banni ba lefatshe ba tla itekanela ka mo go feletseng, mme ga go na ope wa bone yo o tla reng: “Ke a bobola.”—Isaia 33:24.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Go na le bana ba le 13 000 000 ba ba leng dikhutsana ka ntlha ya AIDS lefatshe ka bophara

[Tšhate/Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

PALO YA BAGOLO (BA BA NANG LE DINGWAGA TSE DI MAGARENG GA 15 le

49) BA BA NANG LE HIV/AIDS, KWA BOFELONG JWA 1999

Amerika Bokone 890 000

Caribbean 350 000

Latin America 1 200 000

Yuropa Bophirima 520 000

Yuropa Botlhaba le Yuropa Bogare 410 000

Afrika Bokone le Botlhabagare 210 000

Afrika kwa Borwa jwa Sahara 23 400 000

Asia Borwa le Borwabotlhaba jwa Asia 5 400 000

Asia Botlhaba le Pacific 530 000

Australia le New Zealand 15 000

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: UNAIDS

[Kerafa/Setshwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DIPERESENTE TSA BAGOLO (BA NA LE DINGWAGA tse 15 go ya go 49) BA

BA NANG LE HIV/AIDS MO DINAGENG DI LE 16 TSA AFRIKA KWA BOFELONG

JWA 1999

1 Botswana 35,8%

2 Swaziland 25,2

3 Zimbabwe 25,0

4 Lesotho 23,5

5 Zambia 20,0

6 South Africa 20,0

7 Namibia 19,5

8 Malawi 16,0

9 Kenya 14,0

10 C.A.R. 14,0

11 Mozambique 13,2

12 Djibouti 11,7

13 Burundi 11,3

14 Rwanda 11,2

15 Côte d’Ivoire 10,7

16 Ethiopia 10,6

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: UNAIDS

[Setshwantsho]

Thembeka le bomonnawe

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo: Brett Eloff