Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa ke Loleng le Bolwetse jo bo Koafatsang ka Teng

Kafa ke Loleng le Bolwetse jo bo Koafatsang ka Teng

Kafa ke Loleng le Bolwetse jo bo Koafatsang ka Teng

JAAKA GO BOLETSE TANYA SALAY

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ke ne ke le mmè yo o matlhagatlhaga thata e bile ke le modiredi wa nako e e tletseng mo torotswaneng ya Luverne, mo Alabama. Botshelo ka kwano bo kagiso e bile bo iketlile. Dilo tsotlhe di ne di lebega di re tsamaela sentle, nna le monna wa me, Duke, le morwaake yo mmotlana e bong Daniel. Morago ga moo, karonyana fela e e sa reng sepe e ne ya fetola botshelo jwa rona fela thata.

MATHATA a rona a ne a simolola ka 1992 fa ke ne ke ariwa gore ke ntshiwe popelo. Ka bonako fela morago ga moo, ke ne ka simolola go nna le ditlhabi tse di botlhoko thata e bile ke ntsha metsi gangwe le gape (ka makgetlo a ka nna 50 go ya go a le 60 ka letsatsi). Kgabagare ngaka ya me ya malwetse a sesadi e ne ya rulaganya nako ya gore ke kopane le ngaka nngwe e e berekang ka dirwe tsa motlhapo go leka go bona gore ke eng se se ka tswang se baka bothata jwa me.

Ke ne ka ya kwa bookelong go ya go dira diteko dingwe. Mo loetong lwa me lwa ntlha, ngaka eno e e berekang ka dirwe tsa motlhapo e ne ya bona se se neng se baka bothata jwa me—interstitial cystitis (IC), kana go ruruga go go koafatsang ga setlha. Go ne go se motlhofo go bona bothata jono ka gonne matshwao a bolwetse jwa IC a tshwana le a malwetse a mangwe a dirwe tsa motlhapo. Mo godimo ga moo, ga go teko e e tlhomameng e e ka dirwang go lemoga bolwetse jwa IC. Ka jalo, dingaka di tshwanetse go alafa mathata a mangwe pele ba ka bona matshwao a bolwetse jwa IC.

Ngaka ya rona e ne ya re bolelela ka tlhamalalo gore ka ntlha ya gore go ne go se motlhofo go bona kalafi, kwa bokhutlong ke tlile go tshwanelwa ke go ntsha setlha sotlhe! O ne a bolela gore go ne go na le mefuta e mengwe ya kalafi mme yotlhe ga e a ka ya atlega. Ke boammaaruri gore dikgang tseno di ne di garola pelo tota. Ke ne ke ntse ke itekanetse sentle nako eno yotlhe. Jaaka re le Basupi ba ga Jehofa, nna le Duke re ne re ntse re le mo bodireding jwa nako e e tletseng ka dingwaga di le dintsinyana, mme jaanong ke ne ka bolelelwa gore setlha sa me se tshwanetse go ntshiwa. Ke itumelela gore ke bone kemonokeng e e molemo thata go tswa mo monneng wa me.

Re ne ra swetsa ka gore re senke ngaka e nngwe e e berekang ka dirwe tsa motlhapo. Re ne ra leka dingaka di le mmalwa. Ka maswabi, ka nako eo dingaka di le dintsi di ne di sa itse thata ka bolwetse jwa IC. Gape, dingaka di le dintsi tse di berekang ka dirwe tsa motlhapo di na le dikgopolo tsa bone tse di farologaneng ka bolwetse jono jwa IC, ka jalo, ngaka nngwe le nngwe e buelela mofuta o o farologaneng wa kalafi. Lokwalopaka longwe lwa kalafi lo bolela jaana: “Go lebega bolwetse jono e le jo bo sa foleng.” Lo longwe lone lwa re: “Le jaanong borasaense ga ba ise ba bone kalafi ya bolwetse jwa IC, e bile ga ba kgone go bolelela pele gore ke molwetse ofe yo o tla nnang botoka thata fa a dirisa kalafi e e rileng e le yone ba sa itseng gore ke efe. . . . Ka ntlha ya gore dingaka ga di itse gore ke eng se se bakang bolwetse jwa IC, kalafi e ba e nayang batho ke e e thusang go fodisa matshwao a bolwetse fela.”

Ke ne ke opelwa thata ka ntlha ya go gonega mesifa le go nna ke ntsha metsi gangwe le gape mo e leng gore ke ne ke ikemiseditse go leka mo e ka nnang sengwe le sengwe se dingaka di neng di se akantsha. Ke lekile melemo e e farologaneng e e fetang 40 mmogo le mere, le mefuta e mengwe ya kalafi e e jaaka acupuncture, go kaba ditshikana, go dirisa dimao tsa epidural le tse di tlhabiwang mo mokoleleng, le kalafi ya transcutaneous electrical nerve stimulation (TENS), e mo go yone makhubu a a itekanetseng a motlakase a tsenang mo mmeleng ka metsotso kana ka diura. Ke ne ka dira dipatlisiso di le dintsi ka mo ke ka kgonang ka teng ka bolwetse jono, e leng selo se se neng sa nthusa go le gonnye go tlhaloganya se se neng se ntiragalela.

Gone jaanong, ke dirisa methadone, e leng seokobatsi se se fokotsang ditlhabi, mmogo le mefuta e mengwe e le merataro ya kalafi. Gape ke ya ka metlha kwa tliliniking e e alafang ditlhabi, koo ke tlhabiwang ka dimao tsa epidural le go newa di-steroid tse di nthusang go itshokela botlhoko. Go alafa bothata jwa go ntsha metsi gangwe le gape, ke ya kwa bookelong mo e ka nnang morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo kana tse nnè go ya go dirwa selo se go tweng ke hydrodistension, e mo go yone go dirisiwang metsi go budulosa setlha gore se nne jaaka balunu. Ke setse ke dirilwe jalo makgetlo a le mmalwanyana. Mme se dira gore ke ikutlwe ke le botokanyana ka dikgwedi di se kae. Ke setse ke etetse bookelo ka makgetlo a feta a le 30 mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng.

Go tweng ka kalafi e go neng go lebega e le ya makgaolakgang, ya go ntsha setlha sotlhe sa motlhapo? Motswedi mongwe wa tshedimosetso o bolela jaana: “Dingaka di le dintsi di a okaoka fa di tshwanetse go dira karo eno ka gonne ga di kgone go bonela pele ditlamorago mo molwetseng mongwe le mongwe—batho bangwe ba a ariwa mme ba bo ba sa ntse ba na le matshwao a bolwetse.” Ka jalo, gone jaanong ke sa ntse ke sa batle go tsaya tshwetso eo.

Ka dinako tse dingwe setlhabi se nna botlhoko thata e bile se opa ka metlha mo e leng gore go ka nna motlhofo gore motho a itlhoboge. E bile nkile ka akanya gore ke ipolaye. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa kgone go itshokela go bona kafa seno se neng se tlile go tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa ka teng. Ke kgona go bona botlhokwa jwa thapelo le jwa thuto ya motho ka namana mmogo le go nna le botsalano jo bo gaufi le Jehofa, ka gonne ga o na o itse gore o ka nna wa diragalelwa ke eng se se tla fetolang botshelo jwa gago. Ruri botsalano jono bo bolokile botshelo jwa me ka nako ya fa ke lwala, ka gonne ke a itse gore nkabo ke ipolaile.

Fa ke leba kwa morago mo dingwageng tseno tse robongwe tse di fetileng, ke bona kafa botshelo bo ka fetogang ka bonako ka teng. Ke tlhaloganya mafoko a Moreri 12:1, a a reng: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago, pele ga malatsi a masetlapelo a goroga, kgotsa dingwaga di goroga tsa fa o tla bo o re: ‘Ga ke na kgatlhego mo go tsone.’” Ke leboga thata go bo ke ile ka simolola bodiredi jwa nako e e tletseng ke le dingwaga di le 15 mme ka kgona go tswelela ka jone ka dingwaga di le 20. Ka nako eo ke ne ka nna le botsalano jo bo gaufi thata le Jehofa.

Ke leboga Jehofa ka monna wa me le morwaake, Daniel, ba ba ileng ba nkema nokeng fela thata. Gape, go kgothatsa thata go bona fa batho ba phuthego ba nteletsa megala kana ba tla go nketela. Ga ke kgone go tswela kwa ntle mariga ka gonne serame se gakatsa go gonega ga mesifa ya me. Ka nako eo ke neela bosupi ka thelefouno, e leng selo se se dirang gore ke nne ke akanya ka tsholofelo ya Paradaise ka dinako tsotlhe le go e leba e le selo sa mmatota. Ke lebeletse pele kwa nakong ya fa bolwetse le matshwenyego e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng mme di sa tlhole di gakologelwa.—Isaia 33:24.