Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Phoso ka go Tswa ka go Ikutswa mo Gae?

Ke Eng se se Phoso ka go Tswa ka go Ikutswa mo Gae?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng se se Phoso ka go Tswa ka go Ikutswa mo Gae?

“Re ne re na le go tswa re ikutswa bosigo re ya kwa resetšhurenteng e potlana re ya go kopana le ba bangwe teng. Go tswa foo re ne ra simolola go ya go nna kwa thoteng nngwe. Bana botlhe ba ne ba goga motsoko, mme nna ga ke ise nke ke goge. Re ne re nna moo re bua ka dilo tse dintsi, re reeditse mmino wa heavy metal. Go tswa foo re ne re ya gae ka 5:00 a.m. pele ga batsadi ba me ba tsoga.”—Tara. *

“Fa rre a ne a ya tirong mme mmè a robetse, ke ne ke ikutswa ke tswa ka kgoro e e kwa pele. Ke ne ke e tlogela e butswe gore a se ka a nkutlwa fa ke e tswala—e ne e le kgoro ya tshipi. Ke ne ke nna le ditsala tsa me bosigo jotlhe. Mo mosong, fa letsatsi le tlhaba, ke ne ke leka go tsena mo ntlong ke ngwangwaela. Ka dinako tse dingwe o ne a lemoga gore ke tsamaile mme a ntotlelele kwa ntle.”—Joseph.

GO IKUTSWA—go utlwala go le monate e bile go itumedisa. Ke nako ya go itumelela botshelo o le nosi ka diura di sekaenyana, nako ya gore o dire se o batlang go se dira le ya go nna le batho ba o batlang go nna le bone o sa ikarabelele mo go ope. Gape, gongwe o setse o kile wa utlwa balekane ba gago ba ipelafatsa ka dilo tse ba di dirang le kafa go nnang monate ka teng fa ba ngwegile bosigo. Ka jalo o ka nna wa ikutlwa o raelesega fela thata gore o kopanele le bone mo go seno.

Mo patlisisong e e dirilweng mo baneng ba sekolo se sebotlana le ba sekolo se segolo ba le 110 kwa Amerika Bokone, ba le 55 ba ile ba dumela gore ba kile ba ikutswa bobotlana gangwe fela. Bontsi jwa bone ba dirile jalo la ntlha ba na le dingwaga di le 14. Bothata jono bo masisi mo e leng gore baitse bangwe ba kgothaletsa gore batsadi ba tsenye dialamo tsa motlakase tse di tla kuang mokgosi mo magaeng a bone gore ba thibele bana ba bone gore ba se ka ba tsamaya ba sa laela. Ke ka ntlha yang fa basha ba bantsi jaana ba ipaya mo kotsing ya go galefelwa ke batsadi ba bone ka go tswa mo lapeng ka go ikutswa?

Lebaka La go Bo Bangwe ba Ikutswa

Ka dinako tse dingwe basha ba ikutswa fela ka gonne ba lapile pelo kgotsa ba batla go itumela le ditsala tsa bone. Buka ya Adolescents and Youth e tlhalosa gore basha ba ka nna ba ikutswa “ka gonne ba na le dithibelo dingwe tse ba di beetsweng, ka sekai gore ba boele mo lapeng nako e sa ntse e le teng maitseboa kgotsa fa ba ilediwa go tswa ka lobaka lo lo rileng lwa nako e le kotlhao mo go ileng ga dira gore ba se ka ba kgona go ya kokoanong nngwe. Mosha o tsamaya fela go ntse go le jalo mme ka dinako tse dingwe o kgona go boa go sa lemogiwa.” Mosetsana mongwe yo o nang le dingwaga tse 16 o ne a tlhalosa mabaka a gagwe a go bo a ikutswa. O bolela jaana: “Ke ikutlwa e kete ke losea mme ga ke na kgololesego ya go tshela kafa ke batlang ka teng. Go batliwa gore ke bo ke boetse mo gae go sa le gale go feta basha ba bangwe. Mme batsadi ba me ga ba ntetle gore ke ye kwa mafelong a ditsala tsa me di yang kwa go one . . . Ka jalo ke a tsamaya ke bo ke bua maaka.” Joseph, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a simolola go ikutswa fa a ne a na le dingwaga di le 14 a ile kwa khonsateng ya mmino wa repe e batsadi ba gagwe ba neng ba mo ileditse go ya kwa go yone.

Boammaaruri ke gore basha ba bantsi ga ba ngwege ka ntlha ya maikaelelo a a bosula. Tara, mongwe wa basha ba ba nopotsweng kwa tshimologong, o ne a re: “Selo se se tlileng pele mo megopolong ya rona e ne e se gore ‘A re yeng go dira boleo jo bo maswe.’ Ke ne ke batla go etela ausi wa me mme ene o ne a batla go tswa le ditsala tsa gagwe ba ya go ijesa monate.” Joseph o ne a re: “Re ne re nna mmogo fela. Ke ne ke batla go tlotla le ditsala tsa me le go nna le tsone.” Le fa go nna mmogo le ditsala tsa gago go felela ka tlolomolao e kgolo ka sewelo fela, basha ba bantsi ba tsena mo mathateng a a masisi.

Dikotsi Tsa Teng

Ngaka ya malwetse a tlhaloganyo Dr. Lynn E. Ponton o akgela jaana: “Go tlwaelegile gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba itsenye mo kotsing.” Dr. Ponton o tswelela a tlhalosa gore go tlwaelegile gongwe e bile go siame gore basha ba batle go ikemela ka nosi, ba leke go dira dilo tse disha, ba nne mo maemong a masha a a kgatlhang. Ke karolo ya go gola. Mme basha ba bantsi ba fetelela thata ba bo ba itsenya mo kotsing—segolobogolo fa ba le kgakala le mo batsadi ba bone ba ka ba bonang teng. Makasine wa Teen o bolela jaana: “Go gatelelwa ke balekane, go lapa pelo, go nna le nonofo e e sa laolesegeng kgotsa sengwe se se dirang gore motho a fetoge, jaaka bojalwa . . . di dira gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba itsenye mo kotsing—mme ba duele ka matshelo a bone.” Patlisiso nngwe e ne ya dira lenaane la dilo tse basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba di dirang tse di ba tsenyang mo kotsing, go akaretsa go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng, bosenyi, go kgweetsa ba tagilwe le go utswa.

Fa o setse o kile wa tlhoka kutlo go le gonnye fela, go motlhofo gore o simolole go dira diphoso tse di masisi. Go ntse jaaka Jesu a boletse mo go Luke 16:10: “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo.” Ga go gakgamatse gore go ikutswa le ditsala tsa gago go ka felela ka gore o dire maleo a a masisi. Tara o ne a dira boaka. Joseph o ne a simolola go rekisa diokobatsi, a tshwarwa, a ya kgolegelong. Mosha wa Mokeresete yo o bidiwang John o ne a simolola go dirisa diokobatsi kafa go sa tshwanelang le go utswa dikoloi. Go utlwisa botlhoko gore basha ba bantsi ba roba matswela a boitshwaro jo bo ntseng jalo—go nna baimana ba sa batle, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, kgotsa go tshwakgolwa ke bojalwa kgotsa diokobatsi.—Bagalatia 6:7, 8.

Go Senyega

Se se ka nnang maswe go feta go senyega ga mmele wa gago e ka nna go gobala ga maikutlo a gago. Go botlhoko tota go nna le segakolodi se se tshwenyegileng. (Pesalema 38:3, 4) Joseph o bolela jaana: “Go na le polelo e e reng motho ga a anaanele se a nang le sone go fitlha se mo latlhegela. Ka dinako tse dingwe ke akanya ka dilo tsa nako e e fetileng mme ga ke kgone go dumela gore ke tlhokile temogo go le kana kana.”

Gape ga o a tshwanela go lebala gore seno se ka go senya leina. Moreri 10:1 e bolela jaana: “Dintsi tse di suleng ke tsone tse di dirang gore leokwane la modiri wa setlolo le nkge sebodu, le ntshe dipudula. Ka jalo boeleele bo le bonnye bo dira jalo mo go yo o tlhwatlhwakgolo ka ntlha ya botlhale le kgalalelo.” Mo metlheng ya bogologolo setlolo kgotsa senkgisamonate se se tlhwatlhwakgolo se ne se kgona go senngwa ke selo se sennye jaaka ntsi e e suleng. Ka tsela e e tshwanang, leina la gago le lentle le o dirileng ka thata gore o nne le lone le ka senngwa fela ke “boeleele bo le bonnye.” Mme fa o le Mokeresete, ga go na pelaelo gore go itshwara ka tsela e e ntseng jalo e e sa siamang go tla dira gore o se ka wa nna le ditshiamelo mo phuthegong. Tota gone, o ka kgothatsa jang ba bangwe gore ba latele melaometheo ya Baebele fa ba itse gore wena ga o dire jalo?—Baroma 2:1-3.

La bofelo, akanya gore batsadi ba gago ba tla utlwa botlhoko jang fa ba lemoga gore ga o yo. Motsadi mongwe o bolela kafa a neng a tshogile ka teng fa a ne a lemoga gore morwadie wa dingwaga tse 15 o ne a seyo mo ntlong. O tlhalosa gore ene le monna wa gagwe ba ne ba ‘tshwenyegile go feta selekanyo’ ka gonne ba ne ba sa itse gore morwadiabone o ne a ile kae. A o batla go utlwisa batsadi ba gago botlhoko le go ba hutsafatsa jalo?—Diane 10:1.

Go Nna le Kgololesego e e Oketsegileng

Go a utlwala gore go ka go utlwisa botlhoko tota fa batsadi ba gago ba gagamaditse letsogo mo go feteletseng. A mme go ikutswa ke yone tharabololo? Ga go ka fa o ka se kang wa tshwarwa. Le fa o le leferefere mo o kgonang go aketsa batsadi ba gago, Jehofa Modimo o bona ditiro tsa gago, le tse o di dirang go le bosigo. (Jobe 34:21) Go ise go ye kae o tla senolwa, mme seo se tla dira gore batsadi ba gago ba se ka ba tlhola ba go tshepa jaaka pele. Matswela e tla nna eng? O tla latlhegelwa ke sone selo se o neng o se batla—kgololesego!

Gakologelwa: Gore o nne le kgololesego, o tshwanetse go dira gore batsadi ba gago ba go ikanye. Mme tsela e e molemo go di feta tsotlhe ya go dira jalo ke ka go ba ikobela. (Baefeso 6:1-3) Fa o na le maikutlo a gore batsadi ba gago ga ba go akanyetse ka tsela nngwe, bua le bone o ntsha maikutlo a gago—gape o bue le bone ka go ba tlotla. Ga go na pelaelo gore ba tla akanyetsa se o se buang. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa fitlhela gore ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba go thibela ka tsela nngwe. Le fa o sa dumalane le bone, le ka motlha o se ka wa lebala gore ba a go rata e bile ba go batlela dilo tse di molemo. Tswelela o dira gore ba go ikanye, mme ka nako e e tshwanetseng o tla bona kgololesego e o e batlang. *

‘O se Ka wa Tsamaya le Bone’

Mo metlheng ya bogologolo, basha ba ba boifang Modimo gantsi ba ne ba raelesega go itshwara ka tsela e e sa laolesegeng le balekane ba bone. Ka jalo Solomone o ne a kgothatsa basha jaana: “Morwaaka, fa baleofi ba leka go go faposa, o se ka wa dumela. . . . o se ka wa tsamaya mo tseleng le bone.” (Diane 1:10, 15) O reetse kgakololo eo fa batho ba ba ipitsang ditsala tsa gago ba leka go go kgothaletsa gore o ikutswe. Solomone o tlhagisa jaana gape: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.

Fa e le gore o setse o simolotse go ikutswa, emisa! Go tlile go felela go gobetse wena. Itsise batsadi ba gago se o ntseng o se dira, mme o ikemisetse go amogela kotlhao kgotsa dithibelo tse ba ka nnang ba di go beela. Fa go tlhokega, tlhopa ditsala tse disha—ditsala tse di tla go tlhotlheletsang go dira molemo. (Diane 13:20) Batla ditsela tse dingwe tse di agang le tse di seng kotsi tsa go ijesa monate.

Se se botlhokwa le go feta, tokafatsa bomoya jwa gago ka go bala Baebele le ka go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mopesalema o ne a botsa jaana: “Lekau le tla ntlafatsa tselana ya lone jang?” O araba jaana: “Ka go nna le itebeletse kafa lefokong la [Modimo].” (Pesalema 119:9) Fa o ntse o fetola mogopolo wa gago gore o dire se se siameng, o tla lemoga gore le fa go ikutswa go ka tswa go le monate e bile go itumedisa, ga go a tshwanela ka gonne go ka go tsenya mo kotsing.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 19 Go bona tshedimosetso ya go bona kgololesego e e oketsegileng, bona kgaolo 3 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

“Batsadi ba me ga ba ntetle gore ke ye kwa mafelong a ditsala tsa me di yang kwa go one . . . mme ke a tsamaya ke bo ke bua maaka”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Go ikutswa gantsi go felela ka mathata a a masisi