Kgwebo E e Sa Bolong go Nna Teng
Kgwebo E e Sa Bolong go Nna Teng
Lebenkele la ga John le go betlelwang dikgong mo go lone le ne le agilwe sentle thata e bile le na le didirisiwa di le dintsi thata go gaisa mabenkele a mangwe otlhe a lefelo le a neng a nna mo go lone. Le ne le mo ipedisa e bile le le botlhokwa thata mo go ene. Le fa go ntse jalo, bosigo bongwe go ne ga runya molelo. Mo diureng di le mmalwa fela, lebenkele leno la gagwe le lentle le ne la fetoga molora.
PELENYANA, John o ne a akantse gore a reke inshorense ya molelo ka mangwe a madi a a neng a a dirisa go aga lebenkele la gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a akanya jaana: ‘Ke kelotlhoko thata. Mme fa go sa nne le molelo, ke tla bo ke senya madi ka go duela inshorense.’ Le fa go ntse jalo, molelo o ne wa runya. Fa lebenkele la ga John le ne le ka bo le tsentswe mo inshorenseng, go bonala sentle gore a ka bo a ile a kgona go aga le lengwe gape. Mme ka ntlha ya gore o ne a se na inshorense, ga a ka a kgona.
Inshorense ke Eng?
Tota inshorense ga se kgwebo ya go tsadisa madi e mo go yone motho a lebeletseng go bona madi a gagwe gape. E bile ga se go betšha. Motho yo o betšhang o tsenya madi a gagwe mo kotsing, fa inshorense yone e sireletsa motho mo dikotsing tse di ntseng di le teng ka gale. Inshorense ke tsela nngwe ya go thusa batho ba bangwe fa ba tlhagetswe ke dikotsi.
Go simolola mo metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba neelana ka dilo dingwe tsa bone go thusa batho ba ba senyegetsweng. Mo e ka nnang dingwaga di le 3 500 tse di fetileng, Moshe o ne a laela setšhaba sa Iseraele go neela “moagi wa moeng le mosimane yo o se nang rre le motlholagadi” karolo nngwe ya dikungo tsa sone ka dinako tse di neng di tlhomilwe.—Duteronome 14:28, 29.
Tshimologo ya Inshorense
Inshorense ga e bolo go nna teng ka dingwaga di le diketekete. Mofuta mongwe wa inshorense ya sekoloto o ne o le teng mo Molaong wa Hammurabi, e leng motlobo wa melao ya Babelona e go tweng e tlile pele ga Molao wa ga Moshe. Beng ba dikepe ba ne ba adima madi mo babeeletsing go duelela maeto a bone a kgwebo mo metlheng ya bogologolo. Fa sekepe se ne se ka senyega, e ne e se boikarabelo jwa beng ba sone go busa madi a ba a adimileng. E re ka dikepe di le dintsi di ne di boa di babalesegile, morokotso o o neng o duelwa ke beng ba le bantsi ba dikepe o ne o lekane go duela batho ba ba neng ba ba adima madi.
E ne e le mo go yone nako eo ya dikgwebo tse di neng di dirwa mo mawatleng go neng ga simolola khampani nngwe ya inshorense e e itsegeng thata go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng ya Lloyd’s of London. Ka 1688, Edward Lloyd o ne a na le lefelo le a neng a rekisa kofi mo go lone le bagwebi le baboloki ba madi ba kwa Lontone ba neng ba kopana mo go lone go dira kgwebo. Koo bomankge ba ba dirang ka madi ba ba neng ba naya batsamaisadikepe
ditumalano tsa diinshorense, ba ne ba kwala maina a bone mo tlase ga selekanyo se se rileng sa madi a ba neng ba tla a duela fa go ne go ka tlhaga kotsi nngwe. Kgabagare, ka 1769, Lloyd’s e ne ya nna setlhopha sa semolao sa beng ba diinshorense se fa nako e ntse e tsamaya se neng sa gola go nna mokgatlho o mogolo thata o o duelelang ditshenyegelo tsa dikotsi tse di diregang mo lewatleng.Inshorense Gompieno
Fa batho ba reka inshorense gompieno, ba sa ntse ba thusa go duelela batho ba bangwe ditshenyegelo tsa bone fa ba tlhagetswe ke dikotsi. Dikhampani tsa segompieno tsa diinshorense di tlhatlhoba dipalopalo tse di bontshang kafa batho ba neng ba senyegelwa ke dilo ka teng mo nakong e e fetileng—ka sekai, go senyegelwa ke dilo ka ntlha ya melelo e e runyang mo mabenkeleng—go leka go bona gore bareki ba bone ba ka senyegelwa ke dilo dife mo nakong e e tlang. Khampani ya inshorense e dirisa madi a a duelwang ke bareki ba le bantsi go duelela bareki ba ba senyegelwang.
A o tlhoka inshorense? Fa e le gore go ntse jalo, ke mofuta ofe wa inshorense e e siametseng maemo a gago? Mme le fa o ka tswa o na le inshorense kana nnyaa, ke dikgato dife tsa go itshireletsa tse di ka go thusang go lepalepana ka katlego le dikotsi tsa botshelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Khampani nngwe e e itsegeng thata mo lefatsheng lotlhe ya inshorense e ne ya simolola mo lefelong le go rekisetswang kofi mo go lone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of Lloyd’s of London