Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Kgatlhilwe ke Kafa di Leng Boammaaruri ka Gone

O Kgatlhilwe ke Kafa di Leng Boammaaruri ka Gone

O Kgatlhilwe ke Kafa di Leng Boammaaruri ka Gone

POROFESA MONGWE WA UNIBESITHI kwa Spain o ne a kwalela ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa nageng ya gabone a bolela kafa a anaanelang Tsogang! ka teng. O ne a tlhalosa jaana:

“Ke ne ka amogela dikhopi tse pedi tsa makasine wa lona wa Tsogang! bosheng jaana. Ke ne ka fitlhela di na le ditlhogo tse di kgatlhang tota tse di buang ka dikgang tse di farologaneng. Ga ke kopanele le bodumedi bope, mme ke ne ka anaanela kafa kgatiso eno e leng boammaaruri ka teng. Gape e na le ditshwantsho tse dintle thata, e bile e bolela dikgang ka tsela e e lekalekaneng le kafa ba saense ba lebang dilo ka teng. Ke lo akgolela maiteko a lo a dirang.”

Mo bontsing jwa ditlhogo tsa yone, Tsogang! e phutha bosupi jo bontsi jo bo farologaneng jo bo tswang mo metsweding e e farologaneng ya thuto jo bo thusang babadi ba yone gore ba itirele ditshwetso ka dilo tse ba di itseng. Go dirilwe ka tsela e e tshwanang mo boroutšhareng jo bo nang le ditsebe tse 32 jo bo reng Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang? Ka sekai, mo ditlhogwaneng tse di reng “A Botshelo Bo Simologile ka Tshoganetso Fela?” le “Tlhamo E Tlhoka Motlhami,” go ntshiwa bosupi jo bo tsamaisanang le kgang eo ke batho ba tsa thutodinaledi, thutatshelo ya ditshedi tse di bonwang fela ka maekorosekoupu, le ba fisikisi.

O ka kopa boroutšhara jono jwa Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang?, ka go tlatsa setlankana se se fa tlase o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng mo setlankaneng seno kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di bontshitsweng mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomelelang khopi ya boroutšhara jwa Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang?

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Galaxy: Courtesy of Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin