Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ditoro ke Melaetsa e e Tswang Kwa Modimong?

A Ditoro ke Melaetsa e e Tswang Kwa Modimong?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Ditoro ke Melaetsa e e Tswang Kwa Modimong?

GO BEGWA gore kgopolo ya go dira motšhine o o rokang ya motlhami Elias Howe e ne e theilwe mo torong e a neng a e lora. Motlhami wa dipina e bong Mozart o ne a bolela gore bontsi jwa ditlhogo tsa dipina tsa gagwe di ne di tswa mo ditorong tse a di lorileng. Rakhemisi mongwe e bong Friedrich August Kekule von Stradonitz le ene o ne a bolela gore o thusitswe ke toro go bona gore molekhule wa benzene o bopegile jang. Batho bano ga se bone fela ba ba neng ba nna le boikutlo jono. Go ralala hisitori batho ba ditso tse dintsi ba ntse ba dumela gore ditoro di bakwa ke maatla mangwe a a sa tlwaelegang. Mo ditsong tse dingwe, go dumelwa gore dilo tse di diregang mo torong di tshwana fela le tse di diregang fa motho a sa robala.

Baebele e na le dipego di le mmalwa tse mo go tsone ditoro di tlhalosiwang e le motswedi o o botlhokwa wa tshedimosetso—e le tsela e Modimo a buang le batho ka yone. (Baatlhodi 7:13, 14; 1 Dikgosi 3:5) Ka sekai, Modimo o ne a bua le Aborahame, Jakobe le Josefa ka ditoro. (Genesise 28:10-19; 31:10-13; 37:5-11) Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare o ne a amogela ditoro tsa boporofeti tse di tswang kwa Modimong. (Daniele 2:1, 28-45) Ka jalo, a go ka tswa go na le lebaka le le utlwalang la gore re dumele gore le gompieno ditoro dingwe ke melaetsa e e tswang kwa Modimong?

Ditoro Tse di Tswang Kwa Modimong

Mo Baebeleng, ka metlha ditoro tse di neng di tlhotlheleditswe ke Modimo di ne di lorwa ka ntlha ya lebaka lengwe le le rileng. Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe molori o ne a sa kgone go tlhaloganya ka bonako se toro e se bolelang. Le fa go ntse jalo, gantsi “Mosenodi wa diphiri” e ne e le ene yo o nayang tlhaloso ka boene gore go se ka ga belaelwa bokao jwa toro. (Daniele 2:28, 29; Amose 3:7) Ditoro tse di tswang kwa Modimong di ne di na le tlhaloganyo go feta ditoro di le dintsi tse di tlwaelegileng.

Ka dinako tse dingwe, Modimo o ne a dirisa ditoro go sireletsa batho bangwe ba ba neng ba na le seabe se segolo mo go diragatseng boikaelelo jwa gagwe. Batho bangwe ba ba neng ba amogela ditoro tseno e ne e se batlhanka ba Modimo. Ka sekai, balepadinaledi ba ba neng ba etela Jesu yo mmotlana ga ba a ka ba boela kwa go Herode wa mmolai jaaka a ne a ba kopile. Ka ntlha yang? Ba ne ba neelwa tlhagiso mo torong. (Mathaio 2:7-12) Seno se ne sa naya rre yo o godisitseng Jesu, e bong Josefa, nako e e lekaneng ya go tshabela kwa Egepeto le lelapa la gagwe, go ya ka kaelo e le ene a neng a e neilwe mo torong. Seno se ne sa boloka botshelo jwa ga Jesu yo mmotlana.—Mathaio 2:13-15.

Dingwaga di le makgolo pele ga moo, faro wa Egepeto o ne a lora diako di le supa tse dintle le dikgomo di le supa tse di nonneng tse di neng di farologane le diako di le supa tse ditshesane le dikgomo di le supa tse di bopameng. Josefa o ne a tlhalosa ditoro tseno sentle ka thuso ya Modimo: Egepeto e ne e tla ipelela dingwaga di le supa tsa letlotlo morago ga moo go latele dingwaga di le supa tsa leuba. Go itse seno go sa le gale go ne ga naya Baegepeto nako e e lekaneng ya go ipaakanya le go boloka dijo ka bontsi. Seno se ne sa boloka ditlogolwana tsa ga Aborahame le go dira gore di tle mo Egepeto.—Genesise, kgaolo 41; 45:5-8.

Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare le ene o ne a lora toro nngwe. E ne e bolelela pele ka ga go ema le go phutlhama ga mebuso e megolo ya lefatshe e e neng e tlile go ama batho ba Modimo ka tlhamalalo. (Daniele 2:31-43) Moragonyana, o ne a lora gape toro e e neng e bolelela pele kafa a neng a tlile go tsenwa ka teng le kafa moragonyana a neng a tlile go rarabologelwa ka gone. Toro eno ya boporofeti e ne e tlile go diragadiwa ka tsela e kgolwane, e tlhalosa go tlhongwa ga Bogosi jwa Bomesia, jo Modimo a neng a tlile go diragatsa thato ya gagwe ka jone.—Daniele 4:10-37.

Go Tweng ka Gompieno?

Ebu, Modimo o ne a bua le batho bangwe ka ditoro. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore seno se ne se direga ka sewelo. Le ka motlha ditoro e ne e se tsela ya konokono e Modimo a neng a e dirisa go bua le batho. Go ne go na le batlhanka ba le bantsi ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba sa amogelang melaetsa e e tswang kwa Modimong ka ditoro. Tsela e Modimo a dirisang ditoro ka yone go bua le batho e ka bapisiwa le kafa A neng a kgaoganya Lewatle le Lehibidu ka gone. Re a itse gore o ne a dira seno gangwe fela, mme eno ga se yone tsela e e tlwaelegileng e tota a dirisanang le batho ba gagwe ka yone.—Ekesodo 14:21.

Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore mo motlheng wa gagwe moya wa Modimo o ne o dira mo batlhankeng ba gagwe ka ditsela di le dintsi tse di tlhomologileng. Paulo o ne a bua jaana: “Yo mongwe o newa puo ya botlhale ka moya, yo mongwe puo ya kitso go ya ka one moya oo, yo mongwe tumelo ka one moya oo, yo mongwe dimpho tsa diphodiso ka one moya o le mongwe oo, yo mongwe gape go dira ga ditiro tse di maatla, yo mongwe go porofeta, yo mongwe temogo ya dipolelo tse di tlhotlheleditsweng, yo mongwe diteme tse di farologaneng, mme yo mongwe go phutholola diteme.” (1 Bakorintha 12:8-10) Le mororo ditoro tse di neng di tlhotlheleditswe ke Modimo di sa umakiwa ka tlhamalalo, go bonala Bakeresete ba le bantsinyana ba ne ba amogela ditoro tse di neng di tlhotlheleditswe ke Modimo e le nngwe ya dimpho tsa moya go diragatsa Joele 2:28.—Ditiro 16:9, 10.

Le fa go ntse jalo, moaposetoloi yono o ne a bolela jaana malebana le dimpho tseno tse di kgethegileng: “Fa go na le dimpho tsa go porofeta, di tla nyelediwa; fa go na le diteme, di tla kgaotsa; fa go na le kitso, e tla nyelediwa.” (1 Bakorintha 13:8) Go a bonala gore selo se sengwe se se neng se akareditswe mo dimphong tse di neng di tlile go “nyelediwa” e ne e le ditsela tse di farologaneng tse Modimo a neng a di dirisa go bua le batho. Morago ga loso lwa baaposetoloi, Modimo o ne a kgaotsa go naya batlhanka ba gagwe dimpho tseno tse di kgethegileng.

Gompieno, bomankge ba sa ntse ba leka go tlhaloganya gore go tla jang gore motho a lore le gore a ditoro di ka tswa di na le tiro nngwe e e mosola. Baebele ga e re neye tshedimosetso epe mo dikgannyeng tseno. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa batho ba ba nnelang go batla go nna le dipuisano le Modimo mo ditorong tsa bone. E bolela jaana mo go Sekarea 10:2: “Baitseanape . . . ba bua ditoro tse di se nang mosola.” Gape Modimo o tlhagisa le ka bodiphatsa jwa go batla ditshupo. (Duteronome 18:10-12) Ka ntlha ya ditlhagiso tseno, gompieno Bakeresete ga ba a lebelela go amogela kaelo e e tswang kwa Modimong mo ditorong tsa bone. Go na le moo, ba tsaya ditoro e le selo fela se se diregang fa motho a robetse.