Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibetsa Tse Dinnye, Mathata a Magolo

Dibetsa Tse Dinnye, Mathata a Magolo

Dibetsa Tse Dinnye, Mathata a Magolo

KA MASOMESOME a dingwaga, dipuisano tse di malebana le go laola dibetsa di ne di remeletse thata mo kgannyeng ya dibetsa tsa nuklea. Seno ga se gakgamatse ka gonne bomo e le nngwe fela ya nuklea e ka senya motse otlhe. Le fa go ntse jalo, go farologana le dibetsa tse dinnye, dibetsa tseno tse di nonofileng thata ga di a ka tsa dirisiwa mo ntweng mo dingwageng tse di fetang 50.

Rahisitori mongwe wa sesole yo o tlotlegang e bong John Keegan o kwala jaana: “Dibetsa tsa nuklea ga di ise di bolaye motho ope fa e sa le ka 9 August 1945. Batho ba le 50 000 000 ba ba suleng mo dintweng fa e sa le ka letlha leo, ba bolailwe thata ke dibetsa tsa madi a a kwa tlase, tse di dirwang ka bontsi e bile e le tse dinnye, tse di sa jeng madi a a fetang a diradio le dibeteri tse di neng di tletse mo lefatsheng ka nako eo. Ka ntlha ya gore dibetsa tsa madi a a kwa tlase ga di a ka tsa tshwenya botshelo mo dinageng tse di tlhabologileng, kwantle fela ga kwa dinageng dingwe tse mo go tsone go tletseng dikgwebo tsa diokobatsi le borukhutlhi jwa bopolotiki, batho ba ba nnang mo dinageng tseno tse di humileng ba diegile go lemoga matlhotlhapelo a a bakwang ke go dirisiwa ga dibetsa tseno.”

Ga go motho ope yo o itseng sentle gore dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata di aname thata go le kana kang, mme bomankge ba fopholetsa gore go ka tswa go na le dibetsa di le dimilione di le 500 tsa mofuta wa sesole. Mo godimo ga moo, baagi fela ba bangwe ba na le ditlhobolo di ka nna dimilione di le masomesome tse e seng tsa mofuta wa sesole. Se sengwe gape ke gore ngwaga le ngwaga, go dirwa dibetsa tse disha di bo di rekisediwa batho.

Dibetsa Tse di Dirisiwang Thata

Ke ka ntlha yang fa dibetsa tse dinnye di dirisiwa thata mo dintweng tsa bosheng jaana? Lengwe la mabaka ke kamano e e leng teng magareng ga ntwa le lehuma. Bontsi jwa dintwa tse di lolweng ka bo1990 di ne di lowa mo dinageng tse di humanegileng—tse di humanegileng thata jaana mo e leng gore di ne di sa kgone go reka dibetsa tse di raraaneng tse di jang madi a mantsi. Dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata ga di je madi a mantsi. Ka sekai, madi a a kana ka diranta di le dimilione di le 380, a a batlileng a lekana le a tlhwatlhwa ya sefofane se le sengwe sa ntwa sa segompieno sa jete, a ka rekela sesole ditlhobolo di le 200 000.

Ka dinako tse dingwe, dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata di nna tlhwatlhwatlase go feta moo. Dimilione di le masomesome tsa dibetsa tseno di newa batho fela ke sesole se se fokotsang babereki le dibetsa, kana di fetisediwa mo dintweng tse dingwe. Kwa dinageng tse dingwe go na le ditlhobolo di le dintsi thata tse di bogale tse di itirisang mo e leng gore di rekisiwa ka madi a mannye thata a a kana ka diranta di le 45 kana di ananngwa ka podi, koko kana kgetsi ya diaparo tsa bogologolo.

Le fa go ntse jalo, kwantle ga mabaka a gore ditlhobolo tseno di tlhwatlhwatlase e bile di aname thata, go na le mabaka a mangwe a go bo dibetsa tseno di ratwa thata jaana. Di diphatsa. Tlhobolo e le nngwe fela e e itirisang e e kgwang marumo ka bonako e kgona go kgwa marumo a le makgolokgolo ka motsotso. Gape di motlhofo go dirisiwa le go baakanngwa. Ngwana wa dingwaga di le lesome a ka rutiwa go tlhatlhamolola le go kopanya tlhobolo e e tshwanang le eno e e itirisang. Gape, ngwana a ka ithuta ka bonako go kwaya le go thunyetsa tlhobolo eno mo bathong ba bantsi.

Lebaka le lengwe la go bo ditlhobolo tseno di ratiwa thata jaana ke gore di nonofile e bile di kgona go nna di bereka ka dingwagangwaga. Ditlhobolo tse di jaaka AK-47 le M16, tse masole a neng a di dirisa mo Ntweng ya Vietnam, di sa ntse di dirisiwa le mo dintweng tsa gompieno. Ditlhobolo dingwe tse di dirisiwang mo Afrika, ke tse di neng di dirisiwa ka Ntwa ya Lefatshe I. Mo godimo ga moo, go motlhofo go rwala le go fitlha ditlhobolo tseno. Pitse e le nngwe e e rwalang merwalo e ka rwala ditlhobolo di le dintsi go di isa kwa setlhopheng sa masole se se kwa sekgweng se se kitlaneng kana kwa thabeng e e kwa kgakala. Mokoloko wa dipitse tseno o ka rwala dibetsa tse di lekaneng go di naya mophato o monnye wa sesole.

Ditlhobolo, Diokobatsi le Diteemane

Kgang ya go rekisiwa ga ditlhobolo mo lefatsheng lotlhe e raraane. Ditlhobolo di le dintsi di feta ka molao go tswa kwa nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Morago ga Ntwa ya Molomo, masole mo matlhakoreng oomabedi a Botlhaba le Bophirima a ne a fokodiwa, mme dipuso di ne tsa naya kana tsa rekisetsa ditsala tsa tsone dibetsa tse di neng di setse. Mokwadi mongwe wa kwa Setheong sa go Batlisisa ka Kagiso kwa Oslo, Norway, o ne a bontsha gore fa e sa le ka 1995, United States e le yosi fela e ne ya naya dinaga tse dingwe ditlhobolo, ditlhobolo tsa motšhinikane le didiriswa tse di konopang dibomo tsa seatla, tsotlhe di feta 300 000. Go bolelwa gore go aba dibetsa go ja madi a mannye go feta go di tlhatlhamolola kana go di boloka le go di disa. Basekaseki bangwe ba fopholetsa gore dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata tse di jang madi a a kana ka dimilione di le dikete di le 20 di kgabaganya melelwane ya dinaga ka fa molaong ngwaga mongwe le mongwe.

Le fa go ntse jalo, go ka nna ga direga gore dibetsa tseno di rekisiwa thata ka tsela e e seng ka fa molaong. Gantsi batho ba reka dibetsa tse di seng ka fa molaong. Mo dintweng dingwe tsa Afrika, ditlhopha tsa masole di ile tsa reka dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata tse di jang diranta di le dimilione di le makgolokgolo, e seng ka madi, mme ka diteemane tse ba neng ba di gapile kwa dimaeneng tse di epang teemane. The New York Times e ne ya akgela jaana: “Koo puso e tlolang molao teng, batsuolodi ga ba na kutlwelobotlhoko e bile go motlhofo go sutlha mo melelwaneng . . . Maje ano a a benyang a dirile gore batho ba dirwe makgoba a mmereko, go nne le dipolao, dikgaogano le batho ba le bantsi ba ba se nang magae le go phutlhama ga maemo a ikonomi mo dikgwebong tse dikgolo.” A bo go gakgamatsa thata jang ne go bona gore leje leno le le tlhokegang le ditlhobolo di ananngwang ka lone moragonyana le ka rekisiwa mo lebenkeleng le lentle la dibenya e le letshwao le le tlhwatlhwakgolo la lorato lo lo nnelang ruri!

Gape, dibetsa di golagane le kgwebo e e seng ka fa molaong ya diokobatsi. Ga go gakgamatse go bo digongwana tsa dikebekwa di dirisa tsela e le nngwe fela, go thothela diokobatsi ka kwa ntlheng e nngwe le ditlhobolo ka kwa ntlheng e nngwe. Ka jalo, go lebega dibetsa e setse e le madi a go ananngwang diokobatsi ka one.

Se se Diregang ka Ditlhobolo fa Ntwa e Sena go Fela

Fa dintwa di khutla, gantsi dibetsa tse di neng di dirisiwa mo go tsone di wela mo diatleng tsa dikebekwa. Akanya ka se se neng sa direga kwa nageng nngwe e e kwa borwa jwa Afrika e thubakanyo ya yone e e neng e tlhotlhelediwa ke dipolotiki e neng ya fetoga go nna thubakanyo e e bakwang ke dikebekwa. Batho ba ka nna 10 000 ba ne ba swa mo dingwageng di le tharo fela ka ntlha ya thubakanyo ya bopolotiki e e neng e le mo nageng eno. Fa ntwa eno e khutla, thubakanyo ya bokebekwa e ne ya gakala. Kgaisano magareng ga bakgweetsi ba ditekesi e ne ya felela ka “ntwa ya ditekesi,” koo dikebekwa di neng di thapelwa go thuntsha bapagami le bakgweetsi ba dikhampani tse dingwe tse di neng di lwa le bone. Mo godimo ga moo, ditlhobolo tsa mofuta wa sesole di ne tsa dirisiwa le mo ditirong tsa go kgothosa le tse dingwe tsa bokebekwa. Palo ya dipolao tse go dirisitsweng ditlhobolo mo go tsone e ne ya fitlha go 11 000 mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana, e leng selekanyo sa bobedi se se kwa godimo thata mo lefatsheng sa dinaga tse di seng mo ntweng.

Go itse gore dikebekwa di tlhometse le gore di kotsi go dira gore batho ba boife e bile ba ikutlwe ba sa babalesega. Mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologang, go bonala batho ba ba humileng ba tshela mo magaeng a a sireletsegileng, a a dikaganyeditsweng ka dipota le magora a motlakase, a a disiwang bosigo le motshegare. Gape go na le dikgato dingwe tse batho ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng ba di tsayang go itshireletsa. Seno se direga le mo mafelong a go iseng go ko go nne le ntwa ya selegae mo go one.

Ka jalo, ditlhobolo di dira gore batho ba se ka ba tshela ka iketlo mo dinageng tse di kgautlhantsweng ke ntwa mmogo le tse go nang le “kagiso” mo go tsone. Ga go motho ope yo o ka lekanyang tshenyo e kgolo e e bakwang ke ditlhobolo; kana gore re ka kgona go bala palo ya baswi, ya batho ba ba gobetseng, ba ba swetsweng le ba matshelo a bone a sentsweng ke tsone. Le fa go ntse jalo, re a itse gore lefatshe le penologa ka dibetsa e bile palo ya tsone e ntse e oketsega. Mo godimo ga moo, batho ba ikuela gore go dirwe sengwe. Mme go ka dirwang? Go tlile go dirwa eng? Tseno ke dipotso tse re tlileng go di sekaseka mo setlhogong se se latelang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

Motlhabani wa Maloba o Ikutlwa e le “Seeleele Tota”

Mosimane mongwe wa lesole, yo a neng a lwa mo ntweng ele e e dirileng gore go nne le batshabi ba go builweng ka bone mo setlhogong sa ntlha, ka tshoganyetso fela o ne a iphitlhela a ntse fela a sa dire sepe e bile a se na madi mo toropong e a neng a thusa gore e fenngwe. O ne a bua a galefile fa a bona morwa moeteledipele wa gagwe a tsamayatsamaya ka sethuthuthu sa mabonomantle mo toropong mme baeteledipele bangwe ba bagolo ba sesole ba batla go nna le maatla a go laola ka tsela ya bokhukhuntshwane le go lwela go tlotlwa. Motlhabani yono o ne a bolela jaana: “Fa ke akanya ka dingwaga di le tlhano tse ke di sentseng ke le kwa sekgweng, ke bolaya batho e bile ke thuntshiwa, ke ikutlwa ke le seeleele tota. Re ne re dirisa matshelo a rona re a dirisetsa batho ba kamoso ba se kitlang ba gakologelwa gore go tlile jang gore ba bo ba le mo maemong a ba leng mo go one jaanong.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Boy soldier: Nanzer/Sipa Press

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

“Ga go Na Lefelo la go Iphitlha”

Le mororo tlhobolo ya segompieno e e itirisang e le kotsi, tiro ya yone e lekanyeditswe. E kgwa marumo fela. Ga e kgone go bolaya batho ba ba iphitlhileng mo morago ga dipota tse di thata kana dilo tse ba itshireleditseng ka tsone. Ka ntlha ya go boifa ntwa, lesole le ka nna la se ka la kgona go korola. Fa tlhobolo eno e tshwerwe ka letsogo, le e leng mo maemong a a siameng, e ka korola sekgala sa dimetara di le 460 fela.

Sesole sa United States se na le tharabololo ya “mathata” a a ntseng jalo—se na le tlhobolo e ntšha, ya botegeniki jwa maemo a a kwa godimo, e e dirisediwang maemo otlhe, e e bidiwang Objective Individual Combat Weapon (OICW). E motlhofo mo e ka kgonang go tshwarwa ke lesole le le lengwe fela, OICW ga e kgwe marumo fela mme gape e kgwa dilo tse di thunyang tsa boleele jwa dimilimetara di le 20—e leng dibomo tsa seatla. Selo se sengwe se se tlhomologileng ka yone ke gore: E ka kgona go bolaya baba ba ba iphitlhileng mo morago ga dilo tse ba itshireleditseng ka tsone. Selo fela se lesole le tshwanetseng go se dira ke go supa tlhobolo mo godimonyana fela kana mo thokonyana ga kwa a batlang go thuntshetsa gone. Tlhobolo eno e ipaakanyetsa sekgala ka boyone sa lefelo le e tshwanetseng go thuntsha kwa go lone mme e tshuba fuse nngwe e nnye ya eleketeroniki mo bomong ya seatla gore e tle e thunyetse kwa sekgaleng se se siameng, mme e bo e gasa motho ka dikarolwana tsa selo se a iphitlhileng mo go sone se bomo eno e se phatlhotseng. Moemedi mongwe wa khampani e e dirang sebetsa seno o ne a bolela jaana: “Dilo tse di tlhomologileng tse sebetsa seno se kgonang go di dira di tla thusa masole a ntwa a United States go thuntsha batho le fa ba potetse.” Sedirisiwa sa sone se se dirang gore motho a bone sentle motho yo a batlang go mo thuntsha se dira gore sebetsa seno se kgone go korola sentle le fa go le lefifi.

“Ga go lefelo le o ka iphitlhelang” tlhobolo eno kwa go lone, go ikgantsha jalo badiri ba tlhobolo eno, ba gape ba bolelang gore bodiphatsa jwa sebetsa seno bo tlile go feta jwa sedirisiwa se se konopang dibomo tsa seatla sa M16 le sa M203 ka makgetlo a feta a le matlhano se bo se feta sekgala se di kgonang go thunyetsa kwa go sone ka makgetlo a le mabedi. Masole a a dirisang tlhobolo eno ga a tshwanela go tshwenyega ka go korola; a tlhoka fela go leba ka sedirisiwa se se dirang gore a kgone go bona sentle a bo a hula tlhobolo gore e kgwe marumo le dibomo tsa seatla di le dintsi ka nako e le nngwe. Fa tiro e ka tswelela go ya jaaka go rulagantswe, setlhopha sa ntlha sa sesole se tla bo se tlhometse ka OICW ka ngwaga wa 2007.

Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba botsa dipotso tseno: Tlhobolo eno e tlile go dirisiwa jang fa masole a disitse lefelo le le tletseng batho koo go lebegang batlhabani ba baba ba itswakantse le baagi ba ba se nang molato gone? Go tlile go diregang fa OICW e ka rekisediwa masole mo lefatsheng lotlhe a a ka nnang a e dirisa go lwantsha bathokabone? Mme go tlile go diregang fa sebetsa seno se wela mo diatleng tsa dirukhutlhi le dikebekwa?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Alliant Techsystems

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Gantsi dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata di ananngwa ka diteemane le diokobatsi