Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibetsa di Tla Laolwa Jang mo Isagweng?

Dibetsa di Tla Laolwa Jang mo Isagweng?

Dibetsa di Tla Laolwa Jang mo Isagweng?

MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana dipuso mo lefatsheng lotlhe di ile tsa tlotla ka ditsela tsa go lwantsha kgwebo e e seng ka fa molaong ya dibetsa tse dinnye. Kgang eno e ntse e sekasekiwa ke Kokoanotheomolao ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go setse go baakantswe dipego, dikakantsho dingwe, ga ba ga dirwa le maitlamo. Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba bolela gore, fa go tlhongwa mogopolo thata mo dikgwebong tse di seng ka fa molaong seno se bolela gore bagwebi ba bagolo thata ba dibetsa—e leng dipuso ka botsone—bone ga ba tlhatlhobiwe.

Tota e bile, pharologano magareng ga kgwebo ya dibetsa e e ka fa molaong le e e seng ka fa molaong ga e bonale sentle. Dibetsa di le dintsi tse di seng ka fa molaong di kile tsa bo di rekisiwa ka tsela e e ka fa molaong. Dibetsa tse pele di neng di rekiseditswe maphata a sesole kana a sepodise di utswiwa gangwe le gape gore di rekisiwe ka tsela e e seng ka fa molaong. Mo godimo ga moo, ga go gakgamatse gore dibetsa tse di kileng tsa dirisiwa di rekisediwa batho ba bangwe morekisi wa tsone wa ntlha a ntse a itse kana e bile e le ene yo o letleletseng gore di rekisiwe. Setlhogo sengwe mo lokwalopakeng lwa Arms Control Today se bolela jaana: “Dipuso tsa ditšhaba di tlile go tshwanelwa ke go dira se se fetang fela go ema nokeng kgang ya go lwantsha kgwebo e e seng ka fa molaong ya dibetsa tse di sa tlhatlhelweng thata mme di simolole go tlhatlhoba seabe sa tsone mo kgwebong ya gompieno e e ka fa molaong ya dibetsa.” Le mororo batho ba le bantsi ba solofela gore kgabagare dinaga di tla kgona go lwantsha kgwebo ya dibetsa tse dinnye, mokwaladikgang mongwe o ne a akgela jaana: “Fa e le gore maloko a le matlhano a leruri a lekgotla la [pabalesego la Ditšhaba Tse di Kopaneng] ke one fela a a tshwaraganeng le kgetsi eno ya go laola 80% ya kgwebo ya lefatshe lotlhe ya dibetsa, bogolo re ka mpa ra itlhoboga.”

Selo se sengwe se se oketsang mathata a go laola go anama ga dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata ke gore go motlhofo thata go dira dibetsa tseno. Le fa dibetsa tse di raraaneng tse di jaaka dikoloi tsa ntwa, difofane le dikepe tsa ntwa di dirwa ke dinaga di le mmalwa fela, dibetsa tse di sa tlhatlhelweng thata tsone di setse jaanong di dirwa ke dikhampani di feta di le 300 mo dinageng di ka nna 50. Dikhampani tse dikgolo tse di ntseng di oketsega tse di dirang ditlhobolo ga di atolose mabolokelo a dibetsa a bosetšhaba fela mme gape di oketsa tshono ya gore di bonwe ke mephato ya sesole, ditlhopha tsa batsuolodi le digopa tsa dikebekwa.

Dikgang Tse go Ganetsanwang Thata ka Tsone

Go tla go fitlha jaanong, re ntse re bua thata ka go dirisiwa ga dibetsa tse dinnye mo dinageng tse di kgautlhantsweng ke ntwa. Le fa go ntse jalo, go ntse go ganetsanwa thata ka kgang ya go laola ditlhobolo mo dinageng tse go lebegang di iketlile e bile go se na ntwa mo go tsone. Batho ba ba buelelang melao ya go laola ditlhobolo ba bolela gore ditlhobolo di le dintsi di baka dipolao di le dintsi. Ba bolela gore kwa United States, koo go laolwa ga ditlhobolo go sa gagamadiwang gone e bile di tletsetletse gone, go bolawa batho ba le bantsi thata, mme kwa Engelane, koo ditlhobolo di laolwang ka tsela e e gagametseng gone, ga go bolawe batho ba le bantsi thata. Batho ba ba ganetsang molao ono wa go laola ditlhobolo ba itlhaganelela go bolela gore batho ba le bantsi kwa Switzerland ba bona ditlhobolo motlhofo fela, le fa go ntse jalo, ga go bolawe batho ba le bantsi.

Go raraanya dilo le go feta, dipatlisiso di bontsha gore palo ya batho ba ba swang ba sa bolawa ka ditlhobolo kwa United States e kwa godimo go feta palogotlhe ya batho ba ba bolawang kwa dinageng di le dintsi tsa Yuropa. Le fa go ntse jalo, go na le dinaga tse dingwe tse kwa go tsone palo ya batho ba ba swang ba sa bolawa ka ditlhobolo e leng kwa godimo go feta palogotlhe ya batho ba ba bolawang kwa United States.

Go tlwaelegile go dirisa dipalopalo sentle—le ka tsela e e sa siamang—go tshegetsa ntlha e e rileng. Mme mo kgannyeng ya go laolwa ga ditlhobolo, go lebega mo kganetsanong nngwe le nngwe, go na le mabaka a a lebegang a utlwala a a ganetsang. Dikgang tseno di raraane tota. Le fa go ntse jalo, kwantle ga lebaka la gore go na le batho ba ba nang le ditlhobolo, bomankge ba dumela gore go na le dilo tse dingwe di le dintsi tse di tlhotlheletsang dipolao le bokebekwa.

Mokgatlho o o nonofileng wa Boditšhaba wa Ditlhobolo kwa United States o akgela jaana gangwe le gape: “Ditlhobolo ga di bolaye batho, batho ke bone ba ba bolayang batho ba bangwe.” Go ya ka kgopolo eno, le mororo tlhobolo e diretswe go bolaya, ga e kgone go bolaya ka boyone fela. Motho o tshwanetse go e hula, ka boomo kana ka kotsi. Gone mme, bangwe ba ka nna ba bolela gore ditlhobolo di tlhofofaletsa batho go bolaya batho ba bangwe.

Go Thula Ditšhaka go Nna Magale a Megoma

Go ya ka Baebele, bothata jwa gore batho ba bolaye batho ba bangwe ga bo kitla bo rarabololwa fela ka go tlosa ditlhobolo mo diatleng tsa batho ba ba ikaeletseng go bolaya. Bokebekwa ke bothata jo bo bakwang ke batho, ga bo bakwe ke go nna le dibetsa. Tharabololo ya mmatota e akaretsa go fetola boikutlo le mekgwa ya batho ka bobone. Moporofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Ruri [Modimo] o tla atlhola mo gare ga ditšhaba a ba a tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba di le dintsi. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

Batho bangwe ba ka tswa ba akanya gore seno ke selo se se ka se kang sa kgonega, mme ga go a nna jalo. Boporofeti jono jwa ga Isaia bo ntse bo diragadiwa gompieno mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe. Go fetola ga bone dibetsa ka tsela ya tshwantshetso ba di dira didirisiwa tsa kagiso go bontsha keletso ya bone e e boteng ya mmatota ya go batla go ipedisa Modimo le go tshela ka kagiso le batho ba bangwe. Fa nako e ntse e tsamaya, mo Bogosing jwa Modimo, motho mongwe le mongwe o tla bo a tshela ka kagiso le polokesego tse di feletseng. (Mika 4:3, 4) Ditlhobolo ga di kitla di bolaya batho. Batho ga ba kitla ba tlhola ba bolaana. Didirisiwa tse di bolayang e tla bo e le dilo tsa maloba.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

‘Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma’