Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dimilione Di a Ya—A Wena o Tla Ya?

Dimilione Di a Ya—A Wena o Tla Ya?

Dimilione Di a Ya—A Wena o Tla Ya?

Di ya kae? Di ya kwa moketeng wa ngwaga le ngwaga wa loso lwa ga Jesu Keresete. Ka ngwaga wa 2000, palogotlhe ya ba ba neng ba nna teng kwa go one mo lefatsheng lotlhe e ne e le 14 872 086.

Ke ka ntlha yang fa batho ba ya kwa go one? Ka ntlha ya se loso lwa ga Keresete lo se bolelang mo bathong. Lo bolela gore go ise go ye kae, batho ba tla gololwa mo bolwetseng, mo go bogeng le mo losong. Le baratiwa ba rona ba ba suleng ba tla tsosiwa gore ba tle go tshela mo lefatsheng la paradaise.

Loso lwa ga Jesu lo tla tlisa jang masego a a ntseng jalo? O lalediwa gore o tle go iponela. Basupi ba ga Jehofa ba a go laletsa gore o tle go kopanela le bone mo tiragalong eno e e botlhokwa.

Nna teng kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le legae la gago. Monongwaga, letlha la teng ke ka Sontaga, April 8, fa letsatsi le sena go phirima. Botsa Basupi ba mo lefelong la lona gore e tla bo e le ka nako mang.