Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Galaletsa Kagiso Go na Le Ntwa

Go Galaletsa Kagiso Go na Le Ntwa

Go Galaletsa Kagiso Go na Le Ntwa

JAAKA GO BOLETSE DOROTHY HORLE

Ke ne ka tsholelwa mo lelapeng la Bantadiana la Bakatoliki kwa Wilmington, Delaware, U.S.A., ka 1919. Batsadi ba me ba ne ba se ke ba ya kerekeng, mme ba ne ba re nna le bomorwadiarre ba babedi re ye. Ke ne ka kgatlhwa ke kafa dikereke tseno di neng di le dikgolo ka gone le ke mokgwa o montle o di neng di agilwe ka one, ditshwantsho le mekgabiso ya teng.

FA DINGWAGA di ntse di kgabaganya, ke ne ke sa tlhole ke kgatlhegela Bokatoliki. Kereke e ne e sa gatelele dintlha dipe tse di tswang mo Baebeleng, e rre a neng a e tlotla le go e bala ka metlha. Ke ne ke tshwenngwa ke makwalodikgang a kereke a a neng a bolela maina a batho ba ba neng ba ntsha meneelo le gore ba ne ba ntshitse moneelo wa bokae. Gape go ne go na le magatwe a le mantsi a gore go na le baruti ba ba neng ba dira dilo tse di sa siamang. Fa ke le dingwaga di le 15, ke ne ke sa tlhole ke le Mokatoliki. Seno se ne sa nnaya nako e e oketsegileng ya go tswelela ke ithapisetsa botaki.

Tiro Ya me Ya go Taka

Ka 1940, fa ke ne ke le dingwaga di le 21, ke ne ka nyalwa ke William Horle, lekau lengwe le le neng le rata go rala ditshwantsho dipe fela tse di amanang le sesole—difofane, masole, ditlhobolo, dikepe. Bill (e leng leina la sereto la ga William) o ne a itumelela go itse gore le nna ke motaki, mme o ne a nthekela sete ya me ya ntlha ya dipente tsa oli. Ke ne ka simolola go ithuta mekgwa ya go taka ya bomankge ba bagolo.

Morago ga dingwaga di ka nna pedi re nyalane, Bill o ne a dira tiro nngwe ya go itlosa bodutu ya go dira ditshwantsho tse dinnye tsa masole ka lloto. A e ne e le ditshwantsho fela tsa go tshamekisa bana tsa masole? Nnyaa, le e seng! O ne a batla go dira ditshwantsho tsa mmatota tse di betlilweng. Babetli bangwe ba ditswerere ba ne ba betla ka polasetiki, logong kana semente, mme lloto e ne e siametse thapiso ya ga Bill sentle ka gonne o ne a ithutetse go bereka ka metšhine.

O ne a rala setshwantsho, a bo a bopa foreime, morago ga moo a bo a tshela lloto mo foreiming gore go tswe setshwantsho seo. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a nna setswerere tota mo go kokoanyeng dikarolo tsa ditshwantsho tse a di bopetseng mo foreiming, go di kopanya, go di rethefatsa ka go di gotlha le go di poletšha. Moragonyana o ne a kgaotsa go bopa ditshwantsho ka semente mme a simolola go dirisa metswako mengwe e e kopantsweng sentle. Seno se ne sa dira gore a bereke ka dikarolo tse dinnye tse di boleta.

Fa a sena go fetsa go bereka ka karolwana nngwe le nngwe e e thata ya tshipi, tiro ya me e ne e le go e feleletsa. Ka go dira dipatlisiso tse di tseneletseng, re ne ra bona mefuta ya bogologolo ya diaparo tsa masole—le e leng ditalama tsa tsone, mogala o o fetang fa legetleng, dibetšhe tse di bontshang maemo a lesole le mebala.

Ke ne ke dirisa galase e e godisang dilo gore ke kgone go tshasa dioli le dipente tse di neng di diretswe go kgomarela mo tshiping. Seno se ne se thusa go dira gore ditshwantsho di lebege e kete di a tshela. Mo phaposinyaneng ya rona e e ka fa tlase ga lefatshe kwa Philadelphia, kwa Pennsylvania, re ne ra bopa Baindia ba kwa Amerika, masole a a lwang Dintwa Tsa Selegae, dikepe tsa lewatle tsa United States, dipitse tsa ga Napoleon le bapagami ba tsone, Ba-Mamluk ba kwa Egepeto, Ba-Zouave ba kwa Algeria le dilo tse dingwe.

Moragonyana Mokgatlho wa Sesole sa Lewatle sa United States o ne wa kopa Bill gore a dire setshwantsho sa setlhopha sa ntlha sa masole a mo lewatleng a a pagameng dipitse kwa Peking (e jaanong e leng Beijing), China, pele ga 1939. Re ne re se bereka re sa kgaotse, mme ka 1954 re ne ra se bontsha Setheo sa Smithsonian kwa Washington, D.C. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Poresidente Lyndon Johnson o ne a re botsa gore a se ka isiwa kwa White House. Gone mme, re ne ra dumela re sa belaele.

Re ne re sa rekise ditshwantshonyana tsa rona, mme Bill o ne a naya batho ba bangwe di le makgolokgolo. Go ne go buiwa sentle ka rona mo dibukeng di le dintsi tse di buang ka ditshwantshonyana tsa masole. Ditshwantsho tsa rona tse re neng re di dirile di ne tsa bewa gore di bonwe ke batho ba bangwe kwa Dipontshong Tsa Lefatshe Lotlhe ka 1965 kwa Flushing Meadow, kwa Queens, New York. Dimusiamo di ne tsa kopa ditshwantsho tsa rona. Bruce Catton, e bong rahisitori wa kwa United States wa Dintwa Tsa Selegae, o ne a dirisa ditshwantsho di le mmalwa tsa rona go dira ditshwantsho mo dibukeng tsa gagwe.

Dipotso ka ga Botshelo di ne Tsa Oketsega

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa ke nna le dingwaga di le 40, dilo di ne tsa simolola go mphetogela. Ke ne ka simolola go ipotsa dipotso ka Modimo. Ka Letsatsi lengwe la Keresemose, bana ba le batlhano ba Bakatoliki ba ne ba bolawa ke molelo mo ntlong e e neng e tuka fa batsadi ba bone ba ne ba le kwa kerekeng. Ke ne ka ipotsa gore, ‘Go tla jang gore Modimo a letlelele gore seo se direge ka letsatsi la gagwe la matsalo?’ Ke ne ka bona buka e e neng e bua ka bosetlhogo jo bo tseneletseng jo bo neng jwa dirwa ka nako ya Polao ya Kgailo ya Bajuda. Ditiragalo tseno le tse dingwe tse di maswe tse di diragalang mo lefatsheng di ne tsa dira gore ke ipotse gore, ‘Modimo o kae? Ga a dira se a tshwanetseng go se dira!’

Go tswa mo sekaong se rre a neng a ntlhomela sone pelenyana, ke ne ka nna le boikutlo jwa gore dikarabo tsa dipotso tseno di tshwanetse tsa bo di le mo Baebeleng. Ka jalo, ke ne ka ya kwa lefelong la baruti la Katoliki gaufi le gaetsho kwa Philadelphia mme ra rulaganya nako le moruti gore re tle go tlotla ka Baebele. Ke ne ka leta nako e telele, mme ga se nne le nko e e tswang lemina. Beke nngwe le nngwe, ke ne ke ya kwa lefelong leno la baruti ka dibeke di le nnè mme ga ke a ka ka tlotla gope le moruti.

Bosigo bongwe, ke setse ke itlhobogile ka tsela e e utlwisang botlhoko, ke ne ka leba kwa legodimong ke bo ke rapela jaana: “Ga ke itse gore o mang. Ga ke itse gore o wa bodumedi bofe, mme ke itse gore o teng koo. Tsweetswee ntetle gore ke go itse!” Ka bonako fela morago ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsena mo ntlong ya me.

Ke ne ke tle ke bone Basupi ka dinako dingwe ba emisa dikoloi tsa bone, ba tswa, ba bo ba tsena mo matlong a a farologaneng. Le mororo ke ne ke sa itse sepe ka bone le gore ke ka ntlha yang fa ba tsena mo matlong a batho, ke ne ke kgatlhwa ke tiro ya bone.

Ka letsatsi leo ka 1961 fa Basupi ba ne ba tsena mo ntlong ya me, ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong ka gonne ke ne ke sa fitlhelele sepe mo matsapeng a me a go batla Modimo. Fa ke ntse ke phepafatsa mojako o o ka fa pele wa ntlo ya me, mosadi mongwe wa dingwaga tsa mo bogareng e bong Marge Brion o ne a pagama ditepisi tsa kgoro mme a ntumedisa. Ke ne ka mo itlhokomolosa, ke itira e kete ga ke mmone. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a bua ka ga go fetolwa ga lefatshe go nna paradaise e ntle, ke ne ke reeditse ka kelotlhoko sengwe le sengwe se a neng a se bua. Kgabagare o ne a mpotsa a re, “A o ntheeditse?”

Ke ne ka boeletsa sengwe le sengwe se a neng a se bua, go akaretsa le temana ya Baebele e a neng a e nopola mo go Isaia 55:11. Morago ga moo ke ne ka retologa, ka mo tshwara ka letsogo, ke bo ke re, “Tsena!” O ne a nnaya Baebele ya me ya ntlha le buka e e thusang go ithuta Baebele ya Go Tšwa Paradaiseng e Latlhegileng go ya Paradaiseng e Bonweng. Gape o ne a mpolelela ka motlotlo wa ka metlha wa Baebele—e leng yone thuto e ke neng ke solofetse gore Kereke ya Katoliki e tla nnaya yone.

Ka ntlha ya gore re ne re bala gabedi mo bekeng, ke ne ka gatela pele ka bonako mo thutong ya me ya Baebele. Go ise go ye kae, go ne go phepafetse gore ke ne ke bone boammaaruri. Go ithuta leina la Modimo, Jehofa, e ne e le selo se se neng sa nkama maikutlo thata. (Pesalema 83:18) Akanya fela—yono ke Modimo yo ke sa bolong go batla go mo itse fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana! Gape ke ne ka ithuta gore Morwawe, e bong Jesu Keresete, ga se karolo ya modimo yo o ditlhogo di tharo. (Johane 14:28) Go ise go ye kae, ke ne ke nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete tsa Basupi ba ga Jehofa mme ke eletsa go nna mmoledi wa nako e e tletseng wa molaetsa wa Baebele.

Go Dira Ditlhopho Tse di Botlhokwa

Jaanong ke ne ke lebane le teko e kgolo thata. A ke ne ke tla tlogela go nna leloko la setlhopha sa bataki sa ga William le Dorothy Horle? Ke ne ke tla kgona go direla jang Modimo wa kagiso le morwawe, Kgosana ya Kagiso, mme ke ntse ke galaletsa ntwa ka dilo tse ke di takang? (Isaia 9:6) A Jehofa o ne a sa solofetsa gore o tla dira gore “dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe”? (Pesalema 46:9) Ka jalo, ke ka ntlha yang fa ke tsweledisa pele selo se Modimo a tlileng go se fedisa? Le gone, a Isaia ga a ka a porofeta gore batho ba Modimo ba ne ba tla “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma” le go se ithute ntwa gape? (Isaia 2:4) Ke ne ka ja marapo a tlhogo mme ka rapela thata ka nako e telele. Ke ne ka swetsa jaana: “Ga nkake ka tlhola ke di taka gape!” Ka April 25, 1964, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing.

Ka metlha Bill o ne a bolela gore o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore ka letsatsi lengwe re tlile go tshwanelwa ke go kgaoganngwa ke loso. Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka mmolelela jaana: “Bill, re ka kgona go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo!” (Isaia 25:8; Tshenolo 21:4, 5) O ne a akanya gore ke a tsenwa. Fa ke ne ke mo tlhalosetsa lebaka la go bo ke ne ke se kitla ke tlhola ke kgona go taka ditshwantsho tsa sesole ka segakolodi se se siameng, o ne a galefa mme a ntshosetsa ka gore o tla ntlogela. Moragonyana o ne a ntlogela.

Bill o ne a dira ditshwantsho tsa sesole a le esi ka dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ga a ka a fudugela kgakala thata le rona, mme ka metlha o ne a re tlhokomela nna le morwaarona, Craig, yo o neng a tsholwa ka 1942. Ka 1988, Bill o ne a boa, mme re ne ra nna mmogo ka dingwaga di le lesome go fitlha a swa.

Go sa ntse go le jalo, ka 1966, ke ne ka fitlhelela mokgele wa me wa go nna mmulatsela. Fa e sa le ka nako eo, ga ke a ka ka leba kwa morago. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go ithuta Baebele le morwadiarre yo mogolo. O ne a amogela dilo tse e di rutang, mme le gompieno e ntse e le Mosupi yo o tlhoafetseng. Rre o ne a reetsa molaetsa wa Baebele mme mo dibekeng di le pedi fela o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. O ne a kolobediwa a le dingwaga di le 75, mme o ne a tswelela a ikanyega mo Modimong go fitlha a swa a le dingwaga di le 81. Mmè le ene o ne a amogela Jehofa e le Modimo wa gagwe, le mororo a ne a swa pele a ineela. O ne a batla a le dingwaga di ka nna 94.

Go ralala dingwaga, Jehofa, Modimo wa kagiso, o ne a ntshegofatsa thata fela. Jaanong ke na le dingwaga di le 81, mme ke sa ntse ke le mmulatsela, le mororo ke na le bothata jwa go tsamaya. Ke ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo, yo a neng a kwala jaana: “Ke leboga Keresete Jesu Morena wa rona, yo o neng a nnaya maatla, ka gonne o ntsere ke ikanyega ka go nkabela bodiredi.” (1 Timotheo 1:12) A bo e nnile bodiredi jo bontle thata jang ne! Bontsi jwa batho ba ke ithutileng Baebele le bone ba ne ba tlogela go dira dilo dingwe gore ba direle Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko.

Sebe sa phiri ke gore lelapa lotlhe la gaetsho ga le ise le amogele boammaaruri jwa Baebele. Gongwe fa nako e ntse e tsamaya, bontsi jwa bone ba tla bo amogela. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jesu a itshupile a le boammaaruri mo go nna gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla “bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe le bommaagwe le bana.” (Mareko 10:30) Eleruri, Jehofa o nkhumisitse. A bo ke le motlotlo e bile ke itumetse thata jang ne gore mo boemong jwa go batla go itsege le go galaletsa ntwa ke tlhophile go rata Modimo le kagiso!

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Re na le Mojenerale L. C. Shepherd, Jr., ka 1954

[Motswedi wa Setshwantsho]

Defense Dept. photo (Marine Corps)

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

(Bogolo jwa tsone)

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke le dingwaga di le 81, ke nnile le dingwaga di feta di le 30 ke le mmulatsela