Go Leba Moriri wa Gago ka Kelotlhoko
Go Leba Moriri wa Gago ka Kelotlhoko
KGATISO nngwe e akgela jaana: “Mo bathong ba dingwaga tsotlhe le ditso tsotlhe, moriri o senola sengwe ka mong wa one.” Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba kgatlhegela thata go boloka meriri ya bone e itekanetse e bile e le mentle.
Tsogang! e ne ya botsa babaakanyi bangwe ba banè ba meriri ba ba nang le maitemogelo dipotso dingwe tse di tlwaelegileng thata tse di malebana le kafa moriri o dirilweng ka gone le kafa o ka tlhokomelwang ka gone. Go ya ka se ba se boletseng, go lebega moriri o raraane go feta jaaka o o bona.
Kafa Moriri o Golang Le go Wa ka Gone
P: Moriri o dirilwe ka eng?
K: Moriri o na le keratin, e leng poroteine e e bopegileng jaaka ditlhalenyana. Thiri nngwe le nngwe e gola mo lerobaneng le le bidiwang follicle mo letlalong la tlhogo. Mo tlase ga follicle nngwe le nngwe go na le thishu nngwe ya papilla, e e nang le ditshika di le dintsi tsa madi. Thishu eno ya papilla e tlhagisa disele tsa moriri tse di golang mo lerobaneng la follicle di bo di logagana go nna moriri.
P: Batho ba le bantsi ba dumela gore moriri o gola ka bonako fa o beolwa. A seno ke boammaaruri?
K: Nnyaa. Batho bangwe ba akanya gore moriri o otlwa ke mmele ka tsela e dikala tsa setlhare di otlwang ke kutu ya sone ka gone. Le fa go ntse jalo, fa moriri o gola mo tlhogong, e setse e le
selo se se suleng. Ka jalo, go beola moriri ga go ame go gola ga one.P: Ke eng fa moriri o nna mosweu?
K: Karolo e e ka fa teng ya moriri e na le disele dingwe tse di nayang moriri mmala. Fa disele tseno di swa, moriri o nna mosweu; ke se se diregang fa motho a tsofala. Go nna le moriri o mosweu pele ga nako go ka tswa go bakwa ke dijini kana ke bolwetse. Le fa go ntse jalo, ga se boammaaruri gore moriri o tla nna mosweu ka letsatsi le le lengwe fela. Disele tse di nayang moriri mmala di mo moriring o o ka fa tlase ga letlalo la tlhogo. Ka jalo, go tlhokega nako e ntsinyana gore moriri o mosweu o tlhoge (mo e ka nnang disentimetara di le 1,25 ka kgwedi) le gore o bonale mo godimo ga tlhogo.
P: Ke eng se se dirang gore motho a we moriri?
K: Go wa moriri ke selo se se tlwaelegileng se se diregang ka moriri wa motho. Motho mongwe le mongwe o wa palogare ya dithiri di fopholediwa go di le 50 kana 80 letsatsi lengwe le lengwe. Le fa go ntse jalo, tsela e banna ba tswang lefatlha ka yone e bakwa ke go gotsa mme gape go lebega e bakwa ke dihoromone tse di sa itekanelang, *
mo go felelang ka gore motho a se ka a tlhola a tlhoga moriri gotlhelele. Go wa moriri ka tsela e e sa tlwaelegang go bidiwa alopecia.P: Bangwe ba bolela gore moriri o bontsha kafa motho a itekanetseng ka gone. A o kile wa lemoga seno?
K: Ebu. Madi a otla moriri ka fa tlase ga letlalo la tlhogo. Ka jalo, moriri o o itekanetseng sentle o ka tswa o bontsha gore motho o na le madi a a nang le dikotla. Le fa go ntse jalo, motho yo o jang dijo tse di se nang dikotla kana yo o nwang bojalwa bobe a ka nna a fitlhela gore moriri wa gagwe ga o nne montle e bile o wa motlhofo, e re ka madi a gagwe a sa kgone go otla moriri wa gagwe sentle. E bile fa motho a wa moriri kana a simolola go nna le moriri o o bokoa seno e ka tswa e le matshwao a ntlha a gore o a lwala kana o imile.
Go Boloka Letlalo la Gago la Tlhogo le Moriri wa Gago di Itekanetse
P: Tlhalosang kafa motho a tshwanetseng go tlhapa moriri le letlalo la tlhogo ka gone ka sesepa sa tlhogo.
K: Maitemogelo a bontshitse gore bontsi jwa batho ba ba nang le letlalo le le omeletseng la tlhogo ba le tlhapa gantsi thata ka sesepa sa tlhogo. Ke boammaaruri gore mafura a a mo moriring wa gago a leswafatsa moriri le letlalo mme a ka tswala marobana a mafura a a tsenang mo marobaneng a follicle. Ka jalo, go tlhapa moriri ka sesepa sa tlhogo ka metlha go botlhokwa. Le fa go ntse jalo, gape mafura ano a tlholego a sireletsa letlalo la gago mo dibakaterieng tse di kotsi e bile gape a dira gore le nne bongola ka tsela e e tshwanetseng. Fa o tlhapa tlhogo gantsi thata ka sesepa sa tlhogo, o dira gore letlalo la gago la tlhogo le se ka la sireletsega e bile o dira gore le nne le bothata jwa go omelela. Bomankge ba le bantsi ba kgothaletsa gore go tlhapiwe ka sesepa sa tlhogo fa letlalo la tlhogo kgotsa moriri o le leswe. Batho ba ba nang le meriri e e mafura ba tshwanetse go dirisa sesepa sa tlhogo gantsi thata go feta ba ba nang le meriri e e siameng kana e e omeletseng.
Fa o dirisa sesepa sa tlhogo, se tshase mo letlalong la tlhogo. Seno se tlosa disele tse di suleng mo letlalong la tlhogo mme se dira gore madi a a otlang moriri wa gago, a elele sentle. O se ka wa lebala go tsokotsa moriri wa gago thata! Fa o sa tlhape matsogo a gago sentle ka metsi fa o sena go a tlhapa ka sesepa, letlalo la gago le tla omelela le bo le phatloga. Ka mo go tshwanang, fa motho a sa tlhatswe sesepa sa tlhogo sentle ka metsi, letlalo la gagwe la tlhogo le ka omelela le go nna magogo.
P: Letlalo le le omeletseng la tlhogo le ka tlhokomelwa jang?
K: Nwa metsi a mantsi, o bo o je le dijo tse di nang le dikotla. Seno se dira gore letlalo la gago le nne bongola le go naya madi a gago dikotla. Dirisa sesepa se se seng bogale sa tlhogo ka metlha mme o tshase mo letlalong la gago la tlhogo. Batho ba bangwe ba dirisa di-conditioner tse di sa tlhokeng go tlhapiwa ka metsi le ditlolo dingwe go dira gore letlalo la tlhogo le nne bongola.
Go Setaela Moriri wa Gago
P: Ke dilo dife tse motho a tshwanetseng go di gakologelwa fa a etela motho yo o tsenyang moriri setaele?
K: Fa o batla go fetola setaele sa moriri wa gago, tsamaya ka setshwantsho se se bontshang setaele sa moriri se o se batlang gongwe le se se bontshang setaele se o sa se batleng. Bua ka tlhamalalo ka dilo tse o di batlang le nako e o ikemiseditseng go e senya letsatsi lengwe le lengwe go baakanya moriri wa gago, e re ka mekgwa e mengwe ya ditaele tsa meriri e tlhoka nako e ntsi go gaisa e mengwe. Gakologelwa gore gantsi o tshwanetse go etela motho yo o tsenyang moriri wa gago setaele gabedi kana gararo pele a ka tlwaela moriri wa gago le go simolola puisano e e molemo le wena. Ka jalo, o se ka wa mo tlhoboga ka bonako!
Se Moriri wa Gago o se Senolang
Go tlhokomela moriri le go o tsenya setaele ke ditsela tsa go bontsha se o leng sone. Batho ba beola moriri, ba a o lelefatsa, ba a o tlhamalatsa, ba a o tshopha, ba o fetola mmala le go o tsenya ditaele ka ditsela tse di farologaneng ka ntlha ya feshene, ditumelo tsa bodumedi le e leng dikgopolo tsa loago le tsa sepolotiki. Leba moriri wa gago ka kelotlhoko. O senola eng ka wena? Moriri o montle o o tsentsweng setaele se se kgatlhang o kgabisa mong wa one e bile o ratwa ke batho ba bangwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 12 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Alopecia—Living in Silence With Hair Loss,” mo makasineng wa Tsogang! ya April 22, 1991.
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Go ja dijo tse di nang le dikotla le go nwa metsi a mantsi go thusa go fedisa bothata jwa letlalo le le omeletseng la tlhogo
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go tlhapa moriri gantsi thata ka sesepa sa tlhogo go ka dira gore letlalo la gago la tlhogo le se nne le mafura a a le sireletsang
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go nna le moriri o mosweu ke selo se se tlwaelegileng se se diregang fa motho a tsofala