Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Oketsega ga Batho mo Ditoropong”

“Go Oketsega ga Batho mo Ditoropong”

“Go Oketsega ga Batho mo Ditoropong”

“Batho ba fuduga go feta le fa e le leng pele, mme bontsi jwa ba ba tswang mo gae go ya go batla botshelo jo bo botoka ba fudugela kwa ditoropong.”

GO NE ga bolela jalo kgatiso ya Foreign Affairs mo ketapeleng ya yone ya setlhogo se se reng “Go Oketsega ga Batho mo Ditoropong Tsa Dinaga Tse di Tlhabologang.” Go ya ka setlhogo seo, batho ba le bantsi ba ile ba “gogelwa ke maphatsiphatsi, kgotsa ba patelesega go fuduga mo metseselegaeng ka ntlha ya mathata a dipolotiki le a ikonomi, mathata a a bakwang ke go oketsega ga batho le go senyega ga tikologo.”

Batho ba oketsega ka lobelo lo lo kana kang mo ditoropong? Bangwe ba fopholetsa gore batho ba thologela kwa ditoropong ka dipalo tse di tshosang tsa batho ba ba fetang milione o le mongwe ka beke! Kwa dinageng tse di tlhabologang, ditoropo tse di fetang 200 jaanong di na le batho ba ba fetang milione. Mo e ka nnang di le 20 tsa tsone di setse di na le batho ba ba fetang dimilione di le lesome! Mme ga go bonale palo eno e tla tsamaya e fokotsega. Ka sekai, akanya ka toropo ya Lagos, kwa Nigeria. Go ya ka pego ya Setheo sa Worldwatch, “go ka direga gore ka 2015, Lagos e bo e na le batho ba ka nna dimilione di le 25, ka jalo e tlhatloge go tswa mo maemong a bosomeleboraro go ya go a boraro mo lenaaneng la ditoropo tse dikgolo.”

Baitse ba le bantsi ba akanya gore seno ga se supe go tla ga isagwe e e molemo. Federico Mayor, mokaedimogolo wa pele wa Mokgatlho wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa Thuto, Saense le Setso o tlhagisa gore ka ngwaga wa 2035, “batho ba bangwe ba le dimilione di le dikete tse tharo ba tla bo ba nna mo mafelong a setoropo a a leng teng gompieno.” Gore re tlhokomele palo eno e e seng kana ka sepe ya batho, “re tla tshwanela gore mo dingwageng di le masome a manè tse di tlang, re age ditoropo di le sekete tsa banni ba le dimilione di le tharo, re aga di le masomeamabeditlhano ka ngwaga.”

Gape baitse ba bolela gore palo ya batho e e ntseng e oketsega ka lobelo lo logolo mo ditoropong e ama ditoropo ka tsela e e sa siamang mo lefatsheng lotlhe. Mme seo se akaretsa ditoropo tse di leng mo mafatsheng a a humileng a diintaseteri. Tota ditoropo di lebane le mathata afe, mme seno se ka go ama jang? A go na le ditharabololo dipe tse di solofetsweng? Ditlhogo tse di latelang di tlotla ka dikgang tseno tse di masisi.