Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ungwisa Tshimo E e Sa Ungweng

Go Ungwisa Tshimo E e Sa Ungweng

Go Ungwisa Tshimo E e Sa Ungweng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA INDIA

Mafelo a tshimo e e sa ungweng a Ladakh, kgaolo e e kwa bokone jwa India, a ka dirwa jang gore a ungwe thata? Eo ke potso e moenjeniri mongwe wa tsa kago yo o neng a rotse tiro e bong Tsewang Norphel, a neng a tlhola a ipotsa yone. Go elela ga metsi a a tswang mo aeseng e kgolo e e kwa godimo ga Dithaba Tsa Himalaya go simolola ka kgwedi ya June, e seng ka April fa pula e sa ne thata mme balemi ba tlhoka metsi gore ba nosetse masimo a bone. Norphel o ile a rarabolola bothata jono ka tsela e e botlhale: O ne a itirela aese e kgolo kwa mohapheng wa dithaba tseno, koo e neng e tla simolola go gakologa gone go sa le gale mo ngwageng.

Go ya ka makasine wa dikgang wa kwa India wa The Week, Norphel le badirikaene ba ne ba ya go faposetsa metsi a a fologang mo thabeng mo moseleng o ba itiretseng one wa boleele jwa dimetara di le 200 o o nang le meselenyana e le 70 e metsi ano a neng a tla tswa mo go one ka yone. Metsi a ne a tla tswa ka meselenyana eno a iketlile le ka tsela e e laolesegang sentle a fologa mo thabeng a bo a swa dikgapetla pele a fitlha kwa maboteng a a a thibelang a a kwa mohapheng wa thaba. Aese eno e ne e tla nna e ntse e gola go fitlha e khurumetsa mabota. E re ka aese eno e le mo moriting wa thaba, e ne e tla gakologa fela fa themperetšha e tlhatloga ka April, gore e ntshe metsi a a tlhokegang fela thata a go nosetsa ka nako eo.

A kgopolo eno ya go itirela aese e ne ya atlega? Tota e bile, kgopolo eno ya ga Norphel e ne ya nna mosola thata mo e leng gore go setse go dirilwe diaese di le lesome tse di ntseng jalo kwa Ladakh, mme go sa ntse go dirwa dithulaganyo tsa go dira tse dingwe gape. Aese nngwe e e ntseng jalo, e e dirilweng gore e nne bogodimo jwa dimetara di le 1 370, e ntsha metsi a dilitara di ka nna dimilione di le 34. E jele madi a le kae? “Go itirela aese e e ntseng jalo go tsaya dikgwedi di ka nna pedi mme go ja madi a a kana ka Rs80 000 [R14 400], a bontsi jwa one a duelang badiri,” go bolela jalo The Week.

Botlhale jwa batho bo ka nna mosola tota fa bo dirisiwa sentle. Akanya fela gore batho ba tla kgona go dira eng fa ba busiwa ke Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo! Baebele e solofetsa jaana: “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone. . . . Metsi a tla bo a pomponyegile mo nageng, le melatswana e e phothoselang mo lebaleng le le sekaka.” (Isaia 35:1, 6) A bo go tla bo go itumedisa jang ne go nna le seabe mo go kgabiseng lefatshe la rona!

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

Arvind Jain, The Week Magazine