Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Isagwe ya Ditoropo e Ntse Jang?

Isagwe ya Ditoropo e Ntse Jang?

Isagwe ya Ditoropo e Ntse Jang?

“RE KGONA go bona gore isagwe e tlile go nna jang ka go leba ditoropo tsa rona.” Go ne ga bolela jalo Ismail Serageldin wa World Bank. Mme mo go se re setseng re se bone go tla go fitlha jaanong, isagwe eo ga e bonale e itumedisa.

Go a kgatlha go bona gore go ntse go dirwa maiteko a magolo a go tokafatsa botshelo mo mafelong a le mantsi a setoropo. New York City e sa tswa go wetsa tiro ya go tlhabolola Times Square kwa Manhattan. Mo nakong e e fetileng, e ne e itsege thata ka mafelo a yone a a hepisang, ka banni ba gone ba ba dirisang diokobatsi le ka bokebekwa. Gone jaanong, mebila ya yone e tletse ka mafelo a masha a kgwebo le a bobogelo—a a ngokang diketekete tsa bajanala. Go ya ka makasine wa National Geographic, Naples, Italy, e leng “motse o montle o o tlhabolotsweng o o kileng wa bo o lekana le Lontone le Paris ka maemo,” e ne ya thankgolwa ka Ntwa ya Lefatshe II. Naples e ne ya itsege ka bokebekwa le tlhakatlhakano. Le fa go ntse jalo, fa toropo eno e ne e tlhophiwa gore e nne lefelo le khonferense ya sepolotiki e neng e tlile go tshwarelwa kwa go lone ka 1994, e ne ya tsosolosiwa ka tiro e kgolo ya go tlhabolola lefelo le le fa gare la toropo eno.

Ke boammaaruri gore go nna le ditoropo tse di sireletsegileng le tse di phepa go ja madi a le mantsi. Go nna le tshireletsego e e oketsegileng gantsi go raya go nna le mapodisi a le mantsi. Bothata jo bongwe e ka nna go nna le nako ya gago o le nosi. Mafelo mangwe a botlhe a nna a disitswe ka dikhamera tsa thelebishene ka dinako tsotlhe le ke mapodisi a a sa apareng diaparo tsa tiro. Fa o ntse o tsamaya mo parakeng o feta fa metsweding ya metsi, fa ditshwantshong tse di takilweng kgotsa mo ditshingwaneng tsa dithunya, o ka nna wa iphitlhela o feta fa mafelong a go phuruphutshiwang batho mo go one.

Ka dinako tse dingwe dilo di tokafadiwa ka tsela e e amang bahumanegi fela thata. Akanya ka go fudugela ga malapa a bahumi kwa mafelong a pele e neng e le a bahumanegi. Seno se bakwa ke go fetoga ga ikonomi—“ga go tlhole go dirwa ditiro tsa diatla, ga go tlhole go ikaegwa ka bokgoni jwa go dira ka mabogo mme go dirisiwa metšhini.” (Gentrification of the City, e e kwadilweng ke Neil Smith le Peter Williams) Fa ditiro tsa diatla di ntse di fela mme go batliwa thata badiri ba porofeshenale le ba botegeniki, go batliwa ga matlo a maemo a a kwa godimo le gone go a gola. Go na le gore ba tseye loeto fa ba boela gae ba ya kwa mafelong a a kwa ntle ga toropo, badiri ba porofeshenale ba ba duelwang madi a mantsi ba tlhabolola matlo a a onetseng mo mafelong a e neng e le a bahumanegi.

Gantsi seno se felela ka gore tikologo e ba nnang mo go yone e tlhabologe thata. Mme fa tikologo eo e ntse e tlhabologa, ditlhwatlhwa le tsone di a tlhatloga. Gantsi bahumanegi ba iphitlhela ba sa kgone go nna mo tikologong e ba feditseng dingwaga di le dintsi ba bereka mo go yone le go nna mo go yone!

Go Swa ga Toropo?

Ditoropo di ka nna tsa bo di sa tswa go utlwa diphetogo tse di tlisitsweng ke dilo tse disha tsa botegeniki. Fa Internet e ntse e dirisiwa thata jaaka tsela ya go reka le go dira kgwebo, seno se ka nna le diphelelo tse di masisi. Dilo tse disha tsa botegeniki di setse di dirile gore go nne motlhofo gore dikgwebo di fudugele ka kwa ntle ga ditoropo—di tla di ngoka badiri ba le bantsi.

E re ka batho ba le bantsi ba setse ba kgona go reka ka khomputara le go bereka ka yone, ba ka nna ba itsemeletsa go ya kwa mafelong a kgwebo a a nyeulang batho. Buka ya Cities in Civilization e akantsha jaana: “Re ka nna ra bonela pele badiri bangwe ba ka metlha, segolobogolo ba ba dirang tiro ya nakwana, ba berekela kwa gae kana mo dikhomputareng tse di leng gaufi le magae a bone, . . . ka go dira jalo ba fokotsa go kitlana ga pharakano.” Motlhami wa dipolane e bong Moshe Safdie le ene o fopholetsa jaana: “Mo tikologong eno e ntšha, metse e le dimilione mo lefatsheng lotlhe e ka nna ya gasama, e dira gore batho ba yone ba tshele botshelo jo bo monate jwa mo toropong.

Isagwe ya Ditoropo e Ntse Jang?

Baeladilotlhoko ba le bantsi ba bolela gore le fa maemo a tsa botegeniki a ka nna jang, ditoropo di thusa batho e bile di na le melemo e e tla tswelelang pele e ngoka batho. Le fa isagwe e ka tswa e ntseng jang, ditoropo tsa gompieno di mo mathateng gone jaanong! Ga go bonale go na le tharabololo ya mathata a magolo a go tlamela dimilione tse di ntseng di oketsega tsa batho ba ba humanegileng mo metsesetoropong ka matlo le thulaganyo ya go tlosa leswe le go thibela malwetse. Le gone ga go ope yo o kgonneng go bona tsela ya go fedisa bokebekwa, go senyega ga tikologo kgotsa kgotlelo mo metsesetoropong.

Bangwe ba ka nna ba ngongorega ka gore dipuso di tshwanetse go tsenya madi a le mantsi mo ditoropong tsa bone. Mme fa re leba se dipuso di le dintsi di se dirileng malebana le go laola madi a di nang le one, a go a utlwala go akanya gore mathata a ditoropo a ka rarabololwa ka go kwala tšheke fela? Masome a dingwaga a a fetileng, buka ya The Death and Life of Great American Cities e ne ya bolela jaana: “Go na le kgopolo ya gore fa fela re ka bo re na le madi a a lekaneng . . . , re ne re tla fedisa tshotlego yotlhe . . . Mme bona gore re agile eng ka dimilione di le diketekete tsa ntlha: Dikago tse di sa tsenyeng madi a le mantsi tse di fetogang mafelo a a boitshegang a boganana, bothubaki le go itlhoboga ga setšhaba go na le go emisetsa tshotlego e e leng teng jaaka go ne go tshwanetse.” Mafoko ano a sa ntse a le boammaaruri.

Mme fa e le gore madi ga se one tharabololo, tharabololo ke eng he? Re tshwanetse go gakologelwa gore ditoropo di dirilwe ka batho, ga se dikago le mebila fela. Ka jalo kwa bofelong, batho ke bone ba ba tshwanetseng go fetoga gore botshelo jwa mo toropong bo tokafale. Lewis Mumford o bolela jaana mo bukeng ya The City in History: “Ikonomi e e molemo go di gaisa tsotlhe ya toropo ke tlhokomelo le setso sa batho.” Mme fa e le gore go tshwanetse ga fedisiwa tiriso e e sa siamang ya diokobatsi, go rekisa mebele, kgotlelo, go senyega ga tikologo, go tlhaolana ka lotso, bothubaki, go kwalakwala mabota, le tse dingwe tse di tshwanang le tseno, go tlhokega se se fetang fela mapodisi a a oketsegileng kana go penta mabota a dikago bosha. Batho ba tshwanetse go thusiwa gore ba dire diphetogo tse dikgolo mo tseleng ya bone ya go akanya le ya boitshwaro.

Balaodi ba Basha

Batho ba ka se kgone go tlisa diphetogo tseno tse dikgolo. Ka jalo, maiteko a go rarabolola mathata a ditoropo tsa gompieno—le fa a ka tswa a dirwa ka maikaelelo a mantle go le kana kang—a ka se atlege. Le fa go ntse jalo, baithuti ba Baebele ga ba felelwe ke tsholofelo ka gonne ba bona mathata a metsesetoropo ya gompieno e le sekai se sengwe sa go palelwa ga batho go laola polanete ya rona ka tsela e e tshwanetseng. Ditoropo tse di tlhanaselang tsa gompieno di rurifatsa mafoko a Baebele a Jeremia 10:23: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” Maiteko a motho a go ipusa a feletse ka masetlapelo a magolo thata—mathata a re a bonang gongwe le gongwe mo ditoropong tsa rona.

Ka jalo, banni ba mo ditoropong ba mo lefatsheng lotlhe ba ka kgothadiwa ke tsholofetso ya Baebele e e kwadilweng mo go Tshenolo 11:18, ya gore Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” Tsholofetso eno e bua ka isagwe e e itumedisang ya batho. E solofetsa gore Modimo o tla nna molaodi yo mosha wa polanete ya rona ka puso ya gagwe, kgotsa Bogosi. (Daniele 2:44) Batho ba ka se tlhole ba tshelela mo lehumeng le le tlhabisang ditlhong, ba se na matlo a a siameng le thulaganyo ya go tlosa leswe le go thibela malwetse, ba se na seriti le tsholofelo. Mo pusong ya Modimo, batho ba tla nna le dithoto, botsogo jo bo itekanetseng le matlo a a siameng.—Isaia 33:24; 65:21-23.

Lefatshe leno le lesha ke lone fela tharabololo e e utlwalang ya mathata a ditoropo tsa gompieno di nang le one.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Go dirwa maiteko ka tlhoafalo go tokafatsa botshelo mo metsesetoropong e le mentsi

Naples, Italy

New York City, U.S.A.

Sydney, Australia

[Motswedi wa Setshwantsho]

SuperStock

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lefatshe le lesha la Modimo le re neela tharabololo ya mathata a banni ba mo ditoropong tsa gompieno ba nang le one