Nka mo Gana Jang?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka mo Gana Jang?
“Monongwaga go ne go na le mokaulengwe mongwe mo phuthegong ya rona yo o neng a nthata. Tota ga ke ise ke tsamaye ke mo rate. Bothata ke gore, ke ne ke sa itse gore nka mo gana jang ke sa mo utlwise botlhoko.”—Elizabeth. *
“ANKA go itse botoka?” A go na le lekawana lengwe le le kileng la go botsa potso eo? Jaaka lekgarebe, * o ka tswa o ne wa itumela—e bile wa kgatlhega fela thata! Kafa letlhakoreng le lengwe, gongwe o ka tswa o ne wa ikutlwa o tlhakane tlhogo mo e leng gore o ne o sa itse gore o arabe o reng.
Fa mongwe a go kgatlhegela ka tsela ya gore lo ratane, o ka nna wa ikutlwa o fuduega maikutlo. Seno se direga segolobogolo fa o godile sentle mo o ka nyalwang, ka jalo o le mo boemong jwa gore o ka arabela fa go na le motho yo o go kgatlhegelang ka tsela eo! * Le fa go ntse jalo, tsela e o tla arabelang ka yone e tla ikaega thata ka gore o bodiwa ke mang potso eo. Fa o e bodiwa ke motho yo o godileng sentle mo maikutlong, mme o mo kgatlhegela, karabo ya gago e ka nna ya nna motlhofo. Le fa go ntse jalo, gotweng fa tota a se na ditshwanelego tsa go nna molekane yo o tshwanetseng? Kgotsa gotweng fa e le gore, le fa a na le dinonofo tse dintle, tota fela ga o mo kgatlhegele?
Gape, akanya ka boemo jwa lekgarebe le le feditseng nakonyana le ntse le intsha le motho mme jaanong le lemoga gore ga le batle go nna botshelo jotlhe le ene. Go na le gore a fedise botsalano joo, o tswelela a ntse a intsha le ene. O botsa jaana, “Nka mo gana jang?”
Fa o Sa mo Kgatlhegele ka Tsela ya Gore lo Ratane
Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso, go lebega batho ba ne ba nyala batho ba ba neng ba tlhophiwa ke batsadi ba bone. (Genesise 24:2-4, 8) Mo dinageng tsa Bophirima Bakeresete ba bantsi ba gololesegile gore ba ka itlhophela molekane wa bone wa lenyalo. Baebele e na le taelo e le nngwe—gore Bakeresete ba nyale “mo Moreneng fela.”—1 Bakorintha 7:39.
A seno se raya gore o tshwanetse go nyala modumedikawena ope fela yo o go kgatlhegelang kgotsa yo o nang le lobakanyana o intsha le ene? Gone, akanya ka sekai se se mo Baebeleng sa mosetsana yo o tswang kwa Botlhabagare kwa motseng wa Shunema. Solomone, kgosi ya gagwe, Sefela sa Difela 2:7) Morweetsana yono yo o botlhale o ne a sa batle gore ba bangwe ba mo gatelele gore a dire tshwetso ka ntlha ya maikutlo. Tota o ne a sa kgatlhegele Solomone gore ba ka ratana, ka gonne o ne a ratana le modisa wa maemo a a kwa tlase.
o ne a mmona mme a mo rata thata. Le fa go ntse jalo, fa a ne a leka go mmatla, mosetsanyana yoo o ne a mo gana e bile o ne a kopa basadi ba ba neng ba direla kgosi jaana: “Lo se ka lwa leka go tsosa lorato mo go nna kgotsa go lo kurusa go fitlha lone lo tsoga.” (Seno se ruta ba ba akanyetsang lenyalo gompieno thuto ya botlhokwa: Ga o ka ke wa ratana le mongwe le mongwe fela. Ka jalo, le fa lekgarebe le sena go intsha le mongwe wa bong bo sele ka lobakanyana, le ka nna la fitlhela gore ga le mo kgatlhegele gore le ka ratana le ene. Gongwe maikutlo ano a gagwe a bakwa ke bokoa bongwe jo a bo tlhokometseng mo bothong jwa motho yoo. Kgotsa gongwe ga a mo kgatlhegele. Go tla bo go se botlhale go itlhokomolosa maikutlo a a ntseng jalo. Fa o a itlhokomolosa ga se gore a tla tsamaya. * Tamara o ne a bolela jaana malebana le lekawana le a neng a intsha le lone, “Ke ne ke na le dipelaelo tse dintsi tota mo mogopolong ka ene. E ne e se dipelaelo tse dipotlana mme di ne di le dikgolo mo e leng gore di ne di ntshwenya e bile di dira gore ke nne le maikutlo a go tlhobaela fa ke na le ene.” Moragonyana o ne a lemoga gore ka ntlha ya dipelaelo tseno, go ne go le botoka gore a fedise botsalano jwa bone.
Lebaka La go Bo go Le Thata go Gana Motho
Le fa go ntse jalo, go gana lekawana ga go motlhofo jaaka go buiwa. Jaaka Elizabeth yo o umakilweng kwa tshimologong, o ka nna wa tshaba go mo utlwisa botlhoko. Gone mme re tshwanetse go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘apare lorato lwa bopelotlhomogi’ le go tshwara ba bangwe ka tsela e le bone ba batlang go tshwarwa ka yone. (Bakolosa 3:12; Mathaio 7:12) Le fa go ntse jalo, a seno se raya gore o tshwanetse go itshema fela gore o se ka wa swabisa kgotsa wa utlwisa lekawana leno botlhoko? Ga go na pelaelo gore go ise go ye kae, lekawana le tla itse gore tota o ikutlwa jang, mme fa o sa ikanyege mo go lone ka go le bolelela boammaaruri, go tla le utlwisa botlhoko thata. Se se ka nnang maswe le go feta ke fa o ka nyalana le lekawana leo fela ka lebaka la gore o le utlwela botlhoko. Go tlhomogela motho pelo ke motheo o o sa siamang gore o ka aga lenyalo mo go one.
Le fa go ntse jalo, gongwe o lwantshana le maikutlo a gore, ‘Fa ke sa nyalane le ene, gongwe ga ke na go tlhola ke nna le tshono e nngwe gape ya go nyalwa.’ Jaaka setlhogo sengwe mo makasineng wa Teen se bolela, mosetsana a ka nna a bolela jaana: “Ga se ‘ene yo ke mmatlang,’ mme gone ke ene fela yo o leng teng—e bile tota ga ke batle go nna ke le nosi.” Ke boammaaruri gore maikutlo a go eletsa go nna le molekane a maatla. Le fa go ntse jalo, gore o kgone go kgotsofatsa keletso eno ka tshwanelo, ga se gore o tseye mongwe le mongwe fela go nna molekane wa gago. Go raya gore o nne le mongwe yo o tla mo ratang tota e bile e le motho yo o tla diragatsang maikarabelo a gagwe a Dikwalo a lenyalo. (Baefeso 5:33) Ka jalo, o se ka wa nna bonako go dira tshwetso ya gore ke mang yo e tla nnang molekane wa gago! Batho ba bantsi ba ikwatlhaela go nyala ka lepotlapotla.
La bofelo, bangwe ba tswelela ba intsha le lekawana mme go ntse go phepafetse gore le na le makoa a a masisi. Ba akanya jaana, ‘Fa ke mo naya nakonyana, o ka nna a fetoga.’ A tota seno se a utlwala? Kana tota, mekgwa e e maswe le boitshwaro jo bo tseneletseng mo mothong di thata tota go fetoga. E bile le fa a ka dira diphetogo tseo tse dikgolo ka bonako, a tota o ka tlhomamisega gore diphetogo tseno di tla nnela ruri? Lekgarebe lengwe le le bidiwang Karen le ne la dira tshwetso ya gore le emise go intsha
le lekawana lengwe fa a ne a lemoga gore ba ne ba se na mekgele e e tshwanang. O dumela jaana: “Go ne go le thata, ka gonne ke ne ke mo rata tota. Mme ke ne ke itse gore ke dira selo se se tshwanetseng.”Tshwara ka Kelotlhoko
Gone, go gana motho ga se kgetsi e potlana. Jaaka sephuthelwana se se nang le selwana se se thubegang, go tshwanetse ga dirisanwa le boemo jono ka kelotlhoko. Dikakantsho di le mmalwa tse di ka go thusang ke tseno.
Buisana ka kgang eno le batsadi ba gago kgotsa le mongwe yo o godileng sentle mo phuthegong. Ba ka nna ba kgona go go thusa gore o lemoge fa e le gore dilo tse o di lebeletseng ga di utlwale.
O bue ka phepafalo e bile o tlhamalale. O se ka wa mo tlogela a na le dipelaelo tsa gore tota o ikutlwa jang. Go bua fela o re “Nnyaa, go ka se kgonege” go kgoba ba bantsi marapo. Fa go tlhokega, o gane ka go bua mafoko a a boimanyana jaaka, “O intshwarele, mme tota ga ke na kgatlhego.” O ele tlhoko gore o se ka wa mo dira gore a akanye gore o ka nna wa fetola mogopolo wa gago fa a ka go sala morago. Fa o bua ka phepafalo gore ga o na maikutlo ape a go ka ratana le ene, go tla dira gore a tlhaloganye dilo sentle e bile go tla dira gore kutlobotlhoko ya gagwe e fele ka bonako.
Lekalekanya go bua boammaaruri le go sa mo kgopise. Diane 12:18 e bolela jaana: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” Le fa gone go opa kgomo lonaka go le botlhokwa, Baebele e bolela gore puo ya rona e tshwanetse go nna “ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.”—Bakolosa 4:6.
Ngaparela tshwetso ya gago. Ditsala tse di nang le maitlhomo a a molemo, tse di ka tswang di sa itse mabaka a tshwetso e o e dirileng, di ka nna tsa go pateletsa gore wena le motho yoo lo ratane. Mme kwa bofelong ke wena o tla lebanang le matswela a tshwetso ya gago botshelo jotlhe—e seng ditsala tsa gago tse di nang le maitlhomo a mantle.
Dira go ya ka se o se buang. Mo nakong e e fetileng, lo ka tswa lo ne lo le ditsala tse dikgolo, mme ke ga tlholego fela gore o rate gore dilo di boele di nne jaaka di ne di ntse pele. Mme gantsi seno ga se utlwale e bile ga se kgonege. Maikutlo a a nang le one ka wena ke a gore lo ratane. A go a utlwala go akanya gore lekawana leo le ka itlhokomolosa maikutlo ao fela mme la dira e kete ga go a diragala sepe? Le fa gone go ka nna botoka gore lo tshwarane ka tsela e e siameng fela, go tlotla mmogo ka metlha mo founong le go dirisa nako e ntsi lo le mmogo go ka utlwisa lekawana botlhoko le go feta. Go tla bo go tshwana fela le go tshameka ka maikutlo a gagwe, mme o tla bo o sa dire sentle fa o dira jalo.
Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete gore ba “bue boammaaruri” mongwe go yo mongwe. (Baefeso 4:25) Go ka nna ga bo go le thata go dira jalo, mme go ka nna ga lo thusa ka bobedi jwa lona gore lo tswelele ka matshelo a lona.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.
^ ser. 4 Le fa gone setlhogo seno se bua le makgarebe, melaometheo ya teng e ama le makawana ka tsela e e tshwanang.
^ ser. 5 Go tlotlilwe ka dikotsi tsa go intsha le motho wa bong bo sele motho a sa ntse a le mmotlana thata mo makasineng wa rona wa February 8, 2001.
^ ser. 10 Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana. . . A re Kgaogane?” se se mo makasineng wa July 22, 1988, wa Tsogang! (ka Seesemane).
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
Ga o ka ke wa ratana le mongwe le mongwe fela
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
O bue ka phepafalo e bile o tlhamalale fa o tlhalosa maikutlo a gago