Sebopego sa Ntwa ya Segompieno
Sebopego sa Ntwa ya Segompieno
KAMPA ya batshabi e ne ya tlhomiwa ka bonako go tlhokomela batshabi ba le 1 548 ba ba gorogileng ka tshoganyetso fela go tswa kwa nageng nngwe ya boagelani ya Afrika. Ditente tse ditala le tse ditshetlha di ne di tlhomilwe sentle mo lefelong le le dithetse le le mo gare ga sekgwa sa ditlhare tsa mokolane. Go ne go se na motlakase kana dialo, e bile go ne go se na dipompo tsa metsi kana matlwana a boithomelo. Pula e ne e na. Batshabi ba ne ba dirisa dithupana go gaba mesele e mennye go thibela metsi gore a se ka a tlala mo ditenteng. Mekgatlho e mebedi ya boditšhabatšhaba ya namolo e ne e bereka ka tlhagafalo go tokafatsa maemo a botshelo.
Pelenyana ga moo, batshabi ba ne ba dirisitse tshono ya go pagama sefofane sengwe sa bogologolo go tshaba ntwa ya selegae e e neng e tlhasetse naga ya bone ka dingwaga di le dintsi. Ntwa eno e ne e sa lowe ka dikoloi di le dintsi tsa sesole kana ka difofane tse dikgolo tse di latlhelang dibomo. E simolotse fa masole a ka nna 150 a a neng a tlhometse ka ditlhobolo tse di bogale tse di kgonang go itirisa a tlhasela naga eo. Mo dingwageng tse di latelang, masole ano a ne a gapa metse ka go latelana, a pateletsa baagi go ntsha lekgetho, a tsenya batho ba ba oketsegileng mo sesoleng le go bolaya motho ope fela yo o ba ganetsang. Kgabagare, a ne a gapa naga yotlhe.
Mongwe wa batshabi mo kampeng eno e ne e le mosadi mongwe yo mmotlana e bong Esther. O ne a bolela jaana: “Selo se se botlhoko thata se se kileng sa ntiragalela mo botshelong jwa me ke go swelwa ke monna wa me mo ntweng eno. Ba ne ba mo thuntsha. Re boifa thata fela. Fa o utlwa mongwe a goa, o akanya gore go na le
mongwe yo o tlang go go bolaya. Fa o bona mongwe a tshwere tlhobolo, o akanya gore o tlile go go bolaya. Le ka motlha ke ne ke sa phuthologe. Lefelo le ke kgonang go bona boroko mo go lone bosigo ke mo kampeng eno fela. Kwa gae, ke ne ke sa kgone go robala. Fano ke robala jaaka lesea.”Mokwadi mongwe wa Tsogang! o ne a botsa jaana: “Le e leng mo ditenteng tseno tse di kolobileng?”
Esther o ne a tshega. “Le fa ke ne nka tshwanelwa ke go robala mo seretseng seno, ke ne ke tla robala botoka go feta kwa ke tswang teng.”
Ambrose, yo o nang le dingwaga di le lesome, o ne a feditse bontsi jwa botshelo jwa gagwe a tshaba le ba lelapa la gagwe mo mafelong a ntwa e neng e tlhasetse mo go one. O ne a bolela jaana: “Nka rata go bona kagiso mme ke boele kwa sekolong. Kana ke setse ke gola jaanong.”
Kpana, yo o nang le dingwaga di le robongwe, o na le matlho a mantle a a borokwa. Fa a ne a bodiwa gore ke selo sefe sa ntlha se a se gakologelwang, o ne a araba jaana kwantle ga go okaoka: “Ntwa! Ntwa!”
Mofuta wa ntwa e batho bano ba neng ba e tshaba o tlwaelegile mo dingwageng tsa bosheng jaana. Go ya ka motswedi mongwe wa tshedimosetso, mo dintweng di le 49 tse dikgolo tse di neng tsa runya fa e sa le ka 1990, di le 46 tsa tsone di ne di lowa fela ka dibetsa tse di sa tlhatlhelweng thata. Go farologana le sabole kana lerumo, tse di tlhokang gore motho a nne le bokgoni le maatla gore a di dirise ka tsela e e nang le matswela mo ntweng, dibetsa tse dinnye di dirile gore le e leng bomagogorwane mmogo le bomankge ba kgone go lwa mo ntweng. * Gantsi basha ba dingwaga tsa bolesome le bana ba bannye ke bone ba ba tsenngwang mo sesoleng ba bo ba patelediwa go thukutha, go kgaola batho ditokololo tsa mmele le go bolaya.
Bontsi jwa dintwa tseno ga se tse mo go tsone naga e nngwe e lwang le e nngwe, di lowa mo teng ga naga e le nngwe. Ga di lowe ke masole a a thapisitsweng a lwela mo botlhabanelong, mme gantsi di lowa ke baagi fela ba e seng masole mo ditoropong tse dikgolo le tse dinnye le mo metseng. Ka ntlha ya gore bontsi jwa dintwa tseno di lowa ke batho ba ba sa thapisediwang sesole, ga go re sepe le fa melao e e tlwaelegileng ya ntwa e tlolwa. Ka gone, go tlwaelegile thata go bona banna, basadi le bana ba ba sa tsholang dibetsa ba tlhaselwa ka tsela e e setlhogo. Go dumelwa gore mo dintweng tsa gompieno diperesente di feta 90 tsa batho ba ba bolawang ke baagi fela ba e seng masole. Mo dintweng tse di ntseng jalo, go dirisiwa thata dibetsa tse dinnye le tse di sa tlhatlhelweng thata.
Ke boammaaruri gore ditlhobolo ga se tsone tse di bakang ntwa ka tlhamalalo—batho ga ba bolo go lwa le pele go tlhamiwa mosidi wa ditlhobolo. Le fa go ntse jalo, mafelo a go bolokelwang ditlhobolo mo go one a ka nna a rotloetsa ntwa go na le ditherisano. Dibetsa di ka nna tsa lelefatsa nako ya dintwa le go gakatsa dipolao.
Le mororo dibetsa tse di dirisiwang mo dintweng tsa gompieno di sa tlhatlhelwe thata, di ile tsa nna le ditlamorago tse dikgolo thata. Ka dingwaga tsa bo1990, dibetsa tseno di ne tsa bolaya batho ba feta dimilione di le nnè. Batho ba bangwe ba feta dimilione di le 40 ba ile ba fetoga batshabi kana batho ba ba se nang magae. Dibetsa tse dinnye di ile tsa ama dinaga tse di kgautlhantsweng ke ntwa mo dilong tsa dipolotiki, loago, ikonomi le tikologo. Madi a a dirisitsweng ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba go rulaganya thuso ya tshoganyetso, go tlhokomela batshabi, go boloka kagiso le go letlelela sesole go tsereganya, a balelwa go dimilione di le diketekete tsa diranta.
Ke ka ntlha yang fa dibetsa tse dinnye di ile tsa nna le seabe se segolo thata jaana mo ntweng ya segompieno? Di tswa kae? Go ka dirwang go fokotsa diphelelo tsa yone tse di kotsi? Re tla sekaseka dipotso tseno mo ditlhogong tse di latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 9 Polelwana e e reng “dibetsa tse dinnye” e raya ditlhobolo tse dinnye—e leng dibetsa tse di ka kgonang go tshwarwa ke motho a le mongwe; lereo le le reng “dibetsa tse di sa tlhatlhelweng thata” le akaretsa ditlhobolo tsa motšhinikane, dibomo, didiriswa tse di konopang dibomo tsa seatla, tse ka dinako tse dingwe di tlhokang go tshwaraganelwa ke batho ba le babedi.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]
UN PHOTO 186797/J. Isaac