Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota go Fetola Magolegwa go a Kgonega?

A Tota go Fetola Magolegwa go a Kgonega?

A Tota go Fetola Magolegwa go a Kgonega?

“Ga go na motho ope yo o ka patelelang motho yo mongwe gore a fetoge. Phetogo e tshwanetse go tswa mo mothong ka boene le gone ka go rata.”VIVIEN STERN, A SIN AGAINST THE FUTURE—IMPRISONMENT IN THE WORLD.

SELO sa botlhokwa se se ka fetolang magolegwa ka tsela ya mmatota se ikaegile ka thuto le go fetola mekgwa ya bone le tsela e ba lebang dilo ka yone. Ga go na pelaelo gore go na le batho ba ba lekang ka tlhoafalo go ruta magolegwa le go a thusa. Tiro e e molemo e batho bao ba e dirang ka boikokobetso ruri e anaanelwa ke magolegwa a le mantsi.

Batho bangwe ba bolela gore tsamaiso yotlhe ya mo kgolegelong ga e ka ke ya bo ya fetoga le gore ga go bonale go kgonega gore magolegwa a fetoge mo tikologong e e ntseng jalo. Le fa gone go le boammaaruri gore go tlhatlhelwa mo kgolegelong ka bogone ga go dire gore motho a nne le mekgwa e mesha, thuto ya Baebele e thusitse bangwe go fetola matshelo a bone. Seno se bontsha gore go a kgonega gore motho a fetoge fa go tswa mo go ene ka boene.

Ka thuso ya Baebele, gompieno jaana magolegwa mangwe a dira diphetogo tse di dirang gore a akanye ka tsela e e siameng le go nna le boitsholo jo bo siameng. Jang? Ka go reetsa kgakololo ya Baebele e e reng: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Seno se diragadiwa jang?

Seabe sa Baebele

Batho ba le bantsi ba akanya gore bodumedi bo ka nna le seabe se segolo mo go thuseng magolegwa gore a ikwatlhaele dilo tse a di dirileng. Gone bothata jo bogolo jwa seno ke gore phetogo e motho a e dirang fa a le mo kgolegelong, a ka nna a se ka a tswelela ka yone fa a golotswe. Legolegwa lengwe le tlhalosa jaana: “Batho ba le bantsi ba re ba dumela mo go Keresete fa ba le mo lefelong leno—mme fa ba gololwa, ba tlogela Keresete kwa morago!”

Boitemogelo bo bontshitse gore phetogo ya mmatota e tshwanetse go diragala mo teng—mo mogopolong le mo pelong ya sekebekwa—le gore lebaka la phetogo eo e tshwanetse go nna go ikwatlhaela ka mmatota ditiro tse di sa siamang tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. Thulaganyo ya go ithuta Baebele le motho e ka mo thusa go bona gore Modimo o ikutlwa jang ka boikepo le gore ke ka ntlha yang fa bo sa siama. Seno se ka nna sa mo naya mabaka a a nonofileng a a dirang gore a se ka a tlhola a batla go tswelela ka tiro eno ya gagwe.

Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dithuto tse di ntseng jalo tsa Baebele mo dikgolegelong di le dintsi mo lefatsheng lotlhe, ka diphelelo tse di molemo. (Bona tsebe 10.) Legolegwa lengwe le ne la akgela jaana: “Re thusitswe go bona gore Baebele ya reng ka boikaelelo jwa botshelo le masego a batho ba tlileng go nna le one mo isagweng.” O ne a oketsa jaana: “A bo e le thuto e e molemo jang ne!” Legolegwa le lengwe le ne la akgela jaana: “Re dira ditshwetso tse di theilweng mo kgakololong ya Modimo. . . . Re bona diphetogo mo matshelong a rona. Re a itse gore ke eng se se tshwanetseng sa tla pele mo botshelong.”

Gone ke boammaaruri gore ga go tlhokege gore batho ba fetoge fa ba le mo dikgolegelong fela. Tharabololo ya mmatota ya mathata a kgolegelo ke go fedisa go tlhokega ga dikgolegelo. Boammaaruri bongwe jo bo itumedisang thata jwa Baebele jo bo amileng dipelo tsa magolegwa a le mantsi bo fitlhelwa mo tsholofetsong eno ya Modimo: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa . . . Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:9, 29.

Fa seo se diragala, puso e e sa senyegeng e e dirang dilo ka lorato le ka tsela e e gagametseng, e leng Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo jo go busang Keresete mo go jone—puso e Bakeresete ba rutilweng go e rapelela—e tla tlhoma melao e e kwa godimo ya Modimo. (Mathaio 6:10) Mo lefatsheng leo le lesha, moagi mongwe le mongwe o tla fetolwa ke go ithuta melao e e kwa godimo ya Modimo. Morago ga moo go tla nna boammaaruri go feta le eleng pele gore “lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) Diphelelo e tla nna dife? Baagi ba lefatshe le lesha ba ba ikobelang molao “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go Naya Magolegwa Tsholofelo

Mo dingwageng tse di fetang 20, badiredi ba Basupi ba ga Jehofa ba baithaopi ba ne ba dira tiro ya go ruta ka katlego e e theilweng mo Baebeleng kwa kgolegelong ya Atlanta, kwa Georgia, U.S.A. Mo nakong eo, magolegwa a feta 40 a ile a thusiwa go nna badiredi ba ba kolobeditsweng ba Basupi ba ga Jehofa, mme magolegwa a mangwe a feta 90 le one a ile a solegelwa molemo ke dithuto tsa ka metlha tsa Baebele.

Bosheng jaana bagatisi ba Tsogang! ba ile ba buisana le barutisi ba le mmalwa ba Baebele ba ba ileng ba ithaopela go dira mo kgolegelong eo.

Ke ka ntlha yang fa thuto ya Baebele e atlega jaana mo go tlhotlheletseng magolegwa mangwe gore a fetole matshelo a one?

David: Magolegwa a le mantsi ke batho ba ba iseng ba bontshiwe lorato, le fa ba ne ba sa ntse ba le bana. Ka jalo fa ba simolola go itse gore Modimo o a ba rata le fa ba mmulela dipelo tsa bone ka thapelo a bo a araba dithapelo tsa bone, o nna motho wa mmatota mo go bone. Dipelo tsa bone di tlhotlheletsega gore le bone ba mo rate.

Ray: Mongwe wa magolegwa a ke neng ke ithuta le one o ne a sotlwa fa a ne a sa ntse a le ngwana. Fa ke mmotsa gore ke eng se se neng se mo gogela mo go Jehofa, o ne a araba ka go re fa o ithuta boammaaruri jwa Baebele, o lemoga gore tota Jehofa o a go tlhaloganya. Seno se ne sa dira gore a batle go ithuta go le gontsi ka botho jwa Modimo yo o ntseng jalo yo o lorato.

Bangwe ba ka nna ba bolela gore magolegwa a amogela bodumedi ka ntlha ya maikaelelo mangwe a a sa siamang—go fokotsa katlholo ya bone kgotsa go fetisa nako fela. Wena o lemogile eng?

Fred: Fa magolegwa a tla go ithuta le rona, ga re ba bontshe gore re ba utlwela botlhoko. Se re se dirang fela ke go ithuta Baebele le bone. Go ise go ye kae, ba lemoga gore ba tlile go rutiwa Baebele le gore seno ke sone fela se re se dirang. Bangwe ba ne ba tla mo go nna ba nkopa gore ke ba thuse ka dikgetsi tsa bone tsa kgotlatshekelo. Ga ke tlotle sepe le bone ka seno. Ka ntlha ya seno, ba ba tlang mo setlhopheng se re ithutang le sone ba bo ba fetsa lobakanyana ba ithuta ke bone ba tota ba batlang go ithuta Baebele.

Nick: Selo sengwe se ke se lemogileng ke diphetogo tse mangwe a magolegwa a di dirang fa ba le mo felong ga kotlhaelo. Bangwe ba bone ba ne ba nna badiredi ba ba kolobeditsweng mme ba bogisiwa thata ke magolegwa a mangwe. Seo se ba thatafalela e le tota. Fa Baebele e ka bo e sa ama dipelo tsa bone, ba ka bo ba se kile ba nna ba ntse ba ikanyegile kafa tlase ga maemo ano.

Israel: Gantsi ke batho ba ba nang le keletso e e nonofileng ya go ithuta ka Jehofa, mme ba bontsha seno ka tsela e e molemo. O kgona go bona gore ba bontsha seo go tswa pelong.

Joe: Ba ba fetogang Bakeresete ba boammaaruri ba tlhalogantse gore ke ka ntlha yang fa dilo di se kile tsa tsamaya sentle mo matshelong a bone. Gape ba a tlhaloganya gore go na le tsholofelo ya gore ba ka fetoga. Jaanong ba ka kgona go lebelela go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa mo isagweng.

Ke eng fa kgolegelo e le yosi e ka se ka ya fetola dikebekwa?

Joe: Boikaelelo jwa go tswalela dikebekwa mo kgolegelong ga se go di fetola, mme ke go dira gore di tsamaele kgakala le batho mo setšhabeng. Seo ke one motswedi wa bothata—tsela e kgolegelo e dirang ka yone malebana le batho bano.

Henry: Kgolegelo ga e kgone go fetola dipelo tsa batlolamolao. Bontsi jwa batho bano ba tlile go boeletsa tlolomolao ya bone fa ba gololwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Magolegwa a le mantsi a thusitswe go ithuta boammaaruri jwa Baebele