Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Merwalela ya Kwa Mozambique—Kafa Bakeresete Ba Neng ba Tlhokomela ba ba Neng ba Amilwe ke Yone ka Teng

Merwalela ya Kwa Mozambique—Kafa Bakeresete Ba Neng ba Tlhokomela ba ba Neng ba Amilwe ke Yone ka Teng

Merwalela ya Kwa Mozambique—Kafa Bakeresete Ba Neng ba Tlhokomela ba ba Neng ba Amilwe ke Yone ka Teng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MOZAMBIQUE

MO MASIMOLOGONG a ngwaga o o fetileng babogedi ba thelebishene ba ne ba garolwa dipelo ke ditshwantsho tsa kwa Mozambique tsa batho ba ngangatletse dikala mo ditlhareng ka nako ya fa metsi a morwalela a ne a ba tsentse tsebetsebe. Mosadi mongwe o ne a tsholela ngwana mo setlhareng mme ene le ngwana wa gagwe ba ne ba bonwa ba namolwa. Le fa go ntse jalo, ba le diketekete ba ne ba fetsa malatsi a le mantsi ba le mo bothateng jono—bangwe ba tshela le dinoga—go fitlha metsi a kgala kana ba namolwa ka dihelikopotara.

Masetlapelo ano a simolotse fa dipula tsa merwalela di tshologa kwa motsemogolong wa Mozambique wa Maputo. Mo lobakeng lwa diura di le mmalwa fela, metse yotlhe e ne e tletse metsi. Kwa mafelong mangwe, metsi a ne a tlhatlogela kwa marulelong a matlo. Ditsela di ne tsa fetoga go nna dinoka tse di elelang ka maatla. Go ne ga nna le mangope a magolo, mme matlo, dikoloi, mmogo le mo e ka nnang sengwe le sengwe fela, di ne tsa gogolwa. Le fa go ntse jalo, dikgolo di ne di sa ntse di tla.

Dipula di ne tsa tswelela di na, di dira gore karolo yotlhe ya kwa borwa jwa naga eno e tlale ka bophadiphadi jwa metsi. Gape pula e ne ya na le mo dinageng tse di mabapi tsa Afrika Borwa, Zimbabwe le Botswana. Ka ntlha ya gore dinoka tsa Incomati, Limpopo le Zambezi di elela go tswa mo dinageng tseno di tsena mo Mozambique fa di fetela kwa lewatleng, dikarolo tse dikgolo tsa Mozambique di ne tsa senyega fa dinoka tseno di penologa. Tsela e Bakeresete ba neng ba tlhokomelana ka yone ka nako ya masetlapelo ano e nonotsha tumelo.

Kafa Tshenyo ya Ntlha e Neng e le Kgolo ka Gone

Ka February 9 ngogola, baemedi ba le babedi ba ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Maputo ba ne ba tswa ba ya go etela karolo e e kwa bokone. Mo e ka nnang ka ura ya borobongwe mo mosong, ba ne ba kgabaganya toropo ya Xinavane, koo metsi a Noka ya Incoluane a neng a tlhatlogetse kwa godimo thata. Ba ne ba swetsa ka gore ba tswelele pele ba ye kwa Xai-Xai, e leng motsemogolo wa porofense ya Gaza. Le fa go ntse jalo, ba ne ba lemoga gore gaufi le toropo ya Chókwè, koo gantsi go nnang le merwalela e megolo gone ka nako ya dipula tsa matlakadibe, go ne go se na sepe se se bontshang gore go na le mathata. Ka jalo, ba ne ba swetsa ka gore ba boele kwa Maputo.

Le fa go ntse jalo, fa ba boela morago mme ba tla ba lebile Xinavane, ba ne ba emisiwa ke mapodise a a neng a thibile tsela. Mapodise a ne a ba tlhagisa jaana: “Metsi a merwalela a a tswang kwa Afrika Borwa a gorogile fano mme a thibile tsela e kgolo. Dibese le dilori ga di kgone go feta.” Yone tsela e ba neng ba e kgabagantse mo mosong jaanong e ne e setse e khurumeditswe ke metsi! E re ka dinoka tse dingwe kwa bokone jwa naga le tsone di ne di ntse di kokomoga, lefelo leno le ne la kgaphelwa kwa thoko ga naga.

Bakaulengwe bano ba babedi ba ne ba swetsa ka gore ba lale kwa lefelong le le gaufi la Macia. Boemo bo ne jwa nna maswe le go feta mo bosigong joo. Morwalela o ne wa aparela toropo yotlhe ya Xinavane, mme batho ba ne ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe koo. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Basupi ba ba leng kwa lefelong leno ba thusiwe go ya kwa Holong ya Bogosi ya kwa Macia, koo go neng ga tlhongwa kampa ya nakwana ya batshabi gone. Ka bonako fela Basupi ba ne ba ya kwa mabenkeleng a magolo mme ba reka dilwana tsa botlhokwa tse di jaaka reise, dinawa, bupi le mafura.

Jaanong tlhokomelo e ne ya lebisiwa kwa Bakereseteng ba ba kwa Chókwè le kwa ditoropong tse di mabapi. Balebedi ba diphuthego tsa kwa Chókwè ba ne ba kopana mmogo mme ba rulaganya gore batho ba le bantsi ba tswe mo lefelong leo. Go ne ga anamisiwa molaetsa ono: “Tswang ka bonako, mme lo yeng kwa Macia!” Le fa go ntse jalo, go ne ga lemogiwa ka bonako gore ba le bantsi go tswa kwa Xinavane ba ne ba ise ba goroge. Ka jalo, Basupi ba ne ba romelwa gore ba ye go ba tlhola. Gape go ne ga utlwiwa gore mogolwane mongwe wa Mokeresete o nwetse mo ntlong ya gagwe. Go ne ga rulaganyediwa phitlho ya gagwe, mme Basupi ba bangwe botlhe, le ba ba neng ba le mo godimo ga marulelo, ba ne ba bonwa mme ba thusiwa go ya kwa Macia.

Fa go sena go dirwa dithulaganyo tseno, baemedi go tswa kwa lekaleng ba ne ba ya kwa Bilene, e leng torotswana e e kwa lotshitshing, koo ba neng ba hira sefofane gone go ya kwa Maputo. Go fitlha bokgakaleng jo batsamaya ka sefofane seno ba neng ba kgona go bona kwa go jone, kgaolo eno e ne e khurumeditswe ke metsi a morwalela. Go ne ga begwa gore kwa porofenseng ya Gaza fela, batho ba le 600 000 ba ne ba amilwe ke morwalela ono.

Boemo bo Nna Maswe Thata

Mo malatsing a le mmalwa a a latelang, dipula di ne tsa gakala, mme diporofense tse di mo bogareng jwa Mozambique le tsone di ne tsa senngwa ke morwalela. Morago ga moo, go ne ga tsoga kgwanyape e kgolo ya boboatsatsi e e bidiwang Eline. Ka February 20, e ne ya nesa dipula tse di senyang kwa diporofenseng tsa Inhambane, Sofala le Manica. Seno se ne sa oketsa morwalela, palo ya dintsho le tshenyo.

Morago ga moo, go ela kwa bokhutlong jwa February, toropo ya Chókwè le dikgaolo tsotlhe tse di e dikologileng di ne tsa khurumediwa ke metsi a morwalela ka tsela e e neng e ise e ko e bonwe. Mo e ka nnang ka nako ya bosigogare jwa Matlhatso, ka February 26, metsi a morwalela a ne a elela ka go gosomana mo gogolo, a gogola sengwe le sengwe se a kopanang le sone. Mosupi mongwe wa dingwaga di le 32 e bong Luis Chitlango o ne a bolela jaana: “Re ne ra tsosiwa ke moagelani wa rona a goa ka fensetere.”

Chitlango o ne a tlhalosa jaana: “Fa re tlola re tswa mo malaong a rona, re ne re utlwa modumo o mogolo wa metsi. Fa re tshaba, re ne ra kopana le dinoga di le dintsi. Ka ura ya borataro, re ne ra fitlha kwa lefelong le le kwa godimo, mme moragonyana mo mosong oo fa metsi a morwalela a setse a kokomogile mo matlhakoreng otlhe, re ne ra tshwanelwa ke go pagama ditlhare. Re ne re le setlhopha sa batho ba le 20.

“Banna ba ne ba pagama pele mo ditlhareng. Morago ga moo, basadi ba bo ba ba naya bana, mme bana bano ba ne ba bofelelwa mo dikaleng tsa ditlhare. Mme basadi ba ne ba ba latela ba tshotse masea a bone. Gangwe le gape, re ne re fologa mo ditlhareng re bo re sela matonkomane mo tlase ga metsi, a re neng re itse gore a ne a lengwa mo lefelong leno.

“Morago ga malatsi a le mararo go ne ga swediwa ka gore rotlhe re tshwanetse go ya kwa Chókwè ka dinao. Metsi a ne a re fitlha mo dihubeng, mme re ne re tlhabagana le makhubu a a maatla a metsi. Mo tseleng re ne re kopana le batho ba le bantsi ba pagame mo ditlhareng le mo marulelong. Mo letsatsing le le latelang, metsi a morwalela a ne a kokobetse mo go lekaneng gore dilori di ka kgona go fitlha kwa toropong le go isa batho kwa Macia.”

Kampa ya Batshabi ya Basupi

Ka March 4, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya hira sefofane mme baemedi bangwe ba yone ba fofela kwa karolong e e aparetsweng ke masetlapelo ano. Batho ba le bantsi ba ne ba tshabetse kwa Macia, e e neng e fetotswe go nna kampa e kgolo ya batshabi. Batho ba le bantsi ba ba amilweng ke morwalela ono ba ne ba tshwerwe ke mofikela, bolwetse jo bo bakwang ke go se bone dijo tse di nang le dikotla, malaria le malwetse a mangwe.

E ne e kete go a lowa. Dihelikopotara tse di neng di tswa kwa dinageng tse di farologaneng di ne di tletse mo loaping di fofa mo godimo ga toropo eno di bo di kotama mo ditseleng tse di itiretsweng go folosa dilwana tse di tlileng le tsone. Fa setlhopha sa go namola sa Basupi se goroga kwa Macia, ga se a ka sa tlamela batho bano ka dijo fela mme gape se ne sa rulaganya le kokelo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ya go kopa tetla pele kwa badiredibagolong ba lefelo leo, ba ba neng ba itumelela go tsaya ga bone kgato eno.

Moso mongwe le mongwe kwa kampeng ya Basupi, e go neng go nna Basupi ba ka nna 700 mo go yone mmogo le batho ba bangwe, go ne go tlhatlhobiwa temana ya Baebele ka 6:30 a.m. Fa dijo tse di neng di apewa ke bokgaitsadi ba Bakeresete di setse di siame, go ne go bidiwa maina a ditlhogo tsa malapa. Mongwe le mongwe wa bone o ne a bontsha ka menwana gore lelapa la gagwe le tlhoka dijana di le kae, morago ga moo ba bo ba isediwa dijo.

Sengwe le sengwe se se neng se dirwa mo kampeng eno se ne se rulagantswe sentle. Batho bangwe ba ne ba abetswe tiro ya go reka dijo; mme ba bangwe go sireletsa metsi a a nowang gore a se ka a tlala leswe, go phepafatsa matlwana a boithomelo, le dilo tse dingwe. Tsela e dilo di neng di rulagantswe sentle ka yone e ne ya lemogiwa ke badiredibagolo ba puso, ba ba neng ba akgela jaana: ‘Leno ke lefelo le le siameng gore motho a ka nna mo go lone. Ga go motho ope yo o sa neweng dijo, e bile ga go na dintwa.’ Modiredimogolo mongwe wa lefelo leo o ne a bolela jaana: ‘Mongwe le mongwe o tshwanetse go etela kampa eno ya Basupi go bona kafa dilo di tshwanetseng go dirwa ka teng.’

Ka letsatsi lengwe komiti ya namolo e ne ya kokoanya bagolwane ba Bakeresete mmogo mme ya ba itsise gore ofisi ya lekala e dirile dithulaganyo tsa go aga matlo le Diholo Tsa Bogosi sesha mmogo le go naya batho ba ba aparetsweng ke masetlapelo ano dilwana tsa konokono tse ba di tlhokang. Mo mosong o o latelang ka nako ya fa go tlhatlhobiwa temana ya letsatsi ya Baebele, go ne ga dirwa kitsiso e e malebana le dithulaganyo tseno. Go ne ga opiwa diatla ka nako e telele.

Le mororo badiredibagolo ba ne ba ntshitse ditente tse pedi tse dikgolo gore di dirisiwe, batho ba le bantsi mo kampeng eno ba ne ba sa ntse bo robala kwa ntle. Ka jalo, go ne ga rulaganngwa setlhopha go tswa mo bathong bano ba ba amilweng ke morwalela go aga Holo e kgolo ya Bogosi mo setsheng sa phuthego ya lefelo leo. E ne e agilwe ka matlhaka le ka disenke—ka tsela e go agiwang ka yone kwa Mozambique—go tsenya batho ba le 200 mo teng. E ne ya wediwa mo malatsing a le mabedi fela!

Go Bona Kwa ba Bangwe ba Leng Teng

Fa go sa ntse go le jalo, ka March 5, fa metsi a morwalela a ne a setse a kokobetse ka selekanyo se se rileng, go ne ga tlhongwa setlhopha sa namolo gore se ye kwa toropong ya Aldeia da Barragem, e e leng kwa go nngwe ya dikgaolo tsa ntlha go aparelwa ke morwalela. E ne e na le phuthego ya Basupi ba ka nna 90, mme go ne go ise go utlwelwe sepe ka bone.

Fa setlhopha seno se le mo tseleng, se ne sa feta Chihaquelane, e leng kampa e kgolo ya batshabi e e nang le batho ba ka nna 100 000. Ka fa matlhakoreng oomabedi a tsela, e dikarolo dingwe tsa yone di neng di gogotswe ke metsi, kgaolo yotlhe e ne e tletse ka bophadiphadi jwa metsi go fitlha kwa motho a neng a kgona go bona gone. Motho mongwe wa setlhopha seno o ne a akgela jaana: “Fa re goroga kwa Chókwè, re ne ra bona tshenyo e e seng kana ka sepe. Matlo a le mantsi fa o tsena ka toropo a ne a tletse metsi go fitlha kwa marulelong. Bontsi jwa matlo bo ne bo khurumeditswe ke metsi a morwalela. Go ne go setse go nna lefifi, mme re ne re sa ntse re saletswe ke loeto lwa dikilometara di le 25 pele re fitlha kwa Aldeia da Barragem.”

Kgabagare mo bosigong joo, setlhopha seno se ne sa fitlha kwa se neng se tshwanetse go ya teng. Mongwe wa setlhopha seno o gakologelwa jaana: “Re ne ra ema ra ipotsa gore re tlile go dirang jaanong.” Morago ga moo go ne ga tlhaga batho ba goa ba re: “Bakaulengwe!” mme go ne ga utlwala ditshego tse di kwa godimo tsa boitumelo. E ne ya re fa ba bona dipone tsa dikoloi tse pedi, Basupi ba lefelo leno ba ne ba setse ba akantse ka bonako fela gore bano e tshwanetse ya bo e le bakaulengwe ba bone, mme ba ne ba bolelela ba bangwe seno. Batho ba ba neng ba bogetse ba ne ba kgatlhwa ke seno thata mme ba bolela jaana: ‘Ruri batho bano ba lorato. Ba lo tlisetsa dijo e bile ba a lo etela!’

Go Tswelela Pele ba ba Tlhokomela

Bakaulengwe ba kwa Aldeia da Barragem ba ne ba thusiwa gore ba fitlhe kwa kampeng ya Macia, koo ba neng ba newa dijo, manno le kalafi gone. Le fa go ntse jalo, maemo kwa Macia a ne a simolola go nna boima. Dijo, melemo le ditukisi di ne di sa tlhole di bonwa motlhofo, ka di ne di romelwa ka difofane. Go ne go tlhokega ka potlako gore lefelo leno le golaganngwe sesha le Maputo. Seno se ne sa dirwa ka March 8.

Toropo e kgolo ya Xai-Xai e ne e khurumeditswe ke metsi gotlhelele. Karolo e e kwa tlase ya yone e ne e nwetse ka fa tlase ga metsi kwa botennyeng jwa dimetara di le tharo kwa mafelong a mangwe! Basupi ba ne ba rulaganya komiti ya namolo go tlhokomela bakaulengwe ba bone koo. Mo godimo ga moo, go ne ga rulaganngwa dikomiti dingwe go tlhokomela batho ba ba neng ba tlhoka thuso kwa diporofenseng tsa Sofala le Manica.

Dilo tsa namolo tse ba neng ba tlamelwa ka tsone di ne di tswa kwa Basuping ba ba kwa dinageng tse dingwe. Ka sekai, lekala la Afrika Borwa, le ne la rulaganya gore ditone di le dintsi tsa diaparo, dikobo le dilwana tse dingwe di romelwe koo. Mme ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa, kwa Brooklyn, New York, e ne ya rulaganya madi go tlhokomela batho ba ba amilweng ke masetlapelo ano.

E ne ya re fa metsi a morwalela a sena go kokobala ka mo go lekaneng e bile go sena go balwa gore ke ba le ba kae ba ba senyegetsweng ke matlo a bone, tiro ya go aga matlo le Diholo Tsa Bogosi sesha e ne ya simololwa. Komiti ya kagosesha e ne ya tlhongwa mme e ne e engwa nokeng ke baithaopi ba le bantsi ba ka bonako fela ba neng ba simolola tiro. Fa e sa le ka nako eo, go ile ga agiwa sesha matlo a feta 270 mmogo le Diholo Tsa Bogosi di ka nna tlhano.

Fa matlo a ntlha a a neng a agiwa ke baithaopi ba Basupi a simolola go bonala, batho ba ne ba lemoga seo. Moagelani mongwe o ne a akgela jaana: ‘Lo obamela Modimo yo o tshelang. Baruti ba rona ba palelwa ke go gakologelwa dinku tsa bone tse di leng mo mathateng. Mme lona lo agelwa matlo ano a mantle.’ Kwa dikarolong tse di ntseng jalo, batho ba le bantsi ba ile ba amogela molaetsa wa Bogosi o o rerwang ke Basupi ba ga Jehofa, mme go ile ga simololwa dithuto di le dintsinyana tsa Baebele.—Mathaio 24:14; Tshenolo 21:3, 4.

Le mororo Basupi ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke dithoto tsotlhe tsa bone, ga go ope wa bone yo a neng a latlhegelwa ke tumelo. Go na le moo, tumelo ya bone mo go Jehofa Modimo le mo phuthegong ya bone ya lefatshe lotlhe ya badumedikabone e ne ya nonofa. Ba leboga bakaulengwe ba ba lorato ba ditšhabatšhaba, ba ba neng ba tsibogela masetlapelo ano a a garolang pelo ka potlako. Ba iponetse ka bobone tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa le tshireletso ya gagwe, mme ba tla nna ba gakologelwa mafoko ano a Baebele: “Jehofa o mogolo.”—Pesalema 48:1.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Metsi a a dithetse a ne a tlala mo toropong ya Xai-Xai

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Dilwana tsa namolo di ne tsa romelwa ka difofane

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhopha sa namolo sa Basupi se ne sa tlhoma kokelo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Matlo a masha a tswelela pele go agiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kampa e kgolo go di gaisa tsotlhe ya batshabi e ne e na le batho ba le 100 000