A Ditumelo Tsotlhe ke Ditsela Tse di Farologaneng Tse di Yang Kwa Modimong?
Pono E e Mo Baebeleng
A Ditumelo Tsotlhe ke Ditsela Tse di Farologaneng Tse di Yang Kwa Modimong?
“KE BONA go gakgamatsa tota gore Modimo wa lobopo lotlhe o tlhophile gore a itsiwe ka tumelo e le nngwe,” go ne ga bolela jalo mokwadi Marcus Borg. Desmond Tutu yo o ileng a gapa Sekgele sa Kagiso sa Nobel o ne a bolela jaana: “Ga go na bodumedi bope jo bo ka ipolelang gore bo na le boammaaruri jo bo feletseng ka masaitsiweng” a tumelo. Pono e e tumileng ya Sehindu ke “Jotto moth, totto poth,” e fa e ranolwa fela ka go latlhelela e bolelang gore ditumelo tsotlhe ke ditsela fela tse di farologaneng tse di isang kwa mokgeleng o o tshwanang. Babuda le bone ba leba dilo ka tsela eno. Eleruri, batho ba le dimilione ba dumela gore ditumelo tsotlhe ke ditsela tse di farologaneng tse di yang kwa Modimong.
Mokwalahisitori Geoffrey Parrinder o ne a bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe go bolelwa gore ditumelo tsotlhe di na le mokgele o o tshwanang, kgotsa ke ditsela tse di tshwanang tse di boammaaruri, kgotsa gore tsotlhe di ruta dithuto tse di tshwanang tsa motheo.” Dithuto, dingwao le medimo ya ditumelo eleruri di a tshwana. Ditumelo tse dintsi di bua ka lorato e bile di ruta gore polao, bogodu le go bua maaka di phoso. Mo ditlhopheng tse dintsi tsa bodumedi, batho bangwe ba dira maiteko ka bopeloephepa gore ba thuse ba bangwe. Ka jalo, fa motho a le peloephepa mo go se a se dumelang e bile a leka go tshela botshelo jo bo siameng, a go a kgathalesega gore o mo bodumeding bofe? Kgotsa a ditumelo tsotlhe ke ditsela fela tse di farologaneng tse di yang kwa Modimong?
Bopeloephepa bo le Josi—A bo Lekane?
Akanya ka kgang ya monna mongwe wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a bidiwa Saulo, yo o neng a nna moaposetoloi wa Mokeresete yo a neng a bidiwa Paulo. O ne a le matlhagatlhaga thata e bile a ngaparetse Tumelo ya Sejuda thata mme seno se ne sa dira gore a leke go fedisa kobamelo ya balatedi ba ga Keresete, e a neng a na le maikutlo a gore ga e a tshwanela. (Ditiro 8:1-3; 9:1, 2) Le fa go ntse jalo, ka kutlwelobotlhoko ya Modimo, Saulo o ne a lemoga gore batho ba ba ratang bodumedi thata jaaka ene ba ka nna matlhagatlhaga ka Modimo, mme le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo ba se na mabaka otlhe, ba ka nna ba tswa ba le phoso. (Baroma 10:2) Fa Saulo a ne a ithuta go le gontsi ka thato ya Modimo le ka ditiro tsa gagwe, o ne a fetoga mme a simolola go obamela le batho ba a neng a ba bogisa—balatedi ba ga Jesu Keresete.—1 Timotheo 1:12-16.
A Baebele e bolela gore go na le makgolokgolo a ditumelo tse motho a ka tlhophang mo go tsone le gore nngwe le nngwe e re e tlhophang e amogelwa ke Modimo? Moaposetoloi Paulo o ne a amogela ditaelo mo go Jesu Keresete yo o tsositsweng tse di neng di bua se se farologanang thata le seno. Jesu o ne a mo roma kwa bathong ba ditšhaba ‘gore a bule matlho a bone, gore a ba ntshe mo lefifing a ba ise leseding, a ba ntshe le mo taolong ya ga Satane a ba ise mo Modimong.’ (Ditiro 26:17, 18) Go phepafetse gore go botlhokwa go bona gore re tlhopha bodumedi bofe. Batho ba bantsi ba Paulo a neng a rometswe kwa go bone ba ne ba setse ba na le bodumedi. Mme ba ne ba le mo “lefifing.” Eleruri, fa ditumelo tsotlhe e ne e le ditsela fela tse di farologaneng tse di isang kwa botshelong jo bosakhutleng e bile di dira gore batho ba amogelwe ke Modimo, go ka bo go sa tlhokega gore Jesu a thapise balatedi ba gagwe gore ba dire tiro ya go dira barutwa e a ba laetseng gore ba e dire.—Mathaio 28:19, 20.
Mo Therong ya gagwe mo Thabeng, Jesu o ne a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) Baebele e bolela ka phepafalo gore go na le “tumelo e le nngwe.” (Baefeso 4:5) Go phepafetse gore batho ba bantsi ba ba mo tseleng e “kgolo” ba na le bodumedi. Mme ga ba na “tumelo e le nngwe.” E re ka go na le mofuta o le mongwe fela wa kobamelo ya boammaaruri, ba ba batlang go bona tumelo eo ya boammaaruri ba nna ba ntse ba e batla.
Go Batla Modimo wa Boammaaruri
Go tloga kwa tshimologong ya hisitori ya batho, Modimo o ntse a bolelela batho se a batlang gore ba se dire. (Genesise 1:28; 2:15-17; 4:3-5) Gompieno se a se batlang se tlhalosiwa ka phepafalo mo Baebeleng. Seno se dira gore re kgone go farologanya kobamelo e e amogelwang le kobamelo e e sa amogelweng. (Mathaio 15:3-9) Batho bangwe ba mo bodumeding jo ba tsaletsweng mo go jone, mme ba bangwe bone ba latela fela se se dirwang ke bontsi jwa batho mo setšhabeng. Mo bathong ba bantsi, bodumedi ke kgang fela ya gore o tshotswe leng le gore o tsholetswe kae. Le fa go ntse jalo, a o tshwanetse go letla ba bangwe gore ba go direle tshwetso ya gore o tlhophe bodumedi bofe?
O tshwanetse go tlhopha bodumedi o na le kitso e o e theileng mo tshekatshekong ya Dikwalo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho bangwe ba ba rutegileng ba ne ba sa tseye fela se ba neng ba se bolelelwa ke moaposetoloi Paulo. Ba ne ba “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:11; 1 Johane 4:1) Wena ke ka ntlha yang fa o sa dire jalo?
Baebele e tlhalosa gore Modimo wa lobopo o batla gore batho ba mo obamele ka boammaaruri. Jaaka go kwadilwe mo go Johane 4:23, 24, Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Le fa go ntse jalo, nako e etla, le jaanong e fitlhile, ya fa baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela. Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” Ke fela “mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara” o o amogelegang mo go ene. (Jakobe 1:27) Modimo o segofaditse dimilione tsa batho gore ba bone kgoro e tshesane e e isang botshelong. Ga a na go naya batho ba ba sa kgathaleng botshelo jo bo sa khutleng mme o tla bo naya ba ba dirang maiteko a go bona tsela e tshesane e a e boletseng ba bo ba e sala morago.—Malaki 3:18.