Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Borukhutlhi bo a Fetoga

Borukhutlhi bo a Fetoga

Borukhutlhi bo a Fetoga

La bofelo fa go ne go buiwa ka borukhutlhi e le setlhogo se se kafa ntle mo makasineng ono, go ne ga dirisiwa setshwantsho se se tlwaelegileng—sa babolai ba ba ipipileng difatlhego ba tshotse ditlhobolo go na le mosi wa go thunya go go boitshegang fa morago ga bone. Le fa go ntse jalo, mo malatsing ano, boemo bo fetogile.

KA LOTLATLANA, dilori tse di maswe di tsamaya ka iketlo di tlhomagane mo gare ga dikago tsa bonno. Dilori tseo di ema go bapa le kago ya sekolo. Go ise go ye kae, setlhopha se se thapisitsweng sentle sa banna ba ba ipipileng difatlhego e bile ba apere diaparo tse di sireletsang mmele otlhe wa bone mo dikhemikaleng ba tsena mo gare ga ditlhatshana. Selo se le sengwe fela se ba se itseng ke gore go thuntse sengwe kwa metshamekong kwa setadiamong sa sekolo, mme ga kuelela mosi o o neng wa lwatsa babogedi ba le bantsintsi. Banna bao ba banè ba tsena ka kelotlhoko mo lefelong leno go ya go bona gore go diragetse eng, se dirisana mmogo le ba lefapha la maemo a tshoganyetso. Go ne go dule eng mo selong se se thuntseng seno? Megare ya bolwetse jwa lobete? Gase e e kgoreletsang go dira ga ditshika?

Banna bao ba ne ba tsamaya ka bonya ba ya ntlheng ya setadiamo, ba tshotse didirisiwa tse di farologaneng tsa go sekaseka dikhemikale. Ba ne ba fitlha fa phaposing nngwe e potlana kwa ba fitlhetseng go na le masalela a selo se se thuntseng seno gone. Tiro ya bone e tlhoka gore ba nne kelotlhoko thata, e tlhoka gore ba tshole didirisiwa tse dinnye tsa go sekaseka selo seno le go sutisa dilo tse di boima.

Go ise go ye kae, diipipo tsa bone tsa difatlhego di simolola go fufulelwa mo teng. Tiro e ba e dirang e a lapisa, le fa e dirwa ke banna ba ba thapisitsweng tota. Le fa go ntse jalo, mo nakong e e ka fa tlase ga metsotso e le lesome fela, ba kgona go lemoga gore masalela ano ke eng. Mokhemiseteri mongwe yo o neng a tsamaya le bone o ne a bolela jaana, “Ga go na pelaelo gore sedirisiwa seno se na le megare ya bolwetse jwa lobete.”

Go Fetoga ga Borukhutlhi

Tiragalo eno e ne e se kotsi jaaka e utlwala. E ne e le go ikatisa ga setlhopha go bona gore se ne se tla tsibogela jang tlhaselo ya gase e e botlhole golo gongwe kwa New York. Setlhopha seno ke sengwe sa ditlhopha tse di neng tsa bopiwa bosheng tsa Weapons of Mass Destruction Civil Support Teams. Ditlhopha tseo di abelwa go sekaseka gore mofuta o mosha wa tlhaselo ya borukhutlhi o mogolo go le kana kang le gore o kotsi go le kana kang ka go sekaseka megare, dikhemikale kgotsa marang a radioactive tse go belaelwang gore di ka tswa di dirisitswe mo tlhaselong.

Seno ke sengwe sa ditlhopha di le dintsi mo lefatsheng lotlhe se se bopilweng ka ntlha ya matshosetsi a masha a borukhutlhi le dikgwetlho tsa jone. * Ditiragalo tsa dingwaga tsa bosheng jaana di bontsha gore borukhutlhi jo bo dirwang ke ditlhopha tse di itaolang kgotsa majelathoko bo a oketsega. Le mororo dirukhutlhi di le dintsi di sa ntse di tlhasela dikampa tsa sesole le baemedi ba badipolomate, tse dingwe di tlhasela le mafelo a a sa sireletsegang jaaka dipalangwa tsa botlhe, mafelo a metshameko, ditoropo tse di tlhanaselang, dihotele le mafelo a bojanala.

Go tlhomamisa kafa boitshwaro jwa dirukhutlhi bo fetogileng ka gone, Porter Goss e bong modulasetulo wa U.S. House Intelligence Committee o ne a bolela jaana: “Re tshwanetse go tswa jaanong mo tseleng ya bogologolo e re neng re leba borukhutlhi jo bo etleediwang ke puso ka yone mme re lebe mokgwa ono o mosha wa borukhutlhi. Re lebane thata le borukhutlhi jo batho ba bo dirang gonne ba lwela gore dilo tse ba di batlang di dirwe.”

Borukhutlhi jo bosha bo akaretsa ditiro le maano a go ka nnang ga nna thata go a thibela kgotsa go a lwantsha. Dirukhutlhi tse dintsi di kgona go dirisa botegeniki jo bosha e bile di kgona le go ikemela mo go tsa madi. USA Today e bega jaana: “Botegeniki jo bosha jwa khomputara le ditlhaeletsano le mekgwa ya go ikgolaganya le dikebekwa tsa digongwana di dira gore go nne thata go lwantsha borukhutlhi.” Go fetoga ga jone gape go akaretsa go tlhasela mafelo a pele bo neng bo sa a tlhasele, mo go patelelang babegi ba dikgang le basekaseki ba tsone go tlhama mafoko a masha a a tshwanang le “borukhutlhi jwa khomputara,” “borukhutlhi jwa go dirisa megare,” le “borukhutlhi jo bo dirwang go sireletsa tikologo.”

Borukutlhi jo bosha jono bo tshosetsa go le kana kang? A tshireletsego ya gago e mo kotsing? A sebetso seno sa borukhutlhi jwa boditšhabatšhaba se ka rarabololwa? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Maikutlo a se borukhutlhi e leng sone a a farologana. Ka sekai, mo mafatsheng a go nang le dintwa tsa morafe, go lwantshana ga makoko go tsewa e le ntwa e e tshwanetseng kgotsa e le borukhutlhi, go ya ka gore go bodiwa ba letlhakore lefe. Mo motseletseleng ono wa ditlhogo, lefoko “borukhutlhi” le raya go dirisiwa ga thubakanyo go gatelela yo mongwe go dira sengwe.

[Lebokoso/Mmapa mo go tsebe 12, 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BORUKHUTLHI Jwa Dingwaga di le Lesome

1. Buenos Aires, Argentina

March 17, 1992

Bomo e e neng e fitlhilwe mo koloing e tlhatlhamolola Ntlokemedi ya Puso ya Iseraele. Palo ya baswi: 29. Palo ya bagobadi: 242

2. Algiers, Algeria

August 26, 1992

Go thunya bomo kwa boemafofaneng jwa boditšhabatšhaba. Palo ya baswi: 12. Palo ya bagobadi: bobotlana 128

3. New York City, United States

February 26, 1993

Majelathoko a bodumedi a thuntsha bomo e kgolo kafa tlase ga World Trade Center. Palo ya baswi: 6. Palo ya bagobadi: ba ka nna 1 000

4. Matsumoto, Japan

June 27, 1994

Maloko a setlhopha sa Aum Shinrikyo a bulela gase e e botlhole mo lefelong lengwe la bonno le le fa gaufi. Palo ya baswi: 7. Palo ya bagobadi: 270

5. Tokyo, Japan

March 20, 1995

Maloko a Aum Shinrikyo a tsena mo ditereneng tsa kwa Tokyo tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe a tshotse diphuthelwana dingwe di le thataro, mme a bulela gase e e botlhole e e kotsi mo go tsone. Palo ya baswi: 12. Palo ya bagobadi: ba feta 5 000

6. Oklahoma City, United States

May 19, 1995

Bomo e e fitlhilweng mo loring e thunya kwa kagong ya puso. Majelathoko mangwe a latofalediwa seno. Palo ya baswi: 168. Palo ya bagobadi: ba feta 500

7. Colombo, Sri Lanka

January 31, 1996

Dirukhutlhi di kgweeletsa lori e e tletseng dilo tse di thunyang mo teng ga banka. Palo ya baswi: 90. Palo ya bagobadi: ba feta 1 400

8. Lontone, Engelane

February 9, 1996

Dirukhutlhi tsa kwa Ireland di thuntshetsa bomo mo teng ga karatšhe. Palo ya baswi: 2. Palo ya bagobadi: ba feta 100

9. Jerusalema, Iseraele

February 25, 1996

Motho yo o dirisang bomo go ipolaela mo beseng o bolaya le botlhe ba ba mo go yone. Go belaelwa majelathoko a bodumedi. Palo ya baswi: 26. Palo ya bagobadi: ba bangwe ba ka nna 80

10. Dhahran, Saudi Arabia

June 25, 1996

Lori ya peterolo, e e tshotseng bomo, e thunya ka fa ntle ga kago ya sesole ya United States. Palo ya baswi: 19. Palo ya bagobadi: 515

11. Phnom Penh, Cambodia

March 30, 1997

Batlhasedi ba latlhela dibomo di le nnè tsa seatla mo setlhopheng se se dirang dikhuduego. Palo ya baswi: ba ka nna 16. Palo ya bagobadi: ba feta 100

12. Coimbatore, India

February 14, 1998

Batho ba ba lwang ba bodumedi ba thuntsha dibomo gangwe le gape. Palo ya baswi: 43. Palo ya bagobadi: 200

13. Nairobi, Kenya, le Dar es Salaam, Tanzania

August 7, 1998

Dikemedi tsa U.S. di phamphamololwa ka bomo. Palo ya baswi: 250. Palo ya bagobadi: ba feta 5 500

14. Colombia

October 18 le November 3, 1998

Tlhaselo e nngwe e dirwa ka dibomo mme e nngwe ka dibetsa tse di konopiwang. Mo go ya ntlha, go tlhaselwa mosele o o tsamaisang oli. Palo ya baswi: 209. Palo ya bagobadi: ba feta 130

15. Moscow, Russia

September 9 le 13, 1999

Go thunya mo gogolo mo go diregileng gabedi go tlhatlhamolola dikago di le pedi tsa bonno. Palo ya baswi: 212. Palo ya bagobadi: ba feta 300

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Motswedi wa pego eno ke: The Interdisciplinary Center, Herzliya, kwa Iseraele

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

Victor Grubicy/Sipa Press

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ditlhaselo Tse di Dirwang ka Khomputara

March 1999: Dipego di bontsha gore batlhasedi ba ntse ba tlhasela dikhomputara tsa Pentagon ka borukhutlhi “jo bo rulagantsweng sentle.” Mo dikhomputareng tsa Lefapha la Tshireletso la United States go begwa ditlhaselo di le 60 go ya go 80 letsatsi le letsatsi.

Bogare Jwa 1999: Mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo fela, matsipanyana a a leng kgatlhanong le puso a ne a kgona go bula ka bokukuntshwane ditsebe tsa Web tsa Senate ya United States, tsa Federal Bureau of Investigation, tsa Sesole sa United States, tsa White House le tsa mafapha a le mmalwa a kabinete ya United States.

January 2000: Mo lefatsheng lotlhe, go begwa gore mo ngwageng o o fetileng, dikgwebo di dirisitse madi a a kana ka diranta di le dimilione di le dikete di le 93 go lwantsha “borukhutlhi jwa ikonomi” jo bo tlang ka sebopego sa baerase e e kotsi ya dikhomputara.

August 2000: Leferefere lengwe le dirisa ditsebe tsa Web tsa baemedi ba puso le tsa ba taolo ya selegae kwa United Kingdom.