Botsogo jo bo Itekanetseng mo go Botlhe—A ke Mokgele O o Ka Fitlhelelwang?
Botsogo jo bo Itekanetseng mo go Botlhe—A ke Mokgele O o Ka Fitlhelelwang?
A O ELETSA e kete wena le lelapa la gago lo ka bo lo itumelela botsogo jo bo botoka? Ee, ruri go ntse jalo. Le fa bontsi jwa rona re ka nna ra tshwarwa ke malwetsenyana a e seng a sepe nako le nako, go na le batho ba le dimilionemilione ba ba fetsang nako e ntsi ya botshelo jwa bone ba lwala mo go botlhoko.
Le fa go ntse jalo, go dirwa maiteko a a seng kana ka sepe a go fedisa bolwetse. A ko o akanye ka World Health Organization (WHO), e leng kemedi nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Kwa khonferenseng e WHO e neng e e etleetsa ka madi ka 1978, baemedi ba ba neng ba tswa kwa dinageng di le 134 le mekgatlho e le 67 ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ba ne ba dumalana gore go itekanela ga se go gololesega mo bolwetseng fela. Ba ne ba bolela gore boitekanelo ke “go fola mo go feletseng ga mmele, ga tlhaloganyo le ga setšhaba.” Morago ga moo baemedi bano ba ne ba tsaya kgato ya bopelokgale ya go bolela gore boitekanelo ke “tshwanelo e e botlhokwa ya batho”! Ka jalo, mokgatlho wa WHO o ne wa tlhoma mokgele wa gore “batho botlhe ba lefatshe ba nne le selekanyo se se kgotsofatsang sa boitekanelo.”
Mokgele o o ntseng jalo o a itumedisa e bile ke wa maemo a a kwa godimo thata. Mme go boammaaruri go le kana kang gore o tla fitlhelelwa? Mo maitekong otlhe a batho ba a dirileng, ga go na pelaelo gore kalafi e fetogile selo se se ikanngwang thata le se batho ba se ratang. Go ya ka lokwalodikgang lwa kwa Boritane lwa The European, batho ba dinaga tsa Bophirima ba tlwaelane thata le “kgopolo e e tlwaelegileng ya kalafi ya go fodisiwa ‘ka kgakgamatso’: bothata bongwe le bongwe bo rarabololwa ka pilisi ya jone.” Ka mafoko a mangwe, re lebeletse gore ba tsa kalafi ba fodise bolwetse bongwe le bongwe kwantle ga bothata bope. A tota ba tsa kalafi ba ka kgona go diragatsa mokgele ono o o kwa godimo jaana?