Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Matshosetsi a Borukhutlhi

Go Lebana le Matshosetsi a Borukhutlhi

Go Lebana le Matshosetsi a Borukhutlhi

KWA bofelong jwa dingwaga tsa bo1980, go ne go lebega e kete borukhutlhi bo fokotsegile. Le fa go ntse jalo, go tlhagile mofuta o mosha wa borukhutlhi. Matshosetsi a gompieno a borukhutlhi a dirwa segolobogolo ke majelathoko a a itlhometseng mafelo a bone a dikhomputara a di a tshegetsang ka madi—ka go rekisa diokobatsi, go ipulela kgwebo ga bangwe ba bone, ka khumo ya bone, go dira ditiro tsa bopelontle le go tshegetsa dilo dingwe tsa mo mafelong a bone ka madi. Mme ba tswelela pele fela ba ntse ba le setlhogo.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ditiro tsa borukhutlhi jo bo se nang tlhaloganyo di oketsegile thata. Kago ya World Trade Center kwa New York City e ne ya thuntshiwa ka bomo, ga swa batho ba le 6 mme ga gobala ba le 1 000. Lekoko lengwe le le belaetsang le ne la bulela gase e e botlhole thata ya sarin e e kgoreletsang tsela e ditshika di dirang ka yone ba e bulela mo tereneng e e tsamayang ka fa tlase ga lefatshe, ya bolaya batho ba le 12 mme ya gobatsa ba ba fetang 5 000. Serukhutlhi sengwe se ne sa phatlakanya kago ya puso kwa Oklahoma City ka bomo e e neng e fitlhilwe mo loring, ya bolaya batho ba le 168 mme ya gobatsa ba le makgolokgolo. Jaaka tšhate e e mo ditsebeng 12 le 13 e bontsha, ditiro tse di farologaneng tsa borukhutlhi di ntse di tsweletse go tla go fitlha gone jaanong.

Ka kakaretso, go lebega dirukhutlhi di sa ithibe jaaka di ne di dira mo nakong e e fetileng. Motho yo o neng a tshwarelwa go thuntsha kago ya puso ya kwa Oklahoma City ka 1995 ka bomo o ne a nopolwa a bolela gore o ne a batla “go bolaya batho ba le bantsi” gore a tle a newe tlhokomelo e a neng a e batla. Moeteledipele wa setlhopha sengwe se se dirang ditiro tsa botlolamolao yo o neng a tlhatlhamolola kago ya World Trade Center ka bomo kwa New York City ka 1993 o ne a batla gore kago eo e wele mo godimo ga e nngwe e e neng e bapile le yone, gore a bolaye batho botlhe mo go tsone ka bobedi.

Se sengwe se sesha ke dibetsa tse dirukhutlhi di nang le tsone. Louis R. Mizell Jr., moitse wa tsa borukhutlhi, o ne a bolela jaana: “Re tshela mo motlheng wa tšhakgalo e e feteletseng le wa mabolokelo a dibetsa tse di kotsi thata: tsa nuklea, tse di dirisang dikhemikale le tse di dirisang megare.” Majelathoko a a batlang go newa tlhokomelo a dirisa dibetsa tse di kotsi le go feta tse di leng teng ka ntlha ya boranyane jwa saense.

Go Tlhasela ka Khomputara

Borukhutlhi jo bo dirwang ka didirisiwa tsa tlhaeletsano bo dirisa botegeniki jwa segompieno, jaaka dikhomputara. Sebetsa se sengwe ke baerase ya khomputara, e e jang tshedimosetso e e mo khomputareng kgotsa go dira gore khomputara e se ka ya bereka. Gape go na le “dibomo tse e leng dithulaganyo tsa khomputara” tse di dirang gore dikhomputara di leke go dira sengwe se di sa kgoneng go se dira ka tsela e e ntseng jalo di dira gore di se ka tsa bereka sentle. E re ka ikonomi le tshireletsego ya ditšhaba e ikaegile thata ka tshedimosetso e e mo dikhomputareng, batho ba le bantsi ba dumela gore setšhaba se tlhaselwa bonolo ke borukhutlhi jo bo ntseng jalo. Mme le mororo masole a le mantsi a na le dithulaganyo tsa khomputara tse di dirang gore a kgone go tlhaeletsana le ka nako ya ntwa ya nuklea, dithulaganyo tse dingwe tse batho ba nang le tsone—jaaka tsa motlakase, tsa dipalangwa le tsa mebaraka ya kgwebo—di ka tlhaselwa bonolo.

Bosheng jaana, e ne e re fa serukhutlhi se batla go tima motlakase otlhe mo toropong nngwe, a re re ya Berlin, se ne se batla tiro ya go nna ramotlakase gore se tle se kgone go senya dithulaganyo tsa motlakase. Mme gone jaanong jaana, bangwe ba re go ka kgonega gore motho yo o kgonang go dira boferefere mo dikhomputareng a time motlakase mo toropong yotlhe a ntse a le kwa ga gagwe kwa lefelong lengwe le le kgakala golo gongwe mo lefatsheng.

Bosheng jaana, leferefere lengwe kwa Sweden le ne la tlhasela thulaganyo nngwe ya khomputara kwa Florida mme la dira gore thulaganyo ya dithuso tsa potlako ya khomputara e se ka ya dira ka sebaka sa ura, le thibela melaetsa e e tswang kwa ditirelong tsa mapodisi, tsa ditimamolelo le diambulanse.

Frank J. Cilluffo, e leng mokaedi wa Information Warfare Task Force of the Center for Strategic and International Studies (CSIS) o ne a bolela jaana: “Go raya gore re agile motse wa lefatshe lotlhe o o se nang mapodisi.” Mme ka 1997, Robert Kupperman, e leng mogakolodi yo mogolo wa CSIS, o ne a tlhalosa gore dirukhutlhi fa di tlhopha go dirisa mekgwa ya botegeniki jo bo kwa godimo, “ga go na moemedi ope gone jaanong wa puso yo o kgonang go lepalepana le ditlamorago tsa ditlhaselo tsa tsone.”

Basekaseki bangwe ba dumela gore dirukhutlhi tsa dikhomputara di na le didirisiwa tsa botegeniki tse di palelang mokgwa mongwe le mongwe wa tshireletso o ba tsa tshireletso ba tlang ka one. George Tenet, mokaedi wa U.S. Central Intelligence Agency o ne a bolela jaana: “Mmaba yo o kgonang go tsenya baerase e e tshwanetseng kgotsa yo o kgonang go tsena fa a batlang teng mo khomputareng a ka baka tshenyo e kgolo thata.”

Go Baka Letshogo ka Dikhemikale le Megare

Selo se sengwe gape se se tshwenyang ke go dirisiwa ga dikhemikale le dibetsa tse di nang le megare. Mo masimologong a ngwaga wa 1995, lefatshe le ne la garolwa pelo ke go utlwa ka tlhaselo ya borukhutlhi jo mo go jone go neng go dirisiwa gase e e botlhole kwa Tokyo kwa seteisheneng sa diterena tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe. Tiragalo eno e ne e dirilwe ke lekoko lengwe la apokalipise.

Brad Roberts wa Setheo sa Tshekatsheko ya Tsa Tshireletso o bolela jaana: “Borukhutlhi bo fetogile. Dirukhutlhi tse di tlwaelegileng di ne di batla gore boradipolotiki ba dumalane le tsone. Mme jaanong, ditlhopha dingwe di bolela gore maikaelelo a tsone ke go ganyaola matshelo a batho. Seo se dira gore dirukhutlhi di rate dibetsa tse di nang le megare.” A go thata go bona dibetsa tse di ntseng jalo? Makasine wa Scientific American o bolela jaana: “Motho a ka kgona go baakanya dibilione tsa dibaketeria kwantle ga go ipakela kotsi epe a dirisa sedirisiwa se se motlhofo fela jaaka setitiedi sa bojalwa, seipipo sa sefatlhego sa gase le seaparo sa polasetiki se se aparwang mo godimo ga diaparo.” Fa megare eno e setse e baakantswe, e kgona go fetela motlhofo fela mo mothong yo mongwe. Batho ba ba tsenweng ke megare eno ga ba kitla ba itse gore go na le sebetsa sengwe se se dirisitsweng mo go bone go fitlha morago ga letsatsi le le lengwe kgotsa a mabedi. Mme fa ba lemoga seo, e tla bo e le go lelela kgama le mogogoro fela.

Go bonala megare ya bolwetse jwa lobete e dirisiwa jaaka sebetsa. Bolwetse jono bo tshwara batho ba ba ileng ba ama diphologolo tse di nang le jone mme ba tswa diso mo mmeleng. Batho ba ba sireletsang ba bangwe mo go jone ba tshwenyega kaga bolwetse jwa mafatlha jo bo bakwang ke go hema megare ya bolwetse jwa lobete. Mo bathong, bolwetse jwa lobete bo baka dintsho di le dintsi thata.

Ke ka ntlha yang fa bolwetse jwa lobete e le sebetsa se se nang le megare se se nang le matswela thata jalo? Dibaketeria di kgona go baakanngwa bonolo e bile go thata go di lwantsha. Go tsaya malatsi a sekae pele motho yo bo mo tseneng a nna le matshwao a ntlha a bolwetse, jaaka mofikela le go tsenwa ke letsapa. Go bo go latela go gotlhola le ditlhabi mo sehubeng. Morago ga moo go bo go latela bothata jo bogolo jwa go hema, go fela madi mo mmeleng le loso mo diureng di sekae fela.

A Dibetsa Tsa Nuklea di mo Diatleng tsa Dirukhutlhi?

Fa Soviet Union e sena go phutlhama, bangwe ba ne ba ipotsa gore a dibetsa tsa nuklea di ne di tla rekisiwa kwantle ga tetla ya molao. Le fa go ntse jalo, bomankge ba le bantsi ba belaela gore seno tota se tla diragala. Robert Kupperman, yo o nopotsweng pelenyana, o bolela gore “ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore setlhopha sepe sa dirukhutlhi se kile sa batla go gapa dibetsa tsa nuklea.”

Selo se sengwe se se tshwenyang thata ke ntsalaa bomo ya nuklea e e sa tsoseng modumo ope mme e le kotsi—marang a a kotsi a radioactive. Ga a thunye. Ga a phamphamolole e bile mogote wa one ga o bake kgobalo epe. Go na le moo, a senya disele tsa motho. Disele tsa marapo a moko ke tsone tse di tsenang mo kotsing. Go swa ga tsone go baka mathata a le mantsinyana, go akaretsa le go tshologa madi a mantsi thata le go palelwa ke go bereka ga thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse. Go farologana le dibetsa tsa dikhemikale tse di sa berekeng fa di kopana le okosejene le bongola, marang a radioactive a ka kgona go fetsa dingwaga di le dintsi a ntse a dira tiro ya one e e kotsi.

Kotsi e e neng ya diragala kwa Goiânia, e leng toropo nngwe ya borwabogare jwa Brazil, e bontsha kafa marang ano a leng kotsi ka gone. Ka 1987, monna mongwe o ne a bula lebokosana le le nang le lloto le le neng le tshwaragane le sedirisiwa sengwe sa kalafi se se neng se latlhilwe. Lebokosana leno le ne le na le cesium-137. E re ka a ne a kgatlhilwe thata ke go tsabakela go go pudutswana ga leje leno, o ne a tsamaya a le bontsha ditsala tsa gagwe. Mo sebakeng sa beke fela, batho ba ntlha ba ba neng ba amilwe ke marang ano ba ne ba simolola go tla mo tliliniking ya boitekanelo. Ba le bantsintsi ba bone ba ne ba tlhatlhobiwa go bona gore a marang ano ga a nna kotsi mo go bone. Baagi ba le lekgolo ba ne ba simolola go lwala. Ba le 50 ba ne ba robadiwa kwa bookelong, mme ba le banè ba ne ba swa. Kgopolo ya gore cesium eno e ka tswa e ile ya latlhiwa jalo ka boomo e tlhobaetsa bomankge ba ba lwantshanang le borukhutlhi fela thata.

Ditshenyegelo Tse Dikgolo Tse di Bakwang ke Borukhutlhi

Ga go na pelaelo gore borukhutlhi bo bolaya batho ba le bantsi setlhogo. Mme go amega dilo di le dintsi. Borukhutlhi bo ka senya kgotsa jwa diegisa go nna teng ga kagiso mo mafelong mangwe a lefatshe a a se nang boiketlo. Bo tsosa dikgotlhang, bo dira gore di tseye lobaka lo loleele le gore di oketsege, e bile bo dira gore thubakanyo e se ka ya fela.

Borukhutlhi gape bo ka ama ikonomi ya setšhaba. Dipuso di ile tsa patelesega go senya nako e e seng kana ka sepe le madi go leka go bo lwantsha. Ka sekai, kwa United States fela, tekanyetsomadi ya ngwaga wa 2000 ya go lwantsha borukhutlhi e ne ya fitlha go dimilione di le dikete di le 70 tsa diranta.

Le fa re lemoga kgotsa re sa lemoge, borukhutlhi bo re ama rotlhe. Bo tlhotlheletsa tsela e re tsayang loeto ka yone le ditshwetso tse re di dirang fa re tsaya loeto. Bo pateletsa dinaga mo lefatsheng lotlhe go dirisa madi a le mantsi a lekgetho go sireletsa batho ba maemo a a kwa godimo mo setšhabeng, go dira dikago tse di tsentseng metšhine mengwe e e tlhwatlhwakgolo le go sireletsa baagi.

Ka jalo potso e e salang ke gore, A bothata jwa borukhutlhi bo ka rarabololelwa ruri? Go tla buiwa ka seno mo setlhogong se se latelang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

Borukhutlhi jo bo Dirwang go Twe go Sirelediwa Tikologo

Borukhutlhi jo bosha bo dirwa ka “go fisa dikago, go thuntsha dibomo le go senya go twe go sirelediwa tikologo le dibopiwa tse di mo go yone,” go bega jalo lokwalodikgang lwa Oregonian. Go senya mo go ntseng jalo go bidiwa borukhutlhi jwa tikologo. Go nnile le ditiro tse dikgolo tsa mofuta ono di ka nna lekgolo kwa bophirima jwa United States fa e sa le go simolola ka 1980, mme di bakile tshenyo ya dimilione di le R328,7. Maikaelelo a ditiro tse di ntseng jalo ke go kgoreletsa go rengwa ga ditlhare, go dirisiwa ga naga go itlosa bodutu mo go yone kgotsa go dirisiwa ga diphologolo go bona boboa jwa tsone, dijo kgotsa go dira dipatlisiso ka tsone.

Ditiro tseno di lebiwa e le tsa borukhutlhi ka gonne di akaretsa thubakanyo e maikaelelo a yone e leng go fetola boitshwaro jwa batho le ditheo dingwe kgotsa go fetola melao ya batho botlhe. Batho ba ba dirang borukhutlhi jono jwa tikologo ba betisa pelo batho ba ba tlhotlhomisang ka go dira ditlhaselo tsa bone bosigo mme ba sa tlogele bosupi bope fa e se matlotla fela. Go tla go fitlha bosheng jaana, bokebekwa jo bo dirwang go twe go sirelediwa tikologo bo ne bo fokotsegile, mme bo sa tlhokomelwe thata. Mme go tlhasela ga jone go oketsegile thata mo dingwageng tsa bosheng. “Maikaelelo a batho bano ke go tlhokomedisa batho maikaelelo a bone a go tlisa phetogo,” go boletse jalo James N. Damitio, yo o nang le nako e telele e le motlhotlhomisi mo U.S. Forest Service. “Mme fa ba bona e kete ga ba newe tlhokomelo, ba leka sengwe se sele.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

Borukhutlhi le Metswedi ya Dikgang

“Go phasalatsa tshedimosetso mo setšhabeng e ntse e le mokgele wa konokono le sebetsa sa ba ba dirisang borukhutlhi mo bathong ba ba se nang molato gore ba tsweledise maikaelelo a bone a bopolotiki kgotsa fela gore ba bake tlhakatlhakano,” go bolela jalo Terry Anderson, mokwadi wa dikgang yo o neng a le mo botshwarwa dingwaga di ka nna supa kwa Lebanon. “Pego ya go tsewa ga batho ka dikgoka ka mabaka a bopolotiki, go bolaya batho ka go ba tlhasela kgotsa go thuntshiwa mo go kotsi ga dibomo ke phenyo ya ntlha ya serukhutlhi. Fa lefatshe le sa ele tlhoko ditiro tseno tsa bosetlhogo, go tla bo go se mosola go di dira.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

1. Motho o ne a ipolaya ka bomo kwa Jerusalema, kwa Iseraele

2. Dirukhutlhi di thuntsha bomo mo bankeng kwa Colombo, Sri Lanka

3. Bomo e e fitlhilweng mo koloing e a thunya kwa Nairobi, Kenya

4. Lelapa le le neng la amiwa ke go thunya ga bomo kwa Moscow, Russia

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Heidi Levine/Sipa Press

A. Lokuhapuarachchi/Sipa Press

AP Photo/Sayyid Azim

Izvestia/Sipa Press