Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kalafi ya Segompieno—E ka Fitlhelela go le Kana Kang?

Kalafi ya Segompieno—E ka Fitlhelela go le Kana Kang?

Kalafi ya Segompieno—E ka Fitlhelela go le Kana Kang?

BANA ba le bantsi ba ithuta ba sa ntse ba le bannye: Go kgetla apole e ba sa kgoneng go e fitlhelela, ba palama mo magetleng a tsala ya bone. Go diregile selo se se tshwanang fa re tla mo go tsa kalafi. Babatlisisi ba tsa kalafi ba fitlheletse dilo tse dikgolo thata ka go palamela jalo mo magetleng a borakalafi ba ba tumileng ba nako e e fetileng.

Gareng ga bafodisi bao ba bogologolo, go ne go na le banna ba ba itsegeng thata ba ba jaaka Hippocrates le Pasteur, mmogo le banna ba ba jaaka Vesalius le William Morton—maina a batho ba le bantsi ba sa a itseng. Banna bano ba ile ba tlatseletsa jang mo kalafing ya segompieno?

Mo dinakong tsa bogologolo, gantsi dithuto tsa kalafi e ne e se tsa saense mme di ne di amana thata le tumelabotlhodi le dingwao tsa bodumedi. Buka ya The Epic of Medicine, e e kwadilweng ke Dr. Felix Marti-Ibañez e bolela jaana: “Go lwantsha bolwetse . . . , Bamesopotamia ba ne ba tswakanya kalafi le bodumedi e re ka ba ne ba dumela gore go lwala e ne e le go bo ba otlhaiwa ke medimo.” Kalafi ya Egepeto, e e neng ya latela ka bonako fela morago ga moo, e ne ka tsela e e tshwanang e nweleletse mo bodumeding. Ka jalo go tloga fela kwa tshimologong, motho yo o fodisang o ne a kgatlhegelwa ka tsela ya bodumedi.

Mo bukeng ya gagwe ya The Clay Pedestal, Dr. Thomas A. Preston o bolela jaana: “Ditumelo di le dintsi tsa batho ba bogologolo di ile tsa nna le tlhotlheletso mo kalafing e e sa ntseng e dirisiwa go tla go fitlha gompieno. Nngwe ya ditumelo tse di ntseng jalo e ne e bolela gore bolwetse ke selo se molwetse a neng a ka se ka a kgona go se laola, le gore go ne go na le tsholofelo ya gore o tla fola fa fela ngaka e ne e ka mo fodisa e dirisa maatla a maselamose.”

Go Thaya Metheo

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, tiro ya go alafa e ile ya dirisana thata le saense. Mofodisi wa saense wa bogologolo yo o neng a di goga kwa pele e ne e le Hippocrates. O ne a belegwa mo e ka nnang ka 460 B.C.E. kwa setlhaketlhakeng sa Gerika sa Kos mme ba le bantsi ba mo leba e le rakalafi wa Bophirima. Hippocrates o ile a thaya motheo wa gore kalafi e lejwe ka tsela e e lekalekaneng. O ne a se ka a dumalana le kgopolo ya gore bolwetse ke kotlhao e e tswang kwa modimong, a tlhalosa gore bo bakwa ke dilo fela tsa tlholego. Ka sekai, bolwetse jwa go wa mototwane ga bo bolo go nna bo bidiwa bolwetse jo bo boitshepo ka ntlha ya go dumela gore bo fodisiwa fela ke medimo. Mme Hippocrates o ne a kwala jaana: “Malebana le bolwetse jo go bolelwang gore bo Boitshepo: mo go nna, gotlhelele go bonala e se jo bo tswang kwa Modimong e bile bo se boitshepo go gaisa malwetse a mangwe, mme bo bakwa ke dilo fela tsa tlholego.” Gape, Hippocrates e ne e le mofodisi wa ntlha yo o itsegeng yo o neng a ela tlhoko matshwao a malwetse a a farologaneng a bo a a kwala gore a tle a sekasekwe mo isagweng.

Makgolo a dingwaga moragonyana, ngaka nngwe ya Mogerika e bong Galen, yo o tshotsweng ka 129 C.E. le ene o ne a tla ka mokgwa o mosha wa go dira patlisiso wa saense. Galen o ne a kwala bukathuto e e neng e tlotla ka dikarolo tsa mmele tsa batho le tsa diphologolo, e e neng ya dirisiwa ke dingaka ka makgolokgolo a dingwaga! Andreas Vesalius yo o tsholetsweng kwa Brussels ka 1514 o ne a kwala buka ya On the Structure of Human Body. E ne ya ganediwa e re ka e ne e sa dumalane le ditshwetso di le dintsi tsa ga Galen, mme gone e ne ya thaya motheo wa thuto ya segompieno ya dikarolo tsa mmele. Go ya ka buka ya Die Grossen (Ba ba Tumileng), Vesalius o ne a nna “mongwe wa babatlisisi ba tsa kalafi ba ba botlhokwa go gaisa batho ba bangwe botlhe.”

Dikgopolo tsa ga Galen ka pelo le modikologo wa madi di ne tsa fetolwa kgabagare. * Ngaka ya Moesemane e bong William Harvey o ne a fetsa dingwaga di le dintsi a ithuta dikarolo tsa mmele tsa diphologolo le dinonyane. O ne a ela tlhoko kafa dibelofo tsa pelo di dirang ka gone, a lekanya bontsi jwa madi mo kamotshaneng nngwe le nngwe ya pelo, le go fopholetsa gore mmele otlhe wa tsone o na le madi a le kana kang. Harvey o ne a kwala ditshwetso tsa patlisiso ya gagwe ka 1628 mo bukeng e e bidiwang On the Motion of the Heart and Blood in Animals. O ne a tshwaiwa diphoso, a ganediwa, a tlhaselwa a bo a tlhapadiwa. Le fa go ntse jalo, buka ya gagwe e ne ya tlisa diphetogo tse dikgolo mo tirong ya kalafi—go ne go lemogilwe gore go na le modikologo wa madi mo mmeleng!

Go Tswa Tirong ya go Beola Moriri go ya Kwa go ya Karo

Go ne ga dirwa kgatelopele e kgolo thata gape mo tirong ya go ara. Mo Metlheng ya Bogare, gantsi tiro ya go ara e ne e dirwa ke babeodi ba moriri. Ga go gakgamatse go bo bangwe ba bolela gore mankge mo tirong ya segompieno ya go ara e ne e le monna wa Mofora wa lekgolo la bo16 la dingwaga e bong Ambroise Paré—yo o neng a simolola tiro ya go ara e bile e le mmeodi yo o neng a direla dikgosi tse nnè tsa Fora. Paré gape o ne a tlhama didirisiwa di le mmalwa tsa tiro ya go ara.

Bongwe jwa mathata a magolo a ngaka eno e neng e sa ntse e na le one mo lekgolong la bo19 la dingwaga e ne e le go sa kgone go okobatsa botlhoko jwa karo. Mme ka 1846, ngaka nngwe ya meno e bong William Morton o ne a simolola mokgwa wa go ara motho a dirisa molemo o o dirang gore a se ka a utlwa botlhoko. *

Ka 1895, fa a ne a dira diteko ka motlakase, ngaka ya Mojeremane e bong Wilhelm Röntgen o ne a bona marang a kgabaganya nama mme e seng marapo. O ne a sa itse gore marang ano a ne a tswa kae, ka jalo a a bitsa di-X ray, leina le le sa ntseng le dirisiwa mo mafelong a a buang Seesemane. (Bajeremane ba a bitsa Röntgenstrahlen.) Go ya ka buka ya Die Großen Deutschen (Bajeremane ba ba Tumileng), Röntgen o ne a bolelela mosadi wa gagwe jaana: “Batho ba tla re: ‘Röntgen o a tsenwa.’” Bangwe ba ne ba rialo. Le fa go ntse jalo, phitlhelelo ya gagwe e ile ya tlisa diphetogo mo tirong ya go ara. Dingaka tse di arang di ne jaanong di kgona go leba mo teng ga mmele wa motho kwantle ga go mo sega.

Go Fenya Malwetse

Go ralala makgolokgolo a dingwaga, malwetse a a tshwaetsanwang a a jaaka sekgwaripana a ile a tlisa dikgogodi, poifo le loso. Ar-Rāzī e bong Moperesia wa lekgolo la borobongwe la dingwaga, yo bangwe ba neng ba mo leba e le ngaka e kgolo go di gaisa tsotlhe ya dinaga tsa Boiselamo ka nako eo, o ne a kwala tlhaloso ya ntlha e e opileng kgomo lonaka tota ya bolwetse jwa sekgwaripana. Mme makgolo a dingwaga moragonyana, ngaka nngwe ya Moboritane e e bidiwang Edward Jenner e ne ya bona tsela ya go bo alafa. Jenner o ne a bolela gore fa motho a tsenwe ke bolwetse jwa sekgamakgomo—bolwetse jo bo seng kotsi—bolwetse jwa sekgwaripana bo ne bo ka se ka jwa mo tsena. Fa a sena go lemoga seno, Jenner o ne a dirisa dikarolo tsa letlalo le le nang le bolwetse jwa sekgamakgomo go dira moento wa go thibela sekgwaripana. O ne a dira jalo ka 1796. Jenner o ne a tshwaiwa diphoso le go ganediwa fela jaaka ba bangwe ba ba neng ba tla ka mekgwa mengwe e mesha pele ga gagwe. Mme go entela bolwetse jono mo a neng a tla ka gone go ne kgabagare ga fedisa bolwetse jono mme ga naya ba kalafi tsela e ntšha e e maatla ya go lwantsha bolwetse.

Louis Pasteur wa Mofora o ne a lwantsha bolwetse jwa botsenwantša le jwa lobete ka go enta. Gape o ile a ntsha bosupi jwa gore megare ke yone selo sa konokono se se bakang bolwetse. Ka 1882, Robert Koch o ne a kgona go tlhaola mogare o o bakang bolwetse jwa lehuba, jo rahisitori mongwe a neng a bo tlhalosa a re ke “bolwetse jo bo bolayang go gaisa mo lekgolong la bolesomerobongwe la dingwaga.” Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, Koch o ne a bona mogare o o bakang kholera. Makasine wa Life o bolela jaana: “Tiro ya ga Pasteur le Koch e ne ya tlisa saense ya thutatshelo ya ditshedi tse di bonwang fela ka maekorosekopo mme ya dira gore go nne le kgatelopele mo thutong ya go lwa ga mmele le malwetse, ya go tlosa leswe le go thibela malwetse le ya boitekanelo e e ileng ya thusa go lelefatsa botshelo jwa batho go feta kgatelopele epe fela e nngwe ya saense ya dingwaga di le sekete tse di fetileng.”

Kalafi ya Lekgolo la Masomeamabedi la Dingwaga

Mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, kalafi e ne ya iphitlhela e eme mo magetleng a banna bano le a dingaka tse dingwe tse di botlhale. Fa e sa le ka nako eo, kgatelopele mo go tsa kalafi e ntse e dirwa ka lobelo lo logolo—go alafiwa bolwetse jwa sukiri ka insulin, kankere e alafiwa ka dikhemikale, dikgeleswa tse di nang le mathata di alafiwa ka dihoromone, bolwetse jwa lehuba bo alafiwa ka melemo e e bolayang baketeria, mefuta mengwe ya malaria e alafiwa ka chloroquine, le bolwetse jwa diphilo bo alafiwa ka dialysis, mmogo le karo ya pelo le go ntsha le go tsenya dirwe mo bathong, fa re umaka dikai di sekae fela.

Mme e re ka jaanong re simolola lekgolo la bo21 la dingwaga, kalafi e gaufi go le kana kang le go fitlhelela mokgele wa go tlhomamisa gore “batho botlhe ba lefatshe ba nne le selekanyo se se kgotsofatsang sa boitekanelo”?

A ke Mokgele O o Ka se Kang wa Fitlhelelwa?

Bana ba a itse gore go palama mo magetleng a tsala ya bone ga go dire gore ba fitlhelele apole nngwe le nngwe. Diapole dingwe tse di monate thata di kwa godimodimo mo setlhareng, di sa ntse di sa kgone go fitlhelelwa. Ka tsela e e tshwanang, go ntse go dirwa kgatelopele e e ntseng e ya kwa godimodimo mo go tsa kalafi. Mme mokgele o o ratwang thata—wa gore motho mongwe le mongwe a itekanele—o sa ntse o le kwa godimodimo mo setlhareng.

Ka jalo, le fa ka 1998 Khomishini ya Yuropa e ne ya bega gore “Bayuropa ga ba ise ba ke ba ipelele botshelo jo boleele jo bo itekanetseng jaana,” pego eno e ne ya oketsa jaana: “Motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le batlhano o tla swa pele ga nako, pele a nna le dingwaga di le 65. Mo e ka nnang 40% ya bone ba tla bolawa ke kankere, mme 30% e nngwe ba tla bolawa ke bolwetse jwa pelo . . . Malwetse a masha a a tshosetsang boitekanelo a tshwanetse go thibelwa botoka.”

Makasine wa boitekanelo wa kwa Jeremane wa Gesundheit o ne wa bega ka November 1998 gore malwetse a a tshwaetsanwang a a tshwanang le kholera le bolwetse jwa lehuba a tshosetsa boitekanelo jwa batho fela thata. Ka ntlha yang? Melemo e e bolayang baketeria “ga e tlhole e kgona go lwantsha malwetse ano. Dibaketeria di le dintsi di gana molemo o le mongwe fela o o tlwaelegileng; eleruri, di le dintsi tsa tsone di gana melemo e le mentsi.” Ga se gore go boa malwetse a bogologolo fela, mme go tlhagile malwetse a masha a a tshwanang le AIDS. Kgatiso ya Sejeremane e e buang ka melemo ya Statistics ‘97 e re gakolola jaana: “Peditharong ya malwetse otlhe a a itsiweng—mo e ka nnang 20 000 ya one—go tla go fitlha jaanong, ga go na tsela epe ya go alafa se se a bakang.”

A go Alafa ka Dijini ke Yone Tharabololo?

Ke boammaaruri gore go sa ntse go tlhamiwa mekgwa e mesha ya kalafi. Ka sekai, ba le bantsi ba dumela gore go alafa ka go fetola dijini e ka nna yone tharabololo e e isang kwa botsogong jo bo botoka. Morago ga patlisiso e e neng ya dirwa ke dingaka tse di jaaka Dr. W. French Anderson kwa United States mo dingwageng tsa bo1990, go alafa ka dijini go ne ga tlhalosiwa e le “mokgwa o mosha o o kgatlhang thata wa patlisiso mo go tsa kalafi.” Buka ya Heilen mit Genen (Go Alafa ka Dijini) e tlhalosa gore fa go alafiwa ka dijini, “saense ya kalafi e ka tswa e simolola mokgwa o mosha wa go alafa. Seno se ntse jalo segolobogolo ka go alafa malwetse a go tla go fitlha jaanong a ntseng a sa alafege.”

Borasaense ba solofetse gore fa nako e ntse e tsamaya, ba tla kgona go alafa malwetse a motho a tsetsweng a na le one mo dijining ka go pompela dijini tse di siameng mo balwetseng. Tota le disele tse di kotsi, tse di tshwanang le disele tsa kankere, gongwe di tla dirwa gore di ipolaye tsone ka botsone. Go setse go kgonega go sekaseka dijini tsa motho go bona gore ke malwetse afe a a ka nnang a mo tshwara mo isagweng. Bangwe ba bolela gore se sengwe se se tlileng go dirwa ke go fetola melemo gore e tshwane le tsela e dijini tsa molwetse di dirilweng ka yone. Mmatlisisi mongwe yo o tumileng o akantsha gore nako nngwe dingaka di tla bo di kgona go “bona gore balwetse ba tshwerwe ke bolwetse bofe di bo di ba fodisa ka go ba naya dikarolwana tse di tshwanetseng tsa molekhule.”

Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o tlhomamisegileng gore go alafa ka dijini go tla tlisa phodiso ya “kgakgamatso” ya mo isagweng. Ke boammaaruri gore go ya ka dipatlisiso, batho ba ka nna ba gana gore go sekasekwe dijini tsa bone. Gape, ba le bantsi ba boifa gore go fodisa ka dijini go ka nna ga kgoreletsa tsela ya tlholego e dilo di diregang ka yone ka tsela e e kotsi.

Go tla bonala fa nako e ntse e tsweletse gore a go alafa ka go fetola dijini kgotsa ditsela tse dingwe tsa botegeniki jo bo kwa godimo tsa go alafa di tla diragatsa ditsholofetso tseno tsa bone tse di kwa godimo thata. Le fa go ntse jalo, go na le lebaka la go tila go felelwa ke tsholofelo go sa tlhokege. Buka ya The Clay Pedestal, e tlhalosa selo se se tlwaelegileng thata: “Go bonwa kalafi e ntšha e bo e bakwa kwa dipokanong tsa bongaka le mo makwalodikgannyeng a porofeshenale. Batlhami ba yone e nna batho ba ba tumileng mo porofesheneng ya bone mme metswedi ya dikgang e bo e galaletsa kgatelopele eno. Morago ga lobakanyana go ntse go itumetswe e bile go sena go kwalwa ka melemo e kalafi e e gakgamatsang thata eno e nang le yone, go latela maswabi mangwe ka iketlo ka dikgwedi di le mmalwa go ya go masome a le mmalwa a dingwaga. Morago ga moo, go tlhaga kalafi e nngwe e ntšha, le gone ka bonako, e tseela ya bogologolo sebaka, mme ya bogologolo e latlhiwa ka bonako fela jaaka e e se nang mosola.” Ke boammaaruri gore dikalafi di le dintsi tse di tlogetsweng ke dingaka di le dintsi jaaka tse di se nang mosola e ne e le dikalafi tsa konokono mo nakong e e fetileng.

Le mororo dingaka gompieno di sa tlhole di newa maemo a bodumedi a a neng a newa bafodisi mo dinakong tsa bogologolo, batho bangwe ba na le mokgwa wa go leba dingaka dingwe tsa kalafi jaaka batho ba ba nang le maatlanyana a bomodimo, le go akanya gore saense e tlile go bonela batho botlhe kalafi. Le fa go ntse jalo, kgopolo eno ga e boammaaruri gotlhelele. Dr. Leornad Hayflick o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya How and Why We Age: “Ka dingwaga tsa bo1900, diperesente di le 75 tsa batho ba kwa United States ba ile ba swa pele ba nna le dingwaga di le masomeamaratarotlhano. Gompieno, go bonala dilo di fetogile: diperesente di ka nna 70 tsa batho ba swa morago ga ba sena go tshwara dingwaga di le masomeamaratarotlhano.” Ke eng se se dirang gore go nne le pharologanyo e e kanakana ka boleele jwa botshelo jwa batho? Hayflick o tlhalosa gore “e ne e le ka ntlha ya go fokotsega ga go swa ga masea a a sa tswang go tsholwa.” Jaanong, a re tseye gore kalafi e ne e ka kgona go fokotsa dilo tsa konokono tse di bakang go swa ga batsofe—bolwetse jwa pelo, kankere le go tshwarwa ke seterouku. A seo se ne se tla bolela gore ga ba swe? Legoka. Dr. Hayflick o bolela gore le fa go ka bo go ne go ntse jalo, “batho ba le bantsi ba ne ba tla tshela go fitlha ba nna le dingwaga di ka nna lekgolo.” O oketsa jaana: “Ga se gore bagodi bano ba ba neng ba tla bo ba na le dingwaga di le lekgolo ba ne ba se kitla ba swa. Mme ba ne ba tla bolawa ke eng? Ba ne ba tla tswelela pele ba koafala go fitlha ba swa.”

Go sa kgathalesege maiteko a a molemo thata a tsa kalafi, melemo ga e kitla e kgona go thibela loso. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? E bile, a mokgele wa go itekanela ga batho botlhe ke toro e e ka se kang ya diragadiwa?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go ya ka The World Book Encyclopedia, Galen o ne a akanya gore sebete se fetola dijo tse di sidilweng go nna madi, a morago ga moo a neng a fetela kwa dikarolong tsotlhe tsa mmele a bo a monywa ke mmele.

^ ser. 12 Bona setlhogo se se reng “From Agony to Anesthesia,” mo makasineng wa Tsogang! ya November 22, 2000 (ka Seesemane).

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Ditumelo di le dintsi tsa batho ba bogologolo di ile tsa nna le tlhotlheletso mo kalafing e e sa ntseng e dirisiwa go tla go fitlha gompieno.”—The Clay Pedestal

[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Hippocrates, Galen le Vesalius ba ile ba thaya motheo wa kalafi e e dirisiwang gompieno

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Kos Island, Greece

Courtesy National Library of Medicine

Woodcut by Jan Steven von Kalkar of A. Vesalius, taken from Meyer’s Encyclopedic Lexicon

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Ambroise Paré e ne e le mmeodi e bile e le ngaka e e neng ya simolola tiro ya go ara e e neng e direla dikgotsi tse nne tsa Fora

Ngaka ya Moperesia e bong Ar-Rāzī (kafa molemeng), le ngaka ya Moboritane e bong Edward Jenner (kafa mojeng)

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Paré le Ar-Rāzī: Courtesy National Library of Medicine

Great Men and Famous Women

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Monna wa Mofora e bong Louis Pasteur o ne a ntsha bosupi jwa gore megare e baka malwetse

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Institut Pasteur

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Tota le fa dilo tse dikgolo tse di bakang loso di ka fedisiwa, go tsofala go sa ntse go tla baka loso