Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Tla Utlwa Dithapelo Tsa Me?

A Modimo o Tla Utlwa Dithapelo Tsa Me?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A Modimo o Tla Utlwa Dithapelo Tsa Me?

“Ke rapela ka sengwe le sengwe fela ka gonne Jehofa ke tsala ya me, e bile ke a itse gore o tla nthusa fa ke na le bothata.”—Andrea.

ANDREA yo mmotlana o tlhomamisegile gore Modimo o utlwa dithapelo tsa gagwe. Mme ga se basha botlhe ba ba tlhomamisegileng ka seo jaaka ene. Ba bangwe ba ikutlwa ba le kgakala thata le Modimo gore ba ka mo atamela. E bile ba ka nna ba ipotsa gore a Modimo o amega ka bone gore a ka dira gore thapelo e ba solegele molemo.

Sephiri sa thapelo ke sefe? Karabo e e motlhofo fela ke gore, ke go nna le botsalano jwa mmatota le Modimo. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya.” (Pesalema 9:10) Go tweng ka wena? A o itse Modimo sentle mo e leng gore o ka mo ikanya gore o tla utlwa dithapelo tsa gago? Pele ga o bala go ya pele tsweetswee leka go araba dipotso tse di mo lebokoseng le le nang le setlhogo se se reng “O Itse Modimo Sentle go le Kana Kang?” O kgona go araba di le kae?

O ITSE MODIMO SENTLE GO LE KANA KANG? Dikarabo di mo go tsebe 14

1. Leina la Modimo ke mang, mme le raya eng?

2. Baebele e bontsha gore dinonofo tse nnè tsa konokono tsa Modimo ke dife?

3. Modimo o ile a bontsha jang gore o rata batho thata?

4. Re ka tsalana jang le Modimo?

5. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe jo bo tshwanetseng fa re rapela?

A o kgona go araba dingwe tsa dipotso tseo gone jaanong pele ga o bala setlhogo seno sotlhe? Fa go ntse jalo, o setse o itse Modimo go feta batho ba bantsi. Le fa go ntse jalo, dikarabo tsa gago di ka tswa di senola gore o tlhoka go nna le kitso e e oketsegileng ka ene, gore o mo itse thata. (Johane 17:3) Gore o kgone go fitlhelela seo, sekaseka dilo dingwe di sekae tse Baebele e di re rutang ka “Moutlwi wa thapelo.”—Pesalema 65:2.

Modimo ke Motho wa Mmatota

Sa ntlha, Baebele e re thusa gore re tlhaloganye gore Modimo ga se maatla fela a a sa bonaleng. Ke motho yo o nang le leina, Jehofa. (Pesalema 83:18) Ka Sehebera leina leo le raya gore “O Dira Gore go Diragale.” O ka nna sengwe le sengwe se a tlhokang go nna sone gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Maatla fela a ne a ka se dire seo! Ka jalo fa o rapela, o ka tlhomamisega gore ga o bue fela le maatla a o sa a boneng kgotsa go buela fela mo phefong. O bua le motho, yo o ka go reetsang e bile yo o ka arabang dithapelo tsa gago.—Baefeso 3:20.

Ka jalo Diana yo mmotlana o bolela jaana: “Ke a itse gore gongwe le gongwe kwa ke leng teng, Jehofa o tla ntheetsa.” Gore o tle o tlhomamisege ka tsela e e ntseng jalo, Modimo o tshwanetse go nna wa mmatota mo go wena! Baebele e bolela jaana: “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone.”—Bahebera 11:6.

Motswedi wa Botlhale le Maatla

Modimo o ka re thusa tota ka gonne o na le maatla a a boitshegang. Maatla ao ga a fele, jaaka re a bona mo lobopong lo logolo lo lo raraaneng. Baebele e bolela gore Jehofa o itse leina la naledi nngwe le nngwe—le fa di le diketekete tsa dimilione! Mo godimo ga moo, ke motswedi wa nonofo yotlhe e e mo dinaleding tseo. (Isaia 40:25, 26) A seo ga se gakgamatse? Le fa mabaka ano a ka tswa a gakgamatsa thata jang, Baebele e bolela gore “seno ke dintlhanyana fela tsa maatla a gagwe”!—Jobe 26:14, Today’s English Version.

Gape, akanya ka botlhale jwa ga Jehofa jo bo se nang tekanyo. Baebele e bolela gore dikakanyo tsa gagwe di “boteng thata.” (Pesalema 92:5) O dirile batho, mme ka jalo o re tlhaloganya botoka go feta kafa rona re itlhaloganyang ka teng. (Pesalema 100:3) Ka gonne o ntse a le teng “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng,” o na le maitemogelo a a ka se lekanngweng le sepe. (Pesalema 90:1, 2) Ga go na sepe se a palelwang ke go se tlhaloganya.—Isaia 40:13, 14.

Jehofa o dirisa jang maatla ao otlhe le botlhale? Ditiragalo wa Bobedi 16:9 e bolela jaana: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” Ga go na bothata bope jo o ka nnang le jone jo Modimo a ka palelwang ke go bo rarabolola kgotsa a go thusa gore o bo itshokele. Kayla yo mmotlana o gakologelwa jaana: “Bosheng jaana, fa nna le ba lelapa la gaetsho re ne re na le mathata, ke ne ka rapela Jehofa, mme ke akanya gore o re thusitse gore re itshokele maemo a re neng re le mo go one, mathata, le go nna le maikutlo a re ka bong re paletswe ke go a itshokela fa go ka bo go sa nna jalo.” Fa o bua le Modimo, o ya kwa motsweding wa botlhale. Ga go na sepe se se botoka go feta seo!

Modimo wa Tshiamiso le Lorato

Mme o tla itse jang gore Modimo o batla go go thusa? Ka gonne Jehofa o dirile tshwetso ya gore a itsiwe, e seng fela ka maatla a gagwe a magolo thata kgotsa ka botlhale jwa gagwe jo bo boteng thata kgotsa ka tshiamiso ya gagwe e e nitameng. Go na le moo, Jehofa o itsiwe ka nonofo ya gagwe ya lorato. Johane wa Ntlha 4:8 ya re: “Modimo ke lorato.” Mme lorato lo logolo loo lo dira gore re dumele gore thapelo e maatla. O ne a bontsha lorato lwa gagwe ka tsela e kgolo ka go ntsha Morwawe setlhabelo sa thekololo gore re tle re itumelele botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16; 1 Johane 4:9, 10.

Ka gonne Modimo e le lorato, ga go tlhokege gore le ka motlha o boife gore o ka go tlhokomologa kgotsa a se ka a go tshwara ka tshiamiso. Duteronome 32:4 e bolela gore: “Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.” O ka tlhomamisega gore Modimo o tla go reetsa ka gonne o a go rata. Seno se dira gore re ikutlwe re na le tshepo ya go mmolelela dilo tsa rona tsa mo sephiring le maikutlo a rona.—Bafilipi 4:6, 7.

Botsalano le Modimo

Tota, Jehofa o re kopa gore re bue le ene. Ga a batle go nna motho yo re sa mo tlwaelang. Go farologana le moo, go ralala hisitori ya batho, Jehofa o ntse a kopa batho gore ba nne ditsala tsa gagwe. Bangwe ba batho ba ba neng ba ipelela go nna ditsala tsa Modimo, ba a neng a ba amogela, e ne e le banna le basadi, basha le bagolo. Ba ne ba akaretsa batho ba ba tshwanang le Aborahame, Kgosi Dafide le Marea, mmaagwe Jesu.—Isaia 41:8; Luke 1:26-38; Ditiro 13:22.

Le wena o ka nna mongwe wa ditsala tsa ga Jehofa. E bile tota, botsala jo bo ntseng jalo ga bo reye gore o tshwanetse go tsaya Modimo e le motho mongwe yo e reng fa o kopa selo mo go ene a bo a se go naya ka yone nako eo kgotsa yo o buang le ene fela fa o na le mathata. Dithapelo tsa rona ga di a tshwanela go bua fela ka dilo tse rona re di tlhokang. Fa re batla go nna ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go kgatlhegela thato ya gagwe—e seng fela ya rona—e bile tota re tshwanetse go dira thato ya Modimo. (Mathaio 7:21) Ka jalo, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore mo dithapelong tsa bone ba bue thata ka dilo tse di botlhokwa mo Modimong. O ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’” (Mathaio 6:9, 10) Dithapelo tsa rona gape di tshwanetse go baka Jehofa le go mo ntshetsa ditebogo!—Pesalema 56:12; 150:6.

Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore dilo tse re di tlhokang kgotsa dilo tse di re amang di dipotlana thata kgotsa ga di na mosola gore re ka rapela ka tsone. Steve o bolela jaana: “Le fa ke leka go mmulela mafatlha a me, ka dinako tse dingwe ke nna le maikutlo a gore ke se ka ka tshwenya Modimo ka dilo tse e seng tsa sepe.” Nako le nako fa o simolola go ikutlwa jalo, leka go gakologelwa gore Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe jaana: “Dithaga di le tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e e kwa tlase, ga ke re? Le fa go ntse jalo ga go e le nngwe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. . . . Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.” (Luke 12:6, 7) A seo ga se kgothatse?

Ka jalo, go motlhofo go bona gore fa o ntse o nna le kitso e ntsi ka Jehofa, o tla tlhotlheletsega go mo atamela ka thapelo e bile o tla nna le tshepo ya gore Jehofa o ka go thusa e bile o tla go thusa. Ka jalo, o tshwanetse go nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo ntseng jang fa o atamela Jehofa ka thapelo? O tshwanetse go bua ka tlotlo, o ikokobeditse, e bile o se ka wa nna pelotshetlha. A o akanya gore modiredimogolo mongwe wa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng o ne a ka go reetsa fa o ne o ka kopa sengwe o le boikgogomoso kgotsa o sa bontshe tlotlo? Ka jalo ga o a tshwanela go gakgamala gore Jehofa le ene o lebeletse gore o mo tlotle o bo o tlotle melao ya gagwe pele ga a ka araba dithapelo tsa gago.—Diane 15:29.

Basha ba le diketekete ba ba boifang Modimo ba ithutile gore ba tshololele Modimo dipelo tsa bone. (Pesalema 62:8) Brett o bolela jaana: “Fa Jehofa a araba dithapelo tsa me, go a nkgothatsa gore o sa ntse a le tsala ya me.” Go tweng ka wena? O ka kgona jang go ipelela botsalano jo bo ntseng jalo le Modimo? Basha ba babedi ba Bakeresete ba ne ba akgela jaana:

Rachel: “Gore ke nne gaufi le Jehofa, ke bona go tlhokega gore ke ithute Lefoko la gagwe thata, mme ke leka go nna le tlhologelelo ya go ithuta.”—1 Petere 2:2.

Jenny: “Ke akanya gore go nna o tshwaregile mo tirelong ya gagwe, go dira gore o atamalane thata le Jehofa.”—Jakobe 4:8.

A o kile wa ipotsa gore go rapela go re solegela molemo go le kana kang? Mosha mongwe wa Mokeresete o bolela jaana: “Ke ne nka ikutlwa ke atamalane le Modimo fa a ne a ka bua le nna kgotsa a nthomelela molaetsa.” E re ka Jehofa a sa re arabe a utlwala fa re rapela, tota thapelo e re thusa jang? Go tla tlotliwa ka seno mo makasineng o o tlang.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Dikarabo tsa dipotso tse di mo go tsebe 12

1. Jehofa. Le raya “O Dira Gore go Diragale.”

2. Lorato, maatla, tshiamiso le botlhale.

3. O ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore a re swele.

4. Ka go se tshwenyege fela ka dilo tse rona re di tlhokang mme ke ka go kgatlhegela thato ya Modimo le go e dira.

5. Re tshwanetse go nna boikokobetso, re bontshe tlotlo le go sa nne pelotshetlha.

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Go ithuta Baebele le go ithuta go tswa mo popong go tla go thusa go itse Modimo botoka