Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Phoso go Hutsafala?

A go Phoso go Hutsafala?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Phoso go Hutsafala?

“MO GODIMO GA MOO, BAKAULENGWE, GA RE BATLE GORE LO NNE LO SE NA KITSO KA GA BA BA ROBALANG MO LOSONG; GORE LO SE KA LWA HUTSAFALA FELA JAAKA BA BANGWE BOTLHE BA BA SE NANG TSHOLOFELO LE BONE BA HUTSAFALA.”—1 BATHESALONIKA 4:13.

BAEBELE e re naya tsholofelo ka batho ba ba suleng. Ditiro tsa ga Jesu tsa go tsosa baswi, mmogo le dithuto tsa gagwe, di bontsha se se tla diregang ka nako ya fa baswi ba tla bo ba tsosiwa. (Mathaio 22:23-33; Mareko 5:35, 36, 41, 42; Luke 7:12-16) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tsholofelo eno? Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a nopotsweng fa godimo a bontsha gore tsholofelo eno e ka re gomotsa fa mongwe yo re mo ratang a swa.

Fa o kile wa swelwa ke mongwe yo o mo ratang, ga go pelaelo gore o ne wa utlwa botlhoko jo bogolo jo bo bakwang ke masetlapelo ano. Theresa yo monna wa gagwe wa dingwaga di le 42 a neng a swa ka bonako fela morago ga go ariwa pelo, o bolela jaana: “Ke ne ke gamaregile tota! Selo sa ntlha se ke neng ka se utlwa ke letshogo le legolo. Morago ga moo, ke ne ka utlwa botlhoko jo bogolo jo bo neng jwa nna bo gola fa nako e ntse e tsamaya. Ke ne ka lela tota.” A go ikutlwa ka tsela eno go bontsha gore motho ga a dumele mo tsholofelong ya ga Jehofa ya gore o tla tsosa baswi? A mafoko a ga Paulo a bolela gore go phoso go hutsafala?

Dikai Tse di mo Baebeleng Tsa Batho ba ba Neng ba Hutsafala

Re bona dikarabo tsa dipotso tseno ka go sekaseka dikai tse di mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba hutsafala. Mo dipegong di le dintsi loso lwa mongwe mo lelapeng lo ne lo latelwa ke nako ya go hutsafala. (Genesise 27:41; 50:7-10; Pesalema 35:14) Gantsi mo nakong eno ya go hutsafala batho ba ne ba utlwa botlhoko thata.

Bona kafa banna bangwe ba tumelo ba neng ba hutsafalela loso lwa mongwe yo ba mo ratang ka teng. Ka sekai, Aborahame o ne a na le tumelo e e nonofileng ya gore Modimo o ne a kgona go tsosa baswi. (Bahebera 11:19) Le fa a ne a tlhatswegile pelo jalo, e ne ya re fa mosadi wa gagwe a swa, o ne “a tla go hutsafalela Sara le mo go lelela.” (Genesise 23:1, 2) E ne ya re fa bomorwa Jakobe ba bua maaka ba bolelela rraabone gore morwa wa gagwe yo a mo ratang thata e bong Josefa o sule, Jakobe o ne “a gagoganya diaparo tsa gagwe mme . . . a tswelela go mo lelela.” (Genesise 37:34, 35) Gone mme, loso lwa morwa yo o rategang wa ga Jakobe lo ne lo sa ntse lo mo utlwisitse botlhoko thata le e leng morago ga dingwaga di le dintsi! (Genesise 42:36-38) Kgosi Dafide le ene o ne a lela phatlhalatsa le ka tsela e e botlhoko fa a ne a lelela loso lwa bomorwawe ba babedi e bong Amenone le Abesalome. Le mororo bobedi jwa bone bo ne jwa tsenya Dafide le ba lelapa la gagwe mo tlalelong, e ne e sa ntse e le barwa ba gagwe, mme loso lwa bone lo ne lwa dira gore a hutsafale fela thata.—2 Samuele 13:28-39; 18:33.

Ka dinako tse dingwe, setšhaba sotlhe sa Iseraele se ne se hutsafala, jaaka se ne sa dira fa Moshe a ne a swa. Duteronome 34:8 e re bolelela gore Baiseraele ba ne ba mo lelela ka malatsi a le 30.

Sa bofelo, go na le sekai sa ga Jesu Keresete. Tsala ya gagwe e kgolo e bong Lasaro o ne a swa. Mme e ne ya re fa Jesu a bona kafa bokgaitsadia Lasaro, e bong Maratha le Marea, le ditsala tsa bone ba neng ba lela ka gone, o ne “a fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega.” Le mororo a ne a itse gore mo nakong e e khutshwane fela o ne a tlile go tsosa tsala eno ya gagwe, o ne “a tsholola dikeledi.” Jesu o ne a rata ditsala tsa gagwe e bong Maratha le Marea. Ka jalo, o ne a hutsafala thata fa a bona kafa ba neng ba utlwisitswe botlhoko ka gone ke loso lwa kgaitsadiabone.—Johane 11:33-36.

Aborahame, Jakobe, Dafide le Jesu botlhe ba ne ba na le tumelo e e nonofileng thata mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe, le fa go ntse jalo, ba ne ba hutsafala. A go hutsafala ga bone e ne e le letshwao la gore ba koafetse mo semoyeng? A khutsafalo ya bone e ne e bontsha gore ga ba na tumelo mo tsogong? Nnyaa le e seng! Go hutsafala ke tsela e e tlwaelegileng e motho a itshwarang ka yone fa mongwe yo a mo ratang a swa.

Lebaka La go Bo re Hutsafala

E ne e se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba swe. Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa ntlhantlha, jo a neng a bo bolelela Adame le Efa, e ne e le gore lefatshe le fetolwe go nna paradaise e ntlentle e e tletseng lelapa le le lorato le le le itumetseng. Loso lo ne lo tla nna gone fa fela batho bano ba ntlha ba babedi ba ne ba ka tlhopha go tlola taolo ya ga Jehofa. (Genesise 1:28; 2:17) Ka maswabi, Adame le Efa ba ne ba tlola taolo eo, mme ka ntlha ya go se utlwe ga bone, “loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.” (Baroma 5:12; 6:23) Ka jalo, loso ke mmaba yo o setlhogo yo o neng a sa tshwanela go nna teng.—1 Bakorintha 15:26.

Ka jalo, go a utlwala gore tiragalo e e sa tlwaelegang ya go swa ga mongwe yo o ratiwang e dira gore batho ba e ba amang ba utlwe botlhoko fela thata. E dira gore ba ikutlwe ba latlhegetswe thata mo botshelong. Theresa, e bong motlholagadi yo o umakilweng fa godimo, o ne a bua jaana malebana le monna wa gagwe: “Ke tlhomamisegile gore ke tlile go mmona gape ka nako ya tsogo, le fa go ntse jalo, gone jaanong ke mo tlhoafalela fela thata. Seo ke sone se se nkutlwisang botlhoko thata.” Loso lwa motsadi lo ka re gakolola gore le rona re ka swa. Loso lwa mosha lone lo re utlwisa botlhoko thata ka gonne re bona masetlapelo a gore ga a tshela botshelo jwa gagwe ka botlalo.—Isaia 38:10.

Ebu, loso ga lo a tlwaelega. Botlhoko jo lo bo bakang bo ka lebelelwa, mme Jehofa ga a lebe go hutsafala e le letshwao la gore motho ga a na tumelo mo tsogong. Jaaka re bone ka sekai sa ga Aborahame, Jakobe, Dafide, setšhaba sa Iseraele le Jesu, go bontsha phatlhalatsa kafa re utlwileng botlhoko ka gone mo pelong ga go bontshe gore re bokoa mo semoyeng. *

Le fa go ntse jalo, le mororo go se na pelaelo gore le rona Bakeresete re a hutsafala ka ntlha ya go swelwa, ga re hutsafale “jaaka ba bangwe botlhe ba ba se nang tsholofelo le bone ba hutsafala.” (1 Bathesalonika 4:13) Ga re itese gore re hutsafale ka tsela e e feteletseng thata ka gonne re a itse gore boemo jwa baswi ke bofe. Re a itse gore ga ba utlwe botlhoko kana go tlalelwa mme go ntse jaaka e kete ba robetse boroko jo bogolo, ba ithobaletse ka kagiso. (Moreri 9:5; Mareko 5:39; Johane 11:11-14) E bile re na le tsholofelo e e feletseng ya gore Jesu, yo e leng “tsogo le botshelo,” o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go tsosa “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo.”—Johane 5:28, 29; 11:24, 25.

Ka jalo, fa e le gore o hutsafetse mo nakong eno, gomodiwa ke go itse gore Jehofa o tlhaloganya kutlobotlhoko ya gago. E kete kitso eno le tsholofelo ya gago mo tsogong di ka kokobetsa go hutsafala ga gago mme di go thuse go lepalepana le go swelwa ga gago.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Go bona kafa o ka lepalepanang le khutsafalo ka teng, bona ditsebe 14-19 tsa boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.