Diokobatsi—Ke Bomang Ba ba Di Dirisang?
Diokobatsi—Ke Bomang Ba ba Di Dirisang?
KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA
“MONGWE le mongwe o dirisa diokobatsi.” Mafoko ao a a feteleditsweng a ka dirisiwa go raela batho ba ba seng botlhale gore ba lekeletse go dirisa diokobatsi tse di seng ka fa molaong. Le fa go ntse jalo, go ikaegile ka gore re tlhalosa diokobatsi ka tsela efe, mafoko ao a ka tswa a le boammaaruri go ya bokgakaleng jo bo rileng.
Lefoko “seokobatsi” le tlhalosiwa jaana: “Khemikale epe fela, ya tlholego kgotsa e e itiretsweng, e e ka dirisiwang go fetola tsela ya motho ya go akanya, go fetola maikutlo a gagwe kgotsa boemo jwa tlhaloganyo.” Eo ke tlhaloso e e molemo e e akaretsang ya se se bidiwang diokobatsi tse di amang tlhaloganyo, le fa gone e sa akaretse diokobatsi di le dintsi tsa kalafi tse di dirisiwang go alafa malwetse a mmele.
Go ya ka tlhaloso eo, bojalwa ke seokobatsi. Kotsi e nna fa bo nowa go feta tekano, e leng bothata jo go bonalang bo ntse bo golela pele. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa kwa dikholetšheng le kwa diyunibesithing tsa kwa nageng nngwe ya Bophirima e ne ya bontsha gore “go nwa ka tsela e e feteletseng ke bothata jo bogolo thata jwa go dirisa diokobatsi kwa dikholetšheng.” Patlisiso eno e ne ya bontsha gore diperesente di le 44 tsa baithuti ba ne ba nwa go feta tekano. *
Motsoko o letleletswe semolao, fela jaaka bojalwa, le mororo o na le botlhole jo bo kotsi thata, e leng nikotine. Go ya ka World Health Organization, ngwaga mongwe le mongwe, batho ba ka nna dimilione di le nnè ba bolawa ke go goga motsoko. Le fa go ntse jalo, bagoma ba motsoko ba humile thata e bile ke batho ba ba tlotlegang thata mo setšhabeng. Gape go goga motsoko go tshwakgola fela thata, gongwe e bile go tshwakgola thata go gaisa diokobatsi tse dingwe tse dintsi tse di sa letlelelwang semolao.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana, dinaga di le mmalwa di ile tsa thibela go phasaladiwa ga motsoko tsa bo tsa baya dithibelo tse dingwe gape. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba leba go goga motsoko e le selo se se amogelesegang mo
setšhabeng. Difilimi di tswelela pele go dira gore go goga motsoko go lebege e le selo se sentle. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ke Yunibesithi ya California kwa San Francisco magareng ga ngwaga wa 1991 le 1996 ka difilimi tsa maemo a a kwa godimo tse di dirang madi a le mantsi e ne ya fitlhela gore diperesente di le 80 tsa banna ba maemo a a kwa godimo mo difiliming tseno ba bontshiwa e le batho ba ba gogang motsoko.Go Tweng ka Diokobatsi “Tse di Seng Kotsi”?
Ke boammaaruri gore diokobatsi tsa kalafi di solegetse batho ba le bantsi molemo, mme gone di ka dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang. Ka dinako tse dingwe, dingaka di ka nna tsa naya molwetse diokobatsi dingwe di sa akanya, kgotsa balwetse ba ka nna ba gatelela dingaka gore di ba neye diokobatsi dingwe go sa tlhokege. Ngaka nngwe e ne ya akgela jaana: “Ga se ka metlha dingaka di iphang nako ya go nna le molwetse go bona gore bolwetse jwa gagwe bo bakwa ke eng. Go motlhofo fela go re, ‘Tsaya pilisi eno.’ Mme go bo go sa rarabololwe se tota bothata e leng sone.”
Tota le diokobatsi tse di sa tlhokeng go ntshiwa ke ngaka tse di jaaka di-aspirin le di-paracetamol (Tylenol, Panadol), di ka baka mathata a a masisi a botsogo fa di sa dirisiwe sentle. Ngwaga le ngwaga, go swa batho ba ba fetang 2 000 mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya go sa dirise di-paracetamol sentle.
Go ya ka tlhaloso ya rona e e fa godimo, khafeine mo teeng le mo kofing le yone ke seokobatsi, le mororo re sa e lebe jalo fa re nwa mogodungwana wa rona o re o ratang thata mo mosong. Mme go tla bo go sa utlwale gore dino tse di amogelesegang mo setšhabeng tse di jaaka tee kgotsa kofi di lejwe di tshwana le diokobatsi tse di kotsi jaaka heroine. Seo se ne se tla bo se tshwana le go tshwantsha katse ya fa gae le tau e e bogale. Le fa go ntse jalo, go ya ka bomankge bangwe ba tsa kalafi, fa o tlwaela go nwa dikopi di feta di le tlhano tsa kofi kgotsa di le robongwe tsa tee ka letsatsi, seno se ka nna kotsi mo go wena. Mo godimo ga moo, fa o ne o ka fokotsa go nwa selekanyo sa tsone se se kwa godimo ka bonako fela, o ne o ka nna wa nna le mathata a a tshwanang le a motho mongwe yo o neng a nwa tee thata mme a e tlogela, yo o neng a “kgwa, a opiwa ke tlhogo e e botlhoko, e bile a sa kgone go leba lesedi.”
Go Tweng ka go Dirisa Diokobatsi Tse di Seng Kafa Molaong?
Kgang e nngwe e kgolo ke go dirisa diokobatsi mo metshamekong. Seno se ne sa direga ka 1998 kwa kgaisanong ya Tour de France fa bathubalobelo ba dibaesekele ba ba robonngwe ba setlhopha se se di gogang kwa pele ba ne ba lelekwa ka ntlha ya go dirisa diokobatsi tse di dirang gore ba dire botoka mo dikgaisanong. Baatleletiki ba tlhamile mekgwa mengwe e e farologaneng e e dirang gore go se ka ga bonwa gore ba dirisitse diokobatsi fa ba tlhatlhobiwa. Makasine wa Time o bega gore bangwe ba ile ba bo ba dira gore “‘ba tsenngwe motlhapo o o phepa wa motho yo mongwe’ mo setlheng sa bone ka sediriswa sengwe sa kalafi se se kgonang go tsenngwa mo ditshikeng tsa motho, e leng tiro e e utlwisang motho yo e dirwang mo go ene botlhoko.”
Ga re ise re bue ka diokobatsi tse dingwe tse dintsintsi tse di gakgamatsang tse di sa letlelelwang ka fa molaong tse di dirisiwang “go itlosa bodutu.” Tsone di akaretsa motokwane, pilisi ya ecstacy (methylenedioxy-methamphetamine, kana MDMA), LSD (lysergic acid diethylamide), diokobatsi tse di tlhagafatsang mmele (tse di jaaka khokheine le di-amphetamine), diokobatsi tse di ritibatsang tlhaloganyo le heroine. Ga re a tshwanela go tlodisa matlho diokobatsi tse di farologaneng tse di gopiwang, tse di jaaka glue le peterole, tse di dirisiwang thata ke basha. Ke boammaaruri gore dilo tseno tse ba di gopang ga di a ilediwa e bile di bonwa motlhofo fela.
Kgopolo e e tlwaelegileng ya go bona motho yo o tshwakgotsweng ke diokobatsi yo o itlhabang tsone mo mmeleng ka lomao mo phaposing e e leswe e ka tsietsa. Batho ba le bantsi ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba sa ntse ba kgona go dira dilo sentle fela mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi, le fa
gone go tshwakgolwa ga bone ke diokobatsi go ama boleng jwa matshelo a bone ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra itlhokomolosa diphelelo tse di diphatsa tse diokobatsi di nang le tsone. Mokwadi mongwe o tlhalosa kafa bangwe ba ba dirisang khokheine “ba kgonang go ‘itlhaba yone mo mmeleng ka lomao’ gantsintsi ka gone mo nakong e khutshwanyane fela, ba dira gore go bonale ditlhabo tsa dinnale mo mebeleng ya bone, madi le matsadi a a maswe thata.”Ka bo1980, go ne ga bonala e kete go dirisa diokobatsi ka tsela e e seng kafa molaong go a fokotsega, mme jaanong go a gola gape mo lefatsheng lotlhe. Makasine wa Newsweek o ne wa bolela jaana: “Balaodi ba gakgamadiwa thata ke go oketsega thata ga go fetisiwa ga diokobatsi ka bokhukhuntshwane mo melelwaneng, go dirisiwa thata ga diokobatsi tsa mo e ka nnang mofuta mongwe le mongwe le kafa go tlhokegang madi—le tshedimosetso—ka teng go lwantsha bothata jono.” Lokwalodikgang lwa The Star lwa mo Johannesburg, mo Afrika Borwa, le ne la bolela gore go ya ka dipalopalo tsa puso, “motho a le mongwe mo go ba le banè ba ba nnang mo Afrika Borwa o tshwakgotswe ke bojalwa kgotsa ke diokobatsi.”
Setheo sa Dipatlisiso sa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng sa go Tlhabolola Loago se ne sa bolela gore “batho ba ba dirang diokobatsi le ba ba di rekisang ka tsela e e seng ka fa molaong . . . ba ithulagantse sentle mo lefatsheng lotlhe ba bo ba tsenya dipoelo tse di kwa godimo tsa diokobatsi tsa bone mo dibankeng tse di bolokang diphiri tsa bone le tse di ba busetsang morokotso o mogolo . . . Batho ba ba rekisang diokobatsi ka tsela e e seng ka fa molaong jaanong ba kgona go bona morokotso ka tsela e e seng ka fa molaong ka go fetisetsa madi go tswa mo bankeng e nngwe go ya kwa go e nngwe ba dirisa khomputara kwantle ga go gore puso e tlhotlhomise dilo thata.”
Go bonala Baamerika ba le bantsi ba tshwara khokheine letsatsi le letsatsi ba sa itse. Setlhogo sengwe sa makasine wa Discover se tlhalosa gore bontsi jwa madi a pampiri a Amerika a ile a tshwarwa ka matsogo a a neng a tshwere seokobatsi seo.
Boammaaruri ke gore gompieno jaana, go dirisiwa ga diokobatsi, go akaretsa le diokobatsi tse di seng ka fa molaong, ke selo se se amogelwang ke batho ba le bantsi, mme go lejwa jaaka selo se se tlwaelegileng fela mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Fa re akanya ka dikotsi tse go tlotlwang ka tsone gongwe le gongwe tse di bakwang ke diokobatsi mmogo le motsoko le bojalwa, ga go pelaelo gore re tla ipotsa gore, Ke ka ntlha yang fa batho ba di dirisa ka tsela e e sa tshwanelang? Fa re ntse re akanya ka potso eno, go molemo gore re tlhole gore rona re leba diokobatsi jang.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 5 Go nwa go feta tekano go ne ga tlhalosiwa e le ‘go nwa dibotlolo tse dikgolo tsa bojalwa di le tlhano kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela mo banneng, le go nwa di le nnè kgotsa go feta mo basading.’
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Go nwa go feta tekano ke bothata jo bogolo mo dikholetšheng di le dintsi
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Ba le bantsi ba leba disekerete le diokobatsi tse di dirisiwang go “itlosa bodutu” jaaka tse di seng kotsi