Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Emisa Letlhoo Le le Sa Feleng

Go Emisa Letlhoo Le le Sa Feleng

Go Emisa Letlhoo Le le Sa Feleng

“Lo rate baba ba lona.”—MATHAIO 5:44.

BAETELEDIPELE ba ditšhaba tse pedi tse di neng di itaana ka noga e utlwa ba ne ba fetsa malatsi a le mantsi ba tsentse ditlhogo mo ditherisanong tsa kagiso. Poresidente wa naga nngwe e e humileng thata o ne a le teng mo ditherisanong tseno, a dirisa tlhotlheletso e kgolo ya gagwe le bokgoni jwa gagwe jwa bodipolomate go leka go letlanya baeteledipele ba babedi bano. Mme diphelelo tsa maiteko a a seng kana ka sepe ano e ne ya nna bohutsana fela jo bo oketsegileng. Mo dibekeng di le pedi fela, ditšhaba tse pedi tseno di ne tsa nna le seabe mo go se makasine wa Newsweek o se biditseng “thubakanyo e e maswe go feta yotlhe e e kileng ya nna mo gare ga tsone mo masomeng a le mabedi a dingwaga.”

Mo lefatsheng lotlhe, letlhoo le bobaba fa gare ga ditlhopha tse di farologaneng tsa ditso le ditšhaba ga di fele go sa kgathalesege maiteko a a seng kana ka sepe a a dirwang ke baeteledipele ba ditšhaba. Ditiro tsa letlhoo di tswelela pele ka bofefo, di tlhotlhelediwa ke go tlhoka kitso, moya wa tlhaolele le go anamisiwa ga maaka. Le fa baeteledipele ba gompieno ba ntse ba leka go batla ditsela tse disha tsa go rarabolola bothata mme go se nko e e tswang lemina, ga ba bone gore tsela e e di gaisang tsotlhe ya go bo rarabolola ke ya bogologolo—sengwe se segologolo jaaka Thero ya mo Thabeng. Mo therong eo, Jesu Keresete o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba dire dilo ka tsela e Modimo a di dirang ka yone. Mo go yone thero eo, o ne a bua mafoko a a nopotsweng fa godimo, a a reng, “Lo rate baba ba lona.” Kgothatso eo ke tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go rarabolola bothata jwa letlhoo le moya wa tlhaolele mme e bile ke yone fela tharabololo e e atlegang!

Batho ba ba nang le dipelaelo ba kgapela kwa thoko kgopolo eno ya go rata baba ba gago jaaka e e seng mosola. Le fa go ntse jalo, fa e le gore batho ba kgona go ithuta go tlhoa ba bangwe, a ga go utlwale he go bolela gore ba ka kgona go ithuta go tlogela letlhoo? Ka jalo, mafoko a ga Jesu a na le tsholofelo ya mmatota mo bathong. A bontsha gore go a kgonega go fedisa bobaba jo bo sa bolong go nna teng.

Akanya ka boemo jo bo neng bo le gone mo motlheng wa ga Jesu fa gare ga Bajuda ba ba neng ba mo reeditse. Ba ne ba sa tlhoke go tsaya loeto lo loleele go ya kwa babeng ba bone. Masole a Roma a ne a tswelela pele ka go laola naga, a duedisa Bajuda lekgetho ka go ba gatelela, a dirisa maretshwa a sepolotiki, bokgokgontshi le go ba sotla. (Mathaio 5:39-42) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba ka leba Bajuda ka bone e le baba ka ntlha ya dikgotlhang tse di sa reng sepe tse di neng di tlogetswe fela di sa rarabololwa mme tsa letlwa gore di gole. (Mathaio 5:21-24) A tota Jesu o ne a ka lebelela gore bareetsi ba gagwe ba rate batho ba ba neng ba ba utlwisitse botlhoko?

Bokao Jwa ‘Lorato’

Santlha, lemoga gore fa Jesu a ne a bua ka ‘lorato,’ o ne a sa akanya ka mofuta wa lorato lo ditsala tse dikgolo di ka tswang di ratana ka lone. Lefoko la Segerika le le dirisitsweng mo go Mathaio 5:44 le le rayang lorato, le tswa mo lefokong a·gaʹpe. Lefoko leno le raya lorato lo lo kaelwang kgotsa lo lo laolwang ke melaometheo. Ga le bolele lorato lwa maikutlo. E re ka lorato lo lo ntseng jalo lo kaelwa ke melaometheo e e siameng, lo tlhotlheletsa motho gore a direle ba bangwe molemo go sa kgathalesege gore ba itshwara jang. Ka jalo, lorato lwa a·ga’pe lo ka fedisa bobaba mo gare ga batho. Jesu ka boene o ne a bontsha lorato lo lo ntseng jalo ka gonne mo boemong jwa gore a hutse masole a Roma a a neng a mmapola, o ne a rapela a re: “Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.”—Luke 23:34.

A go a utlwala go lebelela gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ba tla amogela dithuto tsa ga Jesu le gore ba tla simolola go ratana? Nnyaa, ka gonne Baebele e supa gore lefatshe leno le tla tswelela pele go ya tshenyegong. Timotheo wa Bobedi 3:13 e bolelela pele jaana: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele.” Le fa go ntse jalo, batho ka bongwe ba ka kgona go emisa letlhoo le le sa feleng ka go rutwa thata melaometheo e e siameng ka thuto ya Baebele. Bosupi bo bontsha ka phepafalo gore ba le bantsi ba ile ba ithuta jalo go emelana le letlhoo le le seng kana ka sepe le le ba dikologileng. Sekaseka dikgang di le mmalwa tsa mmatota tse di diregileng.

Go Ithuta go Rata

Fa José a ne a le dingwaga di le 13, o ne a nna le seabe mo ntweng ya majelathoko a le leloko la setlhopha sa dirukhutlhi. * O ne a rutwa gore a tlhoe batho ba go neng go twe ke bone ba ba neng ba baka tshiamololo e e neng e mo dikologile. Fa go kgonega, mokgele wa gagwe e ne e le gore a ba bolaye. José o ne a tlala maikutlo a letlhoo le a go ipusolosetsa fa a bona ditsala di le dintsi tsa gagwe di bolawa. O ne a tle a ipotse jaana fa a ntse a dira dibomo tsa seatla, ‘Ke ka ntlha yang fa go na le pogo e kana kana? Fa e le gore Modimo o teng, a tota ga a lemoge sepe fela?’ Gantsi o ne a lela, a tlhakane tlhogo e bile a tshwenyegile thata mo maikutlong.

Kgabagare José o ne a bona phuthego ya mo lefelong la gabone ya Basupi ba ga Jehofa. Fa a ne a simolola go ya kwa pokanong ya phuthego, o ne a lemoga go ratana ga bone ka bonako fela. Mongwe le mongwe o ne a mo dumedisa ka botsalano. Moragonyana, puo ya setlhogo se se reng “Ke Eng fa Modimo a Letlelela Boikepo?” e ne ya araba dipotso tse a neng a ntse a di ipotsa. *

Fa nako e ntse e tsamaya, go nna le kitso e e oketsegileng ya Baebele go ne ga dira gore José a dire diphetogo mo botshelong jwa gagwe le mo tseleng e a akanyang ka yone. O ne a ithuta gore “yo o sa rateng o ntse mo losong. Mongwe le mongwe yo o tlhoileng . . . ke mmolai, mme . . . ga go na mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.”—1 Johane 3:14, 15.

Le fa go ntse jalo, go ne go se motlhofo go kgaogana le ditsala tsa gagwe tsa dirukhutlhi. O ne a salwa morago nako le nako fa a ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba pele e neng e le ditsala tsa gagwe le bone ba ne ba nna gone kwa dipokanong di le mmalwa gore ba tlhaloganye gore ke eng se se neng se dirile gore José a fetoge jaana. E ne ya re fa ba sena go lemoga gore o ne a sa ba oke e bile a se kotsi mo go bone, ba mo tlogela. Fa José a le dingwaga di le 17, o ne a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae o ne a simolola go rera ka nako e e tletseng. Go na le go loga maano a go bolaya batho, jaanong o ba tlisetsa molaetsa wa lorato le tsholofelo!

Go Fedisa Melelwane ya Bomorafe

A merafe e ka kgona go fedisa melelwane ya letlhoo e e ba kgaoganyang? Akanya ka setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa ba ba buang Se-Amharic, ba ba kwa Lontone, kwa Engelane. Setlhopha seno se na le batho ba ka nna 35—ba le 20 mo go sone ke Baethiopia mme ba le 15 ke Ba-Eritrea. Ba obamela mmogo ka kagiso le kutlwano go sa kgathalesege gore bosheng jaana kwa Afrika, Ba-Eritrea le Baethiopia ba lole ntwa e e matlho mahibidu.

Mosupi mongwe wa Moethiopia o ne a bolelelwa jaana ke lelapa la gabone: ‘Le ka motlha o se ka wa ikanya Ba-Eritrea!’ Mme jaanong, ga a ikanye Ba-Eritrea ba e leng Bakeresete ka ene fela mme gape o ba bitsa bakaulengwe le bokgaitsadi! Le mororo Ba-Eritrea bano ba bua puo ya Se-Tigrinya, ba ile ba ithuta Se-Amharic—puo ya bakaulengwe ba bone ba Baethiopia—gore ba tle ba kgone go ithuta Baebele le bone. A bo seno e le bosupi jo bo nonofileng jang ne jwa lorato lwa bomodimo lo e leng “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano”!—Bakolosa 3:14.

Go Tlogela go Akanya ka Dilo Tsa Nako e e Fetileng

Mme go tweng fa e le gore mongwe o ile a tshwarwa makgwakgwa? A ga se ga tlholego fela gore motho a tlhoe babogisi ba gagwe? Akanya ka Manfred, Mosupi mongwe go tswa kwa Jeremane. O ne a fetsa dingwaga di le thataro a le mo kgolegelong ya Bokomonisi fela ka gonne e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A o kile a ikutlwa a tlhoile bagateledi ba gagwe kgotsa a ikutlwa a na le keletso ya go ipusolosetsa? O ne a araba ka go re, “Nnyaa.” Go ya ka lokwalodikgang lwa kwa Jeremane e leng Saarbrüker Zeitung, Manfred o ne a tlhalosa jaana: “Go dira ditiro tsa botlhokatshiamiso kgotsa go ipusolosetsa fa o sa direlwa ka tshiamiso . . . go dira gore batho ba nne ba direlana ka go tlhoka tshiamiso go ya go ile.” Ga go na pelaelo gore Manfred o ne a dirisa mafoko a Baebele a a reng: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:17, 18.

Lefatshe Le le Se Nang Letlhoo!

Basupi ba ga Jehofa ga ba ikaye jaaka ba ba itekanetseng mo kgannyeng eno. Gantsi ba fitlhela go se motlhofo go beela letlhoo kwa thoko. Go batla gore motho a tswelele pele a dira maiteko ka tlhoafalo a sa kgaotse go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe. Mme ka kakaretso, Basupi ba ga Jehofa ke sekai se se molemo sa maatla a Baebele e nang le one a go emisa letlhoo le le sa feleng. Basupi ba dirisa thulaganyo ya dithuto tsa Baebele tsa magae go thusa diketekete tsa batho ngwaga le ngwaga go tlogela moya wa bomorafe le wa tlhaolele. * (Bona lebokose la “Kgakololo ya Baebele e Thusa go Fedisa Letlhoo.”) Go atlega moo ke sekai fela sa diphelelo tsa thulaganyo ya thuto eno lefatshe ka bophara e gautshwanyane e tla thusang go fedisa letlhoo gotlhelele le dilo tse di le bakang. Thulaganyo eno ya mo isagweng ya thuto e tla dirwa kafa tlase ga taolo ya Bogosi jwa Modimo, kgotsa puso ya lefatshe lotlhe. Mo thapelong ya Morena, Jesu o ne a re ruta go rapelela Bogosi joo fa a ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle.”—Mathaio 6:9, 10.

Baebele e solofetsa gore kafa tlase ga taolo ya bogosi jono jwa selegodimo, “lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa.” (Isaia 11:9; 54:13) Mafoko ano a ga Isaia a a nopolwang gantsi a tla diragadiwa mo lefatsheng lotlhe: “[Modimo] o tla atlhola mo gare ga ditšhaba a ba a tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba di le dintsi. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:4) Modimo ka boene o tla fedisetsa ruri letlhoo leno le le sa feleng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Ga se leina la gagwe la mmatota.

^ ser. 12 Bona kgaolo 8, “Ke Eng fa Modimo o Letlile Pogo Gore e Tswelele?” mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 21 O ka kgona go rulaganya thuto ya legae ya mahala ya Baebele ka go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno kgotsa ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Kgakololo ya Baebele e Thusa go Fedisa Letlhoo

“Ke go tswa motsweding ofe go nang le dintwa gape ke go tswa motsweding ofe go nang le ditlhabano gareng ga lona? A ga di tswe motsweding ono, e leng, mo go nyorelweng ga lona go ja monate wa senama mo go tswelelang go tlhabana mo ditokololong tsa lona?” (Jakobe 4:1) Gantsi re ka kgona go fedisa dikgotlhang mo gare ga rona le ba bangwe fa re ithuta go laola dikeletso tsa bopelotshetlha.

“[Tlhokomelang], e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Go kgatlhegela dilo tse di amang ba bangwe go na le tse di amang rona ke tsela e nngwe ya go fedisa kgotlhang e e sa tlhokegeng.

“Tlogela bogale mme o lese tšararego; o se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula.” (Pesalema 37:8) Re ka kgona go laola maikutlo a a sa siamang e bile re tshwanetse go dira jalo.

“Modimo . . . o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Ditiro 17:24, 26) Ga go utlwale gore motho a ikutlwe a le kwa godimo ga batho ba lotso lo longwe, e re ka rotlhe re le maloko a lelapa le le lengwe fela la motho.

‘Lo se ka lwa dira sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tseye ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.’ (Bafilipi 2:3) Go lebela ba bangwe kwa tlase ke boeleele—ka gonne gantsi batho ba bangwe ba na le dinonofo le bokgoni jo rona re se nang najo. Ga go na setšhaba sepe kgotsa lotso lo lo kgonang go dira sengwe le sengwe sentle.

“Ruri he, fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe.” (Bagalatia 6:10) Go tsaya kgato fela ya go nna botsalano le ba bangwe le go ba thusa, go sa kgathalesege gore ke ba setšhaba kgotsa lotso lofe, go ka thusa thata go fedisa bothata jwa puisano le go fedisa dikgotlhang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Basupi ba Baethiopia le ba Ba-Eritrea ba obamela mmogo ka kagiso

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Manfred, yo o kileng a nna mo kgolegelong ya Bokomonise, o ne a gana go ineela go nna le letlhoo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Baebele e ka kgona go thusa go fedisa melelwane e e kgaoganyang batho