Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moganetsakeresete ke Mang?

Moganetsakeresete ke Mang?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Moganetsakeresete ke Mang?

“LO UTLWILE GORE MOGANETSAKERESETE O ETLA.”—1 JOHANE 2:18.

FA O ne o tlhagisitswe gore go bonwe sekebekwa sengwe se se kotsi se tsamaela ntlheng ya kwa o nnang teng, o ne o tla dira eng? Gongwe o ne o tla batla go itse gore o lebega jang le mekgwa ya gagwe e a dirang ka yone. O ne o tla nna o ntshitse matlho dinameng.

Go na le boemo jo bo tshwanang gompieno. Re tlhagisitswe ke mafoko a ga moaposetoloi Johane: “Polelwana nngwe le nngwe e e tlhotlheleditsweng e e sa ipoleleng Jesu ga e tswe kwa Modimong. Mo godimo ga moo, eno ke polelwana e e tlhotlheleditsweng ya moganetsakeresete yo lo utlwileng gore o a tla, mme jaanong o setse a le mo lefatsheng.” (1 Johane 4:3) A go na le moganetsakeresete yo o ntseng jalo, mmaba wa Modimo le motsietsi wa batho, yo jaanong a tshosetsang batho botlhe?

Johane o ne a dirisa lefoko “moganetsakeresete” gatlhano mo dikwalong di le pedi tsa gagwe. Le bua ka mokgatlho mongwe o o ganetsang se Baebele e se rutang ka Jesu Keresete e bile o akaretsa batsietsi ba ba itirang Keresete kgotsa ba itira e kete ba romilwe ke ene. Baebele e re naya tshedimosetso e re ka e ikanyang ka moganetsakeresete. Mme jaaka go direga ka dinako tse dingwe ka batho ba ba dirang tlolomolao e e masisi, dipego tse di sa tlhomamang malebana le mokgatlho ono wa masaitsiweng di tlhokomelwa go feta se e leng boammaaruri.

Bangwe ga ba Itse Gore ke Mang

Go simolola ka metlha ya ga moaposetoloi Johane, batho ba ntse ba bolela gore mafoko a ga Johane ka moganetsakeresete a bua ka motho mongwe yo o rileng. Batho ba ile ba ntsha maina a batho bangwe ba ba akanyang gore ke bone moganetsakeresete. Makgolo a dingwaga a a fetileng batho ba bantsi ba ne ba akanya gore Mmusimogolo wa Roma e bong Nero e ne e le ene moganetsakeresete. Moragonyana, Balweladiphetogo ba Baporotesetanta ba ne ba bolela gore puso ya bomopapa ke yone moganetsakeresete. Tsela e Adolf Hitler a neng a na le letlhoo ka yone e bile a tshosa ka yone e ne ya dira gore batho ba bantsi ba dumele gore ke ene moganetsakeresete. Mofilosofi wa Mojeremane Friedrich Nietzsche le ene o kile a bidiwa ka leina leo. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba dumela gore moganetsakeresete o sa ntse a tla le gore o tla tlhaga e le radipolotiki yo o bolotsana, yo o setlhogo yo maikaelelo a gagwe e leng go busa lefatshe. Ba dumela gore sebatana sa Tshenolo kgaolo 13 ke sone moganetsakeresete yo o umakilweng ke Johane. Ba bolela gore letshwao la sone la 666 le tla bontsha gore rramasula wa mo isagweng le yo o boikepo ke mang.

Ba ba rotloetsang dikgopolo tseno ba akanyetsa gore Johane o ne a bua ka moganetsakeresete a le mongwe fela. Mme mafoko a gagwe a bontsha eng? Sekaseka 1 Johane 2:18: “Fela jaaka lo utlwile gore moganetsakeresete o e tla, le jaanong go setse go na le baganetsakeresete ba le bantsi.” Ee, “baganetsakeresete ba le bantsi,” e seng a le mongwe fela, ke bone ba ba neng ba ikarabelela mathata a a amanang le dilo tsa semoya mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Gompieno, go na le baganetsakeresete, e seng moganetsakeresete a le mongwe fela, ba ba dirang setlhopha sa baganetsakeresete. Ba senya batho semoyeng. (2 Timotheo 3:1-5, 13) Ke bomang ba ba dirang setlhopha sa moganetsakeresete?

A re sekasekeng sebatana sa Tshenolo kgaolo 13 gore gongwe e ka nna sone. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Sebatana sa naga se ke neng ka se bona se ne se tshwana le lengau, mme dinao tsa sone di ne di tshwana le tsa bera, le molomo wa sone o ne o tshwana le molomo wa tau.” (Tshenolo 13:2) Ditlhaloso tseno di emela eng?

Bakanoki ba Baebele ba tlhokometse gore Tshenolo 13 le Daniele kgaolo 7 di a amana. Modimo o ne a naya Daniele pono ya dibatana tsa tshwantshetso, tse di neng di akaretsa lengau, bera le tau. (Daniele 7:2-6) Moporofeti wa Modimo o ne a di tlhalosa jang? O ne a tlhalosa gore dibatana tseo di ne di tshwantshetsa dikgosi tsa selefatshe, kgotsa dipuso. (Daniele 7:17) Ka jalo re ka dira tshwetso e e utlwalang ya gore sebatana sa naga sa Tshenolo se emela dipuso tsa batho. E re ka dipuso tseno di ganetsa Bogosi jwa Modimo, le tsone di bopa karolo ya moganetsakeresete.

Moganetsakeresete ke Mang?

Mme fa e le gore moganetsakeresete ga se motho a le mongwe fela, lereo leno le emela eng? Fa Morwa Modimo a ne a le mo lefatsheng, o ne a na le baba ba bantsi. Le fa gone jaanong ba sa kgone go mo tshwara ka tsela ya senama, baganetsi ba gagwe ba motlha wa segompieno ga ba ise ba itlhoboge. Tlhokomela gore go akarediwa bomang mo baganetsing bano.

Moaposetoloi Johane o ne a bolela jaana: “Moaki ke mang fa e se yo o latolang gore Jesu ke Keresete? Yono ke moganetsakeresete, yo o latolang Rara le Morwa.” (1 Johane 2:22) Batlhanogi le baeteledipele ba kobamelo ya maaka ba sokamisa dithuto tse di motlhofo tsa ga Jesu ba di dira mafuto a tsietso ya bodumedi. Batho ba ba ntseng jalo ba gana boammaaruri jwa Baebele mme ba anamisa maaka mo leineng la Modimo le la ga Keresete. Ba ganetsa kamano ya boammaaruri e e leng teng magareng ga Rara le Morwa, ka thuto ya bone ya Tharonngwe. Ka jalo le bone ke karolo ya moganetsakeresete.

Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe mo go Luke 21:12 jaana: “Batho ba tla lo tsenya diatla ba bo ba lo bogisa, ba lo isa kwa disinagogeng le dikgolegelong . . . ka ntlha ya leina la me.” Fa e sa le go simolola ka lekgolo la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba itshoketse pogiso e e setlhogo. (2 Timotheo 3:12) Batho ba ba tlhotlheletsang gore ba tshwarwe ka tsela e e ntseng jalo ba ganetsa Keresete. Le bone ke karolo ya moganetsakeresete.

“Ene yo o seng mo letlhakoreng la me o kgatlhanong le nna, le ene yo o sa phutheng le nna o a gasamisa.” (Luke 11:23) Fano Jesu o bolela gore botlhe ba ba mo ganetsang e bile ba ganetsa le maikaelelo a Modimo ao a a emeng nokeng ba tsena mo setlhopheng sa moganetsakeresete. Batho bano ba emetswe ke phelelo ya mofuta mang?

Baganetsakeresete ba Emetswe ke Eng?

Pesalema 5:6 ya re: “[Modimo] o tla senya ba ba buang maaka. Jehofa o tlhoile motho yo o tshololang madi le yo o tsietsang.” A seno se raya baganetsakeresete? Ee. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, batho ba ba sa boleleng fa ba dumela gore Jesu Keresete o tla a le mo nameng. Yono ke motsietsi le moganetsakeresete.” (2 Johane 7) Modimo Mothatayotlhe o tla senya baganetsakeresete ka ntlha ya maaka a bone le tsietso ya bone.

Fa nako ya go diragatsa katlholo eo e ntse e atamela, Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go letla tsietso le kgatelelo tse e seng tsa Bokeresete, segolobogolo tse di tswang mo batlhanoging, gore di koafatse tumelo ya bone. Tlhagiso ya ga Johane e potlakile: “Itiseng, gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re dirileng ka natla go di tlhagisa, mme gore lo bone maduo a a tletseng.”—2 Johane 8

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Nero on pages 2 and 30: Courtesy of the Visitors of the Ashmolean Museum, Oxford