Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thapelo e ka Nthusa Jang?

Thapelo e ka Nthusa Jang?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Thapelo e ka Nthusa Jang?

“Thapelo ke yone e nthusitseng gore ke baakanye botshelo jwa me gape.”—Brad. *

BASHA ba le bantsi ba a rapela—gongwe go feta kafa o akanyang ka teng. Patlisiso ya Gallup ya Basha ba ba nang le dingwaga tse di magareng ga 13 le 17 kwa United States e senotse gore diperesente di le 56 tsa bone ba a rapela pele ga ba ja. Patlisiso e e dirilweng mo bagolong ba ba sa leng babotlana e bontshitse gore diperesente di le 62 tsa bone ba rapela letsatsi le letsatsi.

Le fa go ntse jalo, mo basheng ba le bantsi thapelo ke moetlo fela o o se nang bokao bope. Ke basha ba sekae fela ba ba nang le se Baebele e se bitsang “[kitso] e e boammaaruri kaga Modimo.” (Bakolosa 1:9, 10) Ka ntlha ya seo, Modimo ga a na bokao jo bo kalokalo mo matshelong a bone. Patlisiso nngwe e ne ya botsa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome gore a ba kile ba kopa thuso mo Modimong fa ba dira tshwetso nngwe ya botlhokwa. Mosetsana mongwe o ne a araba jaana: “Ka metlha ke atamela Modimo ka thapelo gore a nkaele gore ke tlhope ditsela tse di siameng mo botshelong.” Le fa go ntse jalo, o dumela jaana: “Ga ke gakologelwe tshwetso epe gone jaana.” Ga go gakgamatse go bo basha ba le bantsi ba se na tshepo ya gore thapelo e maatla kgotsa gore e ka ba thusa!

Le fa go ntse jalo, jaaka Brad yo o nopotsweng kwa tshimologong, basha ba le diketekete ba iponetse maatla a thapelo ka bobone. Le wena o ka a iponela! Setlhogo se se fetileng se bontshitse lebaka la go bo re ka nna le tshepo ya gore Modimo o tla utlwa dithapelo tsa rona. * Jaanong potso ke gore, Thapelo e ka go thusa jang? Santlha, a re tlhatlhobeng gore Modimo o araba dithapelo tsa rona jang.

Kafa Modimo a Arabang Dithapelo ka Teng

Mo metlheng ya Baebele dithapelo tsa banna bangwe ba tumelo di ne di arabiwa ka tsela e e tlhamaletseng—mo gongwe e le ya kgakgamatso. Ka sekai, fa Kgosi Hesekia a ne a utlwa gore o na le bolwetse jo bo sa foleng, o ne a kopa Modimo gore a mo golole. Modimo o ne a araba jaana: “Ke utlwile thapelo ya gago. Ke bone dikeledi tsa gago. Bona, ke a go fodisa.” (2 Dikgosi 20:1-6) Modimo o ne a araba banna ba bangwe le basadi ba ba boifang Modimo ka tsela e e tshwanang.—1 Samuele 1:1-20; Daniele 10:2-12; Ditiro 4:24-31; 10:1-7.

Le fa go ntse jalo, go ne go sa reye gore Modimo o araba dithapelo ka kgakgamatso jalo ka metlha yotlhe, tota le mo metlheng ya Baebele. Gantsi Modimo o ne a sa arabe dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ka tsela ya kgakgamatso, mme o ne a ba thusa gore ba “tladiwe ka kitso ya boammaaruri le thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya.” (Bakolosa 1:9, 10) Ee, Modimo o ne a thusa ka go nonotsha batho ba gagwe semoyeng le boitshwarong—a ba naya botlhale le kitso gore ba dire ditshwetso tse di botlhale. Fa Bakeresete ba ne ba le mo boemong jo bo thata, e ne e se ka metlha Modimo o tlosang teko mo go bone. Go na le moo, o ne a ba naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore ba kgone go e itshokela!2 Bakorintha 4:7; 2 Timotheo 4:17.

Ka go tshwana gompieno, thapelo ya gago e ka nna ya se arabiwe ka gore go direge sengwe se se gakgamatsang. Mme jaaka Modimo a dirile mo nakong e e fetileng, o ka go naya moya wa gagwe o o boitshepo mme a go nonotsha gore o lebane le maemo le fa e le afe a o kopanang le one. (Bagalatia 5:22, 23) Go tshwantsha, tla re tlhatlhobeng ditsela di le nnè tse thapelo e ka go thusang ka tsone.

E ka Go Thusa go Dira Ditshwetso

Karen o ne a intsha le lekawana lengwe le le neng le lebega le na le mekgele e e kwa godimo ya semoya. O bolela jaana: “Ka metlha o ne a tlhola a mpolelela gore o batla go nna mogolwane mo phuthegong.” Seno sotlhe se ne se utlwala se le molemo. Mme “gape o ne a bua thata ka kgwebo e a neng a e simolola le dilo tsotlhe tse a neng a tla kgona go di nthekela. Ke ne ka simolola go belaela bopeloephepa jwa gagwe.” Karen o ne a rapela ka gone. “Ke ne ka kopa Jehofa gore a mpule matlho mme a mpontshe se ke tlhokang go se itse ka ene.”

Ka dinako tse dingwe go rapela ka bogone go mosola, ka gonne go ka go thusa gore o eme mme o akanyetse selo thata o se leba go ya kafa Jehofa a se lebang ka teng. Mme Karen gape o ne a tlhoka kgakololo e e mosola. A o ne a tla bona karabo ka kgakgamatso? Ebu, akanya ka pego ya Baebele e e malebana le Kgosi Dafide. Fa a ne a utlwa gore tsala e a neng a e tshepile thata e bong Ahitofele o ne a gakolola morwawe wa motsietsi e bong Abesalome, Dafide o ne a rapela jaana: “Tsweetswee fetola boikaelelo jwa ga Ahitofele e nne boeleele tlhe, Jehofa!” (2 Samuele 15:31) Mme gape Dafide o ne a dira tumalanong le thapelo ya gagwe. O ne a naya tsala ya gagwe Hushai boikarabelo jono: “Foo o kgoreletse boikaelelo jwa ga Ahitofele mo boemong jwa me.” (2 Samuele 15:34) Ka tsela e e tshwanang, Karen o ne a tsaya kgato tumalanong le thapelo ya gagwe ka go bua le mogolwane yo o godileng sentle wa Mokeresete yo o neng a itse lekau la gagwe. O ne a mo tlhomamisetsa se a neng a ntse a se boifa: Lekau la gagwe le ne le sa dire kgatelopele epe ya semoya.

Karen o bolela jaana: “Boemo joo bo ne jwa mpula matlho gore ke bone maatla a thapelo.” Se se botlhoko ke gore lekau la gagwe la pele le ne la latelela dikhumo mme la tlogela go direla Modimo. Karen a re: “Fa nkabo ke mo nyetse, nkabo ke tla dipokanong tsa Bokeresete ke le nosi.” Thapelo e ne ya thusa Karen gore a dire tshwetso e e molemo.

E ka Go Thusa go Laola Maikutlo a Gago

Baebele mo go Diane 29:11 e bolela jaana: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.” Bothata ke gore batho ba bantsi gompieno ba nna ba gateletswe thata mo maikutlong mme gantsi ba palelwa ke go laola maikutlo a bone—mme ka dinako tse dingwe seo se felela ka matlhotlhapelo. Brian yo mmotlana o gakologelwa jaana: “Ke ne ke na le mathata le motho yo ke neng ke bereka le ene. Letsatsi lengwe o ne a ntsha thipa.” O ne o tla dira eng? Brian o ne a rapela. O bolela jaana: “Jehofa o ne a nthusa gore ke ritibale mo maikutlong, mme ke ne ka kgona go thusa motho yono yo ke neng ke bereka le ene gore a se ka a dirisa thipa eo. O ne a latlhela thipa fatshe a tsamaya.” Brian o ne a thusiwa ke go laola maikutlo a gagwe gore a se ka a itlogela a galefa, mme go ka direga gore seno se bolokile botshelo jwa gagwe.

Ga se gantsi o ka iphitlhelang o tshosediwa ke motho ka thipa. Mme go tla nna le maemo a mantsi mo botshelong a mo go one o tla tlhokang go laola maikutlo a gago. Thapelo e ka go thusa go ritibala mo maikutlong.

E ka Go Thusa fa o Tshwenyegile

Barbara o gakologelwa fa a ne a “na le mathata” mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. O bolela jaana: “Tiro ya me, lelapa, ditsala—go ne go se na sepe sa tsone se se neng se tsamaya sentle. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng.” Go ne ga direga fela gore Barbara a kope thuso ka thapelo. Mme go ne go na le bothata. O bolela jaana: “Ke ne ke sa itse gore ke kope eng mo go Jehofa. La bofelo ke ne ka kopa gore a nneye kagiso ya mogopolo. Ke ne ke mo kopa bosigo bongwe le bongwe gore a nthuse gore ke se ka ka tshwenyega ka sengwe le sengwe.”

Thapelo eo e ne ya mo thusa jang? O bolela jaana: “Morago ga malatsi a sekae, ke ne ka lemoga gore le fa gone mathata a me a sa nyelela, ke ne ke sa nne ke akantse thata ka one, kgotsa go tshwenyega ka one.” Baebele e solofetsa jaana: “A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

E ka Go Thusa go Atamalana le Modimo

Akanya ka se se neng sa diragalela mosha yo o bidiwang Paul. O bolela jaana: “Ke ne ke fetsa go fudugela mo legaeng la ba losika. Bosigo bongwe ke ne ka ikutlwa ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke ne ke sa tswa go aloga mo sekolong se segolo bosheng mme ke ne ke tlhoafaletse ditsala tsa me tsotlhe. Ke ne ka lela mo bosigong joo fa ke ne ke gakologelwa gore go ne go le monate jang go nna le bone.” Paul o ne a ka dirang? O ne a rapela ka tlhoafalo, e le la ntlha. O bolela jaana: “Ke ne ka bula pelo ya me mme ka kopa Jehofa gore a nnonotshe gape a nneye kagiso ya mogopolo.”

Matswela e ne ya nna afe? Paul o gakologelwa jaana: “Mo mosong o o latelang, ke ne ka tsoga ke ikutlwa ke imologile thata go feta kafa nkileng ka ikutlwa ka teng mo botshelong jwa me. Ke ne ka fetoga mo go nneng le mogopolo o o tshwenyegileng thata mme ka nna ‘le kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.’” Jaanong ka gonne pelo ya ga Paul e ne e ritibetse, o ne a kgona go leba dilo a sa fekeediwe ke maikutlo. Mme go ise go ye kae o ne a lemoga gore ‘metlha e e monate e e fetileng’ e ne e se monate go le kalo. (Moreri 7:10) E bile tota, “ditsala” tse a neng di tlhoafaletse thata jalo di ne di sa mo tlhotlheletse go dira dilo tse di molemo.

Se se botlhokwa le go feta, Paul o ne a simolola go iponela gore Jehofa o a mo kgathalela. O ne a iponela boammaaruri jwa mafoko a Jakobe 4:8: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” Mo go Paul seno e ne e le phetogo e kgolo mo botshelong jwa gagwe. O ne a tlhotlheletsega go baya Jehofa kwa pele go feta sengwe le sengwe mo botshelong jwa gagwe le go mo neela botshelo jwa gagwe.

Bua le Modimo!

Maitemogelo ano a a molemo a tlhomamisa gore thapelo e ka go thusa. Mme gone, go nna jalo fa fela o tlhoafetse tota ka go batla go itse Modimo, le go nna le botsalano le ene. Ka maswabi, basha ba bantsi ga ba dire jalo. Carissa o goletse mo lelapeng la Bokeresete. Mme o dumela jaana: “Ke akanya gore e nnile fela mo dingwageng di sekae tse di fetileng ke ileng ka lemoga gore kamano ya rona e e kgethegileng le Jehofa e botlhokwa go le kana kang.” Brad, yo o umakilweng kwa tshimologong, o godisitswe e le Mokeresete mme a tlogela kobamelo ya boammaaruri ka dingwaga di le dintsi. O bolela jaana: “Ke ne ka boela kwa go Jehofa fa ke ne ke lemoga se se neng se ntatlhegetse. Jaanong ke a itse gore botshelo bo ka nna bosula jang fa motho a se na kamano eo.”

Le fa go ntse jalo, o se ka wa emela gore o tlhagelwe ke mathata a magolo pele ga o atamalana le Modimo. Simolola go bua le ene gone jaanong—ka metlha! (Luke 11:9-13) ‘Tshololela pelo ya gago mo go ene.’ (Pesalema 62:8) Go ise go ye kae o tla lemoga gore thapelo e ka go thusa tota!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . A Modimo o Tla Utlwa Dithapelo Tsa Me?” mo makasineng wa Tsogang! wa July 8, 2001.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Thapelo E ka Go Thusa Go

● Dira ditshwetso tse di molemo

● Ritibala mo dinakong tsa mathata

● Gololesega mo matshwenyegong

● Atamalana le Modimo