Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?

A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?

MEBELE e mentsho e e fufuletsweng e e hutaganeng e rulaganya marogo a a kgonang go sutisiwa e sikere mekgweleo ya dingata tse dikgolo thata tsa katune. Balebedi ba ba setlhogo ba ba pateletsa go bereka ba dirisa dime tse di dirilweng ka letlalo le le sa sugwang. Bana ba ba goeletsang ba tsewa ka dikgoka mo mabogong a bommaabone ba ba lelang mme ba rekisediwa batho ba ba kgonang go ntsha madi a a kwa godimo thata mo fantising. Gongwe o akanya ka tsone dilo tseo tse di setlhogo fa o akanya ka bokgoba.

Go a gakgamatsa gore ga twe batho ba bantsi ba ba neng ba rekisa makgoba le ba e neng e le beng ba makgoba e ne e le batho ba bodumedi. Rahisitori James Walvin o ne a kwala jaana: “Go ne go na le ba le makgolokgolo ba banna bano, Bayuropa le Baamerika, ba ba neng ba baka Morena go bo a ba segofaditse, ba leboga gore ba dirile kgwebo ya bone sentle e bile ba sireletsegile mo Afrika fa ba tsamaisa dikepe tsa bone tsa makgoba mo lewatleng ba ya Lefatsheng le Lesha.”

Batho bangwe e bile ba boletse gore Modimo o ne a mpampetsa go rekisiwa ga makgoba. Ka sekai, Alexander McCaine o ne a bolela gore bokgoba bo ne bo “tlhomilwe ke Modimo ka Boene” fa a ne a bua kwa Khonferenseng ya Kereke ya Methodist ya Porotesetanta ka 1842. A McCaine o ne a bua boammaaruri? A Modimo o ne a dumeletse go utswiwa le go betelelwa ga basetsana, go kgaoganngwa mo go setlhogo ga malapa, le go itewa setlhogo mo go neng go dirwa ka metlha fa go rekisiwa makgoba ka motlha wa ga McCaine? Mme go tweng ka dimilione tsa batho ba ba patelesegang go nna makgoba le go bereka jaaka one mo maemong a a setlhogo gompieno? A Modimo o mpampetsa go tshwara batho setlhogo jalo?

Bokgoba le Baiseraele

Baebele e bolela gore ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Gongwe seno se bonala thata mo mefuteng e e gatelelang ya bokgoba e e dirilweng ke batho. Ga se gore Jehofa Modimo ga a tshwenyege ka tshotlego e e tlisiwang ke bokgoba.

Ka sekai, akanya ka boemo jo Baiseraele ba neng ba le mo go jone. Baebele e re bolelela gore Baegepeto “ba ne ba nna ba dira gore botshelo jwa bone e nne jo bo botlhoko ka bokgoba jo bo bokete mo seretseng sa letsopa le mo megopeng le ka mofuta mongwe le mongwe wa bokgoba mo tshimong, ee, mofuta mongwe le mongwe wa bokgoba jwa bone jo ba neng ba ba dirisa jaaka makgoba a a patikwang mo go jone.” Baiseraele “ba nna ba fegelwa ka ntlha ya bokgoba le go lela ka go ngongorega, mme go lela ga bone ba kopa thuso ga nna ga tlhatlogela kwa Modimong wa boammaaruri.” A Jehofa o ne a sa amege ka pitlagano ya bone? Go fapaana le seo, “Modimo a utlwa go fegelwa ga bone mme Modimo a gakologelwa kgolagano ya gagwe le Aborahame, Isake le Jakobe.” Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a bolelela batho ba gagwe jaana: “Ke tla lo ntsha mo kafa tlase ga mekgweleo ya Baegepeto ke bo ke lo golola mo bokgobeng jwa bone.”—Ekesodo 1:14; 2:23, 24; 6:6-8.

Go phepafetse gore Jehofa o ne a sa dumelele gore ‘motho a laole yo mongwe’ ka go dirisa bokgoba jo bosetlhogo. A mme moragonyana Modimo ga a ka a letlelela bokgoba mo gare ga batho ba gagwe? Ee, o ne a dira jalo. Le fa go ntse jalo, bokgoba jo bo neng bo dirwa kwa Iseraele bo ne bo farologane thata le mefuta ya bokgoba jwa go patika batho mo go ntseng go dirwa go ralala hisitori.

Molao wa Modimo o ne o bolela gore go tsaya motho ka dikgoka le go mo rekisa go ne go ka otlhaelwa ka loso. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a ntsha melao ya go sireletsa makgoba. Ka sekai, motlhanka yo o neng a golafaditswe ke mong wa gagwe o ne a gololwa. Fa lekgoba le ne le swa ka gonne mong wa lone a le iteile, mong wa lone o ne a ka otlhaiwa ka loso. Batshwarwa ba basadi ba ne ba ka nna makgoba kgotsa ba ne ba ka tsewa go nna basadi. Mme ba ne ba sa tshwanelwa go dirisediwa fela go ikgotsofatsa ka tlhakanelodikobo. Mooko wa Molao o tshwanetse wa bo o ne wa dira gore Baiseraele ba ba dipelodintle ba tshware makgoba ka tlotlo le ka bopelonomi, ba ba tshware jaaka e kete ke badiri ba ba thapilweng.—Ekesodo 20:10; 21:12, 16, 26, 27; Lefitiko 22:10, 11; Duteronome 21:10-14.

Bajuda bangwe ba ne ba nna makgoba ka go rata mo Bajudeng ka bone gore ba kgone go duela dikoloto tsa bone. Mokgwa ono o ne o sireletsa batho gore ba se ka ba bolawa ke tlala mme o ne o dira gore ba bantsi ba kgone go tswa mo lehumeng. Mo godimo ga moo ka dinako dingwe tse di botlhokwa mo khalendareng ya Bajuda, makgoba a ne a tshwanetse go gololwa fa a ne a batla. * (Ekesodo 21:2; Lefitiko 25:10; Duteronome 15:12) Mokanoki mongwe wa Mojuda Moses Mielziner fa a ne a akgela ka melao e e malebana le makgoba o ne a re “le ka motlha lekgoba le ne le se kitla le tlogela go nna motho, le ne le lejwa e le motho yo o nang le ditshwanelo tse di rileng tsa setho, tse le mong wa gagwe a neng a sa tshwanela go tshwenyana le tsone.” A bo seno se farologane thata jang ne le dithulaganyo tsa bokgoba tse di setlhogo tse di sentseng ditiragalo tsa hisitori!

Bokgoba le Bakeresete

Bokgoba e ne e le karolo ya tsamaiso ya itsholelo kwa Mmusomogolong wa Roma, o Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba tshela kafa tlase ga one. Ka jalo, Bakeresete bangwe e ne e le makgoba, mme ba bangwe ba ne ba na le makgoba. (1 Bakorintha 7:21, 22) A mme seno se bolela gore barutwa ba ga Jesu e ne e le beng ba makgoba ba ba setlhogo? Le e seng! Go sa kgathalesege seo molao wa Roma o neng o se letlelela, re ka tlhomamisega gore Bakeresete ba ne ba sa sotle ba ba neng ba le kafa tlase ga taolo ya bone. Moaposetoloi Paulo o ne a ba a kgothaletsa Filemone gore a tshware lekgoba la gagwe Onesimo, yo o neng a fetogile Mokeresete, jaaka “mokaulengwe.” *Filemone 10-17.

Baebele ga e bontshe gope gore go dirwa ga batho batlhanka ke batho ba bangwe e ne e le karolo ya maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong ka batho. Mo godimo ga moo, ga go na boporofeti bope jwa Baebele jo bo umakang gore mo lefatsheng le lesha la Modimo batho ba tla nna beng ba batho ba bangwe ka go ba dira makgoba. Go na le moo, mo Paradaiseng eo e e tlang, basiami “ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mika 4:4.

Ka phepafalo, Baebele ga e mpampetse go sotla batho ba bangwe ka tsela le fa e le efe. Go fapaana le seo, e kgothaletsa tlotlo le go lekana mo bathong. (Ditiro 10:34, 35) E kgothatsa batho gore ba tshware ba bangwe kafa ba neng ba ka rata go tshwarwa ka teng. (Luke 6:31) Mo godimo ga moo, Baebele e kgothatsa Bakeresete gore ka boikokobetso, ba tseye ba bangwe ba le kwa godimo ga bone, go sa kgathalesege gore ke batho ba maemo afe mo setšhabeng. (Bafilipi 2:3) Melaometheo eno ga e dumalane gotlhelele le mekgwa ya bokgoba e e setlhogo e e dirwang mo ditšhabeng tse dintsi, segolobogolo mo makgolong a bosheng a dingwaga.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Lebaka la gore go ne go dirilwe thulaganyo ya go letla bangwe gore ba tswelele ba na le beng ba bone le bontsha ka phepafalo gore bokgoba jwa kwa Iseraele bo ne bo se setlhogo.

^ ser. 13 Ka tsela e e tshwanang, gompieno Bakeresete bangwe ke bathapi; ba bangwe ke bathapiwa. Fela jaaka mothapi wa Mokeresete a ka se sotle batho ba ba mmerekelang, barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwara batlhanka go ya ka melaometheo ya Bokeresete.—Mathaio 7:12.