Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa o Welwa ke Poifo

Fa o Welwa ke Poifo

Fa o Welwa ke Poifo

“Ke tshotse thipa! Didimala, e seng jalo ke tla go bolaya!”

E NE e le letsatsi le lentle la selemo go le thapama, mme Jane * yo o nang le dingwaga di le 17, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ntse a itshamekela mo parakeng ya batho botlhe kwa Virginia, U.S.A. Ka tshoganyetso fela paraka e ne e lebega e se na batho, mme o ne a swetsa ka gore a tsamaye. Fa a nna fa beneng e nnye ya kwa gabone go rola ditlhako tse a neng a tshameka ka tsone, o ne a atamelwa ke motho yo a sa mo itseng. O ne a mo raya mafoko a a tshosang a a kwadilweng fa godimo, a mo pateletsa gore a robale le ene, mme a phamola Jane, a leka go mo kgoromeletsa mo teng ga bene eo e nnye. O ne a goa mo a ka kgonang ka teng mme seo ga se a ka sa emisa tlhaselo.

Jane o ne a gakologelwa jaana moragonyana: “Ke ne ke feletswe ke nonofo. Ke ne ke ikutlwa e kete ke tshenekeginyana fela e tlhaselwa ke mokaloba. Mme ke ne ka nna ka goa le go kgaratlha. La bofelo ke ne ka ikuela mo Modimong, ‘Jehofa, tsweetswee se dumelele gore seno se ntiragalele!’” Go lebega seo se ne sa tshosa motho yo o neng a mo tlhasela, ka gore ka bonako fela o ne a mo tlogela mme a tshaba.

Fa motho yo o neng a batla go betelela Jane a ne a tsena mo koloing ya gagwe, Jane o ne a itotlelela mo beneng ya gagwe, a roroma. A phamola founo ya gagwe ya selula, mme a ipateletsa go ritibala. O ne a founela mapodise mme a ba tlhalosetsa koloi ya mmelaelwa yoo sentle le nomoro ya yone, se se neng sa dira gore a tshwarwe mo metsotsong e se kae fela.

A Tiragalo Eno e Feletse Monate?

Ee, mme e seng ka bonako. Matshwenyego a ga Jane a ne a sa ntse a simologa. Le fa gone mapodise le makwalodikgang ba ne ba mmaka ka go bo a ne a akanya ka bonako mme a akanya sentle fa a ne a tlhaselwa, fa letshogo la gagwe la pele le sena go fela, Jane o ne a sa ikutlwe a akanya sentle le eseng. O bolela jaana: “Morago ga dibeke di sekae, ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ke nna fela ke tshogile, mme seno se ne se dira gore ke se ka ka kgona go robala. Morago ga dibeke di le mmalwa seno se ntse se direga, ke ne ke sa kgone go ithuta kgotsa go tlhoma mogopolo wa me mo go sepe. Gape ke ne ke na le go tshoga fela nako le nako. Kwa sekolong mongwe yo ke neng ke tsena le ene mo tlelaseng yo o neng a tshwana le motho yole yo o neng a ile a ntlhasela o ne a nkgotlha mo legetleng a mpotsa nako, mme ke ne ka batla ke palelwa ke go laola maikutlo a me.”

O bolela jaana: “Ke ne ke utlwile botlhoko thata. Ke ne ke sa tlhole ke kgona go kopana le ditsala tsa me, mme go jewa ke bodutu go ne ga dira gore ke tshwenyege fela thata mo maikutlong. Ke ne ke ipona molato gore ke itlogeletse gore ke tlhaselwe, mme ke ne ke hutsafaletse gore ke ne ke sa tlhole ke le motho yo o itumetseng yo o tshepang batho yo ke neng ke le ene pele ga seno se direga. Ke ne ke utlwa e kete motho yo ke neng ke le ene o sule.”

Jane o ne a na le matshwao a bolwetse jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e garolang pelo (PTSD [post-traumatic stress disorder]). PTSD ke eng, mme go ka dirwa eng go thusa ba ba nang le matshwao a yone a a botlhoko? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Leina le fetotswe.